Kafa Baebele e Tlileng mo go Rona ka Teng—Karolo ya Ntlhaa
MO BODIRELONG bongwe jo bonnye, mogatisi mongwe le morutwa wa gagwe yo mmotlana ba ne ba tsamaisa motšhini wa bone o o gatisang o o dirilweng ka legong, ba baya dipampiri tse di sa kwalwang mo godimo ga ditlhaka ka moribo o o tsamaisanang. Fa ba di tlosa, ba tlhatlhoba mokwalo. Ba pega ditsebe tse di menweng mo megaleng e e gokeletsweng go tswa mo ntlheng e nngwe ya lobota go ya go e nngwe gore di ome. Ka tshoganyetso fela, ba utlwa modumo kwa lebating. Ka ntlha ya go tshoga mogatisi o lotlolola lebati, mme setlhopha sa masole a a tshotseng dibetsa sa tsena. Ba simolola go senka buka e e sa batlegeng gotlhelele e e seng ka fa molaong—Baebele mo puong ya batho ba ba tlwaelegileng!
Ba tlile thari thata. E re ka ba ne ba tlhagisitswe ka kotsi eno, moranodi le mothusi wa gagwe ba ne ba setse ba tabogetse kwa bodirelong, ba phuthaphutha ditsebe tse ba neng ba ka di tshwara ka matsogo, mme gone jaanong ba kgabaganya ka Noka ya Rhine. Bobotlana ba kgone go falotsa bontlhanngwe jwa tiro ya bone.
Moranodi yo re buang ka ene fano e ne e le William Tyndale, a leka go gatisa “Tesetamente e Ntšha” ya gagwe ya Seesemane e e neng e ileditswe kwa Cologne, kwa Jeremane ka 1525. Go bonala fa se se mo diragaletseng se ne se tlwaelegile. Mo e ka nnang ka nako yotlhe ya dingwaga tse di ka nnang 1900 fa e sale go kwalwa ga Baebele go wediwa, banna le basadi ba le bantsi ba ne ba leka sengwe le sengwe go ranola le go anamisa Lefoko la Modimo. Rona gompieno re sa ntse re solegelwa molemo ke tiro ya bone. Ba dirile eng? Dibaebele tse re di tshotseng gone jaanong di tlile jang mo go rona?
Go Kwalololwa le go Ranolwa ga Ntlha ga Baebele
Batlhanka ba boammaaruri ba Modimo ka metlha ba ne ba tseela Lefoko la gagwe kwa godimo thata. New Catholic Encyclopedia e dumela jaana: “Fela jaaka bagologolwane ba bone ba Bajuta, Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tsaya go bala Dikwalo tse di Boitshepo e le selo se se botlhokwa thata. Ba latela sekao sa ga Jesu (Mat 4:4; 5:18; Luk 24:44; Joh 5:39), Baaposetoloi ba ne ba tlwaetse [Tesetamente e Kgologolo] se se neng se raya gore ba ne ba bala lobaka lo loleele le go ithuta ka kelotlhoko, e bile ba ne ba kgothaletsa le barutwa ba bone go dira jalo (Bar 15:4; 2 Tim 3:15-17).”
Ka ntlha ya seo, Baebele e ne e tshwanetse gore e kwalololwe. Mo metlheng ya pele ga Bokeresete, bontsi jwa tiro eno e ne e dirwa ke ‘bakwadi ba ba bobebe’ ba ba rutegileng ba ba neng ba tshaba go dira diphoso. (Esere 7:6, 11, 12) E re ka ba ne ba leka gore go nne le dikhopi tse di se nang diphoso, ba ne ba tlhomela bakwadi ba ba kwa morago ba Baebele ditekanyetso tse di kwa godimo.
Le fa go ntse jalo, mo lekgolong la bonè la dingwaga B.C.E., go ne ga tlhaga bothata. Alexander yo Mogolo o ne a batla gore batho botlhe ba lefatshe ba rutiwe setso sa Segerika. Bathopiwa ba gagwe ba ne ba tlwaela Segerika se se tlwaelegileng, kana Sekoine, e le puo e e buiwang mo ntlheng yotlhe ya Botlhabagare. Ka ntlha ya seo Bajuda ba le bantsi ba ne ba gola le ka motlha ba ise ba ko ba ithute go bala Sehebera mme ka jalo ba ne ba sa kgone go bala Dikwalo. Ka jalo, mo e ka nang ka 280 B.C.E., setlhopha sa bakanoki ba Bahebera ba ne ba phuthegela kwa Alexandria, Egepeto, go ya go ranola Baebele ya Sehebera mo puong ya Sekoine se se tumileng thata. Thanolo ya bone e ne ya itsege e le Septuagint, e leng “Masomesupa” ka Selatine, go lebisitswe mo palong ya baranodi ba go neng go dumelwa gore ba ne ba na le seabe. E ne ya konelwa mo e ka nnang ka 150 B.C.E.
Ka nako ya ga Jesu, Sehebera se ne se sa ntse se dirisiwa kwa Palesetina. Le fa go ntse jalo, e ne e le Sekoine se se neng se atile thata koo le kwa dikgaolong tse di kgakala tsa lefatshe la Baroma. Ka jalo, bakwadi ba Bakeresete ba Baebele, ba ne ba dirisa Segerika seno se se tlwaelegileng go fitlhelela batho ba le bantsi ba ditšhaba ka mo ba neng ba ka kgona ka teng. Mme gape, ba ne ba nopola Septuagint ka kgololesego e bile ba dirisa mafoko a le mantsi a yone.
E re ka Bakeresete ba bogologolo e ne e le barongwa ba ba tlhagafetseng, ba ne ba nna ditswerere ka bonako mo go diriseng Septuagint go supa gore Jesu e ne e le Mesia yo e leng kgale a emetswe. Seno se ne sa tena Bajuda mme ba tlhotlheletsega gore ba dire dithanolo tse disha tse di rileng tsa Segerika, tse di neng di diretswe go ganetsa ditlhaloso tsa Bakeresete ka go fetola ditemana tse ba neng ba rata go tshegetsa mabaka a bone ka tsone. Ka sekai, mo go Isaia 7:14 Septuagint e dirisa lefoko la Segerika le le kayang “lekgarebana” le ka tsela ya seporofeti le buang ka mmaagwe Mesia. Dithanolo tse disha di dirisa lefoko le le farologaneng la Segerika le le kayang “mosadi yo mmotlana.” Go tswelela pele ga Bakeresete ba dirisa Septuagint kgabagare go ile ga tlhotlheletsa Bajuda gore ba tlogele maano a bone gotlhelele le go buelela gore go boelwe kwa mokwalong wa Sehebera. Kgabagare, kgato eno e ne ya thusa thata mo thanolong ya moragonyana ya Baebele ka e ne e boloka puo ya Sehebera.
Bagatisi ba Dibuka ba Ntlha ba Bakeresete
Bakeresete ba bogologolo ba ba tlhoafetseng ba ne ba simolola go dira dikhopi di le dintsi ka mo ba ka kgonang ka teng tsa Baebele, ba di kwalolola tsotlhe ka letsogo. Gape ke bone ba simolotseng go dirisa codex, e e neng e na le ditsebe tse di tshwanang le buka ya segompieno, go na le gore ba tswelele pele ba dirisa memeno. Mo godimo ga gore go nne motlhofo go bona dikwalo ka bonako, bolumo e le nngwe ya codex e ne e ka tshola tshedimosetso e ntsi go feta e e neng e ka kwalwa mo momenong o le mongwe—ka sekai, Dikwalo tsotlhe tsa Segerika kana tota le Baebele yotlhe.
Lenaane la dibuka tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika le ile la konelwa mo e ka nnang ka 98 C.E. e na le dibuka tsa moaposetoloi wa bofelo yo o neng a tshela e bong Johane. Go na le karolo nngwe ya khopi ya Efangele ya ga Johane e e bidiwang Rylands Papyrus 457 (P52), ya mo e ka nnang ka 125 C.E. Bogologolo ka 150 go ya go 170 C.E., Tatian yo e neng e le moithuti wa ga Justin Martyr, o ne a kwala Diatessaron, e leng pego ya dikarolo tse dintsi ya botshelo jwa ga Jesu e e phuthilweng go tswa mo Diefangeleng tse nnè tse di tshwanang le tse di mo Dibaebeleng tsa rona tse re nang le tsone gone jaanong.b Seo se supa gore o ne a tsaya fela Diefangele tseo e le tse di boammaaruri le gore di ne di setse di anamisiwa. Mo e ka nnang ka 170 C.E., go ne ga gololwa lenaane le le itsegeng la ntlhantlha la dibuka tsa “Tesetamente e Ntšha” tse di bidiwang Muratorian Fragment. E na le bontsi jwa dibuka tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika.
Go ise go ye kae go anama ga tumelo ya Bakeresete go ne ga dira gore go tlhokege gore go ranolwe Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika mmogo le Dikwalo Tsa Sehebera. Kgabagare go ne ga dirwa dithanolo tse dintsi tsa dipuo tse di jaaka Se-Armenia, Se-Copt, Se-Georgia, le Se-Syriac. Gantsi ditlhaka di ne di tshwanetse gore di fetolelwe jone boikaelelo joo. Ka sekai, ga twe, Ulfilas, yo e neng e le mobishopo wa Kereke ya Roma mo lekgolong la bonè la dingwaga, o ne a simolola mokwalo wa Se-Goth go ranola Baebele. Mme o ne a tlogela dibuka tsa Dikgosi ka gonne o ne a akanya gore di tla tlhotlheletsa mokgwa wa go rata ntwa wa Ba-Goth. Le fa go ntse jalo, kgato eo e ne ya se ka ya kganela Ba-Goth ba ba “fetotsweng Bakeresete” go thopa Roma ka 410 C.E.!
Dibaebele Tsa Selatini le Se-Slavonia
Ka yone nako eno, Selatini se ne sa simolola go nna botlhokwa, mme dithanolo di le mmalwa tsa Selatini sa Bogologolo di ne tsa tlhaga. Mme di ne di farologana ka mokgwa wa go kwalwa le go tlhomama ga tsone. Ka jalo ka 382 C.E., Mopapa Damasus o ne a laela mokwaledi wa gagwe e bong Jerome, gore a kwale Baebele ya Selatini e e dumeletsweng semolao.
Jerome o ne a simolola ka go tokafatsa dithanolo tsa Selatini tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Le fa go ntse jalo, malebana le Dikwalo tsa Sehebera, o ne a gagamalela go di ranola go tswa mo Sehebereng sa ntlhantlha. Ka jalo, ka 386 C.E., o ne a fudugela kwa Bethelehema go ya go ithuta Sehebera le go batla thuso ya rabi. Ka go dira jalo, o ne a tsosa dikganetso tse dintsi mo kerekeng. Bangwe, go akaretsa le Augustine, yo o neng a tshela ka nako e e tshwanang le ya ga Jerome o ne a dumela gore Septuagint e tlhotlheleditswe, mme ba ne ba latofatsa Jerome ka gore “o ya kwa Bajudeng.” Ka go gagamalela kwa pele, Jerome o ne a fetsa tiro ya gagwe mo e ka nnang ka 400 C.E. Ka go atamelana thata le dipuo le mekwalo ya ntlhantlha le go e ranolela mo puong e e neng e buiwa ka nako eo, Jerome o ne a etelela pele mekgwa ya segompieno ya go ranola ka dingwaga di le sekete. Tiro ya gagwe e ne ya itsege e le Vulgate, kana Thanolo e e Tlwaelegileng mme e ne ya solegela batho molemo ka makgolokgolo a dingwaga.
Mo go Labokeresete kwa ntlheng ya botlhaba batho ba le bantsi ba ne ba sa ntse ba bala Septuagint le Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Le fa go ntse jalo, dipuo le maleme a Se-Slavonia kana Se-Slav, di ne tsa dirisiwa thata kwa dintlheng tsa botlhaba jwa Yuropa. Ka 863 C.E., bomorwarre ba babedi ba ba buang Segerika, e bong Cyril le Methodius, ba ne ba ya kwa Moravia, e jaanong e leng kwa Repaboliking ya Czech. Ba ne ba simolola go ranolela Baebele mo puong ya Se-Slavonia sa Bogologolo. Go dira jalo, ba ne ba tlhama mokwalo wa Glagol, o kgabagare o neng wa emisediwa ka mokwalo wa Se-Cyril, o reeletswe ka Cyril. Ke gone koo mekwalo ya segompieno ya Se-Russia, Se-Ukraine, Se-Serbia le Se-Bulgaria e tswang teng. Baebele ya Se-Slavonia e ne ya thusa batho ba kgaolo eo ka dingwaga di le dintsi. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, fa dipuo di ntse di fetoga, batho ba maemo a a tlwaelegileng ba ne ba sa tlhole ba e tlhaloganya.
Baebele ya Sehebera e a Falola
Mo nakong eno, go tloga mo e ka nnang ka lekgolo la borataro go ya go lekgolo la bolesome la dingwaga C.E., setlhopha sa Bajuda ba ba neng ba itsege e le bakwadi ba Masora se ne sa simolola mokgwa wa go kwalolola o o dirwang ka thulaganyo go boloka mokwalo wa Dikwalo Tsa Sehebera. Ba ile ba ya bokgakaleng jwa go bala mela yotlhe tota le tlhaka nngwe le nngwe, ba tlhokomela pharologanyo fa gare ga mekwalo ya seatla, ba dira dilo tseno tsotlhe go boloka mokwalo wa kwa tshimologong. Matsapa a bone e ne e se a lefela. Fa re umaka sekai se le sengwe, fa go bapisiwa mekwalo ya Masora le Memeno ya Lewatle le le Suleng, e e kwadilweng fa gare ga 250 B.C.E. le 50 C.E., ga go bonale go na le phetogo epe ya thuto mo dingwageng tse di fetang 1000.c
Kwa Yuropa Metlha ya Bogare e ne e tshwana thata le Metlha ya Lefifi. Selekanyo sa go bala le go ithuta se ne se le kwa tlase mo baaging ba koo. Kgabagare, tota le bontsi jwa baruti, ba ne ba sa kgone go bala Selatini sa kereke mme gantsi ba ne ba sa kgone tota le go bala puo ya bone. Eno gape ke nako e ka yone kwa Yuropa Bajuda ba neng ba phuthelwa mo metseng e e kwa thoko. Ka tsela nngwe, ke ka ntlha ya go tlhaolwa jalo, kitso ya Sehebera sa Baebele e ne ya bolokiwa. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya go tlhaolwa ka lotso le go sa ikanngwe, gantsi kitso ya Bajuda e ne e sa fetele kwa ntle ga metsana e e kwa thoko. Kwa Yuropa bophirima, kitso ya Segerika le yone e ne e fokotsega. Boemo jono bo ne jwa gakadiwa ke go bo Kereke ya kwa Bophirima e ne e tlotlomatsa Vulgate ya Selatini ya ga Jerome. Ka kakaretso e ne e lebiwa e le yone fela thanolo e e ka fa molaong, tota le fa kwa bowelong jwa motlha wa bakwadi ba Masora, Selatini e ne e nna puo e e nyelelang. Ka jalo, fa keletso ya go batla go itse Baebele e ne e gola ka bonya, go ne ga tlhagolwa tsela ya kgotlhang e kgolo.
Thanolo ya Baebele e a Ganediwa
Ka 1079, Mopapa Gregory VII o ne a ntsha taolo ya ntlha ya ditaolo tse dintsi tsa kereke tsa motlha wa bogare a iletsa batho go gatisa mme ka dinako tse dingwe tota le go nna le dithanolo tsa loleme lwa bone. O ne a fedisa go ketekiwa ga Mmisa ka Se-Slavonia ka lebaka la go bo go ne go tla raya gore dikarolo dingwe tsa Dikwalo Tse di Boitshepo di ranolwe. Go farologana gotlhelele le boikutlo jwa Bakeresete ba bogologolo, o ne a kwala jaana: “[Go] kgatlhile Modimo Mothatayotlhe gore dikwalo tse di boitshepo di nne e le sephiri mo mafelong mangwe.” E re ka seno e ne e le boemo jo bo ka fa molaong jwa kereke, batho ba ba rotloetsang go balwa ga Baebele ba ne ba lebiwa ba le kotsi.
Go sa kgathalesege maemo a a sa itumediseng ano, go kwalololwa le go ranolwa ga Baebele mo dipuong tse di tlwaelegileng go ne ga tswelela pele. Dithanolo dingwe mo dipuong di le dintsi di ne tsa anamisiwa kwa Yuropa ka sephiri. Di ne tsa kwalwa tsotlhe ka letsogo, ka gonne metšhini e e gatisang e ne e ise e nne teng kwa Yuropa go fitlha mo bogareng jwa bo1400. Mme e re ka dikhopi tseno di ne di tura thata e bile di le mmalwa fela ka palo, moagi yo tlwaelegileng o ne a ka tsaya gore o segofetse fa a ne a ka nna fela le karolo e le nngwe ya buka ya Baebele kana ditsebe di le mmalwa fela. Bangwe ba ne ba ithuta dikarolo tse dikgolo tsa yone ka tlhogo, tota le Dikwalo tsotlhe tsa Bokeresete tsa Segerika!
Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga tsoga mekgatlho e mentsi e e neng e buelela diphetogo mo kerekeng. Bontlhanngwe jwa tlhotlheletso ya yone e ne e le go lemoga sesha ka fa Lefoko la Modimo le leng botlhokwa ka teng mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. Mekgatlho eno le go simologa ga metšhini ya go gatisa go ne go tla ama Baebele jang? Mme go ne ga diragala eng ka William Tyndale le thanolo ya gagwe e e umakilweng kwa tshimologong? Re tla latedisa kgang e e kgatlhang eno go fitlha mo motlheng wa rona mo dimakasineng tsa rona tse di tlang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Karolo 2 le 3 di tla tlhaga mo dimakasineng tsa September 15 le October 15 ka go latelana.
b Buka ya Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe ba ba Kileng ba Tshela, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., ke sekai sa motlha wa rona sa tsela e Diefangele tse nnè di dumalanang ka yone.
c Bona Insight on the Scriptures, Bolumo 2, tsebe 315, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Tšhate mo go tsebe 8, 9]
Matlha a a Botlhokwa mo go Anamisiwa ga Baebele
(For fully formatted text, see publication)
PELE GA MOTLHA WA RONA O O TLWAELEGILENG (B.C.E.)
Dikwalo Tsa Sehebera di weditswe ka c. 443 B.C.E.
400 B.C.E.
Alexander yo Mogolo (d. 323 B.C.E.)
300 B.C.E.
Septuagint e simologile ka c. 280 B.C.E.
200 B.C.E.
100 B.C.E. Bontsi jwa Memeno e Mentsi Thata ya Lewatle le le Suleng c. 100 B.C.E. go ya go 68 C.E.
MOTLHA O O TLWAELEGILENG (C.E.)
Jerusalema e sentswe ka 70 C.E.
Dikwalo Tsa Segerika di Weditswe ka 98 C.E.
100 C.E.
Rylands Papyrus tsa ga Johane (b. 125 C.E.)
200 C.E.
300 C.E.
400 C.E. Vulgate ya Selatini ya ga Jerome c. 400 C.E.
500 C.E.
600 C.E.
Go Kwalwa ga Mokwalo wa Masora
700 C.E.
800 C.E.
Cyril Kwa Moravia 863 C.E.
900 C.E.
1000 C.E.
Taolo kgatlhanong le Baebele ka puo e e buiwang koo 1079 C.E.
1100 C.E.
1200 C.E.
1300 C.E.
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Bakeresete ba bogologolo ba ne ba simolola go dirisiwa ga “codex”
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Jerome o ne a ya kwa Bethelehema go ya go ithuta Sehebera