LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 7/15 ts. 24
  • Bomankge ba Mafika a Dithaba

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bomankge ba Mafika a Dithaba
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Dithaba Tse di Godileng ke Tsa Dipodi Tsa mo Dithabeng”
  • ‘A o Itse Motlha o Dipodi Tsa mo Dithabeng di Tsalang ka One?’
  • “Tshepe e Namagadi e e Lorato, le Podi ya mo Dithabeng e e Natefang”
  • ‘O Tlotlometse go Gaisa Dithaba’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 7/15 ts. 24

Bomankge ba Mafika a Dithaba

FA THOKO ga losi lo lo kwa bophirima jwa Lewatle le le Suleng go ne go na le motse wa bogologolo mme o dikologilwe ke sekaka se se bidiwang En-gedi. Ditsela tse di tletseng matlapa tsa lefelo leno le mapawa a lone di dira gore leno e nne legae le le siametseng dipodi tsa mo dithabeng tsa Lefatshe le le Solofeditsweng, tse di jaaka tse di bonwang fano.

Setshedi seno se maoto a sone a kgonang go se tshegetsa gore se se ka sa wa ke sengwe sa dikgakgamatso tsa popo ya diphologolo. A re buleng Baebele mme re lebe sentle phologolo eno e e kgatlhang thata.

“Dithaba Tse di Godileng ke Tsa Dipodi Tsa mo Dithabeng”

Mopesalema o ne a opela jalo. (Dipesalema 104:18, bapisa NW.) Dipodi tsa mo dithabeng di siametse go nna mo mafelong a a kwa godimo! Di bonako jo bo feteletseng, di tsamaya mo lefelong le le makgawekgawe ka go itshepa le ka lebelo le legolo. Ka tsela nngwe seno e le ka ntlha ya tsela e ditlhakwana tsa tsone di leng ka yone. Phatlha e e fa gare ga tlhako ya lone e ka gola go ya ka boima jwa podi eno, e dira gore phologolo eno e kgone go ingangatlela sentle fa e eme kana e tsamaya fa godimo ga lefika le le sesane le le kwa godimo.

Gape dipodi tsa mo dithabeng di na le bokgoni jo bo fetang jo bo tlwaelegileng jwa go itsetsepela. Di kgona go tlola sekgala se seleele mme di bo di tlhoma mo leribeng le le seng legolo mo go kalokalo gore di ka baya maoto a tsone a manè mo go lone. Moitsethutotshelo Douglas Chadwick o kile a bona podi ya mo dithabeng ya mofuta mongwe e dirisa maatla a yone a go itsetsepela go dira gore e se ka ya wa mo leribeng lengwe le le neng le le lesesane mo e leng gore e ne e ka se kgone go retologa e le mo go lone. A re: “E rile fela fa podi eno e sena go latlhela matlho kwa leribeng le le latelang le le neng le ka nna dikgato di le 400 [dimitara di le 120] go ya kwa tlase, e ne ya tlhoma maoto a yone a kwa pele mme ka iketlo ya isa marago a yone kwa godimo ga tlhogo go bapa le lefika jaaka e kete e ne e dikologa mo moweng. Fa ke sa ntse ke re ke tla felelwa ke mowa, podi eno e ne ya tswelela e dira jalo go fitlha maoto a yone a kwa morago a tlhoma ka tsela e e leng gore e ne ya feleletsa e lebile kwa e tswang gone.” (National Geographic) Ga go gakgamatse go bo dipodi tsa mo dithabeng di bidiwa “bomankge ba mafika a dithaba”!

‘A o Itse Motlha o Dipodi Tsa mo Dithabeng di Tsalang ka One?’

Dipodi tsa mo dithabeng ke dibopiwa tse di ditlhong tota. Di rata go nna kgakala le batho. Ruri, go thata gore batho ba ka di atamela go tla go di bona fa di le mo seemong sa tsone sa kwa nageng. Ka jalo, Mong wa “dikgomo tse di nnang mo dithabeng tse di makgolo a le some” o ne a botsa monna Jobe jaana: “A o itse motlha o [dipodi tsa mo dithabeng di] tsalang ka one?”—Dipesalema 50:10; Jobe 39:1, bapisa NW.

Nonofo ya tlholego fela e Modimo a e neileng podi ya mo dithabeng e namagadi e dira gore e itse fa e le nako ya yone ya go tsala. E batla lefelo le le sireletsegileng mme e bo e tsala potsane e le nngwe kana di le pedi, gantsi ka bofelo jwa May kana ka June. Dipotsanyane tseno tse di sa tswang go tsalwa di ithuta go tsamaya di le dingwe ka malatsinyana fela a le mmalwa.

“Tshepe e Namagadi e e Lorato, le Podi ya mo Dithabeng e e Natefang”

Kgosi e e botlhale Solomone o ne a laela banna ba ba nyetseng a re: “Itumele mo mosading wa bokau jwa gago. Jaaka tshephe e namagadi e e lorato le jaaka [podi ya mo dithabeng e e] natefang.” (Diane 5:18, 19, bapisa NW.) Seno se ne se sa bolele go nyatsa basadi. Go bonala Solomone a ne a bua ka bontle, bokgeleke, le dinonofo tse dingwe tse di tlhomologileng tsa diphologolo tseno.

Podi ya mo dithabeng ke nngwe ya “dibopiwa tse di tshedileng” tse di senang palo tse di nayang bosupi jo bogolo jwa botlhale jwa Mmopi. (Genesise 1:24, 25) A ga re itumele gore Modimo o re neile dibopiwa tse dintsi jaana tse di kgatlhang?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]

Courtesy of Athens University

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela