Baebele—Buka E e Sa Tshwaneng le Epe
E ile ya bidiwa sentle thata gore ke buka e e rekwang
thata go gaisa tsotlhe mo lefatsheng. Baebele e balwa le go anaanelwa thata go gaisa buka le fa e le efe. Gompieno, go fopholediwa gore go anamisitswe (e le yotlhe kana bontlhanngwe jwa yone) dikhopi tsa yone di le dimilione di le dikete tse nnè mo dipuong tse di fetang 2000.
Le fa go ntse jalo, se se kgatlhang go feta go anamisiwa ga Baebele, ke go bolela ga yone gore e kwadilwe ke Modimo. Moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o ne a kwala jaana: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo.” (2 Timotheo 3:16) Seo se kaya eng? Polelwana “lo tlhotlheleditswe ke Modimo” (Segerika, the·oʹpneu·stos) fa le tsewa fela jaaka le ntse le raya “go bodulelwa ke Modimo.” Lefoko la Segerika le le tshwanang, pneuʹma, le raya “moya.” Ka jalo, go tewa gore moya wa Modimo o o boitshepo o ile wa tlhotlheletsa bakwadi ba batho, fa re tshwantsha, wa ba bodulela, gore kwa bofelong seo se bo tota ka boammaaruri se ka bidiwa Lefoko la Modimo, e seng la motho. Totatota, batho ba le bantsi ba ba ithutileng Baebele ba kgatlhiwa ke kafa e dumalanang yotlhe ka teng, go tlhomama ga yone mo go tsa saense, go tshepega le go tlhamalala ga bakwadi ba yone, mme se se botlhokwa le go feta, ke boporofeti jwa yone jo bo diragaditsweng—tsotlhe tseno ke dilo tse di tlhatswang pelo babadi ba ba akanyang ba ba dimilione gore buka eno e tswa mo go mongwe yo o fetang motho ka bogolo.a
Mme Modimo o ne a kaela go kwalwa ga Baebele ka kelotlhoko go le kana kang? Bangwe ba re o ne a biletsa bakwadi lefoko lengwe le lengwe mo Baebeleng. Ba bangwe ba re o ne a tlhotlheletsa megopolo e e mo Baebeleng fela, e seng mafoko. Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore ga e a tlhotlhelediwa ka mokgwa o le mongwe fela, ka gonne Modimo o ne a bua “ka ditsela di le dintsi le borraaronamogologolwane ka baporofeti.” (Bahebera 1:1; bapisa 1 Bakorintha 12:6.) Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka ditsela tse Modimo a neng a bua ka tsone le batho ba ba ka nnang 40 ba ba neng ba kwala Baebele.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona ditsebe 53-4 le 98-161 tsa buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.