“Katlholo e go Dirwang Ditlhotlhomiso mo go Yone”—A ke Thuto e e Theilweng mo Baebeleng?
OCTOBER 22, 1844, e ne e le letsatsi le batho ba ba ka nnang 50 000 ba ba kwa Ntlheng ya Lewatle e e kwa Botlhabatsatsi jwa United States ba neng ba lebeletse go bona dilo tse dikgolo ka lone. Moeteledipele wa bone mo dilong tsa semoya e bong William Miller, o ne a boletse gore Jesu Keresete o ne a tla boa ka lone letsatsi leo. Ba-Miller, jaaka ba ne ba bidiwa, ba ne ba leta mo mafelong a ba kopanelang mo go one go fitlha go nna lefifi. Ga ba ga latela letsatsi le lengwe, mme Morena a ise a tle. Ba ne ba boela morago ba swabile mme morago ga foo ba gakologelwa letsatsi leo e le la “Maswabi a Magolo.”
Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae maswabi a bone a ne a fela mme ba nna le tsholofelo. Mosadi mongwe yo mosha yo o bidiwang Ellen Harmon o ne a dira gore setlhopha sengwe sa Ba-Miller ba dumele gore Modimo o mo senoletse mo diponatshegelong gore tsela e ba badileng nako ya ditiragalo ka yone e siame. O ne a dumela gore go ne ga diragala tiragalo e e botlhokwa ka letsatsi leo—ka nako eo Keresete o ne a tsena “mo maitshepong a maitshepo a lefelo le le boitshepo kwa legodimong.”
Dingwaga tse di fetang lesome morago ga foo, moruti wa kereke ya Adventist e bong James White (yo o neng a nyala Ellen Harmon) o ne a tlhama polelwana e e tlhalosang mofuta wa tiro e Keresete a neng a e dira fa e sale ka October 1844. Mo go Review and Herald ya January 29, 1857, White o ne a bolela gore Jesu o ne a simolotse “katlholo e go dirwang ditlhotlhomiso mo go yone.” Mme seno e nnile tumelo ya konokono ya batho ba ba ka nnang dimilione di le supa ba ba ipitsang Ba-Seventh-Day Adventist.
Le fa go ntse jalo, bakanoki bangwe ba ba tlotlegang mo Kerekeng ya Seventh-Day Adventist (SDA) ba ntse ba ipotsa gore a “katlholo e go dirwang ditlhotlhomiso mo go yone” ke thuto e e theilweng mo Baebeleng. Ke ka ntlha yang fa ba batla go akanyetsa ntlha eno gape? Fa o ne o le Mo-Seventh-Day Adventist, o ne o tla rata go itse karabo ya potso eno. Le fa go ntse jalo, sa ntlha, “katlholo e go dirwang ditlhotlhomiso mo go yone” ke eng?
Ke Eng?
Temana ya konokono e e umakilweng go tshegetsa thuto eno ke Daniele 8:14. E balega jaana: “O ne a nthaya a re, Go fitlha go feta malatsi a le dikete di le pedi le makgolo a le mararo; ke gone lefelo le le boitshepo le tla phepafadiwang.” (King James Version) Ka ntlha ya polelwana e e reng “ke gone lefelo le le boitshepo le tla phepafadiwang,” badumedi ba le bantsi ba Adventist ba amanya temana eno le Lefitiko kgaolo 16. E tlhalosa ka fa moperesiti yo mogolo wa Mojuda a phepafatsang lefelo le le boitshepo ka Letsatsi la Tetlanyo ka teng. Gape ba amanya mafoko a ga Daniele le Bahebera kgaolo 9, e e tlhalosang Jesu e le Moperesiti yo Mogolo Thata kwa legodimong. Mokanoki mongwe wa SDA o bolela gore tlhaloso eno e theilwe mo mokgweng wa go “dirisa ditemana tse di farologaneng go bontsha ntlha.” Motho o fitlhela “lefoko lengwe le le tshwanang le lefelo le le boitshepo mo go Dan. 8:14, lefoko le le tshwanang mo go Lef. 16, lefoko le le tshwanang mo go Baheb. 7, 8, 9” mme a bo a swetsa ka gore “tsotlhe di bua ka selo se le sengwe.”
Ba-Adventist ba tlhalosa jaana: Baperesiti ba Iseraele wa bogologolo ba ne ba dira tirelo ya letsatsi le letsatsi mo karolong ya tempele e e bidiwang Maitshepo, tirelo e e neng e dira gore go itshwarelwe maleo. Ka Letsatsi la Tetlanyo, moperesiti yo mogolo o ne a dira tirelo ya ngwaga le ngwaga mo Maitshepong a Boitshepo (phaposi e e kwa tengteng ya tempele) eo e neng e dira gore maleo a tlosiwe. Ba swetsa gore tirelo ya ga Keresete ya boperesiti kwa legodimong e na le dikarolo tse pedi. Ya ntlha e simologile fa a tlhatloga ka lekgolo la ntlha la dingwaga, ya fela ka 1844, mme ya felela ka gore go itshwarelwe maleo. Ya bobedi, kana “karolo ya katlholo,” e simolotse ka October 22, 1844, e sa ntse e tswelela pele, mme e tla felela ka gore maleo a tlosiwe. Seno se dirwa jang?
Fa e sale ka 1844, go ile ga bolelwa gore Jesu o tlhotlhomisa direkoto tsa botshelo tsa botlhe ba ba bolelang gore ke badumedi (pele tsa baswi, morago ga foo tsa batshedi) go bona gore a ba tshwanelwa ke botshelo jo bo sa khutleng. Go tlhatlhobisisa direkoto jalo go bidiwa “katlholo e go dirwang ditlhotlhomiso mo go yone.” Fa batho ba sena go atlholwa ka tsela eo, maleo a ba ba falolang teko eno a tla tlosiwa mo dibukeng tse a kwadilweng mo go tsone. Mme, Ellen White o ne a tlhalosa gore, ba ba sa faloleng teko eno, ‘maina a bone a tla tlosiwa mo bukeng ya botshelo.’ Ka jalo, “go tla bo go dirilwe tshwetso malebana le bofelelo jwa botlhe gore a ba tla tshela kana ba tla swa.” Ka nako eo, lefelo le le boitshepo le le kwa legodimong le a phepafadiwa mme Daniele 8:14 e a diragadiwa. Ke seo badumedi ba Seventh-Day Adventist ba se rutang. Mme kgatiso ya SDA ya Adventist Review e dumela jaana: “Mafoko a a reng katlholo e go dirwang ditlhotlhomiso mo go yone ga a yo mo Baebeleng.”
Go se Kopane ga Puo e e Dirisitsweng
Thuto eno e tshwentse bangwe ba badumedi ba Adventist. Moakgedi mongwe o bolela jaana: “Hisitori e bontsha gore, baeteledipele ba ba ikanyegang ba ba nang le rona ba ile ba fuduega thata mo maikutlong fa ba ntse ba akanyetsa thuto ya rona e e tlwaelegileng ya katlholo e go dirwang ditlhotlhomiso mo go yone.” O ne a oketsa ka gore, mo dingwageng tsa bosheng jaana, tlalelo e ile ya fetoga pelaelo fa bakanoki ba simolola go “belaela dipinagare tse dintsi tse re di dirisang ka tlwaelo go tlhalosa lefelo le le boitshepo.” Mma re tlhatlhobe di le pedi tsa tsone.
Pinagare ya ntlha: Daniele kgaolo 8 e amanngwa le Lefitiko kgaolo 16. Motheo ono wa tumelo o koafadiwa ke mathata a le mabedi a konokono—puo le se go buiwang ka sone. Sa ntlha, akanya ka puo e e dirisitsweng. Badumedi ba Adventist ba dumela gore ‘lefelo le le boitshepo le le phepafaditsweng’ mo go Daniele kgaolo 8 ke setshwani sa ‘lefelo le le boitshepo le le phepafaditsweng’ mo go Lefitiko kgaolo 16. Go kopanya mafoko ka tsela eno go ne go lebega go amogelwa go fitlha baranodi ba lemoga gore go “phepafadiwa” mo go King James Version ga a ranole sentle sebopego sa lediri la Sehebera e leng tsa·dhaqʹ (le le kayang “go siama”) le le dirisitsweng mo go Daniele 8:14. Porofesa wa thutabomodimo e bong Anthony A. Hoekema o bolela jaana: “Ke maswabi go bo lefoko leno le ile la ranolwa e le go phepafadiwa, e re ka lediri la Sehebera le gantsi le ranolwang e le go phepafadiwa [ta·herʹ] ga le a dirisiwa gotlhelele fano.”a Le dirisitswe mo go Lefitiko kgaolo 16 koo King James Version e ranolang dibopego tsa ta·herʹ e re “go phepafadiwa” le “go nna phepa.” (Lefitiko 16:19, 30) Ka jalo, Dr. Hoekema o konela jaana ka tshwanelo: “Fa e le gore Daniele o ne a ikaeletse go bua ka mofuta wa go phepafatsa o o neng o dirwa ka Letsatsi la Tetlanyo, o ka bo a ile a dirisa taheer [ta·herʹ] go na le gore a dirise tsadaq [tsa·dhaqʹ].” Le fa go ntse jalo, tsa·dhaqʹ ga e yo mo go Lefitiko e bile ta·herʹ ga e yo mo go Daniele. Go na le go se kopane gongwe mo puong e e dirisitsweng.
Se go Buiwang ka Sone se Senola Eng?
A o ke o akanye ka se go buiwang ka sone jaanong. Badumedi ba Adventist ba bolela gore Daniele 8:14 ke “kgang e e ikemetseng e le nosi,” e e sa amaneng ka gope le ditemana tse di fetileng. A mme gone ke se o se bonang fa o bala Daniele 8:9-14 mo lebokosong le le fano le le nang le setlhogo se se reng “Daniele 8:14 Go ya Ka se Go Buiwang ka Sone”? Temana ya 9 e tlhalosa motlhasedi mongwe, e bong lonakana. Ditemana 10-12 di senola gore motlhasedi yono o tla tlhasela lefelo le le boitshepo. Temana ya 13 e botsa ka gore, ‘Tlhaselo eno e tla nna ka lobaka lo lo kae?’ Mme temana ya 14 e araba jaana: “Ke go ya go fetisa maitseboa le meso e le 2300; foo felo ga boitshepo go tlaa phepafadiwa.” Kwantle ga pelaelo, temana ya 13 e botsa potso e e arabiwang mo temaneng ya 14. Moithutabomodimo e bong Desmond Ford o bolela jaana: “Go kgaoganya Dan. 8:14 le potso e e reng [“Ka lobaka lo lo kae?” temana 13] re ka go tlhalosa e le go tsena mo lewatleng o se na tshetledi.”b
Ke ka ntlha yang fa badumedi ba Adventist ba kgaoganya temana 14 le dintlha tse di dikologileng kgang? Ke gore ba se ka ba fitlhelela konelo e e ba tlhabisang ditlhong. Dintlha tse di dikologileng kgang di kaya gore go leswafadiwa ga lefelo le le boitshepo go go umakiwang mo temaneng ya 14 go bakiwa ke ditiro tsa lonakana. Le fa go ntse jalo, thuto ya “katlholo e go dirwang ditlhotlhomiso mo go yone” e amanya go leswafala ga lefelo le le boitshepo le ditiro tsa ga Keresete. Go bolelwa gore o fetisetsa maleo a badumedi kwa lefelong le le boitshepo kwa legodimong. Ka jalo, go diragalang fa Ba-Adventist ba amogela thuto eno mmogo le dintlha tse di dikologileng kgang? Dr. Raymond F. Cottrell, modumedi wa Seventh-Day Adventist le yo pele a neng a na le seabe mo go kwaleng SDA Bible Commentary, o kwala jaana: “Fa re itsietsa ka gore tsela e SDA e tlhalosang kgang eno ka yone e tlhatlhoba Daniele 8:14 go ya ka se go buiwang ka sone seo se tla raya gore re tlhalose lonakana e le Keresete.” Dr. Cottrell o dumela jaana ka botshepegi: “Se go buiwang ka sone le tsela e Adventist e tlhalosang kgang eno ka yone ga di kopane.” Ka jalo, malebana le thuto ya “katlholo e go dirwang ditlhotlhomiso mo go yone,” Kereke ya Adventist e ne ya tshwanelwa ke go tlhopha—go amogela thuto eno kana go amogela se go buiwang ka sone mo go Daniele 8:14. Ka maswabi, e ne ya amogela sa ntlha ya latlha sa bobedi. Dr. Cottrell, a re ga go gakgamatse go bo baithuti ba Baebele ba ba rutegileng ba latofatsa badumedi ba Adventist ka go “tsenya mo teng ga Dikwalo” sengwe se se ka se kang sa “ntshiwa go tswa mo Dikwalong”!
Ka 1967, Dr. Cottrell o ne a rulaganya thuto ya sekolo sa sabata ka ga buka ya Daniele, e e neng ya romelwa kwa dikerekeng tsa SDA mo lefatsheng lotlhe. E ne e ruta gore Daniele 8:14 e amana le dintlha tse di dikologileng kgang ya yone mme ‘go phepafadiwa’ ga go a lebisiwa mo badumeding. Se se tlhokomelwang ke gore thuto eo ga e umake sepe ka ga “katlholo e go dirwang ditlhotlhomiso mo go yone.”
Dikarabo Dingwe Tse di Kgatlhisang
Kereke ya Adventist e lemoga go le kana kang gore pinagare eno e bokoa thata go ka tshegetsa thuto ya “katlholo e go dirwang ditlhotlhomiso mo go yone”? Dr. Cottrell o ne a botsa baithutabomodimo ba le 27 ba ba eteletseng pele ba Adventist a re, ‘Lo dirisa puo e e dirisitsweng mo ditemaneng tseno kana dintlha tse di dikologileng kgang, lo ntsha mabaka afe a a bontshang gore Daniele kgaolo 8 le Lefitiko kgaolo 16 di na le fa di kopanang gone?’ Ba ne ba araba jang?
“Botlhe ba ba masome a mabedi le bosupa ba ne ba dumela gore ga go na mabaka ape a a amanang le puo e e dirisitsweng mono le dintlha tse di dikologileng kgang a a dirang gore ba re Dan. 8:14 e amana le setshwani sa letsatsi la tetlanyo le katlholo e go dirwang ditlhotlhomiso mo go yone.” O ne a ba botsa gore, ‘A lo na le mabaka a mangwe a go bo lo di amanya ka tsela eno?’ Bontsi jwa bakanoki ba Adventist ba ne ba bolela gore ga ba na mabaka a mangwe, ba le batlhano ba ne ba araba ka gore bone ba dirile kamano eno ka go bo Ellen White a e dirile, mme ba le babedi ba ne ba bolela gore bone ba theile thuto eno mo “kotsing e e diragetseng ka letlhogonolo” mo thanolong. Moithutabomodimo Ford o akgela jaana: “Fa bakanoki ba rona ba ba molemolemo ba konela ka tsela e e ntseng jalo tota go supa gore thuto ya rona e e tlwaelegileng e e malebana le Dan. 8:14 e ka se ka ya tshegediwa.”
A Bahebera e Thusa ka Tsela Nngwe?
Pinagare ya bobedi: Daniele 8:14 e amanngwa le Bahebera kgaolo 9. “Dipatlisiso tsa rona tsotlhe tsa bogologolo di dirisa thata Baheb. 9 fa go tlhalosiwa Dan. 8:14,” go bolela jalo moithutabomodimo Ford. Kamano eno e ne ya simololwa go dirwa morago ga “Maswabi a Magolo” ka 1844. Fa Hiram Edson mongwe wa Ba-Miller a ntse a batla kaelo, o ne a latlhela Baebele ya gagwe mo tafoleng mo e neng ya wa e bulegile. Matswela e nnile eng? E ne ya bulega mo go Bahebera kgaolo 8 le 9. Ford o bolela jaana: “Ke eng se se ka tshwanelang thata le go tshwantshetsa sentle boiphako jwa Ba-Adventist jwa gore dikgaolo tseno di na le tlhaloso ya konokono ya se se supiwang ke 1844 le Dan. 8:14!”
Dr. Ford mo bukeng ya gagwe ya Daniel 8:14, the Day of Atonement, and the Investigative Judgment o oketsa jaana: “Boiphako joo bo botlhokwa thata mo go Ba-Seventh-day Adventist. Ke fela mo go Baheb. 9 go ka bonwang tlhaloso e e feletseng ya se . . . thuto e e botlhokwa thata mo go rona ya . . . lefelo le le boitshepo e se kayang.” Ee, Bahebera kgaolo 9 ke yone kgaolo e e mo “Tesetamenteng e Ntšha” e go ka tlhalosiwang se boporofeti jwa ga Lefitiko kgaolo 16 bo se kayang. Mme badumedi ba Adventist gape ba bolela gore Daniele 8:14 ke yone temana e e mo “Tesetamenteng e Kgologolo” e e ka dirang jalo. Fa e le gore dipolelo tseno ka bobedi di boammaaruri, go tshwanetse ga bo go na le kamano gape le fa gare ga Bahebera kgaolo 9 le Daniele kgaolo 8.
Desmond Ford o bolela jaana: “Dilo dingwe di bonala ka bonako fa motho a bala Baheb. 9. Ga go na gope fa go umakiwang buka ya Daniele gone, e bile tota ga go buiwe sepesepe ka Dan. 8:14. . . . Kgaolo yotlhe fela e bua ka Lef. 16.” O bolela jaana: “Thuto ya rona ya lefelo le le boitshepo e ka se ka ya fitlhelwa mo bukeng e le nngwe fela ya Tesetamente e Ntšha e e tlhalosang ka se se bolelwang ke ditiro tsa lefelo le le boitshepo. Seno se lemogilwe ke bakwadi ba ba tumileng ba Adventist mo lefatsheng lotlhe.” Ka jalo he, pinagare ya bobedi le yone e bokoa thata go tshegetsa thuto eno e e bakang mathata.
Le fa go ntse jalo, konelo eno ga e ntšha. Dr. Cottrell, o bolela gore, ka dingwaga di le dintsi, “Bakanoki ba Baebele ba kereke ba ne ba itse sentle ka mathata a re nang le one ka tsela e e tlwaelegileng e re tlhalosang Daniele 8:14 le Bahebera 9 ka yone.” Dingwaga tse di ka nnang 80 tse di fetileng, motho mongwe yo o neng a na le tlhotlheletso e kgolo mo kerekeng ya Seventh-Day Adventist e bong E. J. Waggoner o ne a kwala jaana: “Thuto ya Adventist e e malebana le lefelo le le boitshepo, mmogo le ‘Katlholo e go Dirwang Ditlhotlhomiso mo go Yone’ . . . , totatota ke go ganetsa tetlanyo.” (Confession of Faith) Dingwaga tse di ka fetang 30 tse di fetileng, mathata a a ntseng jalo a ne a isiwa kwa baeteledingpele ba Kereke ya SDA, ba General Conference.
Mathata le Sekgoreletsi
General Conference e ile ya tlhoma “Komiti ya Mathata a Buka ya Daniele.” E ne e tshwanetse go kwala pego malebana le ka fa go ka rarabololwang mathata a a amanang le Daniele 8:14 ka teng. Maloko a le 14 a komiti eno a ne a batlisisa kgang eno ka dingwaga di le tlhano mme ba ne ba palelwa ke go tla ka karabo e e tshwanang. Ka 1980, leloko la komiti e bong Cottrell o ne a bolela gore bontsi jwa maloko a komiti a akanya gore tlhaloso ya Adventist ka Daniele 8:14 e ka “bolelwa e le e e kgotsofatsang” ka go amogela “dikakantsho” tse dintsi le gore mathata “a tshwanetse go lebalwa.” O ne a oketsa jaana: “Gakologelwa gore leina la komiti e ne e le Komiti ya Mathata a Buka ya Daniele, mme bontsi bo ne bo akantsha gore re lebale mathata mme re se ka ra bua sepe ka one.” Seo se ne se tla tshwana le gore re “dumela gore ga re na dikarabo.” Ka jalo setlhophanyana se ne sa gana go tshegetsa pono ya bontsi, mme go ne go se na pego e e ka fa molaong. Mathata a thuto eo a ne a nna a sa rarabololwa.
Fa Dr. Cottrell a akgela ka sekgoreletsi seno, o bolela jaana: “Re sa ntse re lebane le bothata jwa Daniele 8:14 ka gonne go fitlha jaanong, re ne re sa batle go dumela gore tota go na le bothata jwa mmatota jwa go tlhalosa thuto eno. Kgang eo e tla nna e ntse e le teng fa fela re dira e kete ga go na bothata, fa fela mongwe le mongwe wa rona le re le setlhopha re ganelela ka botlhogoethata mo megopolong ya rona ya bogologolo.”—Spectrum, lokwalopaka lo lo gatisitsweng ke Association of Adventist Forums.
Dr. Cottrell o kgothaletsa badumedi ba Adventist gore ba “boe ba tlhatlhobe ka kelotlhoko maitlhomo a konokono, le melaometheo e e dirisiwang go tlhalosa dilo, e re theileng tlhaloso ya temana e mo go yone—mo tumelong ya Adventist—e leng temana e e botlhokwatlhokwa ya Dikwalo.” Re rata go kgothaletsa badumedi ba Adventist go tlhatlhoba thuto ya “katlholo e go dirwang ditlhotlhomiso mo go yone” go bona gore a dipinagare tsa yone di theilwe thata mo Baebeleng kana a di theilwe mo motheong o o reketlang wa polelo ya bogologolo.c Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa jaana ka botlhale: “Tlhomamisang dilo tsotlhe; ngangatlelang se se molemomogolo.”—1 Bathesalonika 5:21.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Wilson’s Old Testament Word Studies e tlhalosa gore tsadaq (kana, tsa·dhaqʹ) ke “go siama, go siamisiwa,” mme taheer (kana, ta·herʹ) ke “go bonala sentle, go tsabakela le go phatsima; go itsheka, go nna phepa, go phepafadiwa; go nna phepa mo kgotlelong yotlhe kana mo lesweng.”
b Dr. Ford e ne e le porofesa wa bodumedi kwa Pacific Union College e e tshegediwang ke kereke kwa U.S.A. Ka 1980 tsamaiso ya SDA e ne ya mo naya malatsi a boikhutso a dikgwedi di le thataro gore a dire patlisiso ka thuto eo, mme ba ne ba gana dilo tse a di boneng. O ne a gatisa dilo tseno mo bukeng ya Daniel 8:14, the Day of Atonement, and the Investigative Judgment.
c Go bona tlhaloso e e utlwalang ya Daniele kgaolo 8, bona ditsebe 188-219 mo bukeng ya “Your Will Be Done on Earth,” e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Lebokoso mo go tsebe 27]
Daniele 8:14 Go ya Ka se Go Buiwang ka Sone
DANIELE 8:9 “Mo go longwe lwa tsone ga tswa lonakana lo lo golelang thata kwa ntlheng ya borwa, le ntlheng ya botlhabatsatsi, le ntlheng ya lefatshe le lentlentle.” 10 Mme lwa gola thata, lwa ba lwa fitlha le kwa bontsintsing jwa legodimo; mme dingwe tsa bontsintsi joo le tsa dinaledi ya di latlhela fa fatshe, ya ba ya di gataka. 11 Ee, ya ikgodisa ya ba ya fitlha kwa kgosaneng ya bontsintsi; ya e tlosetsa tshupelo ya phiso ya metlha yotlhe, le bonno jwa felo ga yone ga boitshepo jwa digelwa fa fatshe. 12 Ya neelwa bontsintsi, le yone tshupelo ya phiso ya metlha yotlhe ya e neelwa ka ntlha ya tlolo; ya digela boammaaruri fa fatshe, ya dira se e se ratang, mme ya tlhogonolofala.
“13 Foo ka utlwa moitshepi mongwe a bua; moitshepi yo mongwe a raya moitshepi yo o buang, a re: ‘Ana ponatshegelo ka ga tshupelo ya phiso ya metlha yotlhe, le tlolo e e swafatsang, e tlaa nna ka lobaka lo lo kae, ya felo ga boitshepo le bontsintsi go gatakwa?’ 14 A nthaya a re: ‘Ke go ya go fetisa maitseboa le meso e le 2300; foo felo ga boitshepo go tlaa ntlafadiwa.’” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Baebele e e Boitshepo.