Kafa Baebele e Tlileng mo go Rona ka Teng—Karolo 3
BURMA, 1824—Badiredi ba kgosi ba sa tswa go phuruphutsha legae la borongwa la ga Adoniram le Ann Judson, ba tsaya sengwe le sengwe se ba neng ba akanya gore se tlhwatlhwakgolo. Mme ba tlogetse letlotlo le le botlhokwatlhokwa—Baebele e e ranotsweng ya mokwalo wa seatla e Ann a ileng a e fitlha ka sephiri ka fa tlase ga ntlo. Adoniram, moranodi, o robetse a bofilwe ka dikeetane mo kgolegelong e e tletseng ka mentsana, a pegwa molato wa gore ke setlhodi. Jaanong bongola bo tshosetsa go senya mokwalo oo wa seatla. O ka namodiwa jang? Ann o e rokelela mo teng ga mosamo o o thata mme o o isa kwa monneng wa gagwe kwa kgolegelong. Mosamo oo o a bolokiwa mme se se mo teng ga one e nna karolo ya Baebele ya ntlha ya Se-Burma.
Go na le dilo tse dintsi tse di ileng tsa diragalela Baebele tse di tshwanang le seo go ralala hisitori. Mo dimakasineng tse di fetileng, re ile ra sekaseka go ranolwa ga Baebele le go anamisiwa ga yone fa e ne e wediwa bogologolo ka bo1600. Go ne ga diragala eng ka Baebele go tloga ka nako eo go fitlha jaanong? A batho botlhe ba tla tsamaya ba nna le yone? Mokgatlho wa Watch Tower o nnile le seabe sefe?
Barongwa le Mekgatlho ya Baebele
Mo dingwageng tsa bo1600 le 1700, Baebele e ne ya balwa thata mo dinageng di le dintsi. Engelane ke yone e neng ya amiwa thata ke Baebele ka nako eno. Totatota, dikgang tsa Baebele le dithuto tsa yone di ne di le mo megopolong ya mo e ka nnang mongwe le mongwe mo nageng eo, go tloga ka kgosi go fitlha ka mosimane yo o gogang mogoma. Le fa go ntse jalo, tlhotlheletso ya Baebele e ne ya tswelela pele. Ka nako eo Engelane e ne e laola kgwebo mo lewatleng e bile e na le dinaga tse di kafa tlase ga yone, mme Baesemane bangwe ba ne ba tle ba tsamaye ka Baebele mo maetong a bone. Seno se ne sa thaya motheo wa letsholo le legolo la Baebele.
Go ya kwa bofelong jwa bo1700, Baebele e ne ya tlhotlheletsa bangwe kwa Engelane gore ba akanye ka dilo tsa semoya tse baagi ba dinaga tse di kgakala tsa Mmusomogolo wa Boritani ba di tlhokang. Le fa go ntse jalo, e ne e se batho botlhe ba ba neng ba ikutlwa jalo. Baruti ba le bantsi ba ne ba dumela thuto ya taolelogale mme ka jalo ba tsaya gore ke go rata ga Modimo gore batho bangwe ba se ka ba bolokiwa. Fa William Carey yo e neng e tla nna morongwa a ne a neela puo e e maatla a batla go tshegediwa mo thomong ya go ya kwa India, mongwe o ne a goa ka go mo kgalema a re: “Lekawana, nna fa fatshe; fa Modimo a batla go sokolola baheitane, O tla dira jalo kwantle ga thuso ya gago!” Le fa go ntse jalo, Carey o ne a tsaya loeto lwa sekepe go ya kwa India ka 1793. Se se gakgamatsang ke gore, kgabagare o ne a ranola Baebele yotlhe kana dikarolo tsa yone mo dipuong di le 35 tsa Se-India.
Barongwa ba ne ba lemoga gore sedirisiwa sa bone se se botlhokwatlhokwa e ne e le Baebele ka puo ya lefelo leo. Le fa go ntse jalo, ke mang yo o neng a tla ba naya Dibaebele? Se se kgatlhang ke gore, mokgatlho o o neng o tla anamisa Dibaebele go ralala lefatshe o ne wa tlhonngwa ka ntlha ya mosetsana wa dingwaga di le 16 wa kwa Wales e bong Mary Jones, a sa itse. Ka 1800, Mary o ne a tsamaya dikilometara di le 40 a sa rwala ditlhako go ya go reka Baebele ya Se-Wales mo moruting mongwe. O ne a bolokile madi a gagwe ka dingwaga di le thataro mme fa Mary a utlwa gore Dibaebele di rekisitswe tsotlhe, o ne a lela botlhoko, ka ntlha ya go kgobega marapo. E re ka moruti a ne a amegile thata, o ne a naya Mary nngwe ya Dibaebele tsa gagwe.
Morago ga moo, moruti o ne a akanya thata ka batho ba bangwe ba bantsi ba ba tlhokang Dibaebele mme a tlotla bothata jono le ditsala kwa Lontone. Matswela e nnile gore, ka 1804, go ne ga tlhomiwa British and Foreign Bible Society. Maitlhomo a yone e ne e le fela: Go dira gore batho ba nne le Dibaebele tse ba kgonang go di duelela ka dipuo tsa bone ka namana, di gatisitswe “di se na kakgelo kana ntlhanyana e e fa thoko.” Ka go ntsha dikakgelo tse di fa thoko, basimolodi ba Mokgatlho ono ba ne ba solofetse gore ba tla tila dikganetsano tsa dithuto. Le fa go ntse jalo, ka makgetlho a le mmalwa, Mokgatlho oo wa Baebele o ne o sa dumalane malebana le Dikwalo Tse go sa Tlhomamisiweng Gore di Boammaaruri, go kolobediwa ka go inwa mo metsing le thuto ya Tharonngwe.
Tlhagafalo ya ntlha e ne ya anama ka bonako mme ka 1813 mekgatlho e e tsamaisanang le oo e ne e tlhomilwe kwa Jeremane, kwa Netherlands, Denmark le Russia. Fa nako e ntse e ya, go ne ga okediwa mekgatlho ya Baebele kwa dinageng tse dingwe. Fa mekgatlho ya ntlha ya Baebele e simolola ka mekgele ya yone, e ne e akanya gore bontsi jwa lefatshe bo dirisa fela dipuo di le mmalwa tsa konokono. Ba ne ba sa akanye le ka motlha gore go na le di le diketekete! Go ne go na le baranodi ba sekae fela ba ba itseng Sehebera le Segerika gore ba tle ba ranolele ka tlhamalalo mo puong e batho ba e buang. Ka jalo, fa British and Foreign Bible Society e ne e ema thanolo nokeng, gantsi baranodi ba ne ba dirisa King James Version ya puo ya Seesemane mo tirong ya bone.
Diteko Tsa Moranodi Mongwe
Bontsi jwa se se leng mo Baebeleng ke dikgang le ditshwantsho tse di theilweng mo dilong tse di diragalang letsatsi le letsatsi. Seno se dira gore go nne motlhofo go ranola go na le fa e ne e kwadilwe ka tsela e e thata go tlhaloganngwa ya filosofi. Le fa go ntse jalo, jaaka go ne go akantswe, ka dinako tse dingwe maiteko a bogologolo a barongwa a ne a tlhagisa dithanolo tse di tlhakanyang tlhogo kana tse di tshegisang. Ka sekai, thanolo nngwe e ne ya dira gore batho ba ba mo karolong nngwe ya India ba akanye gore Modimo ke setshedi sa mmala o o pududu. Lefoko le le dirisediwang “wa legodimo” mo polelwaneng e e reng “Rara wa selegodimo” le ne le kaya “go nna le mmala wa loapi”—magodimo a mmatota!
Malebana le mathata a moranodi, Adoniram Judson o ne a kwala jaana ka 1819: ‘Fa re ithuta puo e e buiwang ke batho ka kwa letlhakoreng le lengwe la lefatshe, bao tsela e ba buang ka yone re sa e tlwaelang gotlhelele le ditlhaka le mafoko a a farologaneng gotlhelele le puo epe e re kileng ra e utlwa; fa re se na bukantswe kana motho yo o re tolokelang mme re tshwanelwa ke gore re itse sengwenyana ka puo eo pele ga re rutiwa ke mongwe yo o itseng puo—seo se tlhoka matsapa tota!’ Mme tiro ya baranodi ba ba jaaka Judson e ne ya oketsa dipalo tsa Baebele thata.—Bona tšhate mo tsebeng 12.
Ann Judson o ne a thusa monna wa gagwe ka tiro e e thata eno ya go ranola. Mme ba ga Judson ba ne ba lebana le mathata a mantsi go feta a a amanang le thanolo fela. Fa badiredibagolo ba kgosi ba ne ba gogela Adoniram kwa kgolegelong, Ann o ne a solofetse lesea. Ka bopelokgale, o ne a fetsa dikgwedi di le 21 a kopa badiredibagolo ba ba tlhogoethata go golola monna wa gagwe. Tiragalo eo mmogo le bolwetse di ne tsa koafatsa botsogo jwa gagwe thata. Go ise go ye kae fa Adoniram a sena go gololwa, Ann wa gagwe yo o pelokgale le morwadiabone yo mmotlana ba ne ba swa ka ntlha ya letshoroma. Adoniram o ne a utlwile botlhoko thata. Le fa go ntse jalo, o ne a leba kwa Modimong gore a mo nonotshe mme a tswelela pele ka go ranola, a wetsa Baebele ya Se-Burma ka 1835. Ka nako e e tshwanang go ne ga simologa dikgwetlho tse di boferefere kgatlhanong le Baebele.
Baebele e Potapotilwe ke Kganetso
Ka dingwaga tsa bo1800 go ne ga nna le dikgogakgogano tse dikgolo tsa loago le bopolotiki, ka dinako tse dingwe Baebele e le yone kgangkgolo. Ka sekai, le mororo Russian Bible Society e ile ya tlhonngwa ka go enngwa nokeng ke mmusimogolo le Kereke ya Orthodox ya Russia, fa nako e ntse e ya, ba ne ba senya Mokgatlho ono le go o thibela. (Go ne go setse go fisitswe Dibaebele di le diketekete mo e ka nnang ngwaga pelenyana ga moo ke baganetsi ba Mokgatlho oo.) Baruti ba Orthodox jaanong ba ne ba tlhagafaletse go fedisa se Bakeresete ba bogologolo ba ileng ba se simolola ka matlhagatlhaga—go anamisa Baebele mo lefatsheng lotlhe. Baeteledipele ba Orthodox mo lekgolong la bo19 la dingwaga ba ne ba gatelela gore Baebele e tshosetsa taolo ya Kereke le ya Puso. Se se gakgamatsang ke gore, mokgatlho wa bopolotiki wa diphetogo o ne o leba Baebele e le sebetsa se Kereke le Puso di neng di se dirisa go dira gore batho ba e ikobele e seng gore ke setshosetsi mo babusing. Baebele e ne e tlhaselwa ke matlhakore ano oomabedi!
Le mo dingwageng tse di neng tsa latela Baebele e ne ya tlhaselwa thata ke “batlhalefi.” Ka 1831, Charles Darwin o ne a tsamaya ka sekepe a tsaya loeto lo lo neng lwa dira gore a simolole kgopolo ya gagwe ya thutotlhagelelo. Ka 1848, Marx le Engels ba ne ba gatisa Communist Manifesto, e e neng ya bolela gore Bokeresete ke selo se se dirisediwang go gatelela batho. Gape ka yone nako eno, batshwayadiphoso ba maemo a a kwa godimo ba ne ba belaela boammaaruri jwa Dikwalo le boammaaruri jwa hisitori ya batho ba ba mo Baebeleng—tota le Jesu ka boene! Mme batho bangwe ba ba akanyang sentle ba ne ba lemoga maaka a dikgopolo tse di neng di latola Modimo le Baebele mme ba ne ba batla ditsela tse di botlhale tsa go supa gore Baebele e boammaaruri. Mongwe wa bano e ne e le Konstantin von Tischendorf Mojeremane mongwe yo o nang le bokgoni jwa go bua dipuo tse dintsi.
Dilo Tse di Ribolotsweng di Tlhomamisa Mokwalo wa Baebele
Tischendorf o ne a ralala Botlhabagare a batla mekwalo ya seatla ya bogologolo ya Baebele, a solofetse go nna le bosupi jwa gore mokwalo wa ntlhantlha wa Baebele o boammaaruri. Ka 1859, ka one ngwaga o Darwin a neng a gatisa The Origin of Species, Tischendorf o ne a bona khopi e e neng e le ya bogologolo thata e e itsegeng ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika kwa ntlong ya baitlami ka kwa tlase ga Thaba ya Sinai. E itsege e le Codex Sinaiticus, mme go bonala fa e ile ya kwalwa mo e ka nnang dingwaga di le 50 pele ga Jerome a wetsa Vulgate ya Selatine. Le mororo kgang ya gore a o ne a tshwanetse go ntsha codex kwa ntlong ya baitlami go sa ntse go ganetsanwa ka yone, Tischendorf o ne a e gatisa, ka go dira jalo a dira gore bakanoki ba nne le yone.a
E re ka Sinaiticus e ne e le mongwe wa mekwalo ya seatla ya bogologolo ya puo ya ntlhantlha, ga e senole fela gore Dikwalo Tsa Segerika di ile tsa nna di sa fetolwa mme gape e ne ya thusa bakanoki go senola diphoso tse di ileng tsa tsena mo mekwalong ya seatla ya moragonyana. Ka sekai, tshupiso e e malebana le Jesu mo go 1 Timotheo 3:16 mo go Sinaiticus e balega jaana: “O ne a bonadiwa mo nameng.” Mo boemong jwa “o,” bontsi jwa mekwalo ya seatla e e neng e itsege ka nako eo e ne e supa khutsafatso ya “Modimo,” e e dirilweng ka go dira phetogo e nnye mo lefokong la Segerika la “o.” Le fa go ntse jalo, Sinaiticus e ne ya kwalwa dingwaga tse dintsi pele ga go kwalwa mokwalo ope wa seatla wa Segerika o o balegang ka gore “Modimo.” Ka jalo, e ne ya senola gore moragonyana temana eo e ne ya sokamisiwa go bonala go ile ga dirwa jalo go tshegetsa thuto ya Tharonngwe.
Fa e sa le ka nako ya ga Tischendorf go ile ga bonwa mekwalo ya seatla e mentsi. Gompieno, palogotlhe ya mekwalo ya seatla ya Dikwalo Tsa Sehebera e e itsegeng ke e e ka nnang 6000 mme ya Dikwalo Tsa Segerika ke e e fetang 13 000. Tshekatsheko e e dirilweng go bapisiwa mekwalo eno e ile ya felela ka gore go nne le mokwalo wa puo ya ntlhantlha o o ka ikanngwang ka pelo yotlhe. Jaaka fa mokanoki F. F. Bruce a tlhalosa: “Go nna le dithanolo tse di farologaneng . . . ga go fetole boammaaruri jwa ditiragalo tse di diragetseng kana dithuto le tiro ya Bokeresete.” Le mororo go ranolelwa ga Baebele mo dipuong tse dintsi tse di oketsegileng go ne ga tswelela, kitso e e oketsegileng e ne e ka solegela batho molemo jang?
Mokgatlho wa Watch Tower le Baebele
Ka 1881 setlhopha se sennye mme e le se se tlhagafetseng sa barutisi le baithuti ba Baebele se ne sa tlhoma se moragonyana se neng sa itsege e le Watch Tower Bible and Tract Society. Pele ba ne ba anamisa Dibaebele tse di gatisitsweng ke mekgatlho e mengwe ya Baebele, go akaretsa le Dikwalo Tsa Segerika tsa ga Tischendorf. Le fa go ntse jalo, ka 1890, ba ne ba simolola go gatisa Dibaebele ka tlhamalalo, ba etleetsa go gatisiwa ga dithanolo dingwe tsa ntlha tsa Baebele. Ka 1926 Mokgatlho o ne wa simolola go ikgatisetsa Baebele mo metšhining ya one ya go gatisa. Mme go ne go bonala sentle gore go tlhokega thata thanolo e e tlhabolotsweng ya Baebele. A kitso e e ileng ya lemogiwa mo lekgolong la dingwaga le le tlileng pele ga leo ka ntlha ya dilo tse di neng tsa ribololwa le tshedimosetso ya bokanoki e ne e ka tsenngwa mo Baebeleng e e tlhaloganyegang, e e sa tureng? Ka boikaelelo jono, ditsala tsa Mokgatlho di ne tsa simolola thanolo e ntšha ya Dikwalo ka 1946.
Thanolo e le Nngwe, Dipuo di le Dintsi
Go ne ga rulaganngwa komiti ya thanolo ya Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba tshwanelegang go ranola New World Translation of the Holy Scriptures ka Seesemane. E ne ya gatisiwa ka dibolumo di le thataro, tse di ileng tsa gololwa go tloga ka 1950 go ya go 1960, go simololwa ka Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Fa e sale ka 1963 e ile ya ranolelwa mo dipuong tse di oketsegileng di le 27, tse di oketsegileng di sa ntse di ranolwa. Mekgele ya dipuo tse dingwe e ntse e tshwana le ya Seesemane. Sa ntlha, thanolo e tshwanetse gore e nne boammaaruri, e tshwane thata le mafoko a mokwalo wa ntlhantlha ka mo go ka kgonegang ka teng. Bokao ga bo a tshwanelwa go fetolwa gore bo dumalane le tsela nngwe e e rileng e thuto nngwe e tlhaloganngwang ka yone. Sa bobedi, thanolo e tshwanetse ya tlhomama, e dirisa lefoko le le tshwanang ka metlha ka mo go ka kgonegang ka teng go ranola lefoko la konokono. Thanolo e e ntseng jalo e thusa babadi go bona kafa bakwadi ba Baebele ba ileng ba dirisa lefoko le le rileng ka teng. Sa boraro, thanolo e tshwanetse gore e beye dilo fela jaaka di ntse go ya ka fa go kgonegang ka teng kwantle ga go fetola bokao jwa tsone. Go ranola kgang fela jaaka e ntse go dira gore mmadi a utlwe segalo se se dirisitsweng mo puong ya ntlhantlha le megopolo e e amanang le sone. Mme sa bonè, go tshwanetse ga nna motlhofo gore batho ba e seng ba maemo ba e bale le go e tlhaloganya.
Mokgwa wa go ranola mafoko fela jaaka a ntse mo New World Translation ya Seesemane go dira gore go kgonege gore go ranolelwe mo dipuong tse dingwe. Go dira seno, gone jaanong ditlhopha tse di ranolang tsa Mokgatlho di dirisa didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo tsa khomputara go akofisa tiro ya bone le go dira gore e tlhomame le go feta. Thulaganyo eno e thusa baranodi go dira manaane a mafoko a puo ya bone a a tshwanelang lefoko lengwe le lengwe la konokono la yone. Gape e ba thusa go tlhatlhoba mafoko a Seesemane a a ranotsweng lefoko lengwe le lengwe la Sehebera le la Segerika mo Baebeleng.
Go ranola go tswa mo Seesemaneng, go na le go ranola ka tlhamalalo go tswa mo puong ya Sehebera le Segerika, go na le melemo e e botlhokwa. Mo godimo ga go fokotsa nako ya go ranola, go dira gore go kgonege gore go nne le go tshwana thata ga mafoko mo dipuong tsotlhe. Ka ntlha yang? Ka gonne go motlhofo thata go ranola ka tlhamalalo go tswa mo puong ya segompieno go ya mo puong e nngwe go na le go ranola go tswa mo puong ya bogologolo go ya mo dipuong tse di farologaneng tsa segompieno. Tota e bile, baranodi ba ka botsa batho ba lefelo leo ba ba buang dipuo tsa segompieno e seng ba ba buang puo e e neng e buiwa dingwaga tse di sekete tse di fetileng.
Dikgang Tse di Molemo go Ditšhaba Tsotlhe
Go na le mo gontsi thata mo go ka kwalwang ka banna le basadi ba ba neng ba ititeile sehuba ba ba neng ba thusa go dira gore Baebele e nne buka e e bonwang gongwe le gongwe mo lefatsheng. Mo makgolong a dingwaga a a fetileng, go ile ga gatisiwa bobotlana Dibaebele le dikarolo tsa Baebele di le dimilione di le dikete tse nnè mo dipuong tse di fetang dikete tse pedi, tse di buiwang ke baagi ba lefatshe ba ba fetang diperesente di le 90!
Baebele e ile ya bolelela pele go rerwa ga Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe mo motlheng wa rona. Go dira gore seno se kgonege, go phepafetse gore Jehofa Modimo ka boene o ile a nna le seabe mo go direng gore Baebele jaanong e bo e le teng mo e ka nnang mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 13:47, 48; 24:14) Baranodi ba Baebele ba ba pelokgale le bagatisi ba nako e e fetileng ba ile ba iintsha setlhabelo mo go sengwe le sengwe gore re nne le Lefoko la Modimo—e e leng yone fela motswedi wa lesedi la semoya mo lefatsheng leno le le mo lefifing malebana le boitsholo. E kete sekao sa bone se ka go tlhotlheletsa go bala, go tshela le go bolelela ba bangwe ka Lefoko leo ka tlhagafalo e e tshwanang le e ba neng ba na nayo. Ee, solegela Baebele e e ikanyegang e o nang nayo molemo letsatsi le letsatsi!—Isaia 40:6-8.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona “Go Falotsa Codex Sinaiticus” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya October 15, 1988.
[Tšhate mo go tsebe 12]
Koketsego ya Thanolo ya Baebele
(For fully formatted text, see publication)
Palo ya
Dipuo
1 Bajuda ba simolola go ranola Dikwalo Tsa Sehebera mo Segerikeng
c. 280 B.C.E.
12 Jerome o wetsa Vulgate ya Selatine c. 400 C.E.
35 Gutenberg o wetsa Baebele ya ntlha c. 1455
81 British and Foreign Bible Society e tlhomilwe ka 1804
Palo e e Fopholediwang ya Dipuo ka Ngwaga
522
1900
600
700
800
900
1 049
1950
1 100
1 200
1 300
1 471
1970
2 123
1996
2 200
2 300
2 400
[Motswedi wa Setshwantsho]
Sources: Christianity Today, United Bible Society
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 9]
Mountain High Maps® Copyright © 1995 Digital Wisdom, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Judson o ne a golegiwa a bo a kgogediwa
[Motswedi wa Setshwantsho]
From the book Judson the Hero of Burma, by Jesse Page
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Tischendorf o ne a namola mokwalo wa seatla o o botlhokwa mo ntlong eno ya baitlami ka kwa tlase ga Thaba ya Sinai
[Motswedi wa Setshwantsho]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.