LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 10/1 ts. 19
  • ‘Go Itumela Ba Ba Tshwerweng ke Tlala Semoyeng’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Go Itumela Ba Ba Tshwerweng ke Tlala Semoyeng’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Kgorisa Bao Ba Tshwerweng Ke Tlala ya Semoya—Kwa Sekolong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Kafa Bangwe ba Boneng Dikarabo ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Go Amogela Mafoko a a Molemo kwa Belgium
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • “Go Tlhōgōnōlō Motho Eo O Bōnañ Botlhale”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 10/1 ts. 19

Pego ya Baboledi ba Bogosi

‘Go Itumela Ba Ba Tshwerweng ke Tlala Semoyeng’

JESU o ne a bolela jaana: “Go itumela ba ba amegileng ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3, NW) Batho ba ba ntseng jalo ba tla batla tshedimosetso e e nayang botshelo go tswa mo Lefokong la Modimo, ebong Bibela, mme fa ba nna le kitso eno e tla ba gogela kwa botshelong jo bo sa khutleng.—Mathaio 4:4; Yohane 17:3.

◻ Motho mongwe yo o neng a tshwerwe ke tlala semoyeng mo nageng nngwe ya Afrika o ne a tsamaya sebaka sa diura di le nne mo serameng le mo lefifing a batla sekaelo sa Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela. Fa a fitlha kwa motseng mongwe o Basupi ba ga Jehofa ba neng ba rera mo go one, o ne a swaba tota go fitlhela gore buka ya bofelo e fetsa go tsamaisiwa. O ne a nna mo motseng oo ka malatsi a le mararo go fitlhelela dibuka tse di oketsegileng di bonwa, mme e ne ya re kgabagare a itumelela gore a bo a na le tshedimosetso eno e e molemo ya semoya.

Ka kgwedi ya fa ba ne ba dira mo karolong eno eo e neng e sa berekwe, Basupi ba ne ba tsamaisa dibuka di le 55, diboroutšhara di le 365, le dimakasine di le 145, mme ba ne ba bona dipeeletso di le 5. Ba ne ba itumetse tota fa e ne ya re, fa ba tsamaya, bagolo le bana ba ne ba tsamaya ba goeletsa kafa morago ga bone ka puo ya se Kpelle ba re: “Ekete Jehofa a ka nna le lona!” Go dirwa boiteko jwa go boela kwa bathong ba ba kgatlhegang.

Motho yo mongwe mo go yone naga eo le ene o ne a tsherwe ke tlala semoyeng. E ne e le motshwaramatlotlo mo kerekeng ya gagwe ebile e le moeteledipele mo go tsa boitlosobodutu mo nageng ya gaabo. Fa Basupi ba ne ba mo etela, o ne a dumalana a tsholola dikeledi gore kereke e ne e sa kgone gotlhelele go fitlhelela dipatlafalo tsa Bibela tsa Bokeresete. Basupi ba ne ba mmontsha go tswa mo Bibeleng ya gagwe ka namana gore a ka bona jang bodumedi jwa boammaaruri. Morago ga moo o ne a nna gone kwa dipokanong tse pedi kwa Holong ya Bogosi mme morago ga moo o ne a bolela jaana: “Seo ke neng ka se bona le se ke neng ka se utlwa eleruri se ne sa ntlhatswa pelo gore selo seno ke boammaaruri.” O ne a kgatlhilwe ke dipokano le ke tsela e ba ba neng ba le gone ba neng ba itshwara ka yone. O ne a bona gore se Basupi ba ba neng ba mo etetse ba neng ba se bolela e ne e se selo se ba se itlhametseng mme e ne e le selo sa mmatota. Go tloga fela ka nako eo o ne a tsaya dikgato tsa go tswa mo kerekeng, mme seno se ne sa felela ka bosupi jo bo molemo thata mo motseng.

◻ Morongwa mongwe yo a neng a ruta katekisima wa Mo-Melanesia kwa New Caledonia o ne a tshwerwe ke tlala ya semoya. O ne a bona sekaelo sa buka ya Boamarure Jo Bo Isang Botshelong Jo Bosakhutleng mo godimo ga tafole mo ntlong ya ga mmaagwe, mme o ne a bala kgaolo 2 le 3. Ditemana tsa Bibela tse di neng tsa tlotliwa mo bukeng eo tsa Ekesodo 20:4, 5 le Yohane 4:23, 24 di ne tsa ama pelo ya gagwe. Ka ntlha ya seo ditemana tseno di le bolelang, o ne a botsa mopereseti wa gagwe gore ke ka ntlha yang fa Kereke ya Katoliki e letla go dirisiwa ditshwantsho mo kobamelong. Moperesiti o ne a se ka a araba potso eo. Monna yono o ne a ya kwa go di le mmalwa tsa ditlhopha tse dingwe tsa bodumedi tsa “Bokeresete,” mme ga di a ka tsa mo neela dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tsa gagwe. Kwa bokhutlong o ne a swetsa ka gore a nne gone kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa le mmaagwe, yo o neng a setse a bontshitse gore o kgatlhegela boammaaruri. Lorato lo a neng a lo bona mo gare ga Basupi le dithuto tsa bone tse di theilweng mo Bibeleng di ne tsa mo kgatlha thata.

Lefa go ne go le kgakala, o ne a nna a ema fa thoko ga tsela a kopa boradijanaga go mo pega go ya kwa dipokanong, a amogela boammaaruri ka bonako, mme o ne a kolobediwa. Gone jaanong ke motlhanka wa bodihedi. Mmaagwe le bokgaitsadie ba le babedi le bone ba ne ba nna Basupi ba ga Jehofa. Monna yo mmotlana yono o ne a rera mo morafeng waabo mme a simolola dithuto di le dintsi tsa Bibela. Jaanong ba le mmalwa ba bone ba nna gone kwa dipokanong mo karolong eno—gotlhe gono e le ka gonne lekawana leno le ne la bona buka e e tlhalosang Bibela mo godimo ga tafole, le ne la e ithuta, mme la dumela seo le neng le se ithuta mme la se dirisa.

Jehofa o na le thulaganyo e e molemo thata ya go fepa batho semoyeng, mme matšhutitšhuti a batho a solegelwa molemo ke yone. Isaia o ne a bolelela pele ka yone ka tlhamalalo fa a ne a bolela jaana: “Bonañ, batlhanka ba me ba tla ya, me lona [maloko a bodumedi jwa maaka] lo tla bolawa ke tlala.” (Isaia 65:13) Go itumela rona fa re solegelwa molemo ke thulaganyo eo Jehofa a e dirileng go re fepa ka re tshwerwe ke tlala ya semoya.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela