LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 6/1 ts. 7-9
  • A o Kile wa ja Senkgwe sa Botshelo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Kile wa ja Senkgwe sa Botshelo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SENKGWE SE SE FEPANG PELO YA MOTHO YO O SWANG
  • SENKGWE SA BOTSHELO
  • “Senkgwè sa Amarure Se Se Cwañ Legodimong”
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Jesu—“Sengwè sa Amarure se se Cwañ Legodimoñ”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Jesu ke “Senkgwe sa Botshelo”
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Kgakgamatso ya ga Jesu ya Dinkgwe e re Ruta Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 6/1 ts. 7-9
Rre wa Moiseraele o ngathoganya senkgwe le bana ba gagwe

A o Kile wa ja Senkgwe sa Botshelo?

BAJANALA ba ne ba tshwerwe ke tlala. Go etela mafelo a ditiragalo a motse wa bogologolo wa Betlelehema go ne go dirile gore ba tshwarwe ke tlala e bile ba ne ba batla go ja sengwe se se tlwaelegileng. Mongwe wa bone o ne a bona lefelo la go jela le le nang le falafel—diliki tse di monate, ditamati, dieie le merogo e e neng e jewa ka pita bread. Dijo tseo tse di monate di ne tsa ba naya maatla a go tswelela ka loeto lwa bone.

Se bajanala bano ba neng ba sa se itse ke gore go ja pita bread, e ne e le maitemogelo a magolo a ba nnileng le one letsatsi leo. Leina Betlelehema le kaya “Ntlo ya Senkgwe,” mme senkgwe se ne se sa bolo go besiwa mo lefelong leo dingwaga di le diketekete. (Ruthe 1:22; 2:14) Gompieno pita bread ke sengwe sa dinkgwe tse di tlwaelegileng kwa Betlelehema.

Mo e ka nnang dingwaga di le dikete di le nnè tse di fetileng, gaufi le borwa jwa Betlelehema, mosadi wa ga Aborahame e bong Sara, o ne a besa “dikuku” gore a fepe baeng ba bararo ba ba neng ba sa lebelelwa. (Genesise 18:6) “Bupi jo bo boleta” jo Sara a bo dirisitseng gongwe bo ne bo dirilwe ka korong kgotsa ka barele. Sara o ne a tshwanelwa ke go rulaganya senkgwe seno ka bonako mme e bile a ka tswa a besitse tlhama eo mo majeng a a goteditsweng.—1 Dikgosi 19:6.

Jaaka pego eno e bontsha, lelapa la ga Aborahame le ne le itirela dinkgwe. Tsela ya bone ya botshelo jwa go kgarakgatshega e ne e kaya gore Sara le batlhanka ba gagwe ba ne ba sa kgone go besa senkgwe mo mefuteng ya diobene tse di neng di dirisiwa kwa Ure, kwa a goletseng teng. O ne a dirile bupi jo bo boleta ka tlhaka ya mo lefelong leo. Seno e ne e tla nna tiro e e boima e e neng e tla tlhoka gore go dirisiwe lelwala gongwe le kika le motshe.

Dingwaga di le makgolo a manè moragonyana, Molao wa ga Moshe o ne o bontsha gore motho yo o kolotang yo mongwe o ne a ka se mo neye lelwala e le sebeelo, e re ka e ne e le sengwe “se motho a itshedisang” ka sone. (Duteronome 24:6) Modimo o ne a leba lelwala le le botlhokwa thata ka gore kwantle ga lone, lelapa le ne le ka se kgone go itirela senkgwe sa lone sa letsatsi le letsatsi.—Bona lebokose le le reng, “Go Sila le go Besa Senkgwe Letsatsi le Letsatsi mo Metlheng ya Baebele.”

SENKGWE SE SE FEPANG PELO YA MOTHO YO O SWANG

Dikwalo di umaka senkgwe makgetlo a ka nna 350, e bile bakwadi ba Baebele ba ne ba se dirisa e le lekaelagongwe la dijo. Jesu o ne a bontsha gore batho ba ba direlang Modimo ba ka mo rapela jaana ba tlhatswegile pelo: “Re fe gompieno senkgwe sa rona sa letsatsi leno.” (Mathaio 6:11) Fano, “senkgwe” se emela dijo mme Jesu o ne a bontsha gore re ka ikanya Modimo gore a re tlamele ka dijo letsatsi le letsatsi.—Pesalema 37:25.

Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se se botlhokwa go gaisa senkgwe kgotsa dijo. Jesu o ne a re: “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.” (Mathaio 4:4) Mafoko a gagwe a ne a kaya nako e Baiseraele ba neng ba ikaegile gotlhelele ka Modimo gore a ba tlamele. Seno se simologile nakwana fela fa ba sena go tswa kwa Egepeto. Go ne go setse go fetile mo e ka nnang kgwedi fa e sa le ba tsena mo Sekakeng sa Sinai e bile dijo tsa bone di ne di tloga di fela. E re ka ba ne ba tshogile gore ba tlile go bolawa ke tlala mo sekakeng seo se se omeletseng, ba ne ba ngongorega jaana ba galefile: “Re ne re ja senkgwe gore re bo re kgore” kwa Egepeto.—Ekesodo 16:1-3.

Ga go pelaelo gore senkgwe sa kwa Egepeto se ne se le monate. Mo motlheng wa ga Moshe, babesi ba senkgwe ba ne ba naya Baegepeto dinkgwe tse dintsi tse di farologaneng, le dikuku. Mme gone, Jehofa o ne a sa ikaelela go tlogela batho ba gagwe a sa ba naya mefuta e e farologaneng ya senkgwe. O ne a ba solofetsa jaana: “Bona, ke lo nesetsa senkgwe se se tswang kwa magodimong.” Senkgwe seno se se tswang kwa legodimong se ne se bonala fa go le phakela, “selo se se dikgolokwanyane se se boleta” se se neng se lebega jaaka monyo kgotsa segagane. Baiseraele ba ne ba botsa jaana fa ba ne ba se bona la ntlha: “Ke eng?” Moshe o ne a ba tlhalosetsa jaana: “Ke senkgwe se Jehofa a se lo neileng go nna dijo.” Ba ne ba se bitsa “mana,”a mme ba ne ba tshela ka senkgwe seno dingwaga di le 40 tse di neng tsa latela.—Ekesodo 16:4, 13-15, 31.

Rre wa Moiseraele o ngathoganya senkgwe le bana ba gagwe

Baiseraele ba tshwanetse ba bo ba ne ba gakgamaditswe ke mana fa ba o bona la ntlha. O ne o utlwala jaaka “dikuku tse di sephaphathi tse di nang le tswina ya dinotshe,” mme go ne go se na ope yo o mo tlhaelang. (Ekesodo 16:18) Mme fa nako e ntse e ya, ba ne ba simolola go tlhoafalela mefuta ya dijo tse ba neng ba di ja kwa Egepeto. Ba ne ba ngongorega ba re: “Matlho a rona ga a bone sepe fela fa e se mana.” (Dipalo 11:6) Moragonyana ba ne ba shakgala mme ba re: “Moya wa rona o ila senkgwe seno se se nyatsegang.” (Dipalo 21:5) Kgabagare “senkgwe [seno] se se tswang kwa legodimong” se ne sa nna bosula mo go bone mme ba simolola go se ila.—Pesalema 105:40.

SENKGWE SA BOTSHELO

Kwantle ga pelaelo, fela jaaka dilo tse dingwe tse dintsi, go motlhofo go tsaya senkgwe se se botlhokwa. Mme gone, Baebele e umaka mofuta o o kgethegileng wa senkgwe o re sa tshwanelang go o nyatsa. Senkgwe seno se Jesu a se bapisang le mana e Baiseraele ba neng ba e gana, se ka re naya melemo ya bosakhutleng.

Jesu o ne a bolelela bareetsi ba gagwe a re: “Ke nna senkgwe sa botshelo. Borraalonamogologolwane ba ne ba ja mana kwa nageng mme le fa go ntse jalo ba ne ba swa. Seno ke senkgwe se se fologang kwa legodimong, gore mongwe le mongwe a tle a se je mme a se ka a swa. Ke nna senkgwe se se tshelang se se fologileng kwa legodimong. Fa mongwe a ka ja senkgwe seno o tla tshela ka bosaengkae; mme, tota e bile, senkgwe se ke tla se nayang ke nama ya me mo boemong jwa botshelo jwa lefatshe.”—Johane 6:48-51.

Bontsi jwa bareetsi ba ga Jesu ba ne ba sa tlhaloganye tsela ya tshwantshetso e a neng a dirisa mafoko ano, “senkgwe” le “nama” ka yone. Le fa go ntse jalo, setshwantsho seno se ne se tshwanela tota. Senkgwe sa mmatota se ne se otla Bajuda letsatsi le letsatsi, fela jaaka mana o ne o otla Baiseraele dingwaga di le 40 kwa sekakeng. Le fa gone mana e ne e le mpho e e tswang kwa Modimong, e ne e sa neye botshelo jo bo sa khutleng. Ka fa letlhakoreng le lengwe, setlhabelo sa ga Jesu se naya batho ba ba bontshang tumelo mo go ene botshelo joo jo bo sa khutleng. Ruri ke ene “senkgwe sa botshelo.”

Gongwe o ja senkgwe fa o tshwerwe ke tlala. Mme o ka nna wa leboga Modimo ka “senkgwe sa letsatsi le letsatsi.” (Mathaio 6:11, The New English Bible) Fa re ntse re anaanela sejo seno se se monate, a le ka motlha re se lebaleng botlhokwa jwa “senkgwe sa botshelo” e bong Jesu Keresete.

Re ka bontsha jang gore ga re tseele kwa tlase senkgwe seno se se tlhwatlhwakgolo go farologana le Baiseraele ba ba neng ba sa leboge ba motlha wa ga Moshe? Jesu o ne a re: “Fa lo nthata, lo tla boloka ditaelo tsa me.” (Johane 14:15) Fa re ikobela melao ya ga Jesu, re nna le tsholofelo ya go ja senkgwe ka bosakhutleng.—Duteronome 2:7.

a Gongwe lefoko “mana” le tswa mo lefokong la Sehebera e leng “man hu’ le le kayang “ke eng?”

Go Sila le go Besa Senkgwe Letsatsi le Letsatsi mo Metlheng ya Baebele

Mosadi o sila folouru ka diatla

Go sila bupi. Gantsi basadi ba ne ba sila bupi ka diatla tsa bone, mme e le nngwe ya ditiro tse ba neng ba di dira mo mosong. (Diane 31:15; Mathaio 24:41) Mo motlheng wa tlhogo ya lotso, korong e batho ba neng ba tlwaetse go e jala e ne e le mofuta mongwe wa korong o gantsi o neng o ntsha ditlhaka tse go neng go se motlhofo go di arola mo morokong. Seo se ne se dira gore tiro e nne thata, go tlhokega gore e silwe ka kika kgotsa lelwala. Sa ntlha, korong e ne e tshwanetse go kolobediwa, e silwe e bo e omisiwa mo letsatsing. Go tswa foo, e ne e feferwa e le go aroganya korong pele ga e ka silwa.

Go sila bupi jo bo lekaneng lelapa go ka tsaya diura di le dintsi, mme “modumo wa lelwala” o ne o tlwaelegile mo ditoropong tsa motlha wa Baebele. (Jeremia 25:10) Malwala a magolo a a neng a dikolosiwa ke diphologolo le one a ne a dirisiwa go na le gore tiro eo e dirwe ke mmè.—Mathaio 18:6.

Mosadi o ntsha senkgwe se se besitsweng mo obeneng e nnye

Go besa senkgwe. Go besa, e ne e le sengwe se le sone se neng se dirwa letsatsi le letsatsi. Mmè o ne a tla tlhakanya folouru le metsi, a dube tlhama a bo a bese borotho. (Genesise 18:6) Ba bangwe ba ne ba besa borotho mo matlapeng a a fisang; ba bangwe ba ne ba dirisa diobene tse dinnye. (Lefitiko 2:4; Isaia 44:15) Batho ba ba neng ba humile, ba ba jaaka Bo-Faro, ba ne ba ikaegile ka batho ba ba neng ithutetse go besa gore ba ba direle senkgwe, mme gone mo dingwageng tse di neng tsa latela batho ba ne ba reka senkgwe. (Genesise 40:17; 1 Samuele 8:13; Isaia 55:2) Mo motlheng wa ga Jeremia, kwa Jerusalema go ne go na le “mmila wa babesi ba senkgwe,” mme ka motlha wa ga Nehemia, nngwe ya ditora tsa motse oo di ne di bidiwa “Tora ya Pesetso.”—Jeremia 37:21; Nehemia 12:38.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela