LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/98 ts. 11
  • Balebedi ba ba Etelelang Pele—Mokwaledi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Balebedi ba ba Etelelang Pele—Mokwaledi
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Letlole la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Letlole la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Bareri ba Dikgang Tse di Molemo
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Balebedi ba ba Disang Letsomane
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
km 10/98 ts. 11

Balebedi ba ba Etelelang Pele—Mokwaledi

1 Mokwaledi wa phuthego o dira seabe se se botlhokwa sa go tlhomamisa gore “dilo tsotlhe di diragal[a] ka mokgwa o montle le ka thulaganyo.” (1 Bakor. 14:40) Jaaka leloko la Komiti ya Tirelo ya Phuthego, o tlhokomela makwalo a a tswang le a a tsenang a phuthego le direkoto tse di botlhokwa. Le mororo ditiro tsa gagwe di ka nna tsa bo di sa bonwe ke mongwe le mongwe jaaka tsa bagolwane ba bangwe, ditirelo tsa gagwe di tlhokega thata e bile di a anaanelwa.

2 Fa go amogelwa makwalo go tswa kwa Mokgatlhong kana kwa go ba bangwe, mokwaledi o a a bala a bo a bona gore a a arabiwa fa go tlhokega. O tlhomamisa gore makwalo a a amogetsweng a balwa ke bagolwane botlhe mme go tswa foo a a tsenye mo faeleng gore a tle a tlholwe nako le nako. O tlhatlhoba diforomo tsa go otara dimakasine le dibuka a bo a di romela kwa Mokgatlhong. O okamela ka tlhamalalo ba ba dirang mo diakhaontong le mo dipeeletsong mmogo le dikgang tse di amanang le dikopano.

3 E re ka mokwaledi a tshwanetse go romela pego ya tirelo ya tshimo ya phuthego kgwedi le kgwedi kwa Mokgatlhong ka letsatsi la borataro la kgwedi, go botlhokwa gore rotlhe re bege tiro ya rona ya tshimo ka bonako fela fa kgwedi nngwe le nngwe e fela. Go tswa foo o romela dipego tsa tirelo a dirisa dikarata tsa Congregation’s Publisher Record. Mmoledi mongwe le mongwe a ka kopa go bona pego ya gagwe ya tirelo.

4 Fa mmoledi a tla mo phuthegong kana a fudugela kwa go e nngwe, mokwaledi o kopa lekwalo le le tlhalosang seemo sa mmoledi yono mmogo le dikarata tsa gagwe tsa Congregation’s Publisher Record kwa bagolwaneng ba phuthego e nngwe kana fa a fuduga a ba romelele tsone.—Bodihedi jwa Rona, dits. 104-5.

5 Mokwaledi o tlhatlhoba tiro ya babulatsela, a bolelele bagolwane, mme segolobogolo molebedi wa tirelo, mathata ape a babulatsela ba ka tswang ba na le one. O itsise batshwari ba Thuto ya Buka ya Phuthego ka baboledi ba ba sa tsweng ka metlha mo tirelong ya tshimo. Mokwaledi mmogo le molebedi wa tirelo ba etelela pele mo go direng maiteko a go tlhokomela ba ba tsidifetseng.—Tirelo ya Rona ya Bogosi, November 1987, ts. 1.

6 E re ka jaanong re itse ditiro tsa mokwaledi sentle, e kete re ka dira mo re ka go kgonang go mo thusa go dira gore go nne motlhofo go diragatsa bolebalebi jwa gagwe.—1 Bakor. 4:2.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela