LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/91 ts. 9
  • Letlole la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Letlole la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Balebedi ba ba Etelelang Pele—Mokwaledi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Letlole la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • A o A Fuduga?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • Karolo 3—Thusa ba Bangwe Gore ba Gatele Pele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
km 2/91 ts. 9

Letlole la Dipotso

● Fa mmoledi a fudugela mo lefelong le lengwe, ke eng seo se tshwanetseng sa dirwa fa a fudusediwa kwa phuthegong e nts̆ha?

Ka bonako fela fa mmoledi a fitlha kwa phuthegong e nngwe, mokwaledi wa phuthego o tshwanetse go batla leina la mmoledi yono le phuthego eo a neng a le mo go yone pele mo go ene mmoledi yono le leina le aterese ya mokwaledi wa phuthego eo. Morago ga moo o tshwanetse a kwalela mokwaledi wa phuthego ya pele, a kopa karata ya “Congregation’s Publisher Record” le lekwalo la go mo itsise. Mokwaledi yo o amogelang kopo eno o tshwanetse a dira jalo kwantle ga go senya nako.—Bona Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona, ditsebe 104-5.

Mmoledi yo o rulaganyetsang go fuduga a ka thusa ka go tlhomamisa gore o na le leina le le siameng la phuthego eo a tswang mo go yone le leina le aterese ya mokwaledi. Ka jalo he, fa a fitlha mo phuthegong e nts̆ha, tshedimosetso eno e ka nna ya neelwa mokwaledi wa koo ele gore a tle a tseye kgato ka bonako. Dipego tsa tirelo ya tshimo tseo a di neelang phuthego e nts̆ha di ka nna tsa bolokwa jalo go fitlhelela karata ya pego ya gagwe e amogelwa. Morago ga moo tiro ya mmoledi e ka nna ya tsenngwa mo karateng ya pego ya gagwe mme ya kopanyelediwa mo pegong ya phuthego ya kgwedi e e latelang eo e tsenngwang kgwedi le kgwedi.

Mo mabakeng a mangwe mmoledi a ka nna a bo a setse a itse leina le aterese ya mokwaledi wa phuthego eo a fudugelang kwa go yone. Fa e le gore go ntse jalo, ga go kitla go tlhokega gore bagolwane ba letele kopo. Pego ya tiro ya mmoledi yono le lekwalo la boikitsiso di ka nna tsa romelwa ka bonako di romelelwa mokwaledi wa phuthego eo mmoledi yono a tlileng go kopanela le yone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela