LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp17 no. 6 ts. 12-14
  • Dibaebele—Goreng di le Dintsi?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dibaebele—Goreng di le Dintsi?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BAEBELE YA NTLHANTLHA
  • SEPTUAGINT YA SEGERIKA
  • VULGATE YA SELATINE
  • DITHANOLO DI A OKETSEGA
  • Leina la Modimo le “Kgolagano e Ntšha”
    Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri
  • Thanolo ya “Septuagint”—E ne E le Mosola Bogologolo le Gompieno e Mosola
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Kafa Baebele e Tlileng mo go Rona ka Teng—Karolo ya Ntlha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • A o Tlhoka go Ithuta Sehebera le Segerika?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
wp17 no. 6 ts. 12-14
Mefuta e e farologaneng ya Dibaebele

Dibaebele—Goreng di le Dintsi?

Goreng go na le dithanolo tsa Baebele di le dintsi jaana gompieno? A o akanya gore dithanolo tse disha tsa Baebele di a go thusa kgotsa di go kgoreletsa go e tlhaloganya? Go itse gore go tlile jang gore go nne le dithanolo tseo go tla go thusa go di sekaseka ka kelotlhoko.

Tota ke mang wa ntlha go kwala Baebele le gone o e kwadile leng?

BAEBELE YA NTLHANTLHA

Dibaebele di le dintsi di na le dikarolo di le pedi. Karolo ya ntlha e na le dibuka di le 39 tse di nang le “ditaelo tse di boitshepo tsa Modimo.” (Baroma 3:2) Modimo o ne a tlhotlheletsa banna ba ba ikanyegang go kwala dibuka tseno ka lobaka lwa dingwaga di ka nna 1 100 go tloga ka ngwaga wa 1513 pele Jesu a tla mo lefatsheng go fitlha nako nngwe morago ga ngwaga wa 443. Gantsi ba ne ba kwala ka Sehebera, ka jalo karolo eno e bidiwa Dikwalo Tsa Sehebera, gape e itsiwe e le Tesetamente e Kgologolo.

Karolo ya bobedi ya Baebele e na le dibuka di le 27 tse le tsone e leng “lefoko la Modimo.” (1 Bathesalonika 2:13) Modimo o ne a tlhotlheletsa barutwa ba ba ikanyegang ba ga Jesu Keresete go kwala dibuka tseno ka lobaka lwa dingwaga di ka nna 60 go tloga mo e ka nna ka ngwaga wa 41 fa Jesu a sena go boela kwa legodimong go fitlha ka ngwaga wa 98. Gantsi ba ne ba kwala ka Segerika, ka jalo, karolo eno e bidiwa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika mme gape e itsiwe e le Tesetamente e Ntšha.

Fa dibuka tseno tse 66 di kopantswe, di dira Baebele—molaetsa o Modimo a o kwaletseng batho. Mme goreng go ne go dirwa dithanolo di le dintsi tsa Baebele? Ano ke mabaka mangwe a mararo a botlhokwa.

  • Gore batho ba kgone go bala Baebele ka puo ya bone.

  • Go baakanya diphoso tsa bakwalolodi le go busetsa mafoko mangwe a Baebele ya ntlhantlha.

  • Go dirisa puo e batho ba e tlhaloganyang.

Ela tlhoko gore dintlha tseno di ne tsa dirisiwa jang mo dithanolong tsa ntlha tse pedi.

SEPTUAGINT YA SEGERIKA

Dingwaga di le 300 pele Jesu a tla mo lefatsheng, baithuti ba Baebele ba Bajuda ba ne ba ranolela dikwalo tsa Sehebera mo puong ya Segerika. E ne ya bidiwa Septuagint ya Segerika. E ne e direlwa go thusa Bajuda ba le bantsi ba ba neng ba bua Segerika ka nako eo gore ba se ka ba lebala “mekwalo e e boitshepo.”—2 Timotheo 3:15.

Gape Septuagint e thusitse batho ba le dimilione ba e seng Bajuda mme ba bua Segerika gore ba kgone go itse se Baebele e se rutang. Jang? Porofesa W. F. Howard a re: “Mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng, Baebele eno e ne e dirisiwa ke Kereke ya Bokeresete, e barongwa ba yone ba neng ba tsamaya mo disinagogeng ba ntse ba ‘ntsha bosupi jwa dikwalo jwa gore Keresete ke ene Mesia.’” (Ditiro 17:3, 4; 20:20) Moithuti mongwe wa Baebele e bong F. F. Bruce a re leo ke lengwe la mabaka a go bo Bajuda ba le bantsi ba ne ba sa “tlhole ba rata Septuagint.”

Fa barutwa ba ga Jesu ba ntse ba amogela dibuka tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, ba ne ba di kopanya le thanolo ya Septuagint ya Dikwalo Tsa Sehebera mme ya nna Baebele e e feletseng.

VULGATE YA SELATINE

Dingwaga di le 300 fa Baebele e sena go kwalwa, moithuti wa bodumedi e bong Jerome o ne a dira thanolo ya Baebele ya Selatine mme e ne ya feleletsa e bidiwa Vulgate ya Selatine. E re ka go ne go na le dithanolo tse dingwe tsa Selatine ka nako eo, goreng a ne a dira e ntšha? Buka ya The International Standard Bible Encyclopedia ya re Jerome o ne a batla go baakanya “dikgopolo tse di phoso, diphoso tsa ka boomo le mafoko a a itsenyeditsweng le a a ntshitsweng go sa tlhokege.”

Jerome o ne a baakanya bontsi jwa diphoso tseo. Mme moragonyana baeteledipele ba kereke ba ne ba senya dilo! Ba ne ba re Baebele ya Vulgate ya Selatine ke yone fela e e letleletsweng, mme go ne ga feta dingwaga ba ntse ba dira jalo! Thanolo eo e ne e sa thuse batho go tlhaloganya Baebele ka gonne fa nako e ntse e tsamaya, batho ba le bantsi ba ne ba sa tlhole ba itse Selatine.

DITHANOLO DI A OKETSEGA

Ka nako eo, batho ba ne ba ntse ba dira dithanolo tse dingwe tsa Baebele, tse di jaaka e e itsegeng ya Peshitta ya Sesiria e e dirilweng dingwaga di ka nna 1 600 tse di fetileng. Mme dingwaga di ka nna 600 tse di fetileng, go ne ga tsewa matsapa gore go dirwe dithanolo tsa Baebele ka dipuo tse dingwe gore batho ba le bantsi ba nne le Baebele.

Kwa bowelong jwa dingwaga tseo kwa Engelane, John Wycliffe o ne a tsaya matsapa go ranolela Baebele mo puong ya Seesemane, e batho ba mo nageng e a neng a nna kwa go yone ba neng ba e tlhaloganya. Moragonyana, ditsela tsa ga Johannes Gutenberg tsa go gatisa di ne tsa dira gore baithuti ba Baebele ba dire dithanolo tse disha tsa Baebele le go di anamisa ka dipuo tse di farologaneng tsa kwa Yuropa.

Fa dithanolo tsa Seesemane di ntse di oketsega, batho ba ba tshwayang diphoso ba ne ba le kgatlhanong le kgang ya gore go dirwe dithanolo di le dintsi tsa puo e le nngwe. Mo e ka nnang dingwaga di le 300 tse di fetileng, moruti wa Moesemane e bong John Lewis o ne a kwala jaana: “Fa nako e ntse e tsamaya, puo e a tsofala kgotsa e felelwa ke nako e bile go nna thata go e tlhaloganya, ka jalo, go botlhokwa gore Dithanolo tsa bogologolo di nne di tlhabololwa go dirisiwa Puo ya bosheng gore batho ba kgone go tlhaloganya Baebele botoka.”

Gompieno baithuti ba Baebele ba kgona go tlhabolola dithanolo tsa bogologolo tsa Baebele. Ba tlhaloganya dipuo tsa bogologolo tse Baebele e kwadilweng ka tsone e bile ba na le mekwalo ya ntlhantlha ya yone e e bonweng bosheng. Seno se ba thusa go itse gore mafoko a a nepileng a Baebele ke afe.

Ka jalo, go botlhokwa go nna le dithanolo tsa bosheng tsa Baebele mme re tshwanetse go ela tlhoko dingwe tsa tsone.a Fa e le gore batho bangwe ba tlhabolotse Baebele ka gonne ba rata Modimo, dithanolo tsa bone di ka re tswela mosola.

Fa o batla go bala Baebele ka puo ya gago mo Internet kgotsa mo sedirisiweng sa gago sa ileketeroniki, tsena mo www.jw.org/tn. Leba DIKGATISO > BAEBELE.

a Bona setlhogo se se reng “O ka Tlhopha Jang Thanolo e e Botoka ya Baebele?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya May 1, 2008.

LEINA LA MODIMO LE LE BOITSHEPO MO BAEBELENG

Leina la Modimo mo mekwalong ya Septuagint ya metlha ya ga Jesu

Leina la Modimo mo kapetleng ya Septuagint ya motlha wa ga Jesu

Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e dirisa leina la Modimo le le boitshepo e bong Jehofa mo Dikwalong Tsa Sehebera le mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Dibaebele tse dintsi tsa bosheng ga di na leina leo. Di dirisa “Morena.” Baranodi bangwe ba re lebaka la go dira jalo ke ka gonne leina la Modimo, le le emelwang ke ditlhaka tse nne tsa Thaterakeramatone (YHWH), le ne le seyo mo Dikwalong Tsa Sehebera tsa thanolo ya Septuagint ya Segerika. A mme seo ke boammaaruri?

Mo magareng a ngwaga wa 1940 le wa 1950, go ne ga bonwa dikapetla tsa Septuagint e e neng e le gone fa Jesu a ne a le mo lefatsheng. Di na le leina la Modimo le le boitshepo le kwadilwe ka ditlhaka tsa Sehebera. Go lebega moragonyana bakwalolodi ba ne ba ntsha leina la Modimo ba bo ba le emisetsa ka Kyʹri·os, e leng lefoko la Segerika le le kayang “Morena.” Thanolo ya Lefatshe le Lesha yone e buseditse leina la Modimo mo le neng le tlhaga gone mo Baebeleng.

A BAEBELE E FETOTSWE?

Momeno wa ga Isaia wa Lewatle le le Suleng

Momeno wa ga Isaia wa Lewatle le le Suleng wa dingwaga di le 2 000. O tshwana le mekwalo e e mo Baebeleng gompieno

Ke boammaaruri gore bakwalolodi ba Baebele ba ne ba dira diphoso. Mme diphoso tseo ga di a fetola molaetsa wa Baebele. “Ga go na thuto epe ya botlhokwa e Bakeresete ba e dumelang, e e theilweng fela mo go baleng Baebele.”—Our Bible and the Ancient Manuscripts.

Bakwalolodi ba Bajuda ba ne ba dira diphoso di le mmalwa. “Bakwadi ba Bajuda ba metlha ya Bakeresete ya bogologolo ba ne ba kwalolola Baebele ya Sehebera ba le kelotlhoko thata.”—Second Thoughts on the Dead Sea Scrolls.

Ka sekai, momeno wa ga Isaia o o bonweng mo Memenong ya Lewatle le le Suleng, o na le dingwaga di le 1 000 o le gone go gaisa mekwalo e e bonweng bosheng. Momeno oo o farologana jang le mekwalo e re nang le yone gompieno? “Ke mo makgetlong a le mmalwa fela o ka bonang go ntshitswe kgotsa go tsentswe lefoko lengwe.”—The Book. A History of the Bible.

Diphoso tse di dirilweng ke bakwalolodi ba ba neng ba se kelotlhoko tse di jaaka go fapaanya ditlhaka, mafoko kgotsa dipolelwana, di kgona go lemogiwa motlhofo di bo di baakanngwa. “Ga go na buka epe ya bogologolo mo lefatsheng e e gaisang Tesetamente e Ntšha, e go bonweng bosupi jwa gore mafoko a yone a boammaaruri.”—The Books and the Parchments.

“Batho ba ba dumelang gore Baebele e fetotswe ba ka tlhatswiwa pelo ke go itse gore papirase ya ntlhantlha ya Baebele ya kwa Egepeto e tshwana le mekwalo ya Baebele ya gompieno le fa gone e kwalolotswe makgetlo a le mantsintsi le go gatisiwa gantsintsi kwa Yuropa.”—The Book. A History of the Bible.

Jaanong a Baebele e fetotswe? Le eseng!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela