LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 7/15 ts. 29-31
  • Teretio—Mokwaledi yo o Ikanyegang wa ga Paulo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Teretio—Mokwaledi yo o Ikanyegang wa ga Paulo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bakwaledi ba Bogologolo
  • ‘Nna, Teretio, Ke a Lo Dumedisa’
  • Go Kwalela Baroma
  • Buka ya Bibela ya bo 45—Baroma
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Balebedi ba ba Etelelang Pele—Mokwaledi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Letlole la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Badirimmogo le Paulo—E ne E le Bomang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 7/15 ts. 29-31

Teretio—Mokwaledi yo o Ikanyegang wa ga Paulo

TERETIO o ne a lebane le kgwetlho. Moaposetoloi Paulo o ne a batla go mo dirisetsa go nna mokwaledi wa gagwe fa a ne a kwalela Bakeresete ka ene kwa Roma lekwalo le leleele. Eno e ne e tla nna tiro e e bokete.

Ke ka ntlha yang fa go ne go le bokete jaana go nna mokwaledi mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.? Tiro eo e ne e dirwa jang? Ka nako eo go ne go dirisiwang go kwala?

Bakwaledi ba Bogologolo

Mo bathong ba ba neng ba nna kwa Gerika le kwa Roma ya bogologolo, go ne go na le mefuta e e farologaneng ya bakwaledi. Banna ba bangwe ba ne ba direla e le bakwaledi ba puso—badiredi ba batho ba ba neng ba direla mo dikagong tsa bakanseleri. Gape go ne go na le bakwaledi ba botlhe ba neng ba ithaopela go thusa baagi mo marekelong. Bakwaledi ba ba thapilweng (gantsi makgoba) ba ne ba dirisiwa ke bahumi. Mme gape go ne go na le ditsala tse ka go rata di neng di itumelela go kwalela ba bangwe makwalo. Go ya ka mokanoki E. Randolph Richards, bokgoni jwa bakwaledi bano ba e seng ba molao “ba ne ba ka tloga ka ba ba neng ba se na kitso e e kalokalo ka puo le/kana ka mokgwa wa go kwala go fitlha kwa go ba ba neng ba gatetse pele thata ka go kwala lekwalo le le nepileng, le le tshwanetseng, le le kgatlhang.”

Ke bomang ba ba neng ba dirisa bakwaledi? Sa ntlha, ba ba neng ba sa itse go bala le go kwala. Makwalo a mantsi a ditlamo le a dikgwebo a bogologolo a ne a wediwa ka mafoko a mokwaledi a a tlhomamisang gore o kwadile lekwalo leo gonne motho yo o mo neileng tiro eo o ne a sa kgone go kwala. Lebaka la bobedi la go dirisa mokwaledi le bontshiwa ke lekwalo la bogologolo le le neng le tswa kwa Thebes, kwa Egepeto. Le le neng le kwaletswe Asklepiades mongwe, le ne la re fa le konela: “O kwaletswe ke Eumelus, morwa Herma, . . . gonne ene o kwala ka bonya.”

Le fa go ntse jalo, go itse go bala le go kwala ga go bonale e le tsone fela dilo tse di lebiwang fa go dirisiwa mokwaledi. Go ya ka motlhalosi wa Baebele e leng John L. McKenzie, “go bonala [se se neng se dira gore batho ba batle go kwalelwa ke bakwaledi] e ne e se gonne ba tshwenyegile ka gore ba batla mokwalo o o bonalang sentle, mme go na le moo, ba ne ba tshwenyegile ka mokwalo o montle, kana re ka re o o kwadilweng ka bothakga.” Le e leng mo bathong ba ba rutegileng, go kwala go ne go lapisa, segolobogolo fa ba tshwanela go kwala dilo tse ditelele le tse di kwadilweng ka maatlametlo. Mokanoki J. A. Eschlimann a re mongwe le mongwe yo o neng a ka kgona go dira jalo “o ne a itumelela go tila tiro eno e e lapisang mme a e tlogela mo diatleng tsa makgoba, bomankge ba bakwadi.” Mo godimo ga moo, go motlhofo go tlhaloganya lebaka la go bo batho ba ne ba sa rate go ikwalela makwalo a bone fa go lebiwa didirisiwa tse go neng go kwalelwa mo go tsone le maemo a go neng go kwalelwa mo go one.

Sedirisiwa se go neng go kwalelwa mo go sone se se neng se dirisiwa thata mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. e ne e le papirase. Go ne go tsewa malodi a masesane mo setlhatshaneng seno ka gore go segwe karolo e tshesane e e fa gare ya dikutu ka boleele. Go ne go alwa malodi ano. Go bo go tsewa a mangwe gape a pegwa sentle mo godimo ga a ntlha. Ka bobedi a bo a gatelelwa thata go dirwa phephenene ya “pampiri.”

Go ne go se motlhofo go kwalela mo godimo ga yone. E ne e le magwata e bile e tletse ditlhale. Go ya ka mokanoki Angelo Penna, “ditlhale tseno tse di neng di tletse maroba tsa papirase di ne di dira gore enke e tlaletlale gongwe le gongwe, segolobogolo fa gare ga diphatlhanyana tse di nnye tse di neng di ntse di bulegile fa gare ga malodi a masesane.” Mokwaledi o ne a ka bereka a ntse fa fatshe a fapaantse maoto mme a beile phephenene mo godimo ga sengwe a tshwere ka letsogo le le lengwe. Fa e le gore o ne a se na boitemogelo kana didirisiwa e se tsa boleng jo bo kwa godimo, lofafa lwa gagwe, kana pene ya lotlhaka, e ne e ka tlhaba papirase, mme phephenene e ne e ka phunyega, kana mokwalo o bo o sa balege sentle.

Enke e ne e dirwa ka go tswakanya mosidi le boroku. E ne e rekisiwa e le dikotwana, e ne e tshwanetse go tlhaolosiwa ka metsi mo botlolong ya yone pele ga e ka dirisediwa go kwala. Sengwe sa didiriswa tseo gongwe bakwaledi ba ba tshwanang le Teretio ba neng ba ka tswa ba na le tsone e ne e le thipa e e lootsang pene ya lotlhaka le sepontšhe se se metsinyana go phimola fa a sa kwalang sentle gone. Tlhaka nngwe le nngwe e ne e tshwanetse go kwalwa ka kelotlhoko. Ka gone, go ne go kwalwa ka bonya le ka bothata.

‘Nna, Teretio, Ke a Lo Dumedisa’

Dingwe tsa ditumediso tse di akareditsweng mo bokhutlong jwa lekwalo le le yang go Baroma ke tsa mokwaledi wa ga Paulo, yo o kwadileng jaana: “Nna, Teretio, yo ke kwadileng lekwalo leno, ke lo dumedisa mo Moreneng.” (Baroma 16:22) Leno ke lone fela lekgetlho leo, mo dikwalong tsa ga Paulo, go buiwang ka tlhamalalo ka mongwe wa bakwaledi ba gagwe.

Re itse go le gonnye fela ka Teretio. Go tswa mo ditumedisong tsa gagwe “mo Moreneng,” re ka konela ka gore e ne e le Mokeresete yo o ikanyegang. A ka tswa e ne e le leloko la phuthego ya Korinthe mme o ka tswa a ne a itse Bakeresete ba bantsi ba kwa Roma. Mokanoki mongwe wa Baebele e leng Giuseppe Barbaglio o akantsha gore Teretio e ne e le lekgoba kana mogololwa. Ka ntlha yang? Sa ntlha, gonne “bakwadi ka kakaretso e ne e le ba setlhopha seno; mme gape, gonne leina la gagwe la Selatine . . . le ne le tlwaelegile thata mo makgobeng le mo go ba ba sa tswang go gololwa.” “Ka jalo,” go bolela Barbaglio, “e ne e se mokwadi fela yo o ‘kopilweng fela gore a dire tiro eo,’ e ne e le modirimmogo yo ka tsela eno o neng a thusa Paulo go kwala lekwalo la gagwe le leleele le le kwadilweng sentle: e leng tirelo e e botlhokwatlhokwa, e e neng e thusa Paulo go boloka nako le matsapa.”

Ruri tiro eno ya ga Teretio e botlhokwatlhokwa. Baruke le ene o ne a direla Jeremia tiro e e tshwanang, le e leng jaaka Silefano a ne a direla Petere. (Jeremia 36:4; 1 Petere 5:12) A bo badirimmogo bao ba ne ba na le tshiamelo jang ne!

Go Kwalela Baroma

Lekwalo le le neng le ya go Baroma le kwadilwe ka nako ya fa Paulo a ne a etetse Gaio, gongwe kwa Korinthe. E ne e le mo e ka nnang ka 56 C.E., ka nako ya loeto lwa boraro lwa moaposetoloi yono lwa borongwa. (Baroma 16:23) Le fa re itse ka tlhomamisego gore Paulo o ne a dirisa Teretio e le mokwaledi wa gagwe go kwala lekwalo leno, ga re itse sentlentle gore o ne a mo dirisa jang. Go sa kgathalesege mokgwa o o dirisitsweng, e tshwanetse ya bo e ne e se tiro e e motlhofo. Mme re ka tlhomamisega ka ga seno: Fela jaaka Baebele yotlhe, lekwalo la ga Paulo le le yang go Baroma le ne le “tlhotlheleditswe ke Modimo.”—2 Timotheo 3:16, 17.

Fa lokwalo lono lo ne lo wediwa, Teretio le Paulo ba ne ba kwadile mafoko a a diketekete, ba dirisa diphephenene di le mmalwa tsa papirase. Fa di sena go tshwaraganngwa fa tsebe nngwe le nngwe e felelang gone, diphephenene tseno di ne tsa dira momeno, gongwe wa boleele jwa dimetara tse tharo go ya go tse nnè. Lekwalo leno le ne la menwa ka kelotlhoko mme la kanelwa. Mme go bonala Paulo a ne a le neela Febe, kgaitsadi wa kwa Kenkerea, yo o neng a tla simolola loeto lwa gagwe lwa go ya kwa Roma.—Baroma 16:1, 2.

Fa e sale ka lekgolo la ntlha la dingwaga, mekgwa e e dirisiwang go kwala e ntse e fetoga thata. Mme go kgabaganya le makgolo a dingwaga, lekwalo le le neng le ya go Bakeresete ba kwa Roma le bolokilwe ke Modimo. A bo re ka itumelela karolo eno ya Lefoko la ga Jehofa thata jang ne, le le kwadilweng ka thuso ya ga Teretio mokwaledi yo o ikanyegang le yo o dirang ka natla wa ga Paulo!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela