Ba Humanegile Le fa Go Ntse Jalo ba Humile—Go ka Kgonega Jang?
Makgolo a dingwaga a a fetileng monna mongwe yo o botlhale o ne a rapela gore a se ka a humanega. Ke ka ntlha yang fa a ne a dira topo e e ntseng jalo? Ka gonne o ne a boifa gore lehuma le ne le ka tlhotlheletsa boikutlo le ditiro tse di ka tsenyang kamano ya gagwe le Modimo mo kotsing. Seno se supiwa ke mafoko ano a gagwe: “Nkotla ka dijo tse di ntekanyeng . . . fa ke humanegile nka tla ka utswa, mme ka dira leina la Modimo wa me matlhapa.” —DIANE 30:8, 9.
A SENO se bolela gore motho yo o humanegileng a ka se ka a kgona go direla Modimo ka boikanyegi? Le e seng! Go ralala hisitori batlhanka ba bantsi ba ga Jehofa Modimo ba ile ba boloka bothokgami mo go ene go sa kgathalesege mathata a lehuma le ba tlisetsang one. Kafa letlhakoreng le lengwe, Jehofa o rata ba ba mo ikanyang mme o a ba thusa.
Batho ba ba Ikanyegang ba Bogologolo
Moaposetoloi Paulo ka boene o ne a nna le dinako tse a tlhokang ka tsone. (2 Bakorintha 6:3, 4) Gape o ile a tlhalosa ka ‘bontsintsi jo bogolo’ jwa basupi ba nako ya pele ga Bokeresete, bao bangwe ba bone “ba ne ba ya kwa le kwa ba le mo matlalong a dinku, mo matlalong a dipodi, ba le mo letlhokong . . . Ba ne ba kgarakgatshega mo dikakeng le mo dithabeng le mo dikgageng le mo mengobong ya lefatshe.”—Bahebera 11:37, 38; 12:1.
Mongwe wa ba ba ikanyegang bano e ne e le moporofeti Elija. Ka nako ya leuba la dingwaga tse tharo le sephatlo, Jehofa o ne a mo naya dijo ka metlha. Sa ntlha Modimo o ne a dira gore mahukubu a tlisetse moporofeti yono senkgwe le nama. (1 Dikgosi 17:2-6) Moragonyana, ka kgakgamatso Jehofa o ne a dira gore boupe le loukwane tse motlholagadi a neng a otla Elija ka tsone di se ka tsa fela. (1 Dikgosi 17:8-16) Dijo tseo e ne e le tse di tlwaelegileng thata mme di ne di dira gore moporofeti yono, mosadi yono le morwawe ba nne ba ntse ba tshela.
Jehofa ka mo go tshwanang o ne a tshegetsa moporofeti Jeremia yo o ikanyegang ka dinako tse di thata tsa itsholelo. Jeremia o ne a falola fa Bababilone ba ne ba tlhasela Jerusalema, fa batho ba ne ba tshwanela go “ja dijo ka selekanyo sa bokete, le ka go ingoka.” (Esekiele 4:16) Kgabagare, leuba le ne la nna legolo thata jaana mo motseng mo e leng gore basadi bangwe ba ne ba ja nama ya bana ba bone. (Dikhutsafalo 2:20) Le mororo Jeremia a ne a le mo kgolegelong ka ntlha ya go rera ga gagwe ka bopelokgale, Jehofa o ne a tlhomamisa gore o fiwa “senkgwe se le sengwe” letsatsi le letsatsi “ga tsamaya senkgwe sotlhe sa fela mo motseng.”—Jeremia 37:21.
Ka jalo Jeremia, jaaka Elija, o ne a na le dijo tse dinnye. Dikwalo ga di re bolelele gore fa senkgwe se sena go fela sotlhe mo Jerusalema Jeremia o ne a ja eng kana ga kae. Le fa go ntse jalo, re itse gore Jehofa o ne a mo tshegetsa le gore o ne a falola leuba le le maswe thata.
Gompieno, go na le lehuma mo karolong nngwe le nngwe ya lefatshe. Go ya ka lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, lehuma le legolo le mo Afrika. Tshedimosetso nngwe e e neng e kwalelwa motswedi wa dikgang ya lekgotla la Merafe e e Kopaneng ka 1996 e ne ya bolela jaana: “Mo e ka nnang bontlhanngwe jwa Baafrika botlhe ba humanegile.” Go sa kgathalesege go oketsega ga maemo a a utlwisang botlhoko a itsholelo, go na le Baafrika ba ba ntseng ba oketsega ba ba dirisang melaometheo ya Baebele mo botshelong mme ba direla Modimo ka boikanyegi, ba tlhatswegile pelo gore o tla ba tshegetsa. Akanya ka dikai dingwe go tswa kwa karolong nngwe ya lefatshe la rona le le nang le mathata.
Go Boloka Botshepegi
Michael,a yo o nnang kwa Nigeria, ke molemirui yo o nang le bana ba le barataro ba a tshwanetseng go ba tlamela. “Go boima go tshepega fa o se na madi a go tlhokomela lelapa la gago,” o bolela jalo. “Le fa go ntse jalo, fa ke raelesega go sa tshepege, ke ikgakolola Baefeso 4:28, e e bolelang jaana: ‘A moutswi a se ka a tlhola a utswa, mme go na le moo a a dire tiro ya ka natla, a dira ka diatla tsa gagwe se e leng tiro e e molemo.’ Ka jalo fa ke raelesega, ke ipotsa gore, ‘A ke diretse madi ano?’”
Michael o oketsa jaana: “Ka sekai, fa ke ne ke ntse ke tsamaya ka letsatsi lengwe, ke ne ka bona kgetsi e wa kafa morago ga sethuthuthu. Ke ne ke sa kgone go emisa mokgweetsi wa sone, ka jalo ke ne ka sela kgetsi eo me ka fitlhela e tletse ka madi! Ke ne ka dirisa boitshupo jo bo mo kgetsing go bona mong wa yone mme ka mmusetsa kgetsi eo.”
Go Lwantsha go Tshwenyega mo Maikutlong
Monna mongwe kwa Afrika Bokone o ne a akgela jaana: “Go humanega go [tshwana] le go thibelelwa mo khuting e e kwa teng thata, o kgona go bona lesedi le batho ba iphethela ka kgololesego mme o sa kgone go goa go kopa thuso kana go kopa lere gore o tswe.” Ga go gakgamatse he go bo khumanego e dira gore batho ba ikutlwe ba tshwenyegile thata mo maikutlong e bile ba kgobegile marapo! Tota le batlhanka ba Modimo ba ka bona dikhumo tsa batho ba bangwe mme ba bo ba simolola go akanya gore bothokgami ga bo duele tota. (Bapisa Pesalema 73:2-13.) Maikutlo a a ntseng jalo a ka lwantshiwa jang?
Peter, wa kwa Afrika Bophirima, o ne a tlogetse tiro ya puso morago ga dingwaga di le 19. Gone jaanong o tshela fela ka penshenenyana. Peter o bolela jaana: “Fa go nna le dinako tsa fa ke kgobegang marapo, ke ikgakolola ka se ke se badileng mo Baebeleng le mo dikgatisong tsa Mokgatlho wa Watch Tower. Tsamaiso eno ya bogologolo e tla tloga e fela mme re lebeletse tsamaiso e e botoka.
“Gape ke akanya ka 1 Petere 5:9, e e bolelang jaana: ‘Ganetsanang le [Satane], lo tiile mo tumelong, lo itse gore tsone dilo tseo tse di leng malebang le dipogo di a diragadiwa mo lesomong lotlhelotlhe la bakaulengwe ba lona mo lefatsheng.’ Ka jalo ga se nna fela ke nang le mathata. Dikgakololo tseno di nthusa go tlosa dikakanyo tse di kgobang marapo le tse di tshwenyang maikutlo.”
Peter o oketsa jaana: “Kwantle ga moo, Jesu o ne a dira dikgakgamatso tse dintsi fa a ne a le mo lefatsheng, le fa tota a ile a se ka a dira gore ope a hume dikhumo. Ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go lebelela gore nna a nkhumise?”
Maatla a Thapelo
Go atamela Jehofa Modimo ka thapelo ke tsela e nngwe ya go lwantsha tsela ya go akanya e e sa siamang. Fa Mary a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ka 1960, ba lelapa la gagabo ba ne ba mo latlha. Gone jaanong o mo dingwageng tsa gagwe tsa bo50 e bile ga a nyalwa, o bokoa mme ga a na dithoto tse dintsi. Le fa go ntse jalo, o tlhagafetse mo bodireding jwa Bokeresete.
Mary o bolela jaana: “Fa ke ikutlwa ke kgobegile marapo, ke rapela Jehofa. Ke a itse gore ga go na ope o sele yo o ka nthusang go feta ka fa ene a ka dirang ka teng. Ke ithutile gore fa o ikanya Jehofa, o a go thusa. Ka metlha ke gakologelwa mafoko a ga Kgosi Dafite a a mo go Pesalema 37:25: ‘Nkile ka ne ke le lekau mme jaana ke tsofetse; le fa go ntse jalo ga ke ise nke ke bone mosiami a latlhilwe, le fa e le bana ba gagwe ba legalegela dijo.’
“Gape ke kgothadiwa ke maitemogelo a a anelwang mo makasineng wa Tora ya Tebelo a bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba setseng ba tsofetse. Jehofa Modimo o ne a ba thusa, ka jalo ke a itse gore le nna o tla nthusa. O segofatsa tiro ya me e nnye ya go rekisa fufu [sejo sengwe sa cassava], mme ke kgona go itlhokomela ka dilo tse ke di tlhokang letsatsi le letsatsi. Ka dinako tse dingwe fa ke se na madi ape mme ke ipotsa gore ke tla dira jang, Jehofa o romela mongwe gore a mphe mpho mme a bo a re, ‘Kgaitsadi, tsweetswee, tsaya seno.’ Le ka motlha Jehofa ga a ise a ko a ntshwabisi.”
Botlhokwa Jwa Thuto ya Baebele
Basupi ba ga Jehofa ba tsaya go ithuta Lefoko la Modimo, Baebele e le selo se se botlhokwa, mme batho ba ba humanegileng mo gare ga bone le bone ba dira jalo. John wa dingwaga di le 60 o direla jaaka mmulatsela (moreri wa Bogosi wa nako e e tletseng) e bile ke motlhanka wa bodiredi mo phuthegong. O nna mo moagong o o boreporepo wa matlhatlaganyane a mabedi mo go nnang malapa a le 13 gone. Kamore ya gagwe ke karolo ya phasiki e e mo boalong jwa ntlha, e e kgaogantsweng ka lepolanka. Mo go yone go na le ditulo tse pedi tsa bogologolo le tafole e e tletseng ka mokoa wa dikgatiso tse di thusang go ithuta Baebele. O robala mo mosemeng wa matlhaka.
John o ne a tlhola a dira madi a a kana ka ranta ka letsatsi ka go rekisa borotho, mme fa go reka korong go tswa ka dinageng tse dingwe go thibelwa, o ne a latlhegelwa ke se a itshedisang ka sone. O bolela jaana: “Ka dinako tse dingwe dilo di nna boima thata mme ke tswelela pele ke bulatsela. Jehofa ke ene a ntshegetsang. Ke dira tiro nngwe le nngwe e ke e bonang mme ga ke ikaege ka motho ope go ntlamela kana go nkotla le mororo bakaulengwe mo phuthegong ba nthusa thata. Ba nthusa go batla tiro mme ka dinako tse dingwe ba nnaya dimpho tsa madi.
“Ke ipha nako ya go bala Baebele le dikgatiso tsa Mokgatlho wa Watch Tower. Ke ithuta phakela mo mosong fa go didimetse mo ntlong mme ke bala bosigo thata fa re na le motlakase. Ke a itse gore ke tshwanetse gore ke nne ke dire thuto ya me ya motho ka namana.”
Go Thapisetsa Bana Botshelo
Daniel ke moswagadi yo o nang le bana ba le barataro. Ka 1985 o ne a latlhegelwa ke tiro ya gagwe e a neng a le mo go yone ka dingwaga di le 25 mme o ne a bona tiro ya go nna motlhokomedi wa lebenkele. O bolela jaana: “Botshelo bo thata mo lelapeng fa go tla mo go tsa madi. Gone jaanong re kgona go ja gangwe fela ka letsatsi. Ka lekgetlho lengwe, re ne ra nna re sa je ka malatsi a le mararo. Re ne re kgona fela go nwa metsi gore re tshele.”
Daniel ke mogolwane mo phuthegong. “Ga nke ke fosa dipokano tsa Bokeresete mme ke nna ke tshwaregile ka ditiro tsa puso ya Modimo,” o bolela jalo. “Fa fela go na le tiro e e tshwanetseng gore e dirwe kwa Holong ya Bogosi, ke tlhomamisa gore ke nna teng. Mme fa dilo di nna boima, ke ikgakolola mafoko a ga Petere a a neng a a bolela Jesu, a a kwadilweng mo go Johane 6:68: ‘Morena, re tla tsamaya re ya kwa go mang?’ Fa ke tlogela go direla Jehofa, ke tla ya kae? Mafoko a ga Paulo a re a fitlhelang mo go Baroma 8:35-39 le one a dira gore ke ititeye sehuba ka gonne a bontsha gore ga go na sepe se se tla re kgaoganyang le lorato lwa Modimo le lwa ga Keresete. Ke jone boikutlo jo ke bo tsenyang mo baneng ba me. Ke nna ke ntse ke ba bolelela gore le ka motlha ga re a tshwanela go tlogela Jehofa.” Tlhoafalo ya ga Daniel, mmogo le thuto ya Baebele ya lelapa ya ka metlha, di nnile le tlhotlheletso e e siameng mo baneng ba gagwe.
Moya wa go Aba
Motho a ka nna a akanya gore batho ba ba humanegileng thata le ka motlha ba ka se ka ba kgona go ntsha meneelo go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi. Mme ga go a nna jalo. (Bapisa Luke 21:1-4.) Basupi bangwe kwa Ghana ba tsela e ba itshedisang ka yone e leng bolemirui ba tshwaya bontlhanngwe jwa setsha sa bone gore se dirisetswe go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi jwa Modimo. Fa dijalo tsa karolo eo ya setsha sa bone di rekisiwa, madi a dirisediwa fela boikaelelo joo, e leng se se akaretsang go ntsha meneelo kwa Holong ya Bogosi ya lefelo leo ya Basupi ba ga Jehofa.
Joan, yo o nnang kwa Afrika Bogare, ke mmulatsela. Gore a tle a kgone go tlhokomela monna wa gagwe yo o sa kgoneng go tsamaya le batho ba bangwe ba banè ba ba ikaegileng ka ene, o rekisa borotho. Fa phuthego e a kopanelang le yone e ne e tlhoka dibanka tsa Holo ya Bogosi, Joan le ba lelapa la gagwe ba ne ba swetsa go ntsha moneelo madi otlhe a ba neng ba na le one mo ntlong. Seo se ile sa dira gore ba sale ba se na sepe. Le fa go ntse jalo, ka letsatsi le le latelang, mongwe o ne a ba duela molato wa nako e telele ba sa lebelela, a ba naya madi a ba neng ba itlhobogile gore ba tla tlhola ba a bone!
Joan o itumetse me ga a tshwenyege ka mo go sa tlhokegeng ka madi. “Ke tlhalosetsa Jehofa boemo jwa me ka thapelo mme go tswa foo ke bo ke tswela bodireding jwa tshimo. Re a itse gore ga go na tsholofelo ya gore go tla nna le dinako tse di botoka mo tsamaisong eno ya dilo. Le fa go ntse jalo, re lemoga gore Jehofa o tla re naya dilo tse re di tlhokang.”
Go Supa Bonatla
Basupi ba ga Jehofa ba itsiwe ka go ratana ga bone. (Johane 13:35) Ba ba nang le madi ba thusa Bakeresetekabone ba ba tlhokang. Gantsi e nna mpho mme ka dinako tse dingwe e le thuso ya tiro.
Mark, yo o nnang kwa Congo, o na le lepero. Le golafaditse menwana ya gagwe ya maoto le ya diatla. O ne a ikaegile ka dithobane go tsamaya. Fa Mark a ne a swetsa go direla Jehofa, o ne a simolola go dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa gagwe. Go na le gore a kope dijo jaaka a ne a tlhola a dira pele, o ne a simolola go itemela. O ne gape a dira ditena tsa adobe, tse a neng a di rekisa.
Le mororo a ne a na le bogole, Mark o ne a tswelela pele a dira ka bonatla. Kgabagare o ne a reka setshanyana mme a aga ntlo e e tshwanelang sentle fela mo go sone. Gompieno, Mark ke mogolwane mo phuthegong mme o tlotliwa thata mo toropong e a nnang mo go yone. Jaanong o thusa batho ba bangwe ba ba tlhokang.
Gone mme, mo mafelong a le mantsi go thata tota go bona tiro. Mogolwane mongwe wa Mokeresete yo o direlang kwa diofising tsa lekala la Mokgatlho wa Watch Tower kwa Afrika Bogare o kwala jaana: “Bakaulengwe ba le bantsi mono ga ba na tiro. Bangwe ba leka go itirela ditiro, mme go boima. Ba bangwe ba akanya gore e re ka ba tla nna ba ntse ba boga go sa kgathalesege gore ba dira eng, ba tla ithontsha dithoto go nna badiredi ba babulatsela. Ka go dira jalo, ba le bantsi ba bona gore ba segofadiwa thata go na le ka fa go ne go ntse ka teng fa ba ne ba na le tiro e e duelang madi a mannye kana e sa duele gotlhelele.”
Jehofa o Tshegetsa Batho ba Gagwe
Jesu Keresete o ne a bolela jaana ka gagwe: “Diphokoje di na le mengobo le dinonyane tsa legodimo di na le dintlhaga, mme Morwa motho ga a na gope kwa a ka latsang tlhogo ya gagwe gone.” (Luke 9:58) Ka mo go tshwanang, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Go fitlha mo ureng yone eno re tswelela re tshwarwa ke tlala mme gape le go nyorwa le go apara mo e seng ga sepe le go itaakwa le go nna re se na magae.”—1 Bakorintha 4:11.
Jesu le Paulo ka bobedi jwa bone ba ne ba tlhopha go tshela ka itsholelo e e kwa tlase gore ba tle ba kgone go tsweletsa bodiredi wa bone ka botlalo. Bakeresete ba bantsi ba motlha wa rona ba humanegile ka gonne go se na sepe se ba ka se dirang. Le fa go ntse jalo, ba dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong mme ba leka go direla Modimo ka tlhoafalo. Ba itse gore Jehofa o ba rata thata fa ba bona tlhomamisetso ya ga Jesu e diragadiwa: “Jalo, nnang lo senke pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:25-33) Mo godimo ga moo, batlhanka ba ba humanegileng bano ba Modimo ba na le bosupi jwa gore “tshegofatso ya ga Jehofa e a humisa.”—Diane 10:22.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go dirisitswe maina a e seng a mmatota mo setlhogong seno.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
“Badiri ba Lefoko” ke Bomang?
GO YA ka potsolotso nngwe ya Gallup ka 1994, diperesente di le 96 tsa Baamerika “ba dumela mo Modimong kana mo moyeng o o leng gotlhe.” Gape go na le “dikereke tse di oketsegileng mo ntlheng nngwe le nngwe ya United States go gaisa setšhaba le fa e le sefe mo Lefatsheng,” go ne ga bolela jalo U.S.News & World Report. Le mororo go bonala go na le bomodimo thata, mankge wa dipotsolotso tsa maikutlo e bong George Gallup, Jr., o bolela jaana: “Boammaaruri jo bo phepafetseng ke gore, bontsi jwa Baamerika ga ba itse se ba se dumelang kana ga ba itse gore ke ka ntlha yang fa ba se dumela.”
Dipalopalo le tsone di supa gore go na le pharologano e kgolo fa gare ga ditumelo tsa bodumedi tsa batho ba le bantsi le ditiro tsa bone. Ka sekai, “baithutaloago ba bolela gore mafelo mangwe a mo go one bokebekwa bo leng bontsi thata mo nageng ke mo go one mafelo ao ditumelo le ditlwaelo tsa bodumedi di nonofileng mo go one” go bolela jalo Jeffery Sheler.
Seno ga se a tshwanela go re gakgamatsa. Ka ntlha yang? Ka gonne bogologolo ka lekgolo la ntlha la dingwaga, moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Bakeresetekaene gore ba ikele tlhoko mo go ba ba ‘bolelang phatlalatsa gore ba itse Modimo, mme [e le ba ba] o itatolang ka ditiro tsa bone.’ (Tito 1:16) Mo godimo ga moo, Paulo o ne a bolelela lekawana Timotheo gore ‘malatsi a bofelo’ a tla tshwaiwa ke batho ba ba “nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone.”—2 Timotheo 3:1, 5.
Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri, ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go latela taelo ya ga Jesu Keresete ya gore “tsamayang . . . lo dire batho ba merafe yotlhe barutwa.” (Mathaio 28:19) Ka tsela eno ba “[nna] badiri ba lefoko, mme e seng bautlwi fela.”—Jakobe 1:22.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Batho ba anaanela thuto ya Baebele thata go ralala lefatshe