Pego ya Baboledi ba Bogosi
Go Kgorisa Bao Ba Tshwerweng Ke Tlala ya Semoya—Kwa Sekolong
JESU o ne a bolela jaana mo Therong ya gagwe ya mo Thabeng: “Go segō ba ba humanegileñ mo moeñ.” (Mathaio 5:3) Bana ba le bantsi ba sekolo ba nyoretswe kitso ya Modimo le maikaelelo a gagwe a a molemolemo. Ba batla dikarabo tsa dipotso tse di mabapi le botshelo gape ba batla go itse mokgwa o ba tshwanetseng go tshela ka one gore ba tle ba amogelwe ke Modimo le go nna ba itumetse. Seno se ne sa bonala sentle kwa sekolong sengwe kwa British Virgin Islands. Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa koo o tlhalosa jaana:
◻ “Ke ne ke le kwa kokoanong nngwe ya batsadi le barutabana kwa sekolong se se leng mo lefelong la rona, mme go ile ga buiwa thata ka dikgang tse di amanang le diokobatsi, go nwa, go intsha mmogo, go lebelela thelebishene, maduo, le dikgang tse dingwe, ka jalo, ke ne ka fetsa ka gore ke tseye buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang Le Tharabololo mme ke e neele mogokgo wa sekolo wa mosadi. Morago ga fa a sena go tlhatlhoba buka eno, o ne a re e ne e le sone se tota ba neng ba se tlhoka mme a mpotsa gore a go ka kgonega gore sekolo se ka bonela mongwe le mongwe wa barutwana ba ba 120 kopi ya buka eno. Ke ne ka buisana le bagolwane ba phuthego ka kgang eno, mme ba ne ba fetsa ka gore ba abele sekolo dibuka tseno mahala. Fa re umaka kgang eno, barutabana ba ne ba re kopa gore re rolele setlhopha seo sa barutwana dibuka tseno. Go ne ga ya Basupi ba le babedi, mme barutwana ba ne ba tletse ka phaposi ba di emetse. Bakaulengwe bano ba ne ba bua le bone sebaka sa halofo ya ura, mme ba ne ba ba balela maitemogelo a a tswang mo dimakasening tsa Mokgatlho wa Watch Tower a a bontshang ka tsela eo buka eno e thusitseng basha le bagolo ka teng. Morago ga moo dibuka tseno di ne tsa abelwa barutwana bano ba ba neng ba gakaletse go di bona.”
Go a itumedisa go itse gore sekolo se ne sa fetsa ka gore se dirise buka eno jaaka karolo ya dithuto tsa ka metlha tsa mophato wa bone le wa botlhano. Tota e tla arabela dipotso tse dintsi tse barutwana bano ba neng ba na le tsone mabapi le botshelo le isagwe.
Go Kgorisa Bao Ba Tshwerweng Ke Tlala ya Semoya—Kwa Papua New Guinea
Maitemogelo ano a a latelang a ne a tswa kwa molebeding yo o etang. A supa ka moo batho kwa nageng eo ba tshwerweng ke tlala ya semoya ka teng le ka moo dikgatiso tsa rona tse di thailweng mo Bibeleng di leng mosola ka gone mo go ba kgoriseng.
◻ “Ereka ke ne ke sa kgone go etela motse wa Kamberatoro,” go ne ga bolela jalo molebedi yoo, “ke ne ka senya nako e ntsi ke dira le phuthego e potlana ya kwa Vanimo. Go na le batho ba le bantsi ba ba kgatlhegang koo. Batho ba le mmalwa ba ba tswang kwa Bewani ba ne ba amogela dikgatiso. Monna mongwe o ne a nkopa gore ke etele motse ono, mme o tla mpha marobalo. Batho ba le bantsi ba tlwaelane le dikgatiso tsa rona. Nako le nako fa re ya kwa toropong ya Vanimo, re ne re felelwa ke dibuka lefa ebile re tshotse dibokoso di le tharo tsa dibuka. Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela e tsewa e le botlhokwa fela jaaka gouta. Batho ba e batla tota. Dibuka tse ke neng ke di tshotse di ne tsa tsamaya ka bonako tota. Fa re ne re bontsha batho dibuka tsa rona, bangwe ba ne ba re botsa ba re: ‘Buka e e mmala o o serolwana e kae?’ Monna mongwe o ne a otora di le thataro. O ne a nnaya leina la gagwe le aterese mme a nkopa gore ke dire gore go itsisiwe mo radiong fa ke di bone. Mme morago ga moo o tla tswa motseng wa gagabo go tla go di tsaya.” Molebedi yono yo o etang o oketsa ka go re: “Ke ne ka fitlhela gore batho ba le bantsi kwa Vanimo ba ne ba amogela buka ya Matsapa A A Tserweng Ke Motho Go Batla Modimo le ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo.”
Seno se supa ka moo batho ba ba dipelo di ikanyegang ba batlang ka teng dijo tsa semoya tseo di fitlhelwang mo Bibeleng le mo dikgatisong tseo Jehofa a di ntshang ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47) Abo Basupi ba ga Jehofa ba itumela jang ne go bo ba kgona go thusa batho bano bao ba batlang tota boammaaruri!
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Go neela bosupi kwa Papua New Guinea