Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Re ile ra itumela thata go ithuta ka setshwantsho sa ga Jesu sa dinku le dipodi. Malebana le tsela eno e ntšha e re tlhaloganyang dilo ka yone e e mo makasineng wa “Tora ya Tebelo” ya October 15, 1995, a re sa ntse re ka re Basupi ba ga Jehofa gompieno ba na le seabe mo tirong ya go tlhaola?
Ee. Go a utlwala go bo batho ba le bantsi ba ile ba akanya ka ga seno ka gonne Mathaio 25:31, 32 ya re: “Fa Morwa motho a goroga a le mo kgalalelong ya gagwe, le baengele botlhe ba na le ene, ka nako eo o tla nna mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang. Mme merafe yotlhe e tla phuthelwa fa pele ga gagwe, mme o tla kgaoganya batho mongwe mo go yo mongwe, fela jaaka modisa a kgaoganya dinku le dipodi.” Tora ya Tebelo ya October 15, 1995, e bontshitse gore ke ka ntlha yang fa ditemana tseno di tla diragadiwa fa sepitla se segolo se se na go simolola. Jesu o tla tla a le mo kgalalelong ya gagwe a na le baengele ba gagwe mme o tla dula mo setulong sa gagwe sa katlholo. Go tswa foo, o tla kgaoganya batho. Ka tsela efe? O tla dira tshwetso go ya ka se batho ba se dirileng kana ba sa se dirang pele ga nako eo.
Re ka tshwantsha seno le dikgato tse di tsewang fa go na le kgang ya semolao e e tla felelang ka katlholo kwa kgotlatshekelong. Bosupi bo nna bo oketsega morago ga lobaka lo lo rileng pele ga go sekiwa kwa kgotlatshekelo mme go latele katlholo. Bosupi jo bo amanang le gore a batho ba ba tshelang gone jaanong ba tla nna dinku kana dipodi bo ile jwa kokoana ka lobaka lo loleele. Mme bo sa ntse bo oketsega. Mme fa Jesu a tla bo a dula mo setulong sa gagwe sa bogosi, kgang e tla bo e setse e konetswe. O tla bo a siametse go ntsha katlholo. Batho ba tla kgaoganngwa go ya go nyelediwa ruri kana go tshelela ruri.
Le fa go ntse jalo, lebaka la go bo go atlholelwa ga batho botshelo kana loso mo go umakilweng mo go Mathaio 25:32 go sa ntse go tla direga mo isagweng, ga go reye gore ga go na go tlhaola, kana go aroganngwa, mo go diragalang pele ga moo. Baebele mo go Mathaio kgaolo 13, e umaka tiro nngwe ya go tlhaola e e neng ya diragala pelenyana. Se se itumedisang ke gore buka ya Go Utlwana mo Kobamelong ya Modimo o o Osi wa Boammaaruri, ditsebe 179-80, e tlhalosa seno kafa tlase ga setlhogo se se reng “Go Kgaoganngwa ga Batho”.a Buka eno ya re: “Go bile gape go na le ditiragalo tse dingwe tse di botlhokwa tseo Jesu ka tlhamalalo a neng a di kopanya le bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo. Nngwe ya tseno ke go kgaoganngwa ga ‘bana ba bogosi’ go tswa go ‘bana ba eo o boshula.’ Jesu o ne a bua ka seno mo setshwantshong sa gagwe sa tshimo ya mabele eo mmaba a neng a jala mohoka thata mo go yone.”
Buka eno e ne e bua ka setshwantsho sa ga Jesu se se mo go Mathaio 13:24-30 e bile se tlhalosiwa mo ditemaneng 36-43. Tlhokomela gore mo temaneng 38 peo e e molemo ya korong e tshwantshetsa bana ba Bogosi, mme mofoka o tshwantshetsa bana ba yo o bosula. Ditemana 39 le 40 di bontsha gore mo ‘bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo’—mo nakong e re tshelang mo go yone gone jaanong—mofoka o a kokoanngwa. O a tlhaolwa mme kwa bokhutlong o bo o fisiwa, o nyelediwa.
Setshwantsho seno se bua ka Bakeresete ba ba tloditsweng (bao mo setshwantshong sa dinku le dipodi ba bidiwang bomonnawe Jesu). Le fa go ntse jalo, ntlha e phepafetse gore go tlhaola ga botlhokwa go diragala mo motlheng wa rona, fa batlodiwa ba farologanngwa mo go bao ba iphakang gore ke Bakeresete mme e le ba ba itshupang gore ke “bana ba yo o boshula.”
Jesu o ne a naya dikai tse dingwe tsa batho ba aroganngwa, kana ba tlhaolwa. Gakologelwa se a neng a se bua malebana le tsela e kgolo e e yang kwa timetsong: “Ba ba tsenang ka yone ba bantsi.” (Mathaio 7:13) O ne a sa bue fela ka gore go tla felela ka eng. O ne a bua ka ga selo se se diragalang, fela jaaka go le boammaaruri gone jaanong ka ba le mmalwa fela ba ba bonang tsela e e pitlaganeng e e isang botshelong. Gape gakologelwa gore fa a ne a roma baaposetoloi, Jesu o ne a re ba tla fitlhela bangwe ba ba tshwanelang. Bangwe ba ne ba tla bo ba sa tshwanele, mme baaposetoloi ba ne ba tla tshwanela go itlhotlhora lorole mo dinaong tsa bone “gore e nne bosupi kgatlhanong le” batho ba ba ntseng jalo. (Luke 9:5) A ga se boammaaruri gore gompieno le gone go diragala selo se se tshwanang jaaka fa Bakeresete ba tswelela pele ka bodiredi jwa bone jwa phatlalatsa? Ba bangwe ba arabela sentle, fa ba bangwe ba gana molaetsa wa bomodimo o re o tlisang.
Ditlhogo tse di mo makasineng wa Tora ya Tebelo tse di buang ka dinku le dipodi di boletse jaana: “Lefa gone go atlholwa mo go tlhalosiwang mo setshwantshong seno go santse go tla diragala mo isagweng e e gaufi, tota le gone jaanong go dirwa sengwe se se botlhokwa thata. Rona Bakeresete re dira tiro ya go boloka matshelo ya go bolela molaetsa o o kgaoganyang batho. (Mathaio 10:32-39).” Mo temaneng eo mo go Mathaio kgaolo 10, re bala gore Jesu o ne a re go nna molatedi wa gagwe go tla dira gore go nne le dikgaogano—rre o tla nna kgatlhanong le morwa, morwadi kgatlhanong le mmaagwe.
Kwa bokhutlong, bomonnawe Keresete ba ba tloditsweng ka moya ba ile ba etelela pele tiro ya go rera ka molaetsa wa Bogosi mo lefatsheng lotlhe. Fa batho ba ba o utlwang ba arabela ka go o amogela kana ka go o gana, ba a itlhaola. Rona batho ga re ka ke, e bile ga re a tshwanela, go re, ‘Motho yono ke nku; yole ke podi,’ go ya ka kgopolo e e mo go Mathaio kgaolo 25. Le fa go ntse jalo, go bolelela ga rona batho dikgang tse di molemo go dira gore ba kgone go iponatsa gore ba eme fa kae gone jaanong—se ba leng sone le kafa ba tshwarang bomonnawe Jesu ka teng. Ka gone, fela jaaka bosupi jo bo oketsegang mo kgannyeng ya kgotlatshekelo, go nna le bosupi jwa go aroganngwa ga bao ba emang bomonnawe Jesu nokeng le ba ba ganang go ba ema nokeng. (Malaki 3:18) Jaaka fa Tora ya Tebelo e bontshitse, go ise go ye kae Jesu o tla dula mo setulong sa gagwe sa bogosi mme a bo a ntsha katlholo, a kgaoganya batho jaaka moatlhodi la bofelo gore ba bone botshelo kana ba nyelediwe ruri.
[Ntlha e e kwa tlase]
a E gatisitswe ka 1983 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.