LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 6/15 ts. 9-13
  • Jerusalema mo Metlheng ya Baebele—Thutomarope e Senola Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jerusalema mo Metlheng ya Baebele—Thutomarope e Senola Eng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jerusalema ya ga Kgosi Dafide
  • Masalela a Motlha wa ga Hesekia
  • Diphupu Tsa Motlha wa Tempele ya Ntlha
  • Go Senngwa ga Jerusalema ka 607 B.C.E.
  • Jerusalema mo Motlheng wa ga Jesu
  • Jerusalema—“Motse wa Kgosi E Kgolo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • A o Ne o Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Boithutamarope—A re A bo Tlhoka go Nna le Tumelo?
    Tsogang!—2002
  • Pharologanyo ya Jerusalema wa Selefatshe le Jerusalema wa Selegodimo
    Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 6/15 ts. 9-13

Jerusalema mo Metlheng ya Baebele—Thutomarope e Senola Eng?

GO ILE ga ribololwa dilo di le dintsi tse di kgatlhang tota tsa thutamarope kwa Jerusalema, bogolo jang fa e sa le ka 1967. Bontsi jwa mafelo a a ribolotsweng jaanong a bulegetse botlhe, ka jalo a re eteleng mangwe a one mme re bone gore thutamarope e dumalana jang le pego ya Baebele ya ditiragalo.

Jerusalema ya ga Kgosi Dafide

Karolo ya lefatshe e Baebele e e bitsang Thaba ya Sione, e Motse wa ga Dafide wa bogologolo o neng o agilwe mo go yone, e lebega e le nnye thata fa e bapisiwa le toropo e kgolo thata ya Jerusalema wa gompieno. Dithibololo tse di dirilweng mo Motseng ono wa ga Dafide, tse di neng di eteletswe pele ke moswi porofesa Yigal Shiloh mo magareng a dingwaga tsa 1978-85, di ne tsa senola karolo ya kago e e neng e boitshega, kana lomota lo lo tshegetsang, kafa letlhakoreng le le kafa botlhaba la thota eno.

Porofesa Shiloh o bolela gore e tshwanetse ya bo e le masalela a motheo o mogolo thata wa dipota o Bajebuse (baagi ba koo pele Dafide a o thopa) ba neng ba agile kago ya bone ya phemelo mo go one. O ne a tlhalosa gore letlapa leo la motheo le a neng a le bona mo godimo ga dipota tseno e ne e le la kago e ntšha e e thata e e agilweng ke Dafide, mo kago ya phemelo ya Bajebuse e neng e le gone. Mo go 2 Samuele 5:9, re bala jaana: “Dafite a aga mo kagong e e thata eo, mme a e bitsa Motse wa ga Dafite. Dafite a aga motse mo tikologong ya gone go tswa Milo le go ya kwa teng.”

Gaufi le kago eno go na le matseno a tsamaiso ya bogologolo ya metsi ya motse ono, eo dikarolo dingwe tsa yone go bonalang e le tsa motlha wa ga Dafide. Dipolelo dingwe tse di mo Baebeleng malebana le tsamaiso ya metsi ya Jerusalema ka mogogoro di dirile gore go tsoge dipotso dingwe. Ka sekai, Dafide o ne a bolelela banna ba gagwe gore “le fa e le mang yo o kgemethang Bajebuse, a a tlhatlogele kwa moeding wa metsi, mme a kgemethe” mmaba. (2 Samuele 5:8) Molaodi wa sesole wa ga Dafide e bong Joabe o ne a dira jalo. Tota mafoko ano ‘moedi wa metsi’ a bolelang?

Go ile ga tsoga dipotso tse dingwe gape ka Mogogoro wa Siloame o o itsegeng thata, o go ka diregang gore o epilwe ke baenjeniri ba ga Kgosi Hesekia mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E. mme go buiwa ka one mo go 2 Dikgosi 20:20 le 2 Ditirafalo 32:30. Go diregile jang gore ditlhopha tse pedi tseno tsa baepi ba mogogoro ono, ba epa go tswa kafa matlhakoreng oomabedi, ba kgone go kopana? Ke ka ntlha yang fa ba ne ba tlhopha tsela e e motsopodia, ba dira gore mogogoro ono o nne moleele thata go feta fa o ne o tlhamaletse? Ba ne ba kgona jang go bona moya o o lekaneng wa go hema, segolobogolo ka go ka direga gore ba ne ba dirisa dipone tse di tukang ka lookwane?

Makasine wa Biblical Archaeology Review o ne wa neela seo gongwe e leng dikarabo tsa dipotso tseno. Dan Gill, yo e neng e le mogakolodi mo go tsa jioloji yo o neng a nna le seabe mo dithibololong tseno, o nopolwa a bua jaana: “Ka fa tlase ga Motse ono wa ga Dafide go na le tsamaiso ya karst ya tlholego. Karst ke lefoko la baitsejioloji le le bolelang kgaolo e e sa lekalekaneng e e nang le mesima, megobe le mesele e e bakwang ke metsi a a ka fa tlase ga lefatshe fa a ntse a nwelela mo mmung le go elela mo mafikeng a a ka fa tlase ga lefatshe. . . . Fa re ne re sekaseka tsamaiso eno ya metsi a a ka fa tlase ga lefatshe ka tsela ya jioloji, a a ka fa tlase ga Motse wa ga Dafide, go ne ga bonala gore totatota e ne e dirilwe ka gore motho ka botlhale a oketse mesele ya tlholego e e dirilweng ke kgogolego (ya seka-karst) le mesima mme a di kopanya go dira tsamaiso e e dirisediwang go tlamela ka metsi.”

Seno se ka nna sa thusa go tlhalosa gore Mogogoro wa Siloame o ne wa epiwa jang. Go ka direga gore o ne o latela tsela e e matsokotsane ya mosele wa tlholego o o neng o le ka fa tlase ga thaba. Ditlhopha tse di neng di bereka ka fa matlhakoreng oomabedi di ka tswa di ile tsa epa mogogoro wa nakwana ka go fetola fela megobe e e neng e ntse e le gone. Go tswa foo go ne ga epiwa mosele o o kgokologang, gore metsi a elele go tswa kwa motsweding wa Gihone go ya kwa Lekadibeng la Siloame, leo gongwe le neng le le mo teng ga dipota tsa motse. Seno e ne e le namane e tona ya tiro e e dirilweng ka boranyane jo bogolo gonne bogodimo jwa letlhakore le lengwe bo ne bo feta jwa le lengwe ka disentimetara di le 32 fela, le mororo o ne o le boleele jwa dimetara di le 533.

Bakanoki ga ba bolo go lemoga gore lefelo la konokono le motse ono o neng o bona metsi mo go lone e ne e le mo motsweding wa Gihone. O ne o le ka fa ntle ga dipota tsa motse mme o le gaufi mo go lekaneng gore go ka epiwa mogogoro le mosima wa dimetara di le 11, e leng selo se se neng se tla dira gore baagi ba kgone go ga metsi kwantle ga gore ba tswele kwa ntle ga dipota tse di ba sireleditseng. Mosima ono o bidiwa Mosima wa ga Warren, o reeletswe Charles Warren, yo o neng a o ribolola ka 1867. Mme mogogoro ono le mosima ono di ne tsa dirwa leng? A di ne di le gone mo motlheng wa ga Dafide? A ono e ne e le one mogogoro wa metsi o o neng o dirisiwa ke Joabe? Dan Gill o araba jaana: “Gore re bone gore a tota Mosima wa ga Warren e ne e le mosima wa tlholego, re ne ra sekaseka kabetla ya legogo le le nang le khalesiamo mo dipoteng tsa one tse di sa lekalekaneng go bona gore a le na le carbon-14. Le ne le se na yone, se se bontshang gore legogo leno le na le dingwaga tse di fetang 40 000: Seno se neela bosupi jo bo phepafetseng jwa gore mosima ono ga o ka ke wa bo o epilwe ke motho.”

Masalela a Motlha wa ga Hesekia

Kgosi Hesekia o ne a tshela ka nako ya fa setšhaba sa Asiria se ne se tsamaya se gogoba sengwe le sengwe se se neng se le mo tseleng ya sone. Mo ngwageng wa borataro wa puso ya gagwe, Baasiria ba ne ba thopa Samaria, e leng motsemogolo wa bogosi jwa ditso tse di lesome. Dingwaga di le robedi moragonyana (732 B.C.E.) Baasiria ba ne ba boile gape, ba tshosetsa Juda le Jerusalema. Ditirafalo wa Bobedi 32:1-8 e tlhalosa leano la ga Hesekia la go itshireletsa. A go na le bosupi bongwe jo bo bonalang jwa go tloga ka nako eo?

Ee, ka 1969, Porofesa Nahman Avigad o ne a ribolola masalela a go tloga ka nako eo. Fa go ne go epololwa go ne ga bonwa karolo ya lomota lo lo boitshegang, lo karolo ya lone ya ntlha e neng e le boleele jwa dimetara di le 40, bophara jwa yone bo le dimetara di le 7, mme go ya ka diphopholetso bogodimo jwa yone e le dimetara di le 8. Karolo nngwe ya lomota e ne e le mo godimo ga lefika mme karolo e nngwe e le mo matlong a a neng a sa tswa go agiwa. Ke mang yo o neng a aga lomota lono, mme gone o lo agile leng? “Ditemana di le pedi mo Baebeleng di thusitse Avigad go bona gore lomota lono lo agilwe leng le gore lo ne lo agelwang,” go bega jalo makasine mongwe wa thutamarope. Ditemana tseo di balega jaana: “Mme a nametsega, a aga lorako lotlhe lo lo ne lo thubegile, a lo goleletsa kwa dikagong tse di godileng, le lorako lo longwe lo lo kwa ntle.” (2 Ditirafalo 32:5) “Lwa thuba matlo, gore lo thatafatse lorako ka one.” (Isaia 22:10) Gompieno baeti ba ka kgona go bona karolo ya lomota lono lo lo bidiwang Lorako lo lo Atlhameng Lwa Kgaolo ya Bajuda ya Motse wa Bogologolo.

Gape fa go ntse go epololwa gangwe le gape go senoga gore Jerusalema ka nako eno e ne e le kgolwane thata go feta ka fa go neng go akanngwa ka gone ka nako eo, gongwe e le ka ntlha ya go bo batshabi ba ne ba thologela gone ba tswa kwa bogosing jwa bokone morago ga gore bo fenngwe ke Baasiria. Porofesa Shiloh o fopholetsa gore motse ono wa Bajebuse o ne o ka nna diheketara di le thataro. Mo motlheng wa ga Solomone o ne o batla o ka nna diheketara di le 16. Ka nako ya ga Kgosi Hesekia, dingwaga di le 300 moragonyana, kgaolo e e neng e ageletswe ya motse e ne e setse e atologile go nna diheketara di le 60.

Diphupu Tsa Motlha wa Tempele ya Ntlha

Lefelo le lengwe le go ileng ga bonwa tshedimosetso e nngwe ka lone e nnile diphupu tsa motlha wa Tempele ya Ntlha, ke gore, pele ga Bababilone ba senya Jerusalema ka 607 B.C.E. Go ne ga fitlhelwa dilo tse di gakgamatsang tota fa go ne go ribololwa magaga a le mmalwa a mabitla mo bokgokologelong jwa Mokgatsha wa Hinoma ka 1979/80. “Mo hisitoring yotlhe ya dipatlisiso tsa thutamarope tse di dirilweng kwa Jerusalema, leno e ne e le lengwe la mafelo a sekae fela a Tempele ya Ntlha leo le neng la fitlhelwa le na le diteng tsotlhe tsa lone. Le ne le na le dilo di feta sekete mo teng,” go bolela jalo moithutamarope Gabriel Barkay. O tswelela jaana: “Selo se segolo thata seo moithutamarope mongwe le mongwe yo o berekang mo Iseraele, mme bogolo jang mo Jerusalema, a se eletsang, ke gore a kgone go ribolola dilo dingwe tse di kwadilweng.” Go ne ga bonwa memeno e mebedi e mennye ya selefera, e na le eng?

Barkay o a tlhalosa: “E rile ke bona kabetlanyana e e sa menololwang ya selefera mme ke e baya kafa tlase ga galase e e godisang dilo, ke ne ke kgona go bona gore e ne e na le ditlhaka tse di neng di kwadilwe ka manontlhotlho, go kgwarintshwe ka sedirisiwa se se motsu mo godimo ga sekwalelo se se sesasesane e bile se le lotsatsa sa selefera. . . . Leina la Modimo le le bonalang sentle mo mokwalong ono le kwadilwe ka ditlhaka tse nnè tsa Sehebera tse di kwadilweng ka mokwalo wa Sehebera sa bogologolo, yod-he-waw-he.” Mo kgatisong e nngwe e e neng ya kwalwa moragonyana, Barkay o oketsa jaana: “Se se neng sa re gakgamatsa ke gore dikwalelo tseno tsoopedi tsa selefera di ne di kwadilwe melao ya ditshegofatso e e batlang e tshwana le ya Ditshegofatso Tsa Baperesiti e e mo Baebeleng.” (Dipalo 6:24-26) Leno e ne e le lekgetlho la ntlha leina la ga Jehofa le bonwa mo mokwalong o o neng wa ribololwa kwa Jerusalema.

Bakanoki ba ne ba bona jang letlha la memeno eno ya selefera? E nnile thata ka go dirisa tsela ya thutamarope e ba neng ba e ribolola ka yone. Mo lefelong leno le le nang le masalela go ne ga fitlhelwa dilwana di le 300 tse di dirilweng ka letsopa tse go neng go kgonwa go bona letlha la tsone, di bontsha gore ke tsa lekgolo la bosupa le la borataro la dingwaga B.C.E. Mokgwa o e kwadilweng ka one, fa o bapisiwa le mekwalo e mengwe e e nang le matlha o bontsha gore e kwadilwe ka nako e e tshwanang. Memeno eno e beilwe kwa Israel Museum kwa Jerusalema gore e bonwe ke botlhe.

Go Senngwa ga Jerusalema ka 607 B.C.E.

Baebele e re bolelela ka go senngwa ga Jerusalema ka 607 B.C.E. mo go 2 Dikgosi kgaolo 25, 2 Ditirafalo kgaolo 36, le Jeremia kgaolo 39, e bega gore masole a ga Nebukatenesare a ne a ja motse ono ka molelo. A go epololwa go go dirilweng bosheng jaana go ne ga dumalana le pego eno ya ditiragalo? Go ya ka Porofesa Yigal Shiloh, “bosupi [jwa tshenyo ya Babelona] jo bo mo Baebeleng . . . bo tshegediwa ke bosupi jo bo bonalang sentle jwa thutamarope; go senngwa go go feletseng ga dikago tse di farologaneng, le malakabe a a neng a ja dikarolo tse di farologaneng tsa logong tsa matlo ka molelo.” O ne a akgela jaana go ya pele: “Go ile ga bonwa bosupi jwa tshenyo eno gongwe le gongwe fa go epolotsweng gone kwa Jerusalema.”

Baeti ba kgona go bona masalela a tshenyo eno e e neng ya direga dingwaga di le 2500 tse di fetileng. Tora ya Iseraele, Ntlwana e e Fisitsweng le Ntlo ya Seretse se se Kanang ke maina a mafelo a a itsegeng a baithutamarope a a bolokilweng le go bulegela botlhe go a bona. Baithutamarope e bong Jane M. Cahill le David Tarler ba sobokanya jaana mo bukeng ya Ancient Jerusalem Revealed: “Go senngwa go gogolo ga Jerusalema e senngwa ke Bababilone go bonala e seng fela mo masaleleng a magolo thata a dilo tse di sheleng tse di neng tsa epololwa mo dikagong tse di tshwanang le Ntlwana e e Fisitsweng le Ntlo ya Seretse se se Kanang, mme le mo letlapeng la bogologolo le le magwata la dikago tse di phutlhameng tse di neng di le mo bokgokologelong jo bo kafa botlhaba. Tlhaloso e e mo Baebeleng ya go senngwa ga motse ono . . . e tshegetsa bosupi jwa thutamarope.”

Ka gone, dilo tse baithutamarope ba ileng ba di epolola mo dingwageng tse 25 tse di fetileng di ile tsa dumalana ka ditsela di le dintsi le ka fa Baebele e tlhalosang Jerusalema ka teng go tloga mo motlheng wa ga Dafide go fitlha e senngwa ka 607 B.C.E. Mme go tweng ka Jerusalema wa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.?

Jerusalema mo Motlheng wa ga Jesu

Dilo tse di epolotsweng, Baebele, mokwalahisitori wa lekgolo la ntlha la dingwaga wa Mojuda e bong Josephus le metswedi e mengwe ya tshedimosetso e thusa bakanoki go bona kafa Jerusalema ya motlha wa ga Jesu e neng e le ka teng pele ga Baroma ba e senya ka 70 C.E. Setshwantsho se se beilweng mo pontsheng kafa morago ga hotele e kgolo kwa Jerusalema, se nna se baakanngwa ka metlha go ya ka seo dilo tse disha tse di epolotsweng di se senolang. Karolo ya konokono ya motse ono e ne e le Thaba ya Tempele, e Herode a neng a e okeditse gabedi go feta ya motlha wa ga Solomone. E ne e le lefelo le le dirilweng ke motho le le goletsegileng kwa godimo go gaisa otlhe mo motlheng oo wa bogologolo, le ka nna boleele jwa dimetara di le 480 le bophara jwa dimetara di le 280. Matlapa mangwe a dikago a ne a na le bokete jwa ditone di le 50, lengwe e bile le ne le le gaufi le go nna ditone di le 400 e bile “go se na lepe le le lekanang le lone gope mo motlheng oo wa bogologolo,” go ya ka mokanoki mongwe.

Ke ka moo batho bangwe ba ne ba gakgamala fa ba utlwa Jesu a re: “Thubang tempele eno, mme mo malatsing a le mararo ke tla e tsosa.” Ba ne ba ithaya ba re o raya kago e kgolo eno ya tempele, le mororo a ne a raya “tempele ya mmele wa gagwe.” Ka gone ba ne ba mo raya ba re: “Tempele eno e ne ya agiwa mo dingwageng di le masome a mane le borataro, mme a o tla e tsosa mo malatsing a le mararo?” (Johane 2:19-21) Ka ntlha ya dilo tse di neng tsa epololwa mo tikologong ya Thaba ya Tempele, baeti jaanong ba kgona go bona dikarolo dingwe tsa dipota le dikarolo tse dingwe tsa kago tsa motlha wa ga Jesu e bile ba ka kgona le go tsamaya mo dikgatong tse go ka diregang gore o ne a di tsamaya go ya kwa mejakong e e kwa borwa ya tempele.

Gaufi le lomota lo lo ka fa bophirima lwa Thaba ya Tempele, kwa Kgaolong ya Bajuda ya Motse wa Bogologolo, go na le mafelo a mabedi a go neng ga epololwa dilo mo go one a a baakantsweng bontle a lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., a a bidiwang Ntlo e e Fisitsweng le Kgaolo ya ga Herode. Moithutamarope e bong Nahman Avigad, o ne a kwala jaana fa a sena go ribolola Ntlo eno e e Fisitsweng: “Jaanong go ne go bonala sentle gore kago eno e ne ya fisiwa ke Baroma ka 70 A.D., ka nako ya go senngwa ga Jerusalema. Ke la ntlha mo hisitoring ya go epololwa ga dilo go go dirilweng mo motseng ono go tlhaga bosupi jo bo totobetseng e bile bo bonala sentle jaana jwa thutamarope jwa gore motse ono o ne wa jewa ka molelo.”—Bona dinepe mo tsebeng ya 12.

Dingwe tsa dilo tseno tse di ribolotsweng di ntsha tshedimosetso malebana le ditiragalo dingwe mo botshelong jwa ga Jesu. Go ne ga fitlhelwa dikago mo Motseng o o Kwa Godimo, koo bahumi ba Jerusalema ba neng ba nna gone, go akaretsa le baperesiti ba bagolo. Go ne ga fitlhelwa dibata di le dintsinyana tsa dingwao mo matlong a teng. Mokanoki mongwe o akgela jaana: “Dibata tse dintsi tseno di bontsha kafa baagi ba Motse o o Kwa Godimo ba neng ba gagamaletse go boloka melao ya boitsheko jwa kafa ngwaong ka gone mo motlheng wa Tempele ya Bobedi. (Melao eno e kwadilwe mo teng ga Mishnah, e e nang le dikgaolo di le lesome tse di tlotlang fela ka mikveh.)” Tshedimosetso eno e re thusa go tlhaloganya mafoko a Jesu a neng a a raya Bafarasai le bakwadi malebana le dingwao tseno.—Mathaio 15:1-20; Mareko 7:1-15.

Gape go ne ga bonwa palo e kgolo thata ya dijana tse di dirilweng ka maje kwa Jerusalema. Nahman Avigad o bolela jaana: “Mme jaanong ke ka ntlha yang fa di ne tsa bonala ka tshoganyetso fela jaana le gone di le dintsi jaana mo matlong a Jerusalema? Karabo e ka bonwa mo halakhah, e leng melao ya Bajuda ya boitsheko jwa ka fa ngwaong. Mishnah e re bolelela gore dijana tseno tsa leje ke dingwe tsa dilo tse di sa tlaleng leswe motlhofo . . . Leje le ne le se ke le leswefala go ya ka fa ngwaong.” Go akantshiwa gore seno se tlhalosa lebaka la go bo metsi a Jesu a neng a a fetola gore a nne beine a ne a tsentswe mo dijaneng tsa leje mme e seng mo dijaneng tsa letsopa.—Lefitiko 11:33; Johane 2:6.

Fa o ka etela Israel Museum o tla bona dipolokelo tse pedi tse di sa tlwaelegang tsa marapo a baswi. Biblical Archaeology Review e tlhalosa jaana: “Dipolokelo tseno tsa marapo a baswi di ne di dirisiwa thata mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo pele ga Roma e senya Jerusalema ka 70 C.E. . . . Moswi o ne a bewa mo leribeng le le gabilweng mo lemoteng la logaga lo go fitlhelwang baswi mo go lone; fa nama e sena go bola, marapo a ne a phuthwa mme a bewa mo polokelong ya marapo a baswi—e e leng setshodi se gantsi se kgabisiwang ka kalaka.” Tse pedi tse di beilweng moo gore di bonwe di ne tsa bonwa ka November 1990 kwa logageng lo go fitlhelwang baswi mo go lone. Moithutamarope e bong Zvi Greenhut o bega jaana: “Lefoko . . . ‘Caiapha’ le le leng mo dipolokelong tseno tse pedi tsa marapo a baswi tse di mo diphuphung le tlhagelela fano e le lekgetlho la ntlha mo dilong tsa thutamarope. Go ka direga gore ke leina la lelapa la Moperesiti yo Mogolo e bong Kaifase, yo go buiwang ka ene . . . mo Tesetamenteng e Ntšha . . . Jesu o ne a isiwa kwa moemeding wa mmusi wa Moroma e bong Ponto Pilato a tswa mo ntlong ya gagwe kwa Jerusalema.” Polokelo e nngwe ya marapo a baswi e ne e na le marapo a motho wa dingwaga tse di ka nnang 60. Bakanoki ba akanya gore tota marapo ano e tshwanetse ya bo e le a ga Kaifase. Mokanoki mongwe o bolela gore dilo tseno tse di epolotsweng ke tsa motlha wa ga Jesu: “Ledi la tshipi le le neng la fitlhelwa mo go nngwe ya dipolokelo tse dingwe tsa marapo a baswi le ne le dirilwe ke Herode Ageripa (37-44 C.E.). Dipolokelo tse pedi tseno tsa marapo a baswi tsa ga Kaifase e ka tswa e le tsa mo masimologong a lekgolo la dingwaga.”

William G. Dever, e bong porofesa ya boithutamarope jwa Near Eastern kwa Yunibesithing ya Arizona, o ne a akgela jaana ka Jerusalema: “Ga se go feteletsa dilo fa re re re ithutile go le gontsi mo hisitoring ya thutamarope ka lefelo leno le legolo mo dingwageng di le 15 tse di fetileng go feta mo dingwageng di le 150 tse di fetileng di kopantswe.” Bontsi jwa dilo tse baithutamarope ba di ribotseng kwa Jerusalema mo masomeng a dingwaga a bosheng jaana eleruri di ile tsa tlhagisa dilo tse di re thusang go tlhaloganya hisitori ya Baebele.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 9]

Reproduction of the City of Jerusalem at the time of the Second Temple – located on the grounds of the Holyland Hotel, Jerusalem

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Fa godimo: Sekhutlo se se ka fa borwabophirima jwa Thaba ya Tempele e e kwa Jerusalema

Ka fa mojeng: Go fologela mo Mosimeng wa ga Warren

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela