Go Aloga ga Setlhopha sa bo-83 sa Gileade Tiragalo e e Ipedisang e le Tota
“A LO KO lo ntshetseñ Yehofa malebogō: gonne o molemō; gonne boutlwèlō botlhoko yoa gagwè bo eme ka bosakhutleñ.” (Pesalema 136:1) Eo ke tsela e botlhe ba le 4 391 bao ba neng ba le gone kwa thulaganyong ya go aloga ya setlhopha sa bo-83 sa Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa kwa Gileade ba neng ba ikutlwa ka yone go tswa pelong mo dikgakologong tsa monongwaga. Dipuo, maitemogelo, le terama ya Bibela tseo di ileng tsa neelwa ka nako ya thulaganyo eno di ne tsa baka gore botlhe ba tsamaye ba phephetha ka boitumelo. Kalogo eo e diragetse ka September 6, 1987, kwa Holong e ntle ya Dikopano ya Jersey City, eo pele e neng e itsege jaaka Stanley Theater.
Morago a pina e e bulang, le thapelo ka John Booth wa setlhopha se se Laolang, modula-setulo, ebong Albert Schroeder, yoo eleng leloko le lengwe la Setlhopha se se Laolang, o ne a amogela botlhe mo tiragalong eno e e ipedisang ka atla tsoopedi. Baithuti bano ba le 24 ba ne ba tswa kwa dinageng di le tlhano, mme jaanong ba ne ba romelwa kwa mafatsheng a le robedi a a farologaneng. Mokaulengwe Schroeder o ne a tlotlomatsa ka moo batho ba ga Jehofa ba nang le tsholofelo ka gone ka ntlha ya gore tumelo ya bone e theilwe mo dilong tse di feletseng. Ka sekai, ba itse gore Jehofa ke Molaodi wa Lobopo Lotlhe le gore Lefoko la Gagwe, eleng Bibela e e Boitshepo, ke boammaaruri jo bo feletseng. Seno se farologane gotlhelele le matlhajana a batho a a theilweng mo dilong tse di sa tlhomamang le mo diphopholetsong.
Sebui sa ntlha e ne e le Martin Poetzinger yoo le ene e leng leloko la Setlhopha se se Laolang, yoo o neng a nna dingwaga di le robonngwe mo dikampeng tsa Bonazi tsa pogisetso. Setlhogo sa gagwe e ne e le “O Ikanya Mang?” seo se neng se theilwe mo go Diane 3:5, 6. O ne a gatelela mo diithuting ka moo di tshwanetseng tsa ikanya Jehofa ka gone ka botlalo le phuthego ya gagwe e e bonalang, gammogo le go itshupa ba tshepagala ka namana. Thaiso ya diithuti tseno ya kwa Gileade e ne e le motheo fela; jaanong ba tshwanetse ba agela mo go one ka go latela kgakololo ya ga Paulo e e leng mo go Baefesia 5:15, 16. ‘Lo seka lwa ema golo go le gongwe,’ sebui seo se ne sa kgothatsa jalo. ‘Lo tla nna le mathata a lona mo kabelong ya lona ya borongwa malebana le puo, tlelaemete, dijo, jalo le jalo; mme fa lo ikanya Jehofa, lo ka rarabolola mathata ao otlhe. Go rata batho ke selo sa konokono seo se lereng katlego. Kgothatso nngwe le nngwe e tswa kwa Modimong; go kgobiwa marapo gongwe le gongwe go tswa kwa go Satane.’
Sebui se se latelang e ne e le Eldor Timm, ebong leloko la Komiti ya Feketori, yo o neng a thaya dikakgelo tsa gagwe mo go 2 Bakorintha 13:5: “Itekeñ ka losi bo lo mo tumeloñ.” O ne a bolela gore diithuti di ne tsa neelwa ditlhatlhobo tse di kwalwang, mme ba tlile go nna ba lebana le diteko tse dingwe tse dintsi mo dikabelong tsa bone tsa borongwa. Tsela eo ba lebanang le diteko tseo ka yone e tla dira gore ba atlege jaaka barongwa. Ba tshwanetse ba itisa mo go itshepeng go feta tekanyo ka go reetsa kgakololo eno e e reng: “Eo o gopolañ, go re, o eme, a a itisè gore a se ka a wa.” (1 Bakorintha 10:12) Ba tla tswela pele ba dira ditokafatso fa ba na le boikutlo jo bo siameng.
Go ne ga latela leloko la Komiti ya Lefapha la Tirelo, ebong Joel Adams. O ne a bua ka setlhogo se se reng: “Akanyang Jaaka Jesu, Bontshang Kgatlhego ya Botho mo go ba Bangwe.” Abo Jesu o tlhomile sekao se se molemo jang ne mo ntlheng eno! Re tlotlomalediwa sekao sa gagwe sa go tlhoka bogagapa le sa boikokobetso mo go Bafilipi 2:3-5. Fa bangwe e le teko mo go rona ka ntlha ya diphoso tsa bone kana go tlhaela botlhale, a re direng boiteko jo bogolwane gore re ba bontshe bopelonomi Ka nako ya thuto ya Sekolo sa Gileade, ba le bantsi ba ne ba bontsha kgatlhego mo diithuting tseno; jaanong go mo go bone gore ba direle ba bangwe fela jalo. Barongwa bao ba atlegang thata ke bao ba bontshang kgatlhego mo mekgweng ya ba bangwe, mo puong ya bone, mo dilong tse ba di tlhokang, jalo le jalo.
Go tloga moo, diithuti tseno di ne tsa kgothadiwa ke mongwe yo o kileng a nna morongwa ka dingwaga-ngwaga, ebong Lloyd Barry, yoo le ene e leng leloko la Setlhopha se se Laolang. O ne a bua malebana le setlhogo se se reng “Opelelang Jehofa,” seo se theilweng mo go Pesalema 96:1. Batho ba ga Jehofa ba ipelela go opela. Go opela go tsamaisana le boipelo, mme ka gone o ne a kgothaletsa diithuti gore le ka motlha ope ba seka ba latlhegelwa ke boipelo jwa go tlisetsa ba bangwe boammaaruri. O ne a kgothaletsa gore, ‘Fa e le gore o tshwanelwa ke go ithuta puo e ntšha, e ithute ka pelo yotlhe go tloga fela kwa tshimologong Diabolo o tla leka go go kgoba marapo, a go dira gore o tlhole o tlhologeletswe legae, a baka dikgaogano mo mephatong ya lona. Le ka motlha o seka wa bo wa mo naya le fa e le sebakanyana se le sengwe fela!’ Mokaulengwe Barry o ne a lebisa go “tlhogo ya barongwa,” ebong Edwin Skinner, yo o nang le dingwaga di le 60 a le mo kabelong ya dinaga di sele kwa India, yo ebileng a santseng a kgona go dira tiro ya letsatsi lotlhe jaanong a na le dingwaga di le 93. Go ya ka Mokaulengwe Skinner, selo sa konokono se se dirang gore o atlege jaaka morongwa se bopiwa ka mafoko a le matlhano e leng: “Selo sa konokono ke boikokobetso!”
Morago ga dikakgelo tseno, modula-setilo o ne a bala ditelekerama di le mmalwa tseo di akgolang diithuti tseno le go di amogela ka atla tsoopedi. Melaetsa eno e ne e amogetswe go tswa kwa Bolivia, Canada, Ecuador, Honduras, Spain, Sweden, le Trinidad.
Jack Redford mongwe wa batlhatlheledi ba Sekolo sa Gileade, o ne a bua ka setlhogo se se reng “Tswela pele o le Tsala ya ga Jehofa.” O ne a simolola ka go bolela gore go na le dikolo di le dintsi tsa kgwebo tseo di thapisetsang ka moo o ka atlegang ka gone mo kgwebong ka go nna le ditsala le go tlhotlheletsa batho. Diithuti tseno, jaaka barongwa ba mo isagweng, gape ba ile ba rutiwa ka moo ba ka nnang le ditsala le go tlhotlheletsa batho ka gone, lefa go ntse jalo, eseng ka ntlha ya bogagapa, mme e le gore batho ba ba ntseng jalo ba ke ba fetoge ditsala tsa Modimo. ‘Botshelo jwa lona ke jwa go intsha setlhabelo,’ sebui seo se ne sa bolela jalo. ‘Lo amogetse fela, nayang fela. Ga go na kgotsofalo kana boipelo bope jo bo fetang jwa go atlega mo go thuseng batho gore ba fetoge ditsala tsa Modimo. Go nna tsala ya Modimo ke tlotla e e di fetang tsotlhe eo sebopiwa sepe se ka nnang le yone. Yakobe 2:23 e bolela gore Aberahame o ne a fetoga tsala ya ga Jehofa ka gonne a ne a bontsha tumelo mo Modimong: O ne a ya kwa lefatsheng la seeng mme a seka a leba kwa morago; le lona barongwa ga le a tshwanela go leba kwa morago, mme, mo boemong jwa seo, lo lebeleleng pele kwa masegong a a kwa lefatsheng le lesha la Modimo.’
Ulysses Glass, e leng motlhatlheledi wa Gileade le mokwadise wa sekolo seo, jaanong o ne a bua malebana le setlhogo se se reng “Thuto ya Bofelo.” O ne a bolela gore diithuti tseo di ne di ithutile ka moo tota melao ya ga Jehofa e nang le diphelelo tse di fitlhelelang kgakala ebile e tlhamaletse ka gone. O ne a dira sekai ka go supa dintlha di le dintsi tseo di amanang le ditlhabelo tseo di neng di isiwa ka Letsatsi la Tetlano le diphologolo di le dintsi tseo di neng di kopanyelediwa (Lefitiko, kgaolo 16) O ne a akgolela diithuti kanaanelo ya bone e e bonalang eo e tswang pelong mme a bolela gore Pesalema 145:7 e tlhalosa boikutlo jwa bone sentle jaana: “Ba tla bolèla kgakologèlō ea molemō o mogolo oa gago, ba tla ōpèla kaga tshiamō ea gago.” O ne a konela ka go tsopola gape mo go Diane 3:5-7, a otlelela ka moo ‘go ikanya Jehofa ka pelo ya bone yotlhe’ go leng botlhokwa ka gone.
Mokaulengwe F. W. Franz mookamedi wa Sekolo sa Gileade ebile gape e le mookamedi wa Watch Tower Bible and Tract Society yo o nang le dingwaga di le 94, o ne a neela puo e e konelang mo mosong oo. Mo go yone o ne a boeletsa histori ya Mokgatlho go tloga ka nako ya mookamedi wa ntlha, ebong C. T. Russell, go fitlhelela ka go tlhomiwa ga Sekolo sa Gileade. Botlhe ba ne ba anaanela neelano ya gagwe e e maatla le e e matlhagatlhaga thata. Morago ga puo ya gagwe, diithuti di le 24 di ne tsa amogela didipoloma tsa bone mmogo le dimpho, mme morago ga moo mongwe wa diithuti o ne a bala lekwalo lengwe le le monate le le bontshang kanaanelo ya diithuti ka ntlha ya thuso yotlhe e ba neng ba e amogetse mo Setlhopheng se se Laolang mmogo le mo lelapeng la Bethele.
Morago ga boikhutso jwa dioura di ka nna pedi, Phil Wilcox, yo e leng leloko la Komiti ya Watchtower Farms, o ne a tshwara thuto e e sobokantsweng ya setlhogo se se ithutiwang sa Tora ya Tebelo eo dipotso tsa thuto di neng tsa arabiwa ke diithuti mo go yone. E ne ya latelwa ke thulaganyo ya diithuti eo ba neng ba dira dipontsho tsa maitemogelo ao ba neng ba nnile le one fa ba supa ka dithapama tsa Laboraro kwa Motseng wa New York mo go yone. Seno e ne e le bontlhanngwe jwa thapiso ya bone ya Gileade. Gape ba ne ba dira dipontsho tse di phepafetseng tsa mathata a a farologaneng ao ba ka lebelelang go rakana le one fa ba fitlha kulra dikabelong tsa bone tsa kwa mafatsheng a sele.
Diithuti di ne tsa konela thulaganyo yotlhe ka tshwanelo ka go neela terama ya Bibela e e aparetsweng ka mokgwa wa terama ka dikarolo di le pedi, e otlelela ka moo metlha e re tshelang mo go yone e leng masisi ka gone. Terama eo e ne ya dira seno ka go bapisa metlha ya rona le dinako tse di fetileng tsa katlholo. Ka 4:15 p.m., ka go opelwa ga pina e e reng “Theocracy’s Increase” le thapelo ka leloko la Setlhopha se se Laolang ebong Milton Henschel, thulaganyo eo e e monate-nate e ne ya tla bokhutlong.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Setlhopha ee se Alogang sa bo-83 sa Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa kwa Glleade
Mo lenaaneng le Ie fa tlase, mela e balwa go tloga fe pele go ya kwa morago mme maina a thathamisitswe go tloga kafa molemeng goo ya kwa maeng mo moleng mongwe le mongwe. (1) Melin, D.; Goode, M.; Ramos, M.; Chan, N.; Hermanson, A.; Dagostini, D. (2) David, E.; DiPaolo, A.; Neiman, D.; Shephard, J.; Foster, M.; Ramos, R. (3) Foster, W.; Melin, D.; Fristad, D.; Fristad, R.; White, L.; Dagostini, F. (4) Neiman, D.; Ness, S.; Shephard, D.; Goode, J.; White, K.; Hermanson, L.