LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 10/1 ts. 10-15
  • Lefoko la Modimo le Nnela Ruri

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefoko la Modimo le Nnela Ruri
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa le Lebane le Maiteko A go Le Fedisa
  • Go Dibela Lefoko Kgatlhanong le Dilabe
  • Molaetsa o Ralala Lefatshe Lotlhe
  • Jehofa o Bua le Rona ka Puo E re E Tlhaloganyang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Thuto ya bo 6—Tshedimosetso ya Bokeresete ya Segerika ya Dikwalo tse di Boitshepo
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Dibaebele—Goreng di le Dintsi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Kafa Baebele e Tlileng Mo go Rona ka Teng
    Tsogang!—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 10/1 ts. 10-15

Lefoko la Modimo le Nnela Ruri

“Lefoko la Modimo wa rona le tlaa ema ka bosakhutleng.”—ISAIA 40:8.

1. (a) Mafoko a fano a reng ke “lefoko la Modimo wa rona” a kaya eng? (b) Ditsholofetso tsa batho di farologana jang le lefoko la Modimo?

BATHO ba rata go ikanya ditsholofetso tsa banna le basadi ba maemo a a kwa godimo. Mme go sa kgathalesege gore ditsholofetso tseno di ka tswa di bonala di kgatlha go le kana kang mo bathong ba ba batlang go tokafatsa matshelo a bone, di ntse jaaka dithunya tse di swabileng fa di bapisiwa le lefoko la Modimo wa rona. (Pesalema 146:3, 4) Dingwaga di le 2700 tse di fetileng, Jehofa Modimo o ne a tlhotlheletsa moporofeti Isaia go kwala jaana: “Nama yotlhe ke bojang; le bontle jotlhe jwa yone bo ntse jaaka sethunya sa naga. . . . Bojang bo tle bo omelele, sethunya se swabe; mme lefoko la Modimo wa rona le tlaa ema ka bosakhutleng.” (Isaia 40:6, 8) “Lefoko” leo le le nnelang ruri ke eng? Ke polelo ya Modimo ka boikaelelo jwa gagwe. Gompieno re na le “lefoko” leo le kwadilwe e le Baebele.—1 Petere 1:24, 25.

2. Jehofa o ne a diragatsa lefoko la gagwe malebana le Iseraele wa bogologolo le Juda go sa kgathalesege boikutlo le ditiro dife?

2 Batho ba ba neng ba tshela ka nako ya Iseraele wa bogologolo ba ne ba bona go diragadiwa ga boammaaruri jo Isaia a bo kwadileng. Jehofa o ne a bolelela pele ka baporofeti ba gagwe gore, ka ntlha ya go sa ikanyege mo go ene ka boomo, bogosi jwa Iseraele jwa ditso tse di lesome mme morago le jwa Juda jwa ditso tse pedi bo ne bo tla isiwa botshwarwa. (Jeremia 20:4; Amose 5:2, 27) Le mororo ba ne ba bogisa, ba bo ba bolaya baporofeti ba ga Jehofa, ba fisa memeno e e neng e na le molaetsa wa Modimo o o tlhagisang mme ba kopa Egepeto gore e ba thuse ka masole gore molaetsa oo o se ka wa diragadiwa, lefoko la ga Jehofa ga le a ka la palelwa ke go diragadiwa. (Jeremia 36:1, 2, 21-24; 37:5-10; Luke 13:34) Mo godimo ga moo, tsholofetso ya Modimo ya gore o tla busetsa masalela a Bajuda a a ikwatlhayang kwa nageng ya bone e ne ya diragadiwa ka tsela e e gakgamatsang.—Isaia, kgaolo 35.

3. (a) Ke ditsholofetso dife tse di kwadilweng ke Isaia tse di re kgatlhang thata? (b) Ke ka ntlha yang fa o tlhatswegile pelo gore tota dilo tseno di tla diragala?

3 Jehofa o ne a bolelela pele ka Isaia, gore batho ba tla busiwa ka tshiamo ke Mesia, ba tla gololwa mo boleong le mo losong le go fetolwa ga lefatshe go nna paradaise. (Isaia 9:6, 7; 11:1-9; 25:6-8; 35:5-7; 65:17-25) A dilo tseno le tsone di tla diragala? Ga go na pelaelo le e seng! “Modimo [o ka se ka wa] aka.” O dirile gore lefoko la gagwe la boporofeti le kwalwe gore re solegelwe molemo mme o tlhomamisitse gore le bolokilwe.—Tito 1:2; Baroma 15:4.

4. Le mororo mekwalo ya Baebele ya ntlhantlha e ile ya se ka ya bolokiwa, ke jang go leng boammaaruri gore lefoko la Modimo le a “tshela”?

4 Jehofa ga a ka a boloka mokwalo wa seatla wa ntlhantlha o bakwadi ba gagwe ba bogologolo ba neng ba kwala boporofeti joo mo go one. Mme “lefoko” la gagwe, maikaelelo a gagwe a a boleletsweng, le itshupile e le lefoko le le tshelang. Maikaelelo ao a gatela pele a sa kgorelediwe ke sepe mme fa a ntse a dira jalo, megopolo le maikutlo a a boteng a batho ba matshelo a bone a amiwang ke one a a bonala. (Bahebera 4:12) Mo godimo ga moo, pego ya hisitori e supa gore go bolokiwa le go ranolwa ga Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng ka botsone go dirilwe ka kaelo ya Modimo.

Fa le Lebane le Maiteko A go Le Fedisa

5. (a) Kgosi ya Siria e ile ya dira maiteko afe a go senya Dikwalo Tsa Sehebera? (b) Ke ka ntlha yang fa e ile ya palelwa?

5 Mo makgetlhong a mantsinyana, babusi ba ile ba leka go senya mekwalo e e tlhotlheleditsweng. Ka 168 B.C.E., Kgosi ya Siria Antiochus Epiphanes (yo o tshwantshitsweng mo tsebeng ya 10) o ne a tlhomela Zeus aletara mo tempeleng e e neng e neetswe Jehofa. O ne gape a senka ‘dibuka tsa Molao,’ a di fisa a bo a bolela gore motho ope fela yo o nang le Dikwalo tse di ntseng jalo o tla bolawa. Go sa kgathalesege gore o ne a fisa dikhopi di le kana kang kwa Jerusalema le kwa Judea, ga a ka a kgona go fedisa Dikwalo gotlhelele. Dikolone tsa Juda di ne di gasame mo dinageng di le dintsi ka nako eo mme sinagoge nngwe le nngwe e ne e na le memeno ya yone.—Bapisa Ditiro 13:14, 15.

6. (a) Ke boiteko bofe jo bogolo jo bo ileng jwa dirwa go senya Dikwalo tse di neng di dirisiwa ke Bakeresete ba bogologolo? (b) Matswela e nnile afe?

6 Ka 303 C.E., Mmusimogolo wa Roma e bong Diocletian le ene ka tsela e e tshwanang o ne a laela gore mafelo a bokopanelo a Bakeresete a senngwe mme ‘Dikwalo tsa bone di fisiwe ka molelo.’ Tshenyo eo e ne ya tswelela pele ka dingwaga di le lesome. Le mororo pogiso e ne e boitshega jalo, Diocletian ga a ka a atlega go fedisa Bokeresete, e bile Modimo ga a ka a letlelela badiredi ba mmusimogolo yoo go senya dikhopi tsotlhe le fa e le karolo e le nngwe fela ya Lefoko la Gagwe le le tlhotlheleditsweng. Mme tsela e baganetsi ba neng ba itshwara ka yone ka ntlha ya go anamisiwa le go rerwa ga Lefoko la Modimo, e ne e senola se se leng mo dipelong tsa bone. Ba ne ba itshupa e le banna ba ba foufaditsweng ke Satane ba ba diragatsang thato ya gagwe.—Johane 8:44; 1 Johane 3:10-12.

7. (a) Go ne ga dirwa maiteko afe go kgoreletsa go anamisiwa ga kitso ya Baebele kwa Yuropa bophirima? (b) Ke eng se se neng sa fitlhelelwa fa go ne go ranolwa le go gatisiwa Baebele?

7 Maiteko a go kganela go anamisiwa ga kitso ya Baebele le one a ne a tla ka ditsela tse dingwe. Ka nako ya fa Selatine e ne e sa tlhole e le puo e e buiwang letsatsi le letsatsi, e ne e se babusi ba baheitane mme e ne e le batho ba ba ipitsang Bakeresete—Mopapa Gregory VII (1073-85) le Mopapa Innocent III (1198-1216)—ba ba neng ba nna kgatlhanong thata le go ranolwa ga Baebele mo dipuong tse di diriswang ke batho ba e seng ba maemo. Ka maiteko a go kganela kganetso kgatlhanong le taolo ya kereke, ka 1229, Lekgotla la Katoliki ya Roma ya Toulouse, kwa Fora, le ne la laela gore batho ba e seng ba maemo ga ba tshwanelege go nna le dibuka tsa Baebele ka puo e e neng e buiwa ke bontsi jwa batho. Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi e ne ya dirisiwa ka tsela e e setlhogo go gagamatsa molao ono. Le fa go ntse jalo, morago ga dingwaga di le 400 tsa Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi, batho ba ba ratang Lefoko la Modimo ba ne ba setse ba ranotse Baebele yotlhe e bile ba ne ba anamisa dikgatiso tsa yone ka dipuo di ka nna 20 le maleme a mangwe mo godimo ga ao mme dikarolo tsa yone tsa konokono ka maleme a mangwe a le 16.

8. Mo lekgolong la bo19 la dingwaga, go ne ga diragala eng mo tirong ya go ranola le go anamisa Baebele kwa Russia?

8 E ne e se Kereke ya Katoliki ya Roma fela e e neng e leka go kganela batho ba e seng ba maemo go nna le Baebele. Bogologolo mo lekgolong la bo19 la dingwaga, Pavsky, porofesa kwa St. Petersburg Academy of Divinity, o ne a ranolela Efangele ya ga Mathaio go tswa mo puong ya Segerika go ya mo puong ya Se-Russia. Dibuka tse dingwe tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika le tsone di ne tsa ranolelwa mo puong ya Se-Russia mme Pavsky o ne a nna morulaganyi wa tsone. Di ne tsa anamisiwa thata go fitlha ka 1826 fa baruti ba ne ba dira maano a go tlhotlheletsa mmusimogolo o ne a tlhotlhelediwa gore a dire gore Mokgatlho wa Baebele wa Russia o okamelwe ke “Sinoto e e Boitshepo” ya Kereke ya Orthodox ya Russia, e e neng ya kgona go thibela ditiro tsa one ka botlalo. Moragonyana Pavsky o ne a ranolela Dikwalo Tsa Sehebera go tswa mo Sehebereng go ya mo puong ya Se-Russia. Mo e ka nnang ka yone nako eo, Makarios, morongwa wa Kereke ya Orthodox le ene o ne a ranolela Dikwalo Tsa Sehebera go tswa mo Sehebereng go ya mo puong ya Se-Russia. Ka bobedi jwa bone ba ne ba otlhaelwa ditiro tsa bone mme dithanolo tsa bone di ne tsa tsenngwa mo mabolokelong a kereke. Kereke e ne e ititeile sehuba go boloka Baebele e le mo puong ya bogologolo ya Se-Slavonia, e ka nako eo e neng e sa balwe kana e sa tlhaloganngwe ke batho ba e seng ba maemo. Ke fela fa maiteko a batho a go batla go nna le kitso ya Baebele a ne a sa tlhole a kgona go kganelwa “Sinoto e e Boitshepo” e ileng ya simolola thanolo e e dumalanang le yone ka 1856, e dira jalo ka dikaelo tse di neng di dirilwe ka kelotlhoko go tlhomamisa gore mafoko a a dirisiwang a tla dumalana le megopolo ya kereke. Ka jalo, malebana le go anamisiwa ga Lefoko la Modimo, go ne ga dirwa pharologano fa gare ga se baeteledipele ba bodumedi ba itshupang ba le sone kafa ntle le se tota ba leng sone, jaaka go supiwa ke mafoko a bone le ditiro tsa bone.—2 Bathesalonika 2:3, 4.

Go Dibela Lefoko Kgatlhanong le Dilabe

9. Baranodi bangwe ba Baebele ba ne ba supa jang gore ba rata Lefoko la Modimo?

9 Fa gare ga batho ba ba neng ba ranola le go kwalolola Dikwalo go ne go na le banna ba tota ba neng ba rata Lefoko la Modimo mme ba dira maiteko a magolo go dira gore mongwe le mongwe a nne le lone. William Tyndale e ne ya nna moswelatumelo (ka 1536) ka ntlha ya se a se dirileng go dira gore Baebele e nne teng ka Seesemane. Francisco de Enzinas o ne a tsenngwa mo kgolegelong ke Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi ya Katoliki (morago ga 1544) ka go bo a ne a ranotse le go gatisa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka Se-Spain. Robert Morrison o ne a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing (go tloga ka 1807 go ya go 1818) ka go ranolela Baebele mo Setšhaeneng.

10. Ke dikai dife tse di supang gore go na le baranodi ba ba neng ba tlhotlhelediwa ke dilo tse dingwe e seng ke go rata Lefoko la Modimo?

10 Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, bakwalolodi le baranodi ba ne ba tlhotlhelediwa ke maitlhomo a sele mo go se ba neng ba se dira e seng ke go tseela Lefoko la Modimo kwa godimo. Akanya ka dikai tseno tse nnè: (1) Basamaria ba ne ba aga tempele kwa Thabeng ya Geresima e le gore e gaisane le tempele e e kwa Jerusalema. Go tshegetsa seo, go ne ga dirwa phetogo mo Dibukeng Tsa Ntlha Tse Tlhano tsa Sesamaria mo go Ekesodo 20:17. Go ne ga tsenngwa molao wa gore go agiwe aletara ya lentswe kwa Thabeng ya Geresima le gore go ntshediwe ditlhabelo gone e kete e ne e le karolo ya Melao e e Lesome. (2) Motho yo e neng ya nna ene wa ntlha go ranola buka ya Daniele mo go Septuagint ya Segerika o ne a ipagololela mogodu. O ne a tsenya dipolelo tse a neng a akanya gore di ne di tla tlhalosa kana di tla tokafatsa se se neng se le mo mokwalong wa Sehebera. O ne a tlogela ditlhaloso tse a neng a akanya gore babadi ba ne ba se kitla ba di amogela. Fa a ne a ranola boporofeti jo bo malebana le nako ya go tla ga Mesia, jo bo mo go Daniele 9:24-27, o ne a sokamisa nako e e boletsweng mme a oketsa, a fetola a bo a refosanya mafoko, gongwe a dira jalo ka maikaelelo a gore go bonale e kete boporofeti joo bo tshegetsa ntwa ya setlhopha sa Maccabees. (3) Mo lekgolong la bonè la dingwaga C.E., mo pegong ya Selatini, go bonala fa mmueledi mongwe yo o tlhoafeletseng Thuto ya Tharonngwe thata a ile a tsenya mafoko “kwa legodimong, Rara, Lefoko le moya o o boitshepo; mme boraro jono bo bongwe” jaaka e kete mafoko ano a ne a nopotswe go tswa mo go 1 Johane 5:7. Moragonyana temana eo e ne ya tsenngwa mo mokwalong wa seatla wa Baebele ya Selatini. (4) Louis XIII (1610-43), kwa Fora, o ne a laela Jacques Corbin go ranolela Baebele mo Seforeng go kgoreletsa maiteko a Baporotesetanta. A akantse ka seo, Corbin o ne a dira diphetogo dingwe tsa mokwalo, a akaretsa kgang ya “setlhabelo se se boitshepo sa Mmisa” mo go Ditiro 13:2.

11. (a) Lefoko la Modimo le ile la nnela ruri jang go sa kgathalesege go sa tshepege ga baranodi bangwe? (b) Go na le mekwalo ya seatla e le kana kang go supa se Baebele e neng ya se bolela kwa tshimologong? (Bona lebokoso.)

11 Jehofa ga a ka a kganela diphoso tse di ntseng jalo go tsena mo Lefokong la gagwe, e bile ga di a fetola boikaelelo jwa gagwe. Di ne tsa nna le matswela afe? Go oketsa sengwe se se buang ka Thaba ya Geresima ga go a ka ga dira gore tumelo ya Sesamaria e nne sedirisiwa se Modimo a neng a segofatsa batho ka sone. Go na le moo, go ne ga neela bosupi jwa gore, le mororo tumelo ya Sesamaria e bolela gore e dumela Dibuka Tsa Ntlha Tse Tlhano, e ne e ka se ka ya ikanngwa gore e ka ruta boammaaruri. (Johane 4:20-24) Go sokamisiwa ga mafoko mo Septuagint ga go a ka ga thibela Mesia go tla ka nako e e boleletsweng pele ke moporofeti Daniele. Mo godimo ga moo, tota le fa Septuagint e ne e dirisiwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go bonala fa Bajuda ba ne ba tlwaetse go utlwa Dikwalo di balwa ka Sehebera kwa disinagogeng tsa bone. Ka ntlha ya seo, “batho ba ne ba le mo tebelelong” fa nako ya go diragadiwa ga boporofeti joo e atamela. (Luke 3:15) Fa e le ka diphetogo tse di neng tsa tsenngwa mo go 1 Johane 5:7 go tshegetsa Tharonngwe le Ditiro 13:2 go tshegetsa thuto ya Mmisa, ga di a ka tsa fetola se e leng boammaaruri. Mme fa nako e ntse e ya boferefere joo bo ne jwa senolwa ka botlalo. Mekwalo e mentsi ya seatla ya puo ya ntlhantlha ya Baebele e thusa batho go tlhatlhoba thanolo epe gore a e boammaaruri.

12. (a) Ke diphetogo dife tse di masisi tse baranodi bangwe ba Baebele ba neng ba di dira? (b) Di ne tsa ya bokgakaleng bofe?

12 Maiteko a mangwe a go fetola Dikwalo a ne a akaretsa mo go fetang fela go fetola mafoko mo ditemaneng di le mmalwa. A ne a akaretsa go tlhasela Modimo wa boammaaruri ka boene. Mofuta wa diphetogo tseo le bogolo jwa tsone bo supa sentle gore tlhotlheletso eo e tswa mo mongweng yo o maatla thata go gaisa motho ope kana mokgatlho ope wa batho—ee, e tswa mo mmabeng yo mogolo wa ga Jehofa, Satane Diabolo. Ka ntlha ya go ineela mo tlhotlheletsong eo, baranodi le bakwalolodi bangwe ba ne ba simolola go tlosa leina la Modimo Jehofa mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng mo mafelong a a diketekete mo le neng le tlhagelela teng, ba bangwe ba dira jalo ba tlhoafetse, ba bangwe ba sa rate. Bogologolonyana, dithanolo dingwe tse di ranotsweng go tswa mo Sehebereng go ya mo dipuong tsa Segerika, Selatini, Sejeremane, Seesemane, Sentadiana le Se-Dutch, gare ga tse dingwe, di ile tsa tlogela go tsenya leina la Modimo gotlhelele kana tsa le tsenya fela mo mafelong a le mmalwa. Gape le ile la ntshiwa mo dikhoping tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika.

13. Ke ka ntlha yang fa maiteko a a neng a aname a go fetola Baebele a ile a se ka a dira gore leina la Modimo le tlosiwe mo megopolong ya batho?

13 Le fa go ntse jalo, leina leo le le galalelang ga le a ka la tlosiwa mo megopolong ya batho. Baranodi ba ba neng ba ranolela Dikwalo Tsa Sehebera mo dipuong tsa Se-Spain, Sepotokisi, Sejeremane, Seesemane, Sefora le tse dingwe tse dintsi, ba ne ba akaretsa leina la Modimo ka botshepegi. Mo lekgolong la bo16 la dingwaga, leina la Modimo le ile la simolola go tlhaga gape mo dithanolong tse di farologaneng tsa Sehebera tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika; mo lekgolong la bo18, ka Sejeremane; mo lekgolong la bo19, ka Se-Croatia le ka Seesemane. Tota le fa batho ba ka leka go fitlha leina la Modimo, fa “letsatsi la ga Jehofa” le tla, ka nako eo, jaaka Modimo a bolela, ‘merafe e tla itse fa ke le Jehofa.’ Boikaelelo jo bo boleletsweng joo jwa Modimo ga bo kitla bo palelwa ke go diragala.—2 Petere 3:10; Esekiele 38:23; Isaia 11:9; 55:11.

Molaetsa o Ralala Lefatshe Lotlhe

14. (a) Mo lekgolong la bo20 la dingwaga, Baebele e ne e gatisitswe mo dipuong di le kae tsa kwa Yuropa, mme matswela e nnile afe? (b) Kwa bokhutlong jwa 1914, Baebele e ne e le teng ka dipuo di le kae tsa Afrika?

14 Kwa tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga, Baebele e ne e setse e gatisitswe ka dipuo di le 94 tsa Yuropa. E ne ya tsibosa baithuti ba Baebele mo karolong eo ya lefatshe gore ditiragalo tse di botlhokwa thata di tla diragala ka nako ya bofelo jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914, mme tota di ne tsa diragala! (Luke 21:24) Pele ga ngwaga o o botlhokwatlhokwa oo wa 1914 o fela, Baebele, e feletse kana dibuka dingwe tsa yone, e ne ya gatisiwa ka dipuo di le 157 tsa Afrika, mo godimo ga dipuo tse di dirisiwang thata tsa Seesemane, Sefora le Sepotokisi. Ka jalo go ne go theilwe motheo wa go ruta batho ba ba ikokobeditseng ba ditso di le dintsi le ditlhopha tsa ditšhaba tse di nnang koo boammaaruri jwa Baebele jo bo gololang mo semoyeng.

15. Fa malatsi a bofelo a ne a ntse a simologa, Baebele e ne ya nna teng go ya bokgakaleng jo bo kana kang mo dipuong tsa batho ba kwa Amerika?

15 Fa lefatshe le ne le tsena mo nakong ya malatsi a bofelo a a boleletsweng pele, Baebele e ne e aname thata kwa Amerika. Bafudugi ba ba tswang kwa Yuropa ba ne ba tlile le yone ka dipuo tsa bone tse di farologaneng. Go ne ga nna le thulaganyo e kgolo ya thuto ya Baebele, ka dipuo tsa phatlalatsa le go anamisiwa go golo ga dibuka tsa Baebele tse di gatisitsweng ke Baithuti ba Baebele ba Ditšhabatšhaba, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsege ka nako eo. Mo godimo ga moo, go gatisiwa ga Baebele go ne go setse go dirilwe ke mekgatlho ya Dibaebele mo dipuong tse dingwe di le 57 go thusa baagi ba Hemisefere ya Bophirima ka dilo tse ba di tlhokang.

16, 17. (a) Baebele e ne e le teng go ya bokgakaleng jo bo kana kang fa nako ya go rera mo lefatsheng lotlhe e ne e fitlha? (b) Baebele e itshupile jang gore tota ke buka e e nnetseng ruri le e e tlhotlheletsang thata?

16 Fa nako e ne e fitlha ya gore go rerwe dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe pele ga ‘bokhutlo bo ka tla,’ Baebele e ne e se selo se sesha kwa Asia le kwa ditlhaketlhakeng tsa Pacific. (Mathaio 24:14) E ne e setse e gatisitswe ka dipuo di le 232 tse di buiwang mo karolong eo ya lefatshe. Tse dingwe e ne e le Dibaebele tse di feletseng; bontsi jwa tsone e ne e le dithanolo tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika; tse dingwe e ne e le buka e le nngwe ya Dikwalo tse di Boitshepo.

17 Go mo pepeneneng gore, Baebele ga ya ka ya nna selo fela se se kgabisitseng kwa musiamong. Mo dibukeng tsotlhe tse di leng teng, e ne e le buka e e ranotsweng le go anamisiwa thata go gaisa tsotlhe. Go dumalana le bosupi jwa gore e tshegediwa ke Modimo, se se neng se kwadilwe mo go yone se ne sa diragala. Dithuto tsa yone le moya o e tlhotlheleditsweng ka one le tsone di ne di ama matshelo a batho mo dinageng di le dintsi. (1 Petere 1:24, 25) Mme dikgolo di ne di sa ntse di tla—dilo tse dikgolo tota.

A o A Gakologelwa?

◻ “Lefoko la Modimo wa rona” le le nnelang ruri ke eng?

◻ Go dirilwe maiteko afe go nyeletsa Baebele mme ka matswela afe?

◻ Go nna boammaaruri ga Baebele go ile ga sirelediwa jang?

◻ Polelo ya boikaelelo jwa Modimo e itshupile jang gore ke lefoko le le tshelang?

[Lebokoso mo go tsebe 12]

A Tota re Itse se Baebele e Neng e se Bolela Kwa Tshimologong?

Mo e ka nnang mekwalo ya seatla e le 6000 ya Sehebera e tlhomamisa gore se se leng mo Dikwalong Tsa Sehebera se boammaaruri. Di le mmalwa tsa tsone di nnile teng bogologolo pele ga metlha ya Bokeresete. Bobotlana mekwalo ya seatla e le 19 ya Dikwalo tse di feletseng tsa Sehebera di nnile teng pele ga go dirwa metšhini ya go gatisa. Mo godimo ga moo, go tloga ka nako eo, go ne go na le dithanolo tse di neng tsa dirwa mo dipuong tse dingwe tse 28.

Malebana le Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, go ile ga rulaganngwa mekwalo ya seatla ya Segerika e e ka nnang 5000. Nngwe ya tsone e ile ya nna teng pele ga 125 C.E., e leng dingwaga di le mmalwa fela morago ga nako ya go kwalwa ga yone ga ntlhantlha. Mme go akanngwa gore dikarolo dingwe tsa yone di kwadilwe pelenyana ga foo. Mo dibukeng di le 22 mo go di le 27 tsa dibuka tse di tlhotlheleditsweng, go na le di le 10 go ya go di le 19 tsa mekwalo ya seatla e e feletseng. Palo e e kwa tlase thata ya mekwalo eno ya seatla e e weditsweng mo go dipe fela tsa dibuka tseno mo karolong eno ya Baebele ke di le tharo—mo go Tshenolo. Nngwe ya mekwalo ya seatla ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika e kwadilwe bogologolo mo lekgolong la bonè la dingwaga C.E.

Ga go na buka epe ya bogologolo e e ileng ya tlhomamisiwa gore e boammaaruri ka bosupi jo bontsi jalo jwa mekwalo ya bogologolo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela