LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 12/1 ts. 25-27
  • Go Thapisiwa kwa Gileade ka Tumelo E E Itshepileng Segolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Thapisiwa kwa Gileade ka Tumelo E E Itshepileng Segolo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baithuti Ba Neelwa Kaelo E E Oketsegileng
  • Ba Tlhomiwa Go Nna Barongwa
  • Barongwa Ba Ba Oketsegileng Ba Tsena mo Thobong ya Lefatshe Lotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Legae Le Lesha la Sekolo sa Barongwa sa Gileade
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Baithuti ba ba Atlegang ba Nna Barongwa ba ba Atlegang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Go Aloga ga Setlhopha sa bo-83 sa Gileade Tiragalo e e Ipedisang e le Tota
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 12/1 ts. 25-27

Go Thapisiwa kwa Gileade ka Tumelo E E Itshepileng Segolo

“BAITHUTI ba rona ba thapisitswe sentle mo tumelong e e itshepileng segolo.” Ano e ne e le mafoko a ntlha a a builweng mo thulaganyong ya kaloso ya setlhopha sa bo95 sa Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade, e e neng e tshwerwe ka Sontaga, September 12, 1993. Mo mosong oo baeng ba ba neng ba laleditswe le maloko a lelapa la Bethele ba ba neng ba kokoanetse kwa Jersey City Assembly Hall ba le 4 614 ba ne ba etelelwa pele ka thapelo e e bulang ke George Gangas. Mokaulengwe Gangas o feditse dingwaga di le 65 e ntse e le leloko la lelapa la Bethele mme e re ka a na le dingwaga di le 97 ke ene yo mogolo mo malokong a mangwe otlhe a Setlhopha Se Se Laolang.

Albert Schroeder, yo le ene e leng leloko la Setlhopha Se Se Laolang e bile a le modulasetulo wa thulaganyo, o ne a bolela jaana: “Mo dikgweding tse tlhano tse thuto ya Gileade e ntse e theilwe mo tumelong e e itshepileng segolo.” Mme gone “tumelo e e itshepileng segolo” ke eng? O ne a tlhalosa gore “tumelo e e itshepileng segolo” eno, e e umakilweng mo go Yude 20, ke dikarolo tsotlhe tsa boammaaruri jwa Bibela. Ka jalo thuto ya Gileade e theilwe mo Lefokong la ga Jehofa, Bibela, e e leng yone buka ya yone ya konokono e e dirisiwang go ithuta.

Baithuti Ba Neelwa Kaelo E E Oketsegileng

Sebui sa ntlha e ne e le John Stuefloten wa Komiti ya Watchtower Farms, yo o neng a bua ka setlhogo se se reng “Go Solegelwa Molemo Ke Tlhotlheletso ya Batho Ba Ba Botlhale.” Bibela e bolela gore ba ba ‘tsamayang le batho ba ba botlhale ba tla nna botlhale.’ (Diane 13:20) Mo thutong ya Gileade, baithuti ba ne ba dirisa diura di feta 900 ba ithuta Bibela. Mokaulengwe Stuefloten o ne a botsa baithuti jaana: “Tlhotlheletso ya ga Jehofa e tla lo ama jang mo isagweng? Lo ya kwa dinageng tse 18 tse fa di kopane di nang le baagi ba le dimilione di le 170. Ka jalo lo tla tlhotlheletsa batho bano jang?” Ka go bontsha botlhale jwa ga Jehofa, barongwa ba basha bano ba tla kgona go thusa ba bangwe gore e nne baobamedi ba ga Jehofa, Motswedi wa botlhale jo bogolo.

“Go Nna Dilo Tsotlhe mo Bathong Botlhe” e ne e le setlhogo sa puo e e ileng ya latela, e neelwa ke Lloyd Barry wa Setlhopha Se Se Laolang. (1 Bakorintha 9:22) Dingwaga di ka nna 45 tse di fetileng, Mokaulengwe Barry ka boene e ne e le moithuti mo setlhopheng sa bo11 sa Gileade. Jaanong setlhopha sa bo95 se ne sa itumelela go utlwa kgakololo e e dirang e tswa mo go mongwe yo o kileng a nna morongwa a na le maitemogelo a dingwaga di le dintsi mo nageng e e seng ya gagabo. O ne a kgothaletsa baithuti gore ba tlwaelane ka bonako le batho ba mo tshimong ya bone e ntšha e e mo nageng e e seng ya ga bone ka go ithuta mekgwa ya koo le go ithuta puo ya lefelo leo. O ne a bolela gore seno se ka dirwa botoka ka go kopakopana le go dira le batho ba lefelo leo mmogo le go ithuta mekgwa ya bone le go e dirisa gongwe le gongwe fa go tlhokegang gone.

Morago ga foo, Dean Songer wa Komiti ya Feketeri o ne a bua ka setlhogo se se kgatlhang se se reng “Lo Golotswe mo Tirong.” Morago ga go nna mo tirelong ya nako e e tletseng dingwaga di feta 35, Mokaulengwe Songer o tlhaloganya gore go raya eng go tshela o tlhomile mogopolo mo mokgeleng, o tshela botshelo jo bo motlhofo, o tlhokometse fela tiro e e tshwanetseng go dirwa, o sa tshwenyege ka dilo tse di bonalang. Mme seo e ne e le molaetsa wa konokono wa kgakololo e a neng a e neela baithuti. Baopedi kwa tempeleng ya ga Jehofa ba ne ba golotswe mo ditirong tse di neng di dirwa ke Balefi ba bangwe gore ba tle ba ineele gotlhelele mo kabelong ya bone e e kgethegileng. (1 Ditihalō 9:33) Ka tsela e e tshwanang, barongwa ba Gileade ba ile ba gololwa mo dilong tse di tlwaelegileng tse di tshwanang le tiro ya boitshediso gore ba tle ba kgone go tlhokomela thata tirelo ya bone e e kgethegileng. Mokaulengwe Songer o ne a konela ka kgothatso eno: “Nnang lo tlhomile mogopolo lo tshela matshelo a a motlhofo. Boikarabelo jwa lona jaaka lo golotswe mo tirong ke gore lo dire motshegare le bosigo, lo baka Jehofa.”

Go ne ga latela Leloko la Setlhopha Se Se Laolang ebong Daniel Sydlik ka setlhogo se se reng “Go Ruta Ba Bangwe Kafa Ba Ka Solegelwang Molemo Thata ka Gone mo Botshelong.” O ne a kgothaletsa baithuti “gore ba se rute dithuto fela mme gape le gore ba nne pelokgale mo ba ka bontshang batho se ba tshwanetseng go se dira gore ba dumalanye matshelo a bone le thato ya Modimo.” Barutisi ba ba molemo ba tshwanetse ba tlhotlheletsa le go rotloetsa. “Elang tlhoko gore lo aga dinonofo tsa Bokeresete mo bathong go na le go ruta melao le ditekanyetso fela,” o ne a rialo a bo a oketsa jaana fa a konela: “Mo godimo ga dilo tsotlhe, bakaulengwe ba ba rategang, ithuteng go rata lo bo lo rute le ba bangwe kafa ba ka ratang ba bangwe ka gone, ka gonne lorato ke sebofo se se molemo se se kopanyang.”—1 Bakorintha 13:1-3; Bakolosa 3:14.

Morago ga go thapisiwa ka dikgwedi di le mokawana, baithuti ba ne ba simolola go rata segolobogolo batlhatlheledi ba bone ba babedi ba Gileade. Jack Redford, yo ka boene a kileng a nna morongwa, o ne a bua pele, ka setlhogo se se reng “Lo Tlhophile Sentle.” Pele ga a nna moaposetoloi wa Mokeresete, Paulo o ne a na le maemo mo setšhabeng sa bogologolo sa Bajuda, a na le seriti, a kgona go tlhotlheletsa, e bile a itsholetse. Mme lefa go ntse jalo mo go Bafilipi 3:8, Paulo o ne a tlhalosa seno sotlhe a re ke “malele hèla,” kana “matlakala,” go ya ka thanolo ya Phillips. O ne a tlhomile pelo ya gagwe mo bodiheding, mme o ne a tlhopha sentle. Go fapaana le seo, dilo tse bontsi jwa batho ba di tlhophang mo botshelong gompieno di bontsha gore ba leba dithoto tsa bone tse di bonalang di le botlhokwa go feta botshelo jo bo sa khutleng. Barongwa ba Gileade ba tlhophile sentle. Jack Redford o ne a konela ka go re: “Ga go na sepe se lefatshe la ga Diabolo le ka go se fang se se ka tshwanang le tirelo ya borongwa. Tlhokomela tshiamelo eo e e ka se lekanngweng le sepe, mme o lese lefatshe le tlhokomele matlakala a lone!”

Ulysses Glass o setse a na le dingwaga tse 32 a ntse a le motlhatlheledi wa Gileade. O ne a neela baithuti kgakololo e a neng a ba laela ka yone ya setlhogo se se reng “Modimo Ke Ene Fela A Ka Dirang Setlhare,” a theile puo ya gagwe mo go Pesalema 1:3. Botegeniki jwa gompieno ga bo ise bo ke bo kgone go dira sengwe se se tshwanang le setlhare, se se dirilweng ke Modimo. Ka tsela nngwe, Bakeresete ba boammaaruri ba tshwana le ditlhare, ba jalwa ke Jehofa a bo a ba nosetse. Mokaulengwe Glass o ne a bontsha gore mo dikgweding tse tlhano, baithuti ba ne ba ntse ba “nosediwa ka metlha ka metsi a motswedi wa metsi a a tshedisang a a mo Lefokong la Modimo,” jaaka ditlhare tsa sekgwana kana paradaise ya semoya. Lefa go ntse jalo, jaaka barongwa, ba tshwanetse ba sireletsa “medi ya bone ya semoya gore e se ka ya senyega ka tsela epe fela.” Ba ne ba kgothadiwa gore ba ‘tswelele pele ba nwa metse a botshelo a a tswang kwa go Jehofa ka gonne Modimo ke ene fela a ka dirang setlhare.’

Puo ya bofelo e ne ya neelwa ke Carey Barber, leloko la Setlhopha Se Se Laolang. E re ka a dirile tirelo ya nako e e tletseng ka dingwaga di le 70, Mokaulengwe Barber o ne a ka bua ka bopelokgale ka setlhogo se se reng “Ineele go Jehofa Ka mo go Feletseng.” Bontsintsi jwa batho ga bo a ineela go Jehofa ka mo go feletseng. (Duteronome 5:9) Lefa go ntse jalo, jaaka Mokaulengwe Barber a bontshitse, le mororo re sa itekanela, “re ka kgona go ineela gotlhelele go Modimo.” O ne a oketsa ka go re: “Ga go na ope yo tota a ka reng: ‘Diabolo ke ene a dirileng gore ke dire seno.’” Mme lefa go ntse jalo Diabolo a ka re fenya fa re sa mo ganetse. (Yakobe 4:7) Go nna o tshwaregile mo tirong ya ga Jehofa ke yone tsela ya konokono ya go ganetsa Satane le lefatshe la gagwe le go ineela go Jehofa ka mo go feletseng.

Ba Tlhomiwa Go Nna Barongwa

Thulaganyo ya mo mosong e ne ya konelwa ka gore baithuti botlhe ba ba 46 ba tlhomiwe go nna barongwa. Ditlhopha tse 23 tsa banyalani di ne tsa fiwa didipoloma tse mafoko a mangwe a tsone a neng a bolela gore baalogi ba ne ba “tshwanelegela tota go dira tiro ya go ruta, ba rotloetsa moya o montle e bile ba thusa gore go tle go nne le kagiso e e nnelang ruri le molao wa tsamaiso e e molemo le tshiamo mo merafeng yotlhe.” Setlhopha sa bo95 sa Gileade kwantle ga pelaelo se tla leka go diragatsa thomo eno ya maemo a a kwa godimo mo dinageng tse 18 tse ba abetsweng kwa go tsone. Dikabelo tseno di ba phatlaladitse le lefatshe go akaretsa kwa dinageng tse di kwa Asia, Afrika, Yuropa, Latin America, le Caribbean.

Mo tshokologong, morago ga Thuto ya Tora ya Tebelo e e khutshwafaditsweng e e neng e tsamaisiwa ke Charles Woody wa Komiti ya Lephata la Tirelo, baalogi ba basha ba ne ba neela thulaganyo ya bone jaaka baithuti, e e neng e na le setlhogo se se reng “Gileade E Re Baakanyeditse Go Ruta Jaaka Barongwa.” Thulaganyo eo e ne ya konelwa ka motshameko o o reng “Dilo Tse Re Tla Tshwanelwang Ke Go Tlhopha mo go Tsone.”

Morago ga thulaganyo eno e e kgothatsang, barongwa bano ba basha ba ne jaanong ba iketleeditse go romelwa kwa dikhutlong tse nne tsa lefatshe go ya go abela ba bangwe “tumelo e e itshepileng segolo.”

[Lebokoso mo go tsebe 26]

Dipalo tsa Setlhopha

Palo ya dinaga tse di emetsweng: 7

Palo ya dinaga tse ba abetsweng kwa go tsone: 18

Palo ya baithuti: 46

Palo ya banyalani: 23

Palogare ya dingwaga tsa bone tsa bogodi: 30,06

Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo boammaaruring: 12,92

Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo bodiheding jwa nako e e tletseng: 9,4

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Setlhopha Se Se Alogang sa bo95 sa Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade

Mo lenaaneng le le fa tlase leno, dinomoro tsa mela eno di kwadilwe e balwa go tswa kwa pele go ya kwa morago, mme maina a thathamisitswe go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng wa mola mongwe le mongwe.

(1) Buelow, D.; Donzé, V.; Innes, S.; Fulk, N.; Billingsby, M.; Hoddinott, L.; Nygren, B.; Eriksson, L. (2) Boker, J.; Thomas, M.; Stedman, S.; Billingsby, D.; Waugh, I.; Purves, M.; Luttrell, M. (3) Jacobsen, T.; Boker, J.; Martínez, L.; Nilsson, E.; Purves, P.; Holt, L.; Larsen, M.; Jones, L. (4) Numminen, P.; Numminen, H.; Buelow, M.; Olson, W.; Holt, S.; Donzé, G.; DesJardins, C.; DesJardins, D. (5) Larsen, K.; Martínez, D.; Nygren, P.; Waugh, P.; Jones, D.; Hoddinott, J.; Thomas, G. (6) Innes, B.; Fulk, R.; Eriksson, A.; Nilsson, S.; Stedman, J.; Olson, K.; Jacobsen, F.; Luttrell, J.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela