LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 8/1 ts. 14-19
  • A Lorato Lwa Lona Lwa Bokaulengwe lo Tswelele!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Lorato Lwa Lona Lwa Bokaulengwe lo Tswelele!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bontsha go Utlwela ba Bangwe
  • Go Bontsha Kanaanelo
  • Ditiro Tsa Lorato Lwa Bopelonomi
  • Tswelelang lo Bontsha ‘Lorato Lwa Bokaulengwe’!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Go Bona Selo Se Se Ka Dirang Gore go Nne le Lorato Lo Lo Tswang Pelong Lwa Bokaulengwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Temana ya Ngwaga ya 2016
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2016
  • “Tswelelang Lo na Le Lorato”
    Atamalana le Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 8/1 ts. 14-19

A Lorato Lwa Lona Lwa Bokaulengwe lo Tswelele!

“A lorato lwa lona lwa bokaulengwe lo tswelele.”—BAHEBERA 13:1.

1. Ke eng se o tla se dirang go dira gore molelo o nne o tuke mo bosigong jo bo tsididi, mme rotlhe re na le boikarabelo bofe jo bo tshwanang?

GO TSIDIDI thata kwa ntle, mme themperetšha e ile kwa tlase thata. Selo se le sengwe fela se se dirang gore go nne le mogote mo ntlong ya gago ke molelo o o thenyathenyang mo leisong. Botshelo jwa lona bo ikaegile ka gore o dire gore molelo o nne o tuke. A o tla dula fela o lebile fa dikgabo tsa molelo di ntse di tima mme bohibidu jwa magala bo ntse bo fela bo nna molora o mosweu? Gone o ka se ka wa dira jalo. O nna o ntse o o kgotletsa o sa lape gore o se ka wa tima. Ka tsela e e tshwanang, mongwe le mongwe wa rona o na le tiro e e ntseng jalo fa go buiwa ka “molelo” o o botlhokwa go gaisa—o o tshwanetseng go nna o tuka mo dipelong tsa rona—lorato.

2. (a) Ke ka ntlha yang fa go ka twe lorato lo tsidifetse mo metlheng eno ya bofelo? (b) Lorato lo botlhokwa go le kana kang mo Bakereseteng ba boammaaruri?

2 Re tshela mo nakong e mo go yone jaaka Jesu a ile a bolelela pele bogologolo gore, lorato lwa ba le bantsi mo go ba ba neng ba ipitsa Bakeresete mo lefatsheng lotlhe lo tla tsidifala. (Mathaio 24:12) Jesu o ne a bua ka mofuta o o botlhokwa wa lorato, go rata Jehofa Modimo le Lefoko la gagwe e leng Baebele. Mefuta e mengwe ya lorato le yone e a fokotsega. Baebele e ile ya bolelela pele gore “mo malatsing a bofelo,” ba le bantsi e tla bo e le “ba ba se nang katamalano e e bothitho ya tlholego.” (2 Timotheo 3:1-5) A bo seno se le boammaaruri jang ne! Lelapa e tshwanetse go nna lefelo le lorato lwa tlholego lo renang mo go lone, mme tota mo go lone, o fitlhela go tletse thubakanyo le go sotla—ka dinako tse dingwe ka tsela e e setlhogo thata. Le fa go ntse jalo, mo maemong ano a lefatshe a go se nang lorato mo go one, Bakeresete ga ba laelwe fela gore ba ratane mme gape ba laelwa gore ba nne le lorato lwa go ikitsha setlhabelo, ba baya ba bangwe kwa pele. Re tshwanetse go bontsha lorato lono ka tsela e e tlhamaletseng gore lo bonale mo go botlhe, gore e nne lotshwao lwa phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete.—Johane 13:34, 35.

3. Lorato lwa bokaulengwe ke eng, mme go kaya eng go dira gore le tswelele?

3 Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go laela jaana: “A lorato lwa lona lwa bokaulengwe lo tswelele.” (Bahebera 13:1) Go ya ka kgatiso nngwe ya bakanoki, lefoko la Segerika le le ranotsweng fano go supa “lorato lwa bokaulengwe” (phi·la·del·phiʹa) “lo kaya lorato lwa go kgatlhegelana, go supa bopelonomi, kutlwelobotlhoko, go thusa.” Mme Paulo o ne a rayang fa a ne a re re tshwanetse go dira gore lorato lo lo ntseng jalo lo tswelele? Yone kgatiso eno e bontsha gore go kaya gore “le ka motlha lo se ka lwa tsidifala.” Ka jalo ga go a lekana gore re kgatlhegele bakaulengwe ba rona fela; re tshwanetse go go supa. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go dira gore lorato lono lo nnele ruri, le ka motlha re sa lo letle go tsidifala. A ke kgwetlho? Ee, mme moya wa ga Jehofa o ka re thusa go tlhagolela lorato lwa bokaulengwe le go lo boloka. Mma re sekaseke ditsela tse tharo tse ka tsone re ka kgotletsang go tuka ga lorato lono mo dipelong tsa rona.

Go Bontsha go Utlwela ba Bangwe

4. Go utlwela ba bangwe ke eng?

4 Fa e le gore o batla go rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba Bakeresete thata, o ka tswa pele o tlhoka go ba utlwela, go amega ka bone ka ntlha ya diteko le dikgwetlho tse ba lebanang natso mo botshelong. Moaposetoloi Petere o ne a akantsha seno fa a ne a kwala jaana: “Nnang le mogopolo o o tshwanang lotlhe, lo bontshe go utlwela ba bangwe, lo na le katamalano e e bothitho ya bokaulengwe, lo le pelotlhomogi ka tlekeetso, lo le boikokobetso mo mogopolong.” (1 Petere 3:8) Lefoko la Segerika le le diriseditsweng “go utlwela ba bangwe” le kaya “go boga mmogo.” Motswedi mongwe wa tshedimosetso o o buang ka Segerika sa Baebele o bolela jaana malebana le lefoko leno: “Le tlhalosa seemo sa mogopolo o motho a nang le one fa a ikutlwa ka tsela e ba bangwe ba ikutlwang ka yone e kete ke ene.” Ka jalo, go tlhokega kutlwelobotlhoko. Motlhanka mongwe yo o ikanyegang yo o setseng a tsofetse wa ga Jehofa o kile a bolela jaana: “Kutlwelobotlhoko ke botlhoko jwa gago mo pelong ya me.”

5. Re itse jang gore Jehofa o utlwela ba bangwe?

5 A Jehofa o utlwela ba bangwe ka tsela eo? Go ntse jalo. Ka sekai, re bala jaana malebana le go boga ga batho ba gagwe ba Iseraele: “Mo dipogisong tsotlhe tsa bone le ene a bogisiwa.” (Isaia 63:9) Jehofa o ne a sa bone fela matshwenyego a bone; o ne a utlwela batho bano. Go supa gore o ba utlwela botlhoko go le kana kang go supiwa ke mafoko a ga Jehofa ka boene a a neng a a bolelela batho ba gagwe, a a kwadilweng mo go Sekaria 2:8: “Yo o lo amang o ama thaka ya leitlho la gagwe.”a Motlhalosi mongwe o bolela jaana malebana le temana eno: “Leitlho ke selo se se raraaneng le se se bosisi thata mo mmeleng wa motho; mme thaka ya leitlho—mo lesedi le tsenang teng go dira gore motho a kgone go bona—ke karolo e e bosisi thata, le e e botlhokwa thata ya leitlho. Ga go na sepe se se ka tlhalosang kgopolo ya tsela e e lorato e Jehofa a amegang ka yone ka ba a ba ratang go gaisa seno.”

6. Jesu Keresete o ne a bontsha jang gore o utlwela ba bangwe?

6 Jesu le ene o ne a supa gore o utlwela ba bangwe thata. Gangwe le gape o ne a “tlhotlheletsega go tlhomoga pelo” ka mathata a bathokaene ba ba neng ba lwala kana ba tshwenyegile. (Mareko 1:41; 6:34) O ne a supa gore le fa e le mang yo o sa tshwareng balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng sentle, o ikutlwa e kete ke ene a tshwarwang jalo. (Mathaio 25:41-46) Mme gompieno ka e le “moperesiti yo mogolo” wa rona wa selegodimo, ke ene yo o ‘re utlwelang botlhoko ka makoa a rona.’—Bahebera 4:15.

7. Go utlwela ba bangwe go ka re thusa jang fa mokaulengwe kana kgaitsadi mongwe a re tena?

7 ‘Go re utlwela botlhoko ka makoa a rona’—a ga se selo se se gomotsang? Ka jalo he, re batla go direlana jalo le rona. Gone mme, go motlhofo thata go batla makoa a motho yo mongwe. (Mathaio 7:3-5) Mme mo nakong e e tlang fa mokaulengwe kana kgaitsadi a go tena, ke eng fa o sa leke seno? Ipeye mo maemong a motho yoo, tsela e a godileng ka yone, botho joo, ditlhaelo tseo tse a nang le tsone tse a tshwanetseng go lwantshana natso. A o ka tlhomamisega gore wena o ka se ka wa dira diphoso tse di ntseng jalo—kana gongwe tota tse di gaisang tseo? Go na le gore re lebelele mo gontsi thata mo go ba bangwe, re tshwanetse go ba utlwela, e leng selo se se tla re thusang gore re nne batho ba ba akanyetsang jaaka Jehofa yo o ‘gakologelwang gore re lorole.’ (Pesalema 103:14; Jakobe 3:17) O itse ditlhaelo tsa rona. Ga a ke a lebelela gore re dire se se fetang se tota re kgonang go se dira. (Bapisa 1 Dikgosi 19:5-7.) E kete rotlhe re ka utlwela ba bangwe ka tsela eo.

8. Re tshwanetse go itshwara jang fa mokaulengwe kana kgaitsadi mongwe a na le mathata?

8 Paulo o ne a kwala gore phuthego e ntse jaaka mmele o ditokololo tsa one tse di farologaneng di tshwanetseng go dira mmogo ka kutlwano. O ne a oketsa jaana: “Fa tokololo e le nngwe e boga, ditokololo tse dingwe tsotlhe di boga le yone.” (1 Bakorintha 12:12-26) Re tshwanetse go boga mmogo, kana go amega ka ba ba nang le mathata mangwe. Bagolwane ba etelela pele mo go direng seno. Paulo o ne a kwala gape jaana: “Ke mang yo o bokoa, mme nna ke se bokoa? Ke mang yo o kgotšwang, mme nna ke sa tuke bogale?” (2 Bakorintha 11:29) Bagolwane le balebedi ba ba etang ba etsa Paulo mo kgannyeng eno. Mo dipuong tsa bone, mo tirong ya bone ya bodisa, tota le fa ba berekana le dikgang tsa katlholelo, ba leka go utlwela ba bangwe. Paulo o ne a gakolola jaana: “Lelang le batho ba ba lelang.” (Baroma 12:15) Fa dinku di lemoga gore badisa ba amega tota ka tsone, ba tlhaloganya makoa a tsone, le go di utlwela botlhoko ka ntlha ya mathata a di lebanang le one, di tla iketleeletsa thata fela go amogela kgakololo, kaelo le kgalemelo. Ba tla tlhoafalela go nna teng kwa dipokanong, ba tlhatswegile pelo gore koo ba tla bonela ‘meya ya bone tapologo.’—Mathaio 11:29.

Go Bontsha Kanaanelo

9. Jehofa o supa jang gore o anaanela dilo tse di molemo mo go rona?

9 Tsela ya bobedi ya go oketsa lorato lwa bokaulengwe ke kanaanelo. Go anaanela ba bangwe, re tshwanetse gore re tlhome mogopolo mo dinonofong tsa bone tse di molemo le mo maitekong a bone e bile re di tseele kwa godimo. Fa re dira jalo, re etsa Jehofa ka boene. (Baefeso 5:1) O re itshwarela maleo a rona a a sa reng sepe letsatsi le letsatsi. O re itshwarela tota le maleo a a masisi fa fela re ikwatlhaya ka mmatota. Mme fa a setse a re itshwaretse maleo a rona, ga a nnele go akanya ka one. (Esekiele 33:14-16) Mopesalema o ne a botsa jaana: “Jehofa, fa o ka bo o ne wa lotolotsa maikepo, go ka bo go ema mang, Morena?” (Pesalema 130:3) Jehofa o tlhoma mogopolo mo dilong tse di molemo tse re di dirang fa re mo direla.—Bahebera 6:10.

10. (a) Ke ka ntlha yang fa go le kotsi gore balekane ba ba nyalaneng ba tlogele go tlhola ba anaanelana? (b) Ke eng se motho yo o sa tlholeng a anaanela molekane wa gagwe a tshwanetseng go se dira?

10 Go botlhokwa go latela sekao seno segolobogolo mo lelapeng. Fa batsadi ba bontsha gore ba a anaanelana, ba tlhomela lelapa sekao. Mo nakong eno ya fa manyalo a sa nneleng ruri, go motlhofo thata go tlhaetsa molekane matlho le go godisa diphoso tsa gagwe le go itlhokomolosa dinonofo tsa gagwe tse di molemo. Go akanya ka tsela e e ntseng jalo e e sa siamang go senya lenyalo, go le fetola mokgweleo o o sa itumediseng. Fa e le gore go anaanela ga gago molekane wa gago go a fela, ipotse gore, ‘A tota molekane wa me ga a na dinonofo dipe tse di molemo?’ Ikgopotse mabaka a go bo lo ile lwa ratana le go nyalana. A tota mabaka ao otlhe a go bo o ile wa rata motho yo o sa tshwaneng le ope yono a nyeletse? Eleruri ga go a nna jalo; ka jalo dira ka natla go anaanela melemo e e leng mo molekaneng wa gago, mme o mmolelele gore o a mo anaanela.—Diane 31:28.

11. Gore go se ka ga nna le boitimokanyi mo loratong lwa lenyalo, ke ditiro dife tse di tshwanetseng go tilwa?

11 Kanaanelo e thusa balekane ba ba nyalaneng gore ba boloke lorato lwa bone lo se na boitimokanyi. (Bapisa 2 Bakorintha 6:6; 1 Petere 1:22.) Lorato lo lo ntseng jalo, fa lo okediwa ke kanaanelo e e tswang mo pelong, lo ka se letle sebaka sa gore motho a nne setlhogo fa a sa bonwe ke batho, a dirise mafoko a a utlwisang botlhoko le a a kgobang, a itlhokomolosa yo mongwe mo e leng gore go feta malatsi go sa buiwe lefoko lepe le le molemo kana le lentle, e bile ga lo letle sebaka sepe sa go utlwisa yo mongwe botlhoko mo mmeleng. (Baefeso 5:28, 29) Monna le mosadi ba ba anaanelanang tota ba a tlotlana. Ga ba dire jalo fela fa ba le fa gare ga batho mme ba dira jalo nako nngwe le nngwe fela fa ba bonwa ke Jehofa—ka mafoko a mangwe, ka dinako tsotlhe.—Diane 5:21.

12. Ke ka ntlha yang fa batsadi ba tshwanetse go bolelela bana ba bone gore ba anaanela dilo tse di molemo mo go bone?

12 Bana le bone ba tlhoka go ikutlwa ba anaanelwa. E seng gore batsadi ba ba fore ka go ba tshasa bobi mo matlhong, go na le moo ba tshwanetse go akgolela bana ba bone dinonofo tsa bone tse dintle le dilo tse di molemo tse tota ba di dirang. Gakologelwa sekao sa ga Jehofa fa a ne a bolela gore o amogela Jesu. (Mareko 1:11) Gakologelwa gape sekao sa ga Jesu a le “mong” mo setshwantshong. O ne a akgola ‘batlhanka ba babedi ba ba molemo’ ka tsela e e tshwanang, tota le fa go ne go na le pharologano mo go se mongwe le mongwe a neng a se neilwe le mo go se mongwe le mongwe wa bone a neng a se dira. (Mathaio 25:20-23; bapisa Mathaio 13:23.) Batsadi ba ba botlhale le bone ba batla ditsela tse ka tsone ba ka anaanelang dinonofo tse di molemo tsa ngwana mongwe le mongwe, botswerere jwa gagwe, le dilo tse a kgonang go di fitlhelela. Ka nako e e tshwanang, ba leka gore ba se ka ba bua thata ka se ba se fitlheletseng mo e leng gore bana ba bone ba ikutlwa ka metlha ba tshwanetse go dira gore ba gaise ba bangwe. Ga ba batle go godisa bana ba bone ka go ba gakatsa kana ka go ba kotlomanya pelo.—Baefeso 6:4; Bakolosa 3:21.

13. Ke bomang ba ba etelelang pele mo go anaaneleng leloko lengwe le lengwe mo phuthegong?

13 Mo phuthegong ya Bokeresete, bagolwane le balebedi ba ba etang ba etelela pele go bontsha fa ba anaanela mongwe le mongwe mo letsomaneng la Modimo. Tiro ya bone e boima, e re ka ba tshwanetse gape ba rwala boikarabelo jo bo boima jwa go tlhamalatsa ka tshiamo, go lolamisa ba ba dirang diphoso ka moya o o bori, le go neela kgakololo e e nonofileng mo bathong ba ba e tlhokang. Ba lekalekanya jang maikarabelo a a farologaneng ano?—Bagalatia 6:1; 2 Timotheo 3:16.

14, 15. (a) Paulo o ne a supa jang gore o tekatekano fa go tla mo kgannyeng ya go neela kgakololo e e nonofileng? (b) Balebedi ba Bakeresete ba ka lekalekanya jang botlhokwa jwa go baakanya diphoso le botlhokwa jwa go akgola? Tshwantsha.

14 Sekao sa ga Paulo se thusa thata. E ne e le morutisi, mogolwane le modisa yo o molemo tota. O ne a tshwanetse go dirisana le diphuthego tse di nang le mathata a a masisi, mme ga a ise a ko a boife go neela kgakololo e e nonofileng fa e tlhokega. (2 Bakorintha 7:8-11) Tshekatsheko ya bodiredi jwa ga Paulo e supa gore o ne a se ke a kgalemela thata—o ne a dira jalo fela fa boemo bo ne bo dira gore go tlhokege kana go tshwanela. O ne a supa botlhale jwa bomodimo mo go seno.

15 Fa tiro ya mogolwane mo phuthegong e ne e ka tshwantshiwa le mmino, go kgalema le go omanya go ne go tla tshwana le nnoto e le nngwe e e tshwanelang mo mminong otlhe. Nnoto eo e tshwanela sentle mo lefelong la yone. (Luke 17:3; 2 Timotheo 4:2) A ko o akanye fela ka pina e e nang le nnoto e le nngwe fela, e nna e boelediwa gangwe le gape. E ne e tla seleka ditsebe tsa rona ka bonako. Ka tsela e e tshwanang, bagolwane ba Bakeresete ba leka go dira gore thuto ya bone e tshwanele le go e tokafatsa ka dilo tse di farologaneng. Ga ba dire gore thuto ya bone e nne go baakanya mathata fela. Go na le moo, thuto ya bone yotlhe e a aga. Fela jaaka Jesu Keresete, bagolwane ba ba lorato ba leba pele melemo e ba ka e akgolelang batho, e seng phoso e ba ka ba latofatsang ka yone. Ba anaanela tiro e Bakeresetekabone ba e dirang ka natla. Ba tlhatswegile pelo gore ka kakaretso, mongwe le mongwe o dira bojotlhe jwa gagwe go direla Jehofa. Mme bagolwane ba iketleeditse go ba bolelela tsela eo ba ikutlwang ka yone.—Bapisa 2 Bathesalonika 3:4.

16. Boikutlo jwa ga Paulo jwa go anaanela le go utlwela Bakeresetekaene botlhoko bo ne jwa ba ama jang?

16 Kwantle ga pelaelo, bontsi jwa Bakeresete ba Paulo a neng a ba thusa ba ne ba lemoga gore o a ba anaanela le gore o ne a ba utlwela. Re itse jang seno? Bona gore ba ne ba ikutlwa jang ka Paulo. Ba ne ba sa mo tshabe, le fa tota a ne a na le taolo e kgolo. Nnyaa, o ne a ratega e bile a atamelesega. Ebu, fa a ne a tloga mo lefelong lengwe, bagolwane ‘ba ne ba wela mo molaleng wa gagwe mme ba mo atla ka tlekeetso’! (Ditiro 20:17, 37) A bo bagolwane—le rona rotlhe—re tshwanetse go leboga jang ne go bo re na le sekao sa ga Paulo se re ka se latelang! Ee, re bontsheng gore re a anaanelana.

Ditiro Tsa Lorato Lwa Bopelonomi

17. Ke matswela mangwe afe a a ileng a nna teng ka ntlha ya ditiro tsa bopelonomi mo phuthegong?

17 Nngwe ya dilo tse di maatla tse di tlhotlheletsang lorato lwa bokaulengwe ke tiro nngwe fela ya bopelonomi. Jaaka fa Jesu a ile a bolela, “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Le fa re ka tswa re aba ka tsela ya semoya, ka dithoto, kana nako ya rona le maatla a rona, ga re itumedise batho ba bangwe fela mme le rona ka borona re a itumela. Mo phuthegong, bopelonomi bo a tshwaetsana. Tiro nngwe ya bopelonomi e dira gore go nne le ditiro tse dingwe tsa bopelonomi. Go ise go ye kae, lorato lwa bokaulengwe lo tla bo lo ata!—Luke 6:38.

18. “Bopelonomi” jo go buiwang ka jone mo go Mika 6:8, bo kaya eng?

18 Jehofa o ne a kgothaletsa batho ba gagwe ba Iseraele gore ba nne pelonomi. Mo go Mika 6:8, re bala jaana: “O go supeditse se se molemo motho ke wena; gape Jehofa o lopang mo go wena, fa e se gore o dire ka tshiamo, le go rata [bopelonomi, NW] le go sepela ka boikokobetso le Modimo wa gago?” Go kaya eng “go rata bopelonomi”? Lefoko la Sehebera le fano le diriseditsweng “bopelonomi” (cheʹsedh) le ile la ranolwa gape e le “bopelotlhomogi” mo Setswaneng. Go ya ka The Soncino Books of the Bible, lefoko leno “le kaya sengwe se go tsewang kgato mo go sone go farologana le lefoko la Seesemane la mercy [bopelotlhomogi] le e leng boikutlo fela. Le raya ‘bopelotlhomogi jo bo supiwang ka ditiro,’ sengwe se motho a se dirang sa bopelonomi jo bo lorato, e seng fela mo bathong ba ba humanegileng le ba ba tlhokang, mme mo bathong botlhe.” Ke ka moo mokanoki yo mongwe a bolelang gore cheʹsedh le kaya “lorato lo lo supiwang ka ditiro.”

19. (a) Ke ka ditsela dife tse e ka nnang rona re tsayang kgato pele go direla ba bangwe bopelonomi mo phuthegong? (b) Neela sekai sa ka fa o ileng wa bontshiwa lorato lwa bokaulengwe ka teng.

19 Lorato lwa rona lwa bokaulengwe ga se kgopolo fela. Ke selo sa mmatota se se bonalang. Ka jalo, batla ditsela tse ka tsone o ka direlang bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago dilo tse di molemo. Nna jaaka Jesu yo o neng a sa letele batho fela ka metlha gore e nne bone ba tlang go kopa thuso mme gantsi e ne e le ene a yang kwa go bone. (Luke 7:12-16) Akanya thata ka ba ba tlhokang thata. A mongwe yo o tsofetseng kana yo o bokoa o tlhoka go etelwa kana go thusiwa ka ditiro dingwe? A ‘khutsana’ e tlhoka go fiwa nako kana go tlhokomelwa? A motho yo o hutsafetseng o tlhoka go reediwa kana o tlhoka mafoko mangwe a kgomotso? Ka fa re kgonang ka teng, a re ipheng nako ya go dira ditiro tse di ntseng jalo tsa bopelonomi. (Jobe 29:12; 1 Bathesalonika 5:14; Jakobe 1:27) Le ka motlha re se ka ra lebala gore mo phuthegong eno e e tletseng ka batho ba ba sa itekanelang, nngwe ya ditiro tse di botlhokwa thata tsa bopelonomi ke go itshwarela—go lebala sekgopi o gololesegile, tota le fa go na le lebaka le le utlwalang la go ngongorega. (Bakolosa 3:13) Go iketleetsa go itshwarela go thusa go dira gore go se ka ga nna le dikgaogano mo phuthegong, go tshwarana ka pelo le dikgotlhang, tse di ntseng jaaka sekgoreletsi se se timang go tuka ga molelo wa lorato lwa bokaulengwe.

20. Rotlhe re tshwanetse go tswelela pele re itshekatsheka jang?

20 E kete rotlhe re ka ititaya sehuba go dira gore molelo ono o o botlhokwa wa lorato o nne o tuke mo dipelong tsa rona. A re nneng re itshekatsheke. A re utlwela batho ba bangwe? A re bontsha fa re anaanela ba bangwe? A re direla ba bangwe ditiro tsa bopelonomi? Fa fela re go dira, go tuka ga lorato go tla godisa lorato lwa bokaulengwe jwa rona go sa kgathalesege gore lefatshe leno le nna tsididi le go tlhoka lorato go le kana kang. Ka jalo he, “a lorato lwa lona lwa bokaulengwe lo tswelele”—gone jaanong le ka bosakhutleng!—Bahebera 13:1.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Dithanolo tse dingwe di supa fano gore yo o amang batho ba Modimo o ama, e seng leitlho la Modimo, mme o ama leitlho la Iseraele kana tota la gagwe ka boene. Phoso eno e dirilwe ke bakwadi bangwe ba bogologolo ba, ka maiteko a bone a a sa tshwanelang ba neng ba baakanya ditemana tse ba neng ba di leba di sa tlotle, ba ba neng ba fetola temana eno. Ka go dira jalo ba dira gore go amega thata ga Jehofa ka namana ka batho go se ka ga bonala.

O Akanya Jang?

◻ Lorato lwa bokaulengwe ke eng, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dira gore lo tswelele?

◻ Go utlwela ba bangwe go re thusa jang go boloka lorato lwa rona lwa bokaulengwe?

◻ Kanaanelo e na le seabe sefe mo loratong lwa bokaulengwe?

◻ Ditiro tsa bopelonomi di dira jang gore lorato lwa bokaulengwe lo gole mo phuthegong ya Bokeresete?

[Lebokoso mo go tsebe 16]

Lorato lo lo Supiwang ka Ditiro

Dingwaga dingwe tse di fetileng, monna mongwe yo o neng a ithutile Baebele ka lobaka lo loleele le Basupi ba ga Jehofa o ne a sa ntse a belaela lorato lwa bokaulengwe. O ne a itse gore Jesu o ne a ile a bolela jaana: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo na le lorato gareng ga lona.” (Johane 13:35) O ne a sa kgone go dumela seo. Ka letsatsi lengwe o ne a bona lorato lwa Bokeresete lo supiwa ka ditiro.

Le mororo a ne a tsamaya ka setulo sa maotwana, monna yono o ne a tsamaya sekgala se seleele go tloga kwa gae. O ne a ya kwa pokanong nngwe ya phuthego kwa Bethelehema kwa Iseraele. Koo, Mosupi mongwe wa Moarabia o ne a gatelela gore Mosupi yo mongwe wa mojanala a nne bosigo joo le lelapa la gagwe, mme moithuti yono wa Baebele le ene o ne a akarediwa mo taletsong eno. Pele ga ba ya go robala, moithuti o ne a kopa mong wa ntlo gore o kopa go ya kwa mathuding mo mosong gore a lebelele tlhabo ya letsatsi. Mong wa ntlo o ne a mo tlhagisa ka tsela e e gagametseng gore a se ka a dira jalo. Letsatsi le le latelang mokaulengwe yono wa Moarabia o ne a mo tlhalosetsa lebaka. A dirisa moranodi, o ne a bolela gore fa baagelani ba gagwe ba ne ba ka itse gore o na le baeng ba e leng Bajuda—jaaka moithuti yono wa Baebele—ba ne ba tla fisa ntlo ya gagwe gore go se ka ga sala sepe ene le lelapa la gagwe ba le mo teng. E re ka moithuti yono wa Baebele a ne a tlhakane tlhogo o ne a mmotsa gore, “Ke ka ntlha yang he, fa wena o ne o ipaya mo kotsing jaana?” Kwantle ga moranodi, mokaulengwe wa Moarabia o ne a mo leba mo matlhong mme a bo a re fela, “Johane 13:35.”

Moithuti yono wa Baebele o ne a kgatlhwa thata ke go iponela lorato lwa bokaulengwe ka matlho. O ne a kolobediwa ka bonako morago ga foo.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Mokgwa wa ga moaposetoloi Paulo wa go rata batho le go ba anaanela o ne wa dira gore a atamelesege

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela