KGAOLO 54
Jesu Ke “Senkgwe Sa Botshelo”
JESU KE “SENKGWE SE SE TSWANG KWA LEGODIMONG”
Jesu o ne a fepa batho ba le diketekete ka kgakgamatso ka kwa letlhakoreng le le kwa botlhaba jwa Lewatle la Galalea, go tswa foo a bo a tshaba fa batho ba batla go mo dira kgosi. Mo bosigong joo, o ne a tsamaya mo godimo ga metsi mo lewatleng go le diphefo tsa matsubutsubu a bo a falotsa Petere, yo le ene a neng a tsamaya mo godimo ga metsi mme a bo a simolola go nwela fa tumelo ya gagwe e ne e reketla. Gape Jesu o ne a laela phefo gore e kgaotse, gongwe a sireletsa barutwa ba gagwe gore ba se ka ba thubegelwa ke mokoro.
Jaanong Jesu o boetse mo letlhakoreng le le ka fa bophirima jwa lewatle, mo kgaolong ya Kaperenama. Batho ba a neng a ba fepile ka kgakgamatso ba a mmona ba bo ba mmotsa ba re: “O tlile leng fano?” Jesu o a ba kgalema, o ba bolelela gore ba a mmatla ka gonne ba solofetse gore o tla ba fepa gape. O ba kgothaletsa gore ‘ba se ka ba direla dijo tse di nyelelang, go na le moo, ba direle dijo tse di sa senyegeng tse di nayang botshelo jo bo sa khutleng.’ Ka jalo ba mmotsa ba re: “Re tshwanetse go dira eng gore re dire ditiro tse Modimo a di amogelang?”—Johane 6:25-28.
Ba ka tswa ba akantse ka ditiro tse go buiwang ka tsone mo Molaong wa ga Moshe, mme Jesu o bua ka tiro e e botlhokwa thata, a re: “Tiro e Modimo a e amogelang ke gore lo dumele mo go yo Modimo a mo romileng.” Le fa go ntse jalo, batho bano ga ba dumele mo go Jesu, go sa kgathalesege dilo tsotlhe tse a di dirileng. Ba batla gore a dire kgakgamatso mme ke gone ba tla dumelang mo go ene. Ba mmotsa ba re: “O tla dira eng? Borraaronamogolo ba ne ba ja mana kwa nageng, fela jaaka go kwadilwe go twe: ‘O ne a ba naya senkgwe se se tswang kwa legodimong gore ba se je.’”—Johane 6:29-31; Pesalema 78:24.
Fa Jesu a araba kopo ya bone ya gore a ba direle kgakgamatso, o ba tlhalosetsa Motswedi wa kgakgamatso ya dinkgwe, a re: “Ke a lo bolelela, Moshe ga a lo naya senkgwe se se tswang kwa legodimong, mme Rre ke ene a lo nayang senkgwe sa boammaaruri se se tswang kwa legodimong. Gonne senkgwe sa Modimo ke se se tswang kwa legodimong, se se nayang batho ba mo lefatsheng botshelo.” E re ka ba sa tlhaloganye se a se buang, ba mo kopa ba re: “Morena, re neye senkgwe seno ka metlha.” (Johane 6:32-34) Mme gone, Jesu o bua ka “senkgwe” sefe?
O tlhalosa jaana: “Ke nna senkgwe sa botshelo. Ope fela yo o tlang mo go nna ga a kitla a tshwarwa ke tlala, e bile ope fela yo o dumelang mo go nna ga a kitla a nyorwa. Mme fela jaaka ke lo boleletse, lo mpone, le fa go ntse jalo ga lo dumele. . . . Ke fologile kwa -legodimong go tla go dira thato ya yo o nthomileng, e seng thato ya me. Thato ya yo o nthomileng ke gore ke se ka ka latlhegelwa ke ope mo go botlhe ba a ba nneileng, mme ke ba tsose mo losong ka letsatsi la bofelo. Gonne thato ya ga Rre ke gore mongwe le mongwe yo o amogelang Morwa e bile a dumela mo go ene a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 6:35-40.
Batho ba a tenega, mme Bajuda ba simolola go ngongorega ka ene ba re: “Goreng a ka ipolela gore ke “senkgwe se se tswang kwa legodimong”? (Johane 6:41) Mo go bone, ke ngwana fela yo batsadi ba gagwe ba tswang kwa motseng wa Nasaretha kwa Galalea. Ba botsa jaana: “A yono ga se Jesu morwa Josefa, yo re itseng rraagwe le mmaagwe?”—Johane 6:42.
Jesu o ba raya a re: “Tlogelang go ngongorega. Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge, mme ke tla mo tsosa mo losong mo letsatsing la bofelo. Go kwadilwe mo mekwalong ya baporofeti go twe: ‘Botlhe ba tla rutiwa ke Jehofa.’ Mongwe le mongwe yo o utlwileng Rara e bile a ithutile, o tla mo go nna. Seo ga se reye gore go na le mongwe yo o kileng a bona Rara; yo o boneng Rara ke yo o tswang kwa Modimong. Ammaaruri ammaaruri ke a lo bolelela, yo o dumelang o tlile go bona botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 6:43-47; Isaia 54:13.
Fa Jesu a ne a bua le Nikodemo mo nakong e e fetileng, o ne a umaka botshelo jo bo sa khutleng a bo a bo amanya le go nna le tumelo mo go Morwa motho, a re: ‘Mongwe le mongwe yo o dumelang mo go [Morwa Modimo yo o tshotsweng a le esi] ga a ka ke a senngwa mme o tla nna le botshelo jo bo sa khutleng.’ (Johane 3:15, 16) Gone jaanong o bua le batho ba bantsi, o ba bolelela gore o na le seabe mo go reng ba bone botshelo jo bo sa khutleng, jo ba ka se bo neweng ke mana kgotsa ke senkgwe se se tlwaelegileng se se leng teng mo Galalea. Mme gone motho a ka dira eng gore a bone botshelo jo bo sa khutleng? Jesu o boeletsa mafoko ano a gagwe: “Ke nna senkgwe sa botshelo.”—Johane 6:48.
Motlotlo ono wa senkgwe se se tswang kwa legodimong o a tswelela, mme o ya magoletsa fa Jesu a ruta mo sinagogeng kwa Kaperenama.