LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 6/15 ts. 14-19
  • “Wa ba Tlhola Nona le Tshadi”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Wa ba Tlhola Nona le Tshadi”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dinonofo Tsa Banna Tsa Mmatota le Tsa Basadi Tsa Mmatota
  • Ponalo Ya ka Fa Ntle
  • Banna le Basadi ba Bakeresete—Ke Banna le Basadi ba Mmatota
  • A Basadi ba Tshwanetse go Fitlha Bontle Jwa Bone?
    Tsogang!—2005
  • Seabe sa Mosadi mo Dikwalong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Basadi
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • A Tota Modimo o Amega ka Basadi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 6/15 ts. 14-19

“Wa ba Tlhola Nona le Tshadi”

“Modimo wa tlhola motho mo setshwanong sa one tota, wa mo tlhola mo setshwanong sa Modimo; wa ba tlhola nona le tshadi.”—GENESISE 1:27.

1. Go bona boammaaruri ke lesego jang mo banneng le mo basading ba Bakeresete?

ABO go le monate jang ne go nna fa gare ga batho ba ga Jehofa le go kopanela le banna le basadi, mmogo le basimane le basetsana, ba selo se ba se beileng kwa pele mo matshelong a bone e leng go rata Modimo le go mo utlwa! Gape boammaaruri bo re golola mo maikutlong le mo boitshwarong jo bo sa itumediseng Jehofa Modimo, mme bo re ruta go tshela ka tsela e Bakeresete ba tshwanetseng go tshela ka yone. (Johane 8:32; Bakolosa 3:8-10) Ka sekai, batho gongwe le gongwe ba na le dingwao le dikgopolo tsa gore banna ba tshwanetse go bontsha dinonofo tsotlhe tsa bone jang, le gore basadi ba tshwanetse go bontsha tsa bone jang. A ke fela gore banna ba tsholwa ba na le dinonofo tse di tshwanelang bone fela, le basadi ba tsholwa ba na le dinonofo tse di tshwanelang bone fela? Kana a go na le mabaka a mangwe a a tshwanetseng go sekasekiwa?

2. (a) Ke eng se se tla re thusang go bona dinonofo tsa banna le tsa basadi? (b) Go diragetse eng ka dikgopolo tsa bong?

2 Bakeresete ba tsaya Lefoko la Modimo e le le re ka le ikobelang, go sa kgathalesege megopolo ya rona ka namana, setso, kana dingwao tse re ka tswang re na le tsone. (Mathaio 15:1-9) Baebele ga e bolele thata ka dinonofo tse di tshwanetseng banna le tse di tshwanetseng basadi. Go na le moo, e tlogela mo go rona gore re itlhophele, jaaka re bona mo ditsong tse di farologaneng. Gore ba nne se Modimo a ba bopileng gore ba nne sone, banna ba tshwanetse go nna le dinonofo tsa banna, mme basadi ba nne le tsa basadi. Ka ntlha yang? Ka gonne mo godimo ga gore monna le mosadi ba bo ba dirilwe gore ba thusane ka tsela e e bonalang, ba ne ba tshwanetse go thusana le ka dinonofo tsa bonna le tsa bosadi. (Genesise 2:18, 23, 24; Mathaio 19:4, 5) Le fa go ntse jalo, dikgopolo tse di malebana le bong di setse di sokamisitswe. Batho ba le bantsi ba bona dinonofo tsa banna di tsamaisana thata le go laola ka tsela e e setlhogo, botlhogoethata, kana bodipa. Ga go ke go direga kana e bile ke matlhabisa ditlhong mo ditsong tse dingwe gore monna a lele, e ka tswa a le fa gare ga batho kana a le nosi. Le fa go ntse jalo, mo boidiiding jwa batho ka fa ntle ga lebitla la ga Lasaro, “Jesu [o ne] a tsholola dikeledi.” (Johane 11:35) Go ne go tshwanetse gore Jesu a dire jalo, yo e neng e le monna yo o itekanetseng. Gompieno batho ba bantsi ba feteletsa dilo malebana le dinonofo tsa basadi, ba di tsaya e le bontle jwa ka fa ntle le jwa bong fela.

Dinonofo Tsa Banna Tsa Mmatota le Tsa Basadi Tsa Mmatota

3. Banna le basadi ba farologana jang?

3 Dinonofo tsa banna tsa mmatota le tsa basadi tsa mmatota ke eng? The World Book Encyclopedia e bolela jaana: “Bontsi jwa banna le basadi ga ba farologane fela mo mmeleng, mme ba farologana le mo boitshwarong le mo dilong tse ba di kgatlhegelang. Dingwe tsa dipharologanyo tseno di ikaegile ka tsela e re dirilweng ka yone. . . . Mme dipharologanyo di le dintsi tse e seng tsa mmele go bonala di theilwe mo boitshwarong jwa bong jo bo ithutiwang ke motho mongwe le mongwe. Batho ba tsholwa e le banna kana basadi, mme ba ithuta go nna le dinonofo tsa bonna kana tsa bosadi.” Tsela e re bopilweng ka yone e ka nna ya akaretsa dilo di le dintsi, mme gore re nne le dinonofo tse di tshwanetseng tsa banna kana tsa basadi go ikaegile ka go ithuta se Modimo a se batlang mo go rona le ka se re itlhophelang go se latela mo botshelong.

4. Ke eng se Baebele e se senolang ka seabe sa monna le sa mosadi?

4 Hisitori ya Baebele e senola gore seabe sa ga Adame e ne e le go tlhoma sekao jaaka tlhogo ya mosadi le bana ba gagwe. Gape o ne a tshwanetse go diragatsa thato ya Modimo ya go tlatsa lefatshe, go le fenya le gore dibopiwa tsotlhe tsa lefatshe tse di kwa tlase ga gagwe di mo ikobele. (Genesise 1:28) Seabe sa mosadi mo lelapeng e bong Efa e ne e le go nna “mothusi” le “motlatsi” wa ga Adame, a ikobela botlhogo jwa gagwe, a dirisana le ene mo go diragatseng boikaelelo jwa bone jo Modimo a bo boletseng.—Genesise 2:18, bapisa NW; 1 Bakorintha 11:3.

5. Kamano e e neng e le fa gare ga monna le mosadi e ne ya senyega jang?

5 Mme Adame o ne a se ka a diragatsa boikarabelo jwa gagwe, mme Efa o ne a dirisa nonofo ya gagwe ya bosadi ka tsela e e tlhotlheletsang gore a gogele Adame go kopanela le ene mo go se utlweng Modimo. (Genesise 3:6) Ka go iteseletsa gore a dire selo se a neng a itse gore se phoso, Adame o ne a palelwa ke go bontsha nonofo ya bonna ya mmatota. Ka go raelesega o ne a tlhopha go amogela lefoko la mogatse yo o neng a tsieditswe go na le go reetsa se Rraagwe le Mmopi wa gagwe a se buileng. (Genesise 2:16, 17) Go ise go ye kae banyalani bano ba ne ba simolola go diragalelwa ke se Modimo a neng a se bonela pele gore e ne e tla nna ditlamorago tsa go tlhoka kutlo. Adame, yo pelenyana a neng a reta mosadi wa gagwe ka mafoko a a monatšana le a go mmoka, jaanong o ne a re ke “mosadi yo o mo nneileng” ka tsela e e se nang lorato. Go sa itekanela ga gagwe go ne ga senya le go faposa nonofo ya gagwe ya bonna, ga dira gore a ‘laole mosadi wa gagwe.’ Efa ene o ne a tla nna le “keletso” mo monneng wa gagwe, gongwe ka tsela e e feteletseng kana e e sa lekalekaneng.—Genesise 3:12, 16.

6, 7. (a) Go ne ga sokamisiwa dinonofo tsa banna ka tsela efe mo go neng ga nna teng pele ga Morwalela? (b) Ke eng se re ka se ithutang ka boemo jwa pele ga Morwalela?

6 Go sa dirise dinonofo tsa banna le tsa basadi sentle go ne ga bonala thata pele ga Morwalela. Baengele ba ba neng ba tlogela boemo jwa bone jwa kwa tshimologong ba ne ba ikapesa mebele ya batho gore ba tlhakanele dikobo le basadi. (Genesise 6:1, 2) Pego e bolela ka banna fela ba ba neng ba tsholwa ka bokopano joo jo e neng e se jwa tlholego. Mme go lebega bana ba ne ba kopantse dinonofo tsa baengele le batho, ba sa kgone go nna le bana ka bobone. Ba ne ba itsiwe e le mekaloba, Banefelimo, kana Badigi, ka gonne ba ne ba tle ba digele ba bangwe fa fatshe. (Genesise 6:4; ntlhanyana e e kwa tlase go NW) Go bonala ba ne ba le thubakanyo, ba le bogale, ba se na boutlwelobotlhoko.

7 Eleruri, bontle jwa ka fa ntle, popego ya mmele, selekanyo sa mmele, kana maatla a mmele ga a dire gore motho a nne le dinonofo tsa bonna kana tsa bosadi. Baengele ba ba neng ba ikapesa mebele ya nama ba ka tswa ba ne ba le bantle. Mme Banefelimo ba ne ba goletse kwa godimo thata e bile ba na le mesifa e megolo, mme megopolo ya bone e ne e le bosula. Baengele ba ba neng ba se na kutlo le bana ba bone ba ne ba tlatsa lefatshe ka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le thubakanyo. Ke gone ka moo Jehofa a neng a fedisa lefatshe leo. (Genesise 6:5-7) Le fa go ntse jalo, Morwalela o ne wa se ka wa nyeletsa tlhotlheletso ya badimona, le gone ga o a ka wa nyeletsa ditlamorago tsa boleo jwa ga Adame. Morago ga Morwalela go ne ga bonala gape dinonofo tsa banna le tsa basadi tse di neng di sa tshwanela, mme go na le dikai mo Baebeleng, tse di siameng le tse di sa siamang, tse re ka ithutang mo go tsone.

8. Josefa o ne a tlhoma sekao sefe se se molemo sa nonofo ya bonna e e tshwanetseng?

8 Josefa le mosadi wa ga Potifare ba dira gore re bone pharologanyo e kgolo thata fa gare ga dinonofo tsa banna tse di tshwanetseng le tsa basadi tsa lefatshe. Mosadi wa ga Potifare, fa a sena go tseega maikutlo ka ntlha ya ga Josefa yo montle, o ne a leka go mo gogela. Ka nako eo, go ne go se na molao wa Modimo o o kwadilweng o o neng o thibela kgokafalo kana boaka. Le fa go ntse jalo, Josefa o ne a tshaba mosadi yoo yo o neng a se na boitsholo mme a itshupa e le monna wa mmatota wa Modimo, yo o neng a bontsha dinonofo tsa banna tse di neng di amogelwa ke Modimo.—Genesise 39:7-9, 12.

9, 10. (a) Mohumagadi Fasheti o ne a sa dirise nonofo ya gagwe ya bosadi sentle jang? (b) Ke sekao sefe se se molemo sa nonofo ya bosadi se Esethere a neng a re tlhomela sone?

9 Esethere le Mohumagadi Fasheti ba bontshitse pharologanyo e kgolo thata ka basadi. Go bonala Fasheti a ne a akanya gore o montle thata mo e leng gore ka metlha Kgosi Ahasueruse o ne a tla dira dilo tse a di eletsang. Mme bontle jwa gagwe e ne e le jwa ka fa ntle fela jwa ditlolo tsa letlalo tse di rekisiwang gompieno. O ne a se boingotlo e bile a se na dinonofo tsa bosadi, ka gonne o ne a palelwa ke go ikobela monna wa gagwe yo gape e neng e le kgosi. Kgosi e ne ya mo tlogela mme ya tlhopha mosadi yo o neng a na le dinonofo tsa bosadi, yo tota a neng a boifa Jehofa, gore a nne mohumagadi wa yone.—Esethere 1:10-12; 2:15-17.

10 Esethere ke sekao se se molemolemo mo basading ba Bakeresete. O ne a le “moswaana, a le montle,” le fa go ntse jalo o ne a bontsha mokgabo wa “motho wa sephiri wa pelo mo diaparong tse di sa senyegeng tsa moya o o didimetseng le o o bori.” (Esethere 2:7; 1 Petere 3:4) O ne a sa tseye mekgabo e mentle e le selo sa konokono. Esethere o ne a dira dilo ka botlhale e bile a le boikgapo, a ikobela monna wa gagwe e bong Ahasueruse, le fa matshelo a batho ba gagwe a ne a le mo kotsing. Esethere o ne a didimala fa go ne go tshwanetse gore a dire jalo mme o ne a bua ka bopelokgale fa go ne go tlhokega le gone e le ka nako e e tshwanetseng. (Esethere 2:10; 7:3-6) O ne a amogela kgakololo go tswa mo go ntsalae yo o neng a godile e bong Moretekai. (Esethere 4:12-16) O ne a rata batho ba gagwe le go ba bontsha boikanyegi jo bo nitameng.

Ponalo Ya ka Fa Ntle

11. Ke eng se re tshwanetseng go nna re se gakologetswe se se malebana le ponalo ya ka fa ntle?

11 Selotlolo sa go nna le dinonofo tsa basadi tse di tshwanetseng ke sefe? Mmè mongwe o ne a bolela jaana: “Boeletsego ke tsietso le bontle ke boithamako, mme mosadi yo o boifang Jehofa, ene o tlaa bakwa.” (Diane 31:30) Ka jalo go botlhokwa go boifa Modimo ka tshisimogo, mme bopelonomi jo bo sa tshwanelang, natefo, boingotlo le loleme lo lo bonolo di dira gore motho a nne le dinonofo tsa bosadi go gaisa thata bontle jwa ka fa ntle.—Diane 31:26.

12, 13. (a) Ka maswabi, ke eng se se tletseng mo dipuong tsa batho ba le bantsi? (b) Ke eng se se kaiwang ke Diane 11:22?

12 Ka maswabi, banna le basadi ba bantsi ga ba bule melomo ya bone ka botlhale, le gone bopelonomi jo bo sa tshwanelang ga bo yo mo lolemeng lwa bone. Puo ya bone ke ya matlhapa, e e utlwisang botlhoko, e e se nang maitseo le e e sa akanyetseng ba bangwe. Banna ba bangwe ba akanya gore puo ya matlhapa ke letshwao la go bontsha gore motho ke monna tota, mme basadi ba bangwe ka boeleele ba a ba etsa. Le fa go ntse jalo, fa mosadi a le montle mme a se na temogo, e bile a rata go ngangisana, a rata go sotla, kana a le boikgodiso, a tota o ka nna montle ka tsela e e molemolemo, e e nang le nonofo ya mmatota ya bosadi? “Jaaka lenyena la gouta mo nkong ya kolobe, mosadi yo montle, yo o se nang [temogo, NW], o ntse fela jalo.”—Diane 11:22.

13 Bontle jo bo kopaneng le puo e e leswe, go sotla, kana go tlhoka temogo bo ka se dumalane le ponalo epe ya mosadi e motho a ka nnang a e bontsha. Tota e bile, boitshwaro jo bo ntseng jalo jo bo maswe thata bo ka dira gore motho yo montle ka fa ntle a lebege a le maswe. Re ka lemoga motlhofo gore ponalo ya ka fa ntle ya monna kana ya mosadi ka boyone e ka se ka ya emisetsa kana ya siamisa mangadingadi, go goa thata, kana puo ya matlhapa. Bakeresete botlhe ba ka dira gore ba bonale ba le bantle mo Modimong le mo bathong ba bangwe e bile ba tshwanetse go dira jalo, ka puo le ka boitshwaro jwa bone jo bo theilweng mo Baebeleng.—Baefeso 4:31.

14. Ke mofuta ofe wa go ikgabisa o o rotloediwang mo go 1 Petere 3:3-5, mme o ikutlwa jang ka one?

14 Fa dinonofo tsa banna kana tsa basadi tse di tshwanetseng di theilwe mo dinonofong tsa semoya, ka maatla a mmele le ka ponalo, go akaretsa le diaparo tse re di aparang le tsela e re di aparang ka yone, go bolela sengwe ka rona. Kwantle ga pelaelo moaposetoloi Petere o ne a akantse mefuta mengwe ya go apara le go ikgabisa ya mo lekgolong la ntlha la dingwaga, fa a ne a gakolola basadi ba Bakeresete jaana: “A mokgabo wa lona e se ka ya nna o e leng wa go loga moriri loetse kafa ntle le wa go rwala mekgabiso ya gouta kgotsa wa go apara diaparo tsa kafa ntle, mme a e nne motho wa sephiri wa pelo mo diaparong tse di sa senyegeng tsa moya o o didimetseng le o o bori, tse e leng tsa botlhokwa jo bogolo mo matlhong a Modimo. Gonne pele, basadi ba ba boitshepo ba ba neng ba solofetse mo Modimong le bone ba ne ba tle ba ikgabise jalo, ba ipaya mo taolong ya banna ba bone.”—1 Petere 3:3-5.

15. Basadi ba Bakeresete ba tshwanetse go gagamalela go bontsha eng mo moaparong wa bone?

15 Mo go 1 Timotheo 2:9, 10, re fitlhela dikakgelo tsa ga Paulo malebana le moaparo wa basadi: “Ke eletsa gore basadi ba ikgabise ka diaparo tse di rulagantsweng sentle, ka boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo . . . ka tsela e e tshwanelang basadi ba ba ipolelang ba na le poifo ya bomodimo mo Modimong, e leng, ka ditiro tse di molemo.” O ne a gatelela botlhokwa jwa go nna boingotlo le go apara diaparo tse di rulagantsweng sentle tse di supang go itekanela sentle mo mogopolong.

16, 17. (a) Banna le basadi ba le bantsi gompieno ba apara jang ka tsela e e sa tshwanelang? (b) Re ka swetsa ka go reng malebana le kgakololo e e mo go Duteronome 22:5?

16 Fa monna kana mosadi, mosimane kana mosetsana, a itshwara ka tsela e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo kana go apara ka tsela eo, o ne a tla bo a sa oketse dinonofo tsa banna kana tsa basadi tsa mmatota, mme eleruri go ka se tlotle Modimo. Batho ba le bantsi mo lefatsheng ba feteletsa dilo ka go bontsha bong jwa bone jwa bonna kana jwa bosadi ka moaparo le ka boitshwaro. Ba bangwe ba fitlha dipharologanyo tse di leng teng fa gare ga bong jo bo sa tshwaneng ka maikaelelo a go dira boitsholo jo bo sa siamang. A bo rona Bakeresete re leboga jang ne ka go bo Baebele e senola tsela e Modimo a akanyang ka yone! Jehofa o ne a bolelela Iseraele wa bogologolo jaana: “Mosadi a a se apare senna, le monna a se apare sesadi; gonne le fa e le mang yo o dirang dilo tse, o moila mo go Jehofa.”—Duteronome 22:5.

17 Malebana le seno, gongwe o tla itumelela go bona se Tora ya Tebelo ya August 15, 1988 e se boletseng mo tsebeng ya 17: “Kgang ga se gore a mofuta mongwe wa kapari ke wa feshene thata mme ke gore a o tshwanela motho yo o ipolelang fa e le modihedi wa Modimo. (Baroma 12:2; 2 Bakorintha 6:3) Go apara ka go latlhelela fela kana diaparo tse di gagamatsang thata di ka nyenyefatsa molaetsa wa rona. Mefuta ya kapari eo ka phepafalo le ka boomo e dirang gore banna ba lebege jaaka basadi kana basadi ba lebege jaaka banna tota ga e a tshwanela. (Bapisa Duteronome 22:5.) Legale, ditlwaelo tsa mafelo di ka farologana, go ya ka maemo a bosa, ditlhokafalo tsa tiro, jalo le jalo, mo e leng gore phuthego ya Bokeresete e ka se ka ya dira melao e e boima le e e gagametseng eo e tla akaretsang bakaulengwe botlhe mo lefatsheng ka bophara.”

18. Ke dikgato dife tse re ka di tsayang fa re dirisa kgakololo ya Baebele e e malebana le moaparo le go ipaakanya?

18 A bo e le kgakololo e e lekalekaneng le e e tshwanelang jang ne! Ka maswabi, Bakeresete ba bangwe, banna le basadi, ka go sa lemoge ba latela sengwe le sengwe se lefatshe le se rotloetsang ka moaparo le ka go ipaakanya ba sa akanye gore se tla dira gore Jehofa a lebege jang le phuthego ya Bokeresete. Mongwe le mongwe wa rona o ka nna a itshekatsheka go bona gore a re tlhotlheleditswe ke tsela e lefatshe le akanyang ka yone. Kana re ka nna ra buisana le mokaulengwe kana kgaitsadi yo o tlotlegang le yo o nang le maitemogelo mme re kope gore a lebe gore a re tlhoka go dira diphetogo dingwe mo mokgweng o re aparang ka one mme morago ga moo re bo re sekaseka dikakantsho tseo ka tsela e e masisi.

Banna le Basadi ba Bakeresete—Ke Banna le Basadi ba Mmatota

19. Ke tlhotlheletso efe e e sa siamang e re tshwanetseng go e lwantsha?

19 Modimo wa lefatshe leno ke Satane, mme tlhotlheletso ya gagwe e ka bonwa mo tlhakatlhakanong e e leng teng malebana le bong, mme e le e e sa amaneng le moaparo. (2 Bakorintha 4:4) Mo dinageng tse dingwe basadi ba bantsi ba lepalepana le banna ka botlhogo, ba tlhokomologa melaometheo ya Baebele. Mo letlhakoreng le lengwe, palo e kgolo ya banna ba tlogela fela maikarabelo a bone a botlhogo, fela jaaka Adame a ne a dira. Go na le batho bao tota ba lekang go fetola bong jwa bone mo botshelong ba bo dire jo bongwe. (Baroma 1:26, 27) Baebele ga e bolele ka mefuta epe ya botshelo e o ka e itlhophelang e e amogelwang ke Modimo. Mme batho bape fela ba e neng ya re ba nna Bakeresete ba bo ba sa itse dinonofo tsa bone kana ba sa itse gore ke ba bong bofe ba ka tlhomamisega gore ba tla solegelwa molemo ka bosakhutleng fa ba ka tshela go dumalana le molao wa Modimo, molao o o tla anaanelwang tota ke botlhe ba ba tla itekanelang.

20. Bagalatia 5:22, 23 e tshwanetse go re ama jang malebana le tsela e re lebang dinonofo tsa banna le tsa basadi ka yone?

20 Dikwalo di supa gore banna le basadi ba Bakeresete ba tlhoka go tlhagolela le go bontsha maungo a moya wa Modimo—lorato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, bomolemo, tumelo, bori le boikgapo. (Bagalatia 5:22, 23) Modimo, ka botlhale jwa gagwe jo bogolo, o dirile gore banna ba oketse dinonofo tsa bone, le basadi ba oketse tsa bone, ka go tlhagolela dinonofo tseo. Monna yo o bontshang maungo a moya go motlhofo go mo tlotla, mme mosadi yo o dirang jalo go motlhofo go mo rata.

21, 22. (a) Ke sekao sefe se Jesu a neng a se tlhoma malebana le mekgwa ya go tshela? (b) Jesu o ne a bontsha jang nonofo ya gagwe ya bonna?

21 Monna yo mogolo go ba gaisa botlhe yo o kileng a tshela e ne e le Jesu Keresete, mme mokgwa o a neng a tshela ka one ke o Bakeresete ba tshwanetseng go o etsa. (1 Petere 2:21-23) Fela jaaka Jesu a ne a dira, banna mmogo le basadi ba tshwanetse go itshupa ba ikanyega mo Modimong le go utlwa Lefoko la Gagwe. Jesu o ne a bontsha dinonofo tse di molemolemo tsa lorato, bonolo le boutlwelobotlhoko. Jaaka Bakeresete ba boammaaruri, re tshwanetse go mo etsa go supa gore re barutwa ba gagwe.—Johane 13:35.

22 Jesu Keresete e ne e le monna wa mmatota, mme re ka bona dinonofo tsa gagwe tsa bonna fa re ithuta ka botshelo jwa gagwe jo go kwadilweng ka jone mo Dikwalong. O ne a ise a ke a nyale, mme Baebele e bontsha gore o ne a itumelela go nna ditsala le basadi ka tsela e e lekalekaneng. (Luke 10:38, 39) Botsalano jwa gagwe le banna le basadi ka metlha bo ne bo le phepa e bile bo tlotlega. Ke sekao se se itekanetseng sa monna. O ne a se ka a tlogela ope—monna, mosadi, kana moengele yo o se nang kutlo—go mo tseela dinonofo tsa gagwe tsa bomodimo tsa bonna le go mo tlogedisa go ikanyega mo go Jehofa. O ne a se ka a etsaetsega go amogela maikarabelo a gagwe, mme o ne a dira jalo a sa ngongorege.—Mathaio 26:39.

23. Bakeresete ba boammaaruri ba na le masego ka tsela efe motho ka bongwe, malebana le dinonofo tsa batho ba bong jo bo sa tshwaneng?

23 A bo go itumedisa jang go nna mongwe wa batho ba ga Jehofa le go tsalana le banna le basadi, mmogo le basimane le basetsana, ba selo se ba se beileng kwa pele mo botshelong e leng go rata Jehofa Modimo le go mo utlwa! Ga re mo pitlaganong fa re utlwa Lefoko la Modimo. Go na le moo, re gololesegile mo lefatsheng leno le mo ditseleng tsa lone tse di leswefatsang bontle, boikaelelo, le seabe se se farologaneng sa batho ba bong jo bo sa tshwaneng. Re ka itumela ka tsela ya mmatota fa re diragatsa boemo jo re bo filweng ke Modimo mo botshelong, e ka tswa re le banna kana basadi. Ee, a bo re leboga Jehofa Modimo jang ne e bong Mmopi, ka dilo tsotlhe tse a re neileng tsone ka lorato le go bo a re bopile re le banna le basadi!

O ne O Tla Araba Jang?

◻ Ke seabe sefe se se tshwanetseng sa banna le basadi se Baebele e se tlhalosang?

◻ Nonofo ya bonna e ne ya sokamisiwa jang pele ga Morwalela, mme dinonofo tsa banna mmogo le tsa basadi di ne tsa sokamisiwa jang mo motlheng wa rona?

◻ Ke kgakololo efe ya Baebele e o ka batlang go e dirisa e e malebana le ponalo?

◻ Banna le basadi ba Bakeresete ba ka itshupa jang gore ke banna le basadi ba mmatota?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Le mororo Esethere a ne a le montle, o gakologelwa thata ka go nna boingotlo le ka mokgwa wa gagwe o o ritibetseng le o o bori

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Ela tlhoko tsela e o ipaakanyang ka yone e e lekalekaneng mme o ntse o etse tlhoko thata bontle jwa ka fa teng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela