Ke Mang yo o Kwadileng Bibela?
“BIBELA e tletse ka mafoko a a ikganetsang,” go bolela jalo babelaedi. “Se sengwe gape, e tsentse matlhajana a batho. Ka gone, motho o ka amogela Bibela jang jaaka mokaedi yo o boikanngo mo botshelong?”
A pono ya gago e tshwana le ya babelaedi ba ba reng Bibela ga se sepe fela fa e se buka e e tlhalosang megopolo e e phoso ya batho? Baruti bangwe ba rialo. Rathuto-bomodimo mongwe yo o tlhokafetseng wa Moporosetanta wa Switzerland ebong Karl Barth o ne a kwala jaana mo mokwalong wa gagwe wa Kirchliche Dogmatik (Digogotlo tsa Kereke): “Baperofeti le baaposetoloi ba ne ba ka nna ba dira diphoso mo go bueng le mo go kwaleng.” Ka boammaaruri, dipharologanyo tsa mafoko di ka fitlhelwa mo ditlhalosong tsa tiragalo e e rileng e e kwadilweng ke bakwadi ba Bibela ba le bantsinyana. Mme ebile go ka fitlhelwa dipolelo dingwe tseo fa godimo fela, di bonalang di farologana gotlhelele le dipolelo tse di fitlhelwang golo gongwe go sele mo Bibeleng. A mme tseno tota ke dikganetsano? A Bibela e ikwaletswe ke batho fela? Tota-tota, ke mang yo o kwadileng Bibela?
Karabo ke e e motlhofo: “Go bua ga batho ga cwa mo Modimoñ.” Mme ba ne ba itse jang se ba tshwanetseng go se bua le go se kwala? Monna yo o sa tswang go tsopolwa, ebong moaposetoloi Simone Petere, o tswelela pele ka go tlhalosa gore ba ne ba bua jalo “ka ba tlhotlhelediwa ke Mōea o o Boitshèpō.”—2 Petere 1:21.
Ke nnete go ntse jalo, nako le nako Bibela e otlelela gore ke “lehoko ya Modimo.” Mo ditemaneng tse 176 tsa Pesalema 119 fela go lebisiwa ntlheng eno ka makgetlo a le 176! Selo se se dirang gore seno se nne botlhokwa ke ka go bo ka tlholego bakwadi ba kgatlhegela go ikitsise gore ke bone ba ba ileng ba kwala buka e e rileng. Mme banna bao ba ileng ba kwala Bibela ba ne ba sa dire jalo. Tlotla yotlhe ba ne ba e isa kwa Modimong. E ne e le buka ya gagwe, eseng ya bone.—1 Bathesalonia 2:13; 2 Samuele 23:2.
“Ba Tlhotlhelediwa ke Mōea o o Boitshèpō”—Jang?
Banna bano ba ne ba ‘tlhotlhelediwa jang ke moya o o boitshepo’? Lokwalo lo lo neng lo kwaletswe Mokeresete wa lekgolo la ntlha la dingwaga ebong Timotheo le re fa karabo: “Lokwalō loñwe le loñwe [lo kwadilwe] ka tlhotlheleco ea Modimo.” “[Lo kwadilwe] ka tlhotlheletso ya Modimo ke thanolo ya lefoko la Segerika mokwalo wa pelepele wa Bibela eleng the·oʹpneu·stos, leo, ka sebele, “go hemelwa ke Modimo.” Modimo o ne a dirisa maatla a gagwe a a sa bonaleng a a tlhagafetseng—moya wa gagwe o o boitshepo—go “hemela” megopolo ya gagwe mo ditlhaloganyong tsa bakwadi ba yone. Ka jalo, Jehofa Modimo ke ene Motswedi le Motlhodi wa Bibela. Megopolo ya gagwe ke yone e e neng ya laola go kwalwa ga yone fela jaaka rakgwebo a ka dirisa mokwaledi go mo kwalela dikwalo.—2 Timotheo 3:16.
Gape, mogopolo ono wa gore “Modimo o ne wa hemela” o tshwanakana fela le tlhaloso ya Bibela ya gore “ba tlhotlhelediwa ke Mōea o o Boitshèpō.” Jang? Go “tlhotlhelediwa” mo Segerikeng go dirisediwa go raya dikepe tseo di kgaramediwang ke sefefo sengwe sa phefo. (Bapisa Ditihō 27:15, 17.) Ka jalo, fela jaaka phefo e e fokang e ka kgarametsa sekepe se se lelemelang, go ntse fela jalo bakwadi ba Bibela ba ne ba akanya, ba bua, le go kwala ka ntlha ya tlhotlheletso ya Modimo, ba kgaramediwa ke moya wa gagwe o o boitshepo fa a ntse a o “hemela” mo go bone.
Banna ba ba Neng ba Dirisediwa go Kwala ke Modimo
Re na le ditlhaloso di sekaenyana fela kaga botshelo jwa bakwadi ba Bibela. Kgakala-kgakala le go ikaya ba na le botlhokwa bope jo bogolo, ka metlha yotlhe ba ne ba leka go tlotla Modimo ka go ipaya fela kwa morago. Lefa go ntse jalo, se re se itseng ke gore, bangwe ba bone e ne e le magosana mo mebusong, baatlhodi, baperofeti, dikgosi, badisa, balemi, batshwari ba ditlhapi—botlhe e le banna ba ka tshwara 40. Ka jalo, lemororo Bibela e le molaetsa o o tswang kwa Modimong, e na le maikutlo a a bothitho, pharologanyo, le boikuelo tsa mokgwa wa go kwala wa batho.
Bontsi jwa bakwadi ba Bibela ba ne ba sa itsanye. Mme ebile dinako tse ba neng ba tshela ka tsone di ne di farologanye ka makgolokgolo a dingwaga mme ba ne ba farologanye thata-thata mo maikutlong le mo boitemogelong, gammogo le mo matshelong a leago le thutego. Lefa go le jalo, lefa ba ka ne ba ne ba le babotlana kana bagolo, mokwalo wa bone o supa kutlwano e e feletseng. Go ralala lobaka lwa dingwaga di ka nna 1 600, ba ne ba nna ba tswelela ka go kwala go fitlhelela buka e felela gotlhelele. Morago ga fa o sena go e tlhatlhoba ka kelotlhoko, o tla fitlhela gore dipolelo tsa Bibela di supa fa di utlwana ka mo go gakgamatsang. Ka jalo Bibela e tlhagisa maikutlo a Mokwadi a le mongwefela, lemororo go ile ga dirisiwa bakwadi ba le bantsi.
A seno ga se a tshwanela go re tlhotlheletsa go “tlhōkōmèla segolo thata dilō tse di utlwilweñ” mo bukeng eno e e sa tlwaelegang, Bibela? A ga re a tshwanela go nna le phetso e e tshwanang fela le ya ga Petere, yo o neng a kwala a re: “Me re na le lehoko ya polèlèlō pele le rurehadicwe bogolo; ye lo tla boñ lo diha sentlè ha lo le tlhōkōmèla, yaka ha e ka bo e le lobōnè lo lo phatsimañ mo heloñ ha go lehihi”?—Bahebera 2:1; 2 Petere 1:19.
Mme jaanong, go tweng kaga maiphako a gore Bibela e a ikganetsa? A go ntse jalo? O araba seo jang?
[Lebokoso mo go tsebe 4]
“A bo e le buka e e molemo jang ne! Se ke bonang se gakgamatsa go feta diteng tsa yone ke kafa e tlhalosang ka gone, koo lefoko le tshwanang fela le selo sa tlholego jaaka setlhare, jaaka sethunya, jaaka lewatle, jaaka dinaledi, jaaka motho ka boene. E a ungwa, e a ela, e a phatsima, e a tshega, ga go ope yo o itseng gore jang, ga go ope yo o itseng gore ka ntlhayang, mongwe le mongwe o fitlhela sengwe le sengwe e le sa tlholego gotlhelele. Ruriruri ke Lefoko la Modimo, phapaanong le dibuka tse dingwe tseo di tshegetsang botlhale jwa batho fela.”—Mmoki wa lekgolo la dingwaga la bo-19 wa Mojeremane le mmega-dikgang ebong Heinrich Heine a akgela kaga Bibela.
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
Fela jaaka phefo e kgarametsa dikepe tse di lelemelang, bakwadi ba Bibela ba ne ba ‘tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo wa Modimo’