Pego ya Baboledi ba Bogosi
Go Fenya Dikgwetlho mo “Nageng ya Dilo Tse di sa Lebelelwang”
MOAPOSETOLOI PAULO o ne a botsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba kwa Korintha jaana: “Fa terompeta e utlwatsa mokgosi o o sa utlwaleng sentle, ke mang yo o tla ipaakanyetsang tlhabano? Ka yone tsela eo gape, fa lona ka teme lo sa bue puo e e tlhaloganyesegang motlhofo, go tla itsiwe jang gore ke eng se se buiwang?”—1 Bakorintha 14:8, 9. Kwa Papua New Guinea, e ka dinako tse dingwe e bidiwang Naga ya Dilo Tse di sa Lebelelwang, Basupi ba ga Jehofa ba lebana le dikgoreletsi tse di kgobang marapo fa ba bolela molaetsa o o phepafetseng wa Baebele. Ba rerela batho ba ba buang dipuo tse di farologaneng tse di fetang 700 mme ba na le dingwao tse di farologaneng thata. Gape Basupi ba bereka tshimo ya dithaba, mafelo a a se nang ditsela le bokebekwa jo bo ntseng bo oketsega. Mo godimo ga mathata ano otlhe, go na le kganetso ya ditlhopha dingwe tsa bodumedi mme ka dinako tse dingwe, tota go tswa le mo badiredibagolo ba dikolo. Le fa go ntse jalo, thuto e e molemo ya semoya le laeborari e e ntseng e gola ya dibuka tse di thusang go ithuta Baebele ka dipuo tse di buiwang mo lefelong leo di dira gore Basupi ba siamele go bolela dikgang tse di molemo e le mokgosi o o utlwalang sentle wa torompeta. Gantsi batho ba arabela sentle, jaaka dipego tse di latelang di bontsha:
• Mo tshimologong ya ngwaga o mosha wa sekolo, morutabana mongwe o ne a batla go itse gore ke ka ntlha yang fa bana ba Basupi ba ga Jehofa ba sa dumedise folaga kana go opela pina ya setšhaba. O ne a lebisa potso ya gagwe mo go Maiola, yo e leng moithuti wa dingwaga di le 13 yo e leng Mosupi yo o kolobeditsweng. Maiola o ne a neela karabo ya tlhaloso e e phepafetseng e e theilweng mo Dikwalong.
Morutabana o ne a amogela tlhaloso ya gagwe ka gonne e ne e tswa mo Baebeleng. Tlhaloso ya gagwe e ne ya bolelelwa le setlhopha sotlhe sa barutabana ba sekolo. Moragonyana, fa baithuti ba fiwa tiro ya go kwala tlhamo, Maiola o ne a tlhopha setlhogo sa Tharonngwe. Tlhamo ya gagwe e ne ya newa maduo a a kwa godimo go gaisa tsotlhe mo tlelaseng, mme morutabana o ne a mmotsa gore o bone kae tshedimosetso eo. O ne a mmontsha buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka puo ya Seesemane. Morutabana o ne a bontsha tlelase yotlhe buka eno mme ba le bantsi ba ne ba batla dikhopi tsa bone ka namana. Letsatsi le le latelang, Maiola o ne a tsamaisa dibuka di le 14 le dimakasine di le 7 mo baithutingmmogo mme a simolola dithuto tsa Baebele le ba le bararo ba bone. Mokgele wa ga Maiola ke go nna modiredi wa nako e e tletseng.
• Setlhopha se se kwa thoko sa Basupi ba ga Jehofa kwa motseng o o bapileng le lewatle gaufi le Port Moresby se ile sa lebana le kganetso fa e sale ka bo1970. Le fa go ntse jalo, bosheng jaana, ba ne ba bona thuso go tswa kwa ba neng ba sa lebelela teng. Mobishopo mongwe wa Kereke ya United koo, yo e leng moagi wa Papua New Guinea yo o ithutileng kwa moseja, ka letsatsi lengwe o ne a kopa bareetsi go botsa dipotso. Monna mongwe o ne a botsa jaana: “Go na le madumedi a le mabedi mo motseng wa rona—Kereke ya United le Basupi ba ga Jehofa. Re tshwanetse go dira eng fa Basupi ba tla kwa matlong a rona?” Morago ga go didimala ka sebakanyana, mobishopo o ne a araba jaana: “Wa itse, tota ga ke itse gore nka go raya ka reng. Bosheng jaana, Basupi ba babedi ba basha ba ne ba tlile kwa ntlong ya me. Ba ne ba mpotsa potso, mme ka thapiso ya me yotlhe ya kwa yunibesithing, ke ne ke sa itse karabo. Mme ba ne ba nkaraba motlhofo fela go tswa mo Baebeleng. Ka jalo nka se go bolelele gore o dire eng—ke tla go tlogela gore o itirele tshwetso. Ga o tlhoke go ba reetsa fa o sa batle, mme o se ka wa ba galefela.” Moemedi mongwe yo o etang wa Mokgatlho wa Watch Tower yo moragonyana a ileng a etela setlhopha seno sa Basupi o bega jaana: “Mo e ka nnang mongwe le mongwe mo motseng o reetsa Basupi fa ba ya go rera. Ba bangwe ba bile ba ba laletsa mo matlong a bone. Gone jaanong ke lefelo le go leng monate go rera kwa go lone.”