Metlha e e Botoka e Etla
“RE TSHELA ka nngwe-lefela-nngwe,” go bolela jalo mosadi mongwe.
“Mo letlhakoreng la me dilo di maswe thata,” go araba jalo tsala ya gagwe. “Ke tshela ka lefela-lefela-nngwe.”
Kwa dikarolong dingwe tsa Afrika Bophirima, ga go tlhokege gore go tlhalosiwe gore puisano e e ntseng jalo e raya eng. Go na le gore ba bo ba ja gararo ka letsatsi (nngwe-nngwe-nngwe), motho yo o tshelang ka nngwe-lefela-nngwe o kgona go ja gabedi fela ka letsatsi—gangwe mo mosong le gangwe maitseboa. Lekawana lengwe le le tshelang ka lefela-lefela-nngwe le tlhalosa boemo jwa lone jaana: “Ke ja gangwe ka letsatsi. Ke tlatsa foriji ya me ka metsi fela. Ke ja gari [cassava] bosigo pele fa ke ya go robala. Ke kafa ke tshelang ka teng.”
Ao ke mathata a batho ba e bileng ba ntse ba oketsega gompieno. Ditlhwatlhwa di a tlhatloga, mme madi ga a kgone go reka sepe se se kalo.
Tlhaelo ya Dijo e Boleletswe Pele
Modimo o ne wa bolelela pele maemo a a bokete a batho ba le bantsi ba lebaneng le one gompieno, mo diponatshegelong tse a neng a di bontsha moaposetoloi Johane. Nngwe ya tsone e ne e tla nna tlhaelo ya dijo. Johane o anela jaana: “Ka leba, mme bonang ga bo go le pitse e ntsho; yo o e pagameng a bo a tshotse selekanyo sa pego ka seatla.” (Tshenolo 6:5) Pitse e e maswe eno le mopagami wa yone di emela leuba—dijo di ne di tlile go tlhokega mo di neng di tlile go lekanngwa ka sekale.
Morago ga foo, moaposetoloi Johane o bolela jaana: “Ka utlwa e kete lentswe . . . le re: ‘Seelwanyana sa mabele ke tefo ya letsatsi, le dielwanyana di le tharo tsa barele ke tefo ya letsatsi.’” Mo metlheng ya ga Johane, seelo sa mabele e ne e le seabe sa lesole, mme tiro ya letsatsi e ne e duelelwa dinare e le nngwe. Ke gone ka moo, thanolo ya ga Richard Weymouth e ranolang temana eno jaana: “Madi a a direlwang letsatsi lotlhe a reka lofo ya senkgwe, madi a a direlwang letsatsi a reka dikuku tse tharo tsa barele.”—Tshenolo 6:6.
Madi a motho a a direlang letsatsi lotlhe gompieno ke bokae? Pego ya State of World Population, 1994 e akgela jaana: “Mo e ka nnang dimilione di le 1 100 tsa batho, mo e ka nnang diperesente di le 30 tsa baagi ba dinaga tse di tlhabologang, ba tshela ka $1 [R3,50] ka letsatsi.” Ka jalo, mo bathong ba ba humanegileng mo lefatsheng, madi a a direlwang letsatsi lotlhe a ka reka fela lofo ya senkgwe.
Seno tota ga se gakgamatse batho ba ba humanegileng thata. “Senkgwe!” go ne ga khutsa jalo monna mongwe. “Ke mang yo o jang senkgwe? Mo malatsing ano senkgwe ke sejo sa maemo a a kwa godimo!”
Boammaaruri ke gore tota dijo ga di tlhaele. Go ya ka metswedi ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, dijo tse di ntshiwang mo lefatsheng di ne tsa oketsega ka diperesente di le 24 mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng, mme seno se ne se feta selekanyo se baagi ba lefatshe ba oketsegang ka sone. Lefa go ntse jalo, koketsego eno ya dijo e ne ya se ka ya itumelelwa ke botlhe. Ka sekai, mo Afrika, selekanyo se dijo di ntshiwang ka sone se ne sa fokotsega ka diperesente di le 5, fa baagi ba ne ba oketsega ka diperesente di le 34. Ka jalo, le mororo dijo di le dintsi mo lefatsheng, dinaga di le dintsi di ntse di tswelela di na le tse di tlhaelang.
Fa dijo di sa lekana go raya gore ditlhwatlhwa di tla tlhatloga. Go tlhoka ditiro, go direla madi a a kwa tlase thata le go tlhatloga ga ditlhwatlhwa go dira gore go nne bokete thata go bona madi a go reka tse di leng teng. Human Development Report 1994 e bolela jaana: “Batho ga ba bolawe ke tlala ka ntlha ya gore dijo ga di yo—mme ka gonne ga ba kgone go di duelela.”
Go felelwa ke tsholofelo, go tlalelwa le go sa itse gore ba ka dirang go ntse go oketsega. “Batho ba akanya gore fa go le maswe gompieno, ka moso go tla bo go le maswe le go feta,” go ne ga bolela jalo Glory yo o nnang kwa Afrika Bophirima. Mosadi mongwe o ne a re: “Batho ba akanya gore ba atamela kotsi e kgolo. Batho ba akanya gore go tla tla letsatsi le go tla bong go sena sepe mo mabenkeleng.”
Jehofa O ne A Tlamela Batlhanka ba Gagwe mo Nakong e e Fetileng
Batlhanka ba Modimo ba itse gore Jehofa o duela batho ba ba ikanyegang mo go ene ka go ba naya dilo tse ba di tlhokang le go ba naya nonofo ya go itshokela maemo a a bokete. Go tshepa ga bone gore Modimo o kgona go ba tlamela, totatota ke karolo ya botlhokwa ya tumelo ya bone. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Yo o tlang Modimong o na le go dumela fa o le yo, e bile e le one moduedi wa ba ba o batlang.”—Bahebere 11:6.
Jehofa ga a bolo go nna a tlamela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Jehofa o ne a tlamela moperofeti Elija ka dijo ka nako ya fa go ne go na le komelelo ka dingwaga tse tharo le sephatlo. Kwa tshimologong, Modimo o ne wa laela mahukubu gore a isetse Elija senkgwe le nama. (1 Dikgosi 17:2-6) Moragonyana, Jehofa o ne a nna a oketsa ka kgakgamatso boupe le oli ya motlholagadi yo a neng a ntse a naya Elija dijo. (1 Dikgosi 17:8-16) Ka yone nako ya leuba leo, Jehofa o ne a tlhomamisa gore baperofeti ba gagwe ba newa senkgwe le metsi, le mororo Mohumagadi Jesebele yo o boikepo a ne a ba bogisetsa bodumedi jwa bone ka tsela e e botlhoko thata.—1 Dikgosi 18:13.
Moragonyana, fa kgosi ya Babilone e ne e dikaganyeditse Jerusalema ya botenegi, batho ba ne ba tshwanela go “ja dijo ka selekanyo sa bokete, le ka go ingoka.” (Esekiele 4:16) Boemo bo ne jwa nna maswe fela thata mo basadi bangwe ba neng ba ja bana ba bone. (Dikhutsafalo 2:20) Lefa go ntse jalo, le mororo moperofeti Jeremia a ne a tsentswe mo kgolegelong ka ntlha ya go bo a ne a rera, Jehofa o ne a tlhomamisa gore ‘[Jeremia] o newa ka malatsi otlhe senkgwe se le sengwe fela se se tswang mo mmileng wa babesi ba senkgwe, go tsamaya senkgwe sotlhe se fela mo motseng.’—Jeremia 37:21.
A Jehofa o ne a lebala Jeremia fa senkgwe se sena go fela? Ga go lebege jalo, ka go bo fa Bababilone ba ne ba thopa motse, Jeremia o ne a newa ‘mefago le dineo, me a lesiwa go tsamaya.’—Jeremia 40:5, 6; bona gape Pesalema 37:25.
Modimo o Tshegetsa Batlhanka ba Gagwe Gompieno
Fela jaaka Jehofa a ne a tlamela batlhanka ba gagwe mo dikokomaneng tse di fetileng, o dira fela jalo gompieno, o ba tlamela ka dilo tsa senama le tsa semoya. Ka sekai, akanya ka boitemogelo jwa ga Lamitunde wa kwa Afrika Bophirima. O anela jaana: “Ke ne ke na le polasi e kgolo ya dikoko. Ka letsatsi lengwe go ne ga tla magodu a tshotse dithunya kwa polasing a bo a utswa dikoko tsotlhe, jenereitara le madi a re neng re na nao. Ka bonako fela morago ga foo, dikokonyana tse di neng di setse di ne tsa bolawa ke bolwetse. Kgwebo ya me ya dikoko e ne ya phutlhama. Ke ne ka fetsa dingwaga tse pedi ke sa kgone go bona tiro. Go ne go le bokete tota, mme Jehofa o ne a re tshegetsa.
“Se se neng sa nthusa go itshokela mathata a nako eo e ne e le fa ke ne ke lemoga gore Jehofa o letla dilo go re diragalela gore re nne batho ba ba botoka. Nna le mosadi wa me re ne ra nna ra ithuta Baebele ka gale jaaka lelapa jaaka re ne re tlhola re dira mme seno se ne sa re thusa thata. Thapelo le yone e ne e re nonotsha thata. Ka dinako tse dingwe ke ne ke ikutlwa ke sa batle go rapela, mme ke ne ke ikutlwa botoka fa nka rapela.
“Ka nako eo ya fa re ne re na le mathata, ke ne ka lemoga botlhokwa jwa go tlhatlhanya ka Dikwalo. Ke ne ke akanya thata ka Pesalema 23, e e bolelang gore Jehofa ke Modisa wa rona. Lokwalo lo longwe lo lo neng lwa nkgothatsa e ne e le Bafilipi 4:6, 7, e e buang ka ‘kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe.’ Lokwalo lo longwe gape lo lo neng lwa nnonotsha e ne e le 1 Petere 5:6, 7, e e reng: ‘Ke gone ikokobeletseng fa tlase ga letsogo le le nonofileng la Modimo, gore o tle o lo goletse mo lobakeng lo e leng lone; lo ntse lo latlhela tlhobaelo yotlhe ya lona mo go one, ka o a lo babalela.’ Ditemana tseno tsotlhe di ne tsa nthusa ka nako eo ya fa ke ne ke na le mathata. Fa o tlhatlhanya o kgona go tlosa dilo tse di mo tlhaloganyong ya gago tse di ka bakang gore e tshwenyege thata.
“Jaanong, ke bone tiro e nngwe, mme e bile go bua boammaaruri, ga se gore dilo jaanong di siame. Go ntse fela jaaka Baebele e ne ya bolelela pele mo go 2 Timotheo 3:1-5, gore re tshela mo ‘metlheng ya bofelo’ e e nang le ‘dipaka tse di tlhokofatsang.’ Ga re kake ra fetola se lokwalo lono lo se bolelang. Ka jalo, ga ke solofele gore botshelo bo ka nna motlhofo. Lefa go ntse jalo, ke ikutlwa gore moya wa ga Jehofa o nthusa gore ke itshoke.”
Le mororo metlha e re tshelang mo go yone e le bokete, batho ba ba ikanyang Jehofa le Morwawe wa Kgosi, Keresete Jesu, ga ba kitla ba swabisiwa ke sepe. (Baroma 10:11) Jesu o re tlhomamisetsa jaana ka boene: “Ke gone ke lo rayang ke re: Se tlhobaeleleng botshelo jwa lona lwa re ‘Re tlaa ja eng, re tlaa nwa eng?’ Le fa e le ka ga mmele lwa re: ‘Re tlaa apara eng?’ Botshelo a ga bo gaise dijo, le mmele a ga o gaise diaparo? Lebang dinonyane tsa loapi, jaaka di sa jale le gone di sa robe, le fa e le go rorela mo mabolokelong; mme Rraeno wa legodimo o a di otla. Lona a ga lo tlhwatlhwa e kgolo thata bogolo go tsone? Ke ofe wa lona yo o ka ikokeletsang boleele jwa letsogo le le lengwe fela ka go itlhobaelela bobe? Lo itlhobaelelelang diaparo?”—Mathaio 6:25-28.
Eleruri tseo ke dipotso tse di hukutsang pelo ruri mo metlheng eno e e bokete. Mme Jesu o ne a tswelela jaana ka mafoko ano a a nametsang: “Akanyang dithunya tsa masoma a naga, ka fa di golang ka teng: ga di dire, ga di otlhe. Le fa go ntse jalo ke a lo raya, le e leng ene Solomone mo kgalalelong yotlhe ya gagwe, o ne a sa kgabe jaaka sengwe sa tsone tseo. Fa Modimo o apesa jalo bojang jwa naga jo gompieno bo emeng, mme e re ka moso bo latlhelwe mo pesetsong, a ga o ketla o apesa lona bogolo jang, lona ba tumelo e potlana? ‘Ke gone se itlhobaeleleng lwa re: ‘Re tlaa ja eng?’ Kgotsa, ‘Re tlaa nwa eng?’ Kgotsa, ‘Re tlaa apara eng?’ Gonne Baditšhaba ba batla tsone dilo tsotlhe tseo; gonne Rraeno wa legodimo o a itse fa lo tlhoka dilo tse tsotlhe. Mme batlang pele bogosi jwa gagwe le tshiamo ya gagwe; mme dilo tsotlhe tse lo tlaa di okelediwa.”—Mathaio 6:28-33.
Metlha e e Botoka e Kwa Pele
Go na le bosupi jo bo sa belaetseng jwa gore maemo a a ntseng a senyega a ikonomi le a loago a tla tswelela a ntse a senyegela kwa pele mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Lefa go ntse jalo, batho ba Modimo ba lemoga gore maemo ano ga a kake a nnela ruri. Puso e e itumedisang ya ga Kgosi Solomone e ne e emela puso ya tshiamo ya Kgosi e e fetang Solomone e e tlileng go busa lefatshe lotlhe. (Mathaio 12:42) Kgosi eo ke Keresete Jesu, “Kgosi ya Dikgosi le Morena wa Barena.”—Tshenolo 19:16.
Pesalema 72, e e neng ya diragala la ntlha mo kgannyeng ya ga Kgosi Solomone e tlhalosa puso e e molemo thata ya ga Jesu Keresete. Akanyetsa dingwe tsa dilo tse di molemo thata tse e di bolelelang pele ka isagwe ya lefatshe mo pusong ya ga Kgosi Keresete.
Maemo a Kagiso mo Lefatsheng Lotlhe: “Mo metlheng ya gagwe basiami ba tlaa thama; go tlaa nna letlotlo la kagiso, go tle go tsamaye kgwedi e tlhokafalele ruri. O bile o tlaa nna le puso go tswa lewatleng go ya lewatleng, le go tswa Nokeng go ya dikhutlong tsa lefatshe.”—Pesalema 72:7, 8.
Go Akanyetsa Bahumanegi: “Gonne o tlaa golola motlhoki mogang o lelang; le mohumanegi yo o se nang mothusi. O tlaa tlhomogela bahumanegi le batlhoki pelo; mme mewa ya batlhoki o tlaa e boloka. O tlaa golola mewa ya bone mo pogisong le mo thubakong; mme madi a bone a tlaa tlotlega mo matlhong a gagwe.”—Pesalema 72:12-14.
Letlepu la Dijo: “Go tlaa nna letlotlo la mabele mo lefatsheng, mo ditlhoeng tsa dithaba; loungo lwa one lo tlaa ebelega.”—Pesalema 72:16.
Kgalalelo ya ga Jehofa e Tla Tlala mo Lefatsheng Lotlhe: “A go bakwe Jehofa Modimo, Modimo wa Iseraele, yo o dirang dikgakgamatso a le esi; a go bakwe leina la gagwe le le galalelang ka bosakhutleng; mme a lefatshe lotlhe le tlale kgalalelo ya gagwe.”—Pesalema 72:18, 19.
Ka jalo, eleruri metlha e e botoka e santse e tla.