LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 8/15 ts. 31
  • A o A Gakologelwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o A Gakologelwa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa Jesu a Tla ka Kgalalelo ya Bogosi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Kafa go Fetoga Ponalo Ga Ga Keresete Go Go Amang ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Sephiri Se o Ka se Bolelelang Batho ba Bangwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Sephiri se Bakeresete ba sa Tshwanelang Go Se Boloka!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 8/15 ts. 31

A o A Gakologelwa?

A dimakasine tsa bosheng jaana tsa Tora ya Tebelo di go tswetse molemo? Fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa o sa itlhatlhobe gore a o sa ntse o gakologelwa ka go ipotsa dipotso tse di latelang?

◻ Haramagedona e tla bo e ntse jang? (Tshenolo 16:14, 16)

E ka se nne go senyega ga lefatshe ka nuklea kana ka masetlapelo a a bakiwang ke batho. Nnyaa, eno ke ntwa ya Modimo ya go fedisa dintwa tsotlhe tsa batho le go nyeletsa batho botlhe ba ba rotloetsang dintwa tse di ntseng jalo, le go tlisetsa batho ba ba ratang kagiso, kagiso ya boammaaruri. Ga e ne e diega. (Habakuke 2:3)—4/15, tsebe 17.

◻ Ke lenyalo la mofuta ofe le le tlotlang Jehofa?

Lenyalo le mo go lone dilo tsa semoya di leng dintsi go feta ditsela tsa lefatshe ruri le tla tlotla Jehofa. Bakeresete ba tla itumelela tiragalo eno fa ba tila mekgwa e e maswe ya lefatshe, meetlo, le go feteletsa dilo; ka go sa di letle gore di kgoreletse ditiro tsa ka metlha tsa puso ya Modimo; le ka go bontsha bori go na le go ipelafatsa.—4/15, tsebe 26.

◻ Ke eng se se tlhaolang motho yo o bolokang bothokgami?

Motho yo o bolokang bothokgami a ka ikanngwa, e seng fela ke motho yo mongwe, mme se se botlhokwa thata, o ka ikanngwa ke Modimo. O bona ka ditiro tsa gagwe gore pelo ya gagwe e phepa. Ga a boitimokanyo. Ga a boferefere kana go tsietsa. (2 Bakorinthe 4:2)—5/1, tsebe 6.

◻ Ke ka ntlha yang fa Jeremia a ne a re: “Go molemo mo monneng go rwala jokwe mo bokaung jwa gagwe”? (Dikhutsafalo 3:27)

Go ithuta go itshokela diteko o sa le mosha go go thusa gore o ipaakanyetse go lebana le dikgwetlho tsa fa o godile. (2 Timotheo 3:12) Melemo ya go ikanyega e feta kgololesego ya nakwana fela e e tlisiwang ke go ineela go dira se se sa siamang.—5/1, tsebe 32.

◻ Go bonala ga ga Moshe le Elija mo ponong ya go fetoga ga ponalo go ne go tshwantshetsang?

Mo tiragalong eno ya go fetoga ga ponalo, Moshe le Elija ba ne ba tshwantshetsa sentle barwarraagwe Jesu ba ba tloditsweng. Lebaka la go bo bone, mmogo le Jesu, “ba ne ba bonala ka kgalalelo” le ne le bontsha gore Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ba ne ba tla ‘galalediwa mmogo’ le Jesu mo thulaganyong ya Bogosi jwa selegodimo. (Luke 9:30, 31; Baroma 8:17; 2 Bathesalonika 1:10)—5/15, ditsebe 12, 14.

◻ “Sephiri se se boitshepo” sa Modimo ke eng? (1 Bakorinthe 2:7)

“Sephiri se se boitshepo” sa Modimo se amana le Jesu Keresete. (Baefeso 1:9, 10) Le fa go ntse jalo, ga se fela go tlhaola Jesu e le Mesia yo o solofeditsweng. Go akaretsa puso ya magodimo, Bogosi jwa Modimo jwa Bomesia, gape se ne se akaretsa seabe se Jesu a abetsweng go se dira mo boikaelelong jwa Modimo.—6/1, tsebe 13.

◻ Mokeresete o tshwanetse go leba botsofe le bolwetse jang?

Mo boemong jwa go leba diteko tse di ntseng jalo e le tse di fokotsang tirelo ya gagwe mo go Jehofa, o tshwanetse go di leba e le sebaka sa go oketsa tsela ya go ikaega mo go ene. Gape o tshwanetse go gakologelwa gore boleng jwa Mokeresete ga bo lekanngwe ka tirelo ya gagwe, mme bo lekanngwa ka tumelo ya gagwe le ka lorato lwa gagwe lo lo golo. (Mareko 12:41-44)—6/1, tsebe 26.

◻ Ke jang go dirisa ga ga Jehofa batho go kwala Baebele mo boemong jwa go dirisa baengele go supang botlhale jwa gagwe jo bogolo?

Fa batho ba ka bo ba se ka ba nna le seabe gotlhelele, re ne re ka nna le bothata jwa go tlhaloganya molaetsa wa Baebele. Gape, Baebele e na le lorato, dilo tse di farologaneng, e bile e a ikuela ka go bo batho ba nnile le seabe mo go yone.—6/15, tsebe 8.

◻ Sephiri sa boitumelo mo lelapeng ke eng?

Sephiri sa boitumelo mo lelapeng se ikaegile ka se se leng mo Lefokong la Modimo, e leng Baebele, le ka go dirisa melaometheo ya lona, e e jaaka boikgapo, go lemoga botlhogo, go buisana sentle le lorato.—6/15, ditsebe 23, 24.

◻ Go fodisa mo go neng go dirwa ke Jesu go ne go farologane kgakala jang le mo go dirwang ke batho ba gompieno ba iphakang gore ba na le maatla a go fodisa?

Boidiidi bo ne bo sa tseege maikutlo thata e bile Jesu o ne a sa tlolake jaaka setsenwa. Mo godimo ga moo, Jesu ga a ise a ko a palelwe ke go fodisa balwetse ka seipato sa gore meneelo ya bone e ne e se ya bopelotshweu kana sa gore ba ne ba se na tumelo.—7/1, tsebe 5.

◻ Jehofa o thusitse batho ba gagwe jang go nna le seabe mo maikaelelong a gagwe a bomodimo malebana le leina la gagwe le Bogosi jwa gagwe?

Sa ntlha, Jehofa o neile batho ba gagwe boammaaruri. Tsela ya bobedi, o ba neile moya wa gagwe o o boitshepo. Tsela ya boraro, re na le bokaulengwe jwa rona jwa lefatshe lotlhe le thulaganyo e e itumedisang ya kobamelo ya ga Jehofa ya phuthego.—7/1, ditsebe 19, 20.

◻ Bomolemo ke eng? Bomolemo ke go siama mo boitsholong, molemo, go dira le go akanya ka tsela e e siameng. Ga se nonofo e e sa tlhokeng motho go dira sengwe mme ke e e tlhokang gore motho a tseye kgato, nonofo e e siameng. Bomolemo bo akaretsa se se fetang fela go tila boleo; bo raya go latelela se se molemo. (1 Timotheo 6:11)—7/15, tsebe 14.

◻ Boswa jwa botlhokwatlhokwa jo batsadi ba ka bo fetisetsang mo baneng ba bone ke eng?

Boswa jwa botlhokwatlhokwa jo batsadi ba ka bo fetisetsang mo baneng ba bone ke sekao sa bone sa go bontsha ba bangwe lorato. Ka tsela e e tlhomologileng, bana ba tlhoka go bona le go utlwa batsadi ba bone ba bua e bile ba bontsha lorato lwa mmatota go Modimo mo go sengwe le sengwe se ba se dirang.—7/15, tsebe 21.

◻ Ke dilo dife tse di botlhokwa ka thuto ya lelapa e e nang le matswela?

Thuto ya lelapa e tshwanetse go nna ka metlha. Lo tshwanetse go ‘reka nako’ ya go ithuta. (Baefeso 5:15-17) Dira gore dinako tsa go ithuta e nne tse di kgatlhang bana ka go dira gore Baebele e nne selo sa mmatota. E le gore bana ba e itumelele, ba tshwanetse go ikutlwa ba na le seabe mo go yone.—8/1, ditsebe 26, 28.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela