Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Jesu—“Sengwè sa Amarure se se Cwañ Legodimoñ”
RURI letsatsi le ne le tletse ka ditiragalo. Jesu o ne a fepile diketekete mme a falotse boiteko jwa batho jwa go mo dira kgosi. Bosigong joo o ne a tsamaya mo godimo ga metsi ka dinao mo godimo ga lewatle la Galilea le le nang le matsubutsubu; a falotsa Petere, yo o neng a simolola go nwela fa a ne a tsamaya mo godimo ga metsi a a neng a kgarakgatshiwa ke diphefo; gape o ne a didimatsa makhubu go falotsa barutwa ba gagwe mo go nweleng ga sekepe.
Mo letsatsing le le latelang batho bao Jesu a neng a ba fepile ka kgakgamatso mo bokone-botlhaba jwa lewatle la Galilea ba mo fitlhela gaufi le Kaperenama. Fa a ba kgalemela, Jesu a re ba tlile go mmatla fela ka baka la gore ba ne ba lebeletse dijo tse dingwe tsa mahala. O ba kgothaletsa go berekela eseng dijo tse di nyelelang, mme ba batle tse di nnang gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng. Ka gone batho ba botsa ka go re: “Re na le go dihañ, gore re dihè ditihō tsa Modimo?”
Jesu o umaka tiro e le nngwe e e mosola thata. “Tihō ea Modimo ke e,” o a tlhalosa, “gore lo dumèlè mo go èna eo o mo romileñ.”
Lefa go ntse jalo, batho ga ba dumele mo go Jesu, go sa e kgathalesege dikgakgamatso tse a di dirileng. Letsatsi le le fetileng, o ne a fepa banna ba le 5 000 ka dikgakgamatso, gammogo le basadi le bana, mme le eleng jaanong. ba botsa jaana ka go sa dumele: “Me u dihañ hèla se e leñ seshupō, gore re bōnè, re bè re dumèlè mo go wèna? U dihañ? Borra echo ba ne ba ya mana mo nageñ; yaka go kwadilwe, ga twe, O ba neile senkgwè se se cwañ legodimoñ go se ya.”
Fa Jesu a arabela go batla sesupo ga bone, o phepafatsa Motswedi wa dipaakanyetso tsa dikgakgamatso, a re: “E ne e se Moshe eo o lo neileñ senkgwè se se cwañ legodimoñ; me Rrè o lo naea senkgwè sa amarure se se cwañ legodimoñ; Gonne senkgwè sa Modimo ke se se hologañ se cwa legodimoñ, me se naea lehatshe botshelō.”
“Morèna,” batho ba rialo, “re neè senkgwè seuō ka bosakhutleñ.”
“Ke nna senkgwè sa botshelō,” Jesu o a tlhalosa. “Eo o tlañ mo go nna ga a ketla a bolawa ke tlala, le eo o dumèlañ mo go nna ga a ketla a nyōrwa gopè. Me ke lo reile, ka re, Lo mponye, me leha go nntse yalo ga lo dumele. Botlhe ba Rara o ba nnaeañ ba tla tla mo go nna; me eo o tlañ mo go nna, ga nketla ke mo kgoromeletsa ntlè gopè. Gonne ke hologile kwa legodimoñ, ke sa tle go diha go rata ga me, ha e se go rata ga eo o nthomileñ. Me go rata ga eo o nthomileñ, ke go re, gotlhe mo o go nneileñ, ke se ka ka latlhègèlwa ke sepè, ha e se gore ke tlè ke se cosè mo letsatsiñ ya bohèlō. Gonne go rata ga Rrè ke mo, gore moñwe le moñwe eo o bōnañ Morwa Modimo, a mo dumèla, a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.”
Ka ntlha ya moo Bajuda ba simolola go ngongoregela Jesu ka ntlha ya gore o ne a re, “Ke nna senkgwè se se hologileñ se cwa legodimoñ.” Ga ba mmone e le ope fela fa e se morwa wa batsadi ba batho mme ka gone e le motho fela ka tsela e e tshwanang le batho ba Nasaretha: “Eo, a ga se Yesu, morwa Yosefe, eo bo rragwè le mmagwè re ba itseñ? o bua yañ gompiyeno, a re, Ke hologile ke cwa legodimoñ?”
“Se ñōñōregeñ mo go lona,” Jesu o arabela jalo. “Ga go motho opè eo o ka tlañ mo go nna, ha Rara eo o nthomileñ a sa mo goge: me ke tla mo cosa mo letsatsiñ ya bohèlō. Go kwadilwe mo baperofetiñ, ga twe, Me ba tla rutwa ke Modimo botlhe hèla. Moñwe le moñwe eo o utlwileñ mo go Rara, me a ithutile, o tla mo go nna. Ga se go re, moñwe o kile a bōna Rara, ha e se eo o cwañ kwa Modimoñ, ke èna eo o bonyeñ Rara. Amarure, amarure, kea lo raea, Eo o dumèlañ o na le botshelō yo bo sa khutleñ.”
Fa a tswelela, Jesu o boelela ka go re: “Ke nna senkgwè sa botshelō. Borra eno ba kile ba ya mana mo nageñ, me ba shule. Se ke shōna senkgwè se se hologañ se cwa legodimoñ, gore motho a se ye, mme a se ka a shwa. Ke nna senkgwè se se tshedileñ se se hologileñ se cwa legodimoñ: ha motho leha e le mañ a ya senkgwè se, o tla tshela ka bosakhutleñ.” Ee, ka go dumela mo go Jesu, yo Modimo o mo romileng, batho ba ka nna le botshelo jo bo sa khutleng. Ga go na mana, kana senkgwe sepe se se ntseng jalo, se se ka tlamelang ka jone!
Go lebega motlotlo kaga senkgwe se se tswang legodimong o ile wa simologa moragonyana fela ga batho ba fitlhela Jesu gaufi le Kaperenama. Mme o ne wa tswelela, wa ya godimo moragonyana fa Jesu a ne a ruta mo senagogeng mo Kaperenama. Yohane 6:26-51, 59; Pesalema 78:24; Isaia 54:13; Mathaio 13:55-57.
◆ Ke ditiragalo dife tse di ileng tsa salwa morago ke motlotlo wa ga Jesu malebana le senkgwe se se tswang legodimong?
◆ Mo ponong ya se Jesu a sa tswang go se dira, ke eng fa kopo ya sesupo e sa utlwale?
◆ Ke eng fa Bajuda ba ngongoregela maiphako a ga Jesu a gore ke senkgwe sa boammaaruri se se tswang kwa legodimong?
◆ Motlotlo kaga senkgwe se se tswang legodimong o ne wa nna gone kae?