Bakeresete le Lefatshe Le e Leng Batho
“Tswelelang lo tsamaya ka botlhale malebang le ba ba kwa ntle.”—BAKOLOSA 4:5.
1. Jesu o ne a reng malebana le balatedi ba gagwe le lefatshe?
FA Jesu a ne a rapela Rraagwe wa selegodimo, o ne a bolela jaana ka balatedi ba gagwe: “Lefatshe le ba tlhoile, ka gonne ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” Morago ga foo a oketsa jaana: “Ke a go lopa, e seng gore o ba ntshe mo lefatsheng, fa e se gore o ba tlhokomele ka ntlha ya yo o boikepo.” (Johane 17:14, 15) Bakeresete ba ne ba sa tshwanela go aroganngwa ka tsela ya mmatota le lefatshe—ka sekai, ka go itlhaola ka go nna mo matlong a baitlami. Go na le moo, Keresete o ba “rometse mo lefatsheng” gore ba nne basupi ba gagwe “go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Johane 17:18; Ditiro 1:8) Le fa go ntse jalo, o ne a kopa Modimo gore a ba lebelele ka gonne Satane, “mmusi wa lefatshe leno” o ne a tla tlhotlheletsa batho gore ba ba tlhoe ka ntlha ya leina la ga Keresete.—Johane 12:31; Mathaio 24:9.
2. (a) Baebele e dirisa jang lefoko “lefatshe”? (b) Jehofa o na le boikutlo bofe jo bo lekalekaneng malebana le lefatshe?
2 Mo Baebeleng lefoko “lefatshe” (Segerika, koʹsmos) gantsi le kaya batho ba ba sa siamang, ba ba ‘namaletseng mo maatleng a yo o boikepo.’ (1 Johane 5:19) E re ka Bakeresete ba tshela go dumalana le ditekanyetso tsa ga Jehofa e bile gape ba tsaya tsia taelo ya gore ba rere dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng, ka dinako tse dingwe seo se ile sa dira gore go nne le dikamano tse di seng dintle fa gare ga bone le lefatshe. (2 Timotheo 3:12; 1 Johane 3:1, 13) Le fa go ntse jalo, koʹsmos e dirisiwa gape mo Dikwalong go kaya batho ka kakaretso. Fa Jesu a ne a bua ka lefatshe ka kgopolo eno, o ne a bolela jaana: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo o bileng wa ntsha Morwaone yo o tsetsweng a le esi, e le gore mongwe le mongwe yo o supang tumelo mo go ene a tle a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng. Gonne Modimo o ne wa romela Morwaone mo lefatsheng, e seng gore a tle go atlhola lefatshe, mme gore lefatshe le bolokwe ka ene.” (Johane 3:16, 17; 2 Bakorintha 5:19; 1 Johane 4:14) Ka jalo, le mororo Jehofa a ila dilo tse di tlhaolang tsamaiso e e boikepo ya ga Satane, o ne a supa lorato gore o rata batho ka go romela Morwawe mo lefatsheng gore a boloke botlhe ba ba tla ‘fitlhang mo boikotlhaong.’ (2 Petere 3:9; Diane 6:16-19) Boikutlo jwa ga Jehofa jo bo lekalekaneng malebana le lefatshe bo tshwanetse go kaela baobamedi ba gagwe.
Sekao sa ga Jesu
3, 4. (a) Jesu o ne a tsaya boemo bofe malebana le go busa? (b) Jesu o ne a leba lefatshe la batho jang?
3 Pelenyana ga loso lwa gagwe, Jesu o ne a bolelela Ponto Pilato jaana: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno.” (Johane 18:36) Tumalanong le mafoko ano, pelenyana Jesu o ne a ganne fa Satane a solofetsa go mo naya taolo mo magosing a lefatshe mme o ne a gana go dumela gore Bajuda ba mo dire kgosi. (Luke 4:5-8; Johane 6:14, 15) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a supa gore o rata lefatshe la batho thata. Sekai sa seno se ne sa begiwa jaana ke moaposetoloi Mathaio: “Fa a bona boidiidi a utlwa a ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” Ka ntlha ya lorato, o ne a rerela batho kwa metseng le kwa metsaneng ya bone. O ne a ba ruta a ba a fodisa malwetse a bone. (Mathaio 9:36) Gape o ne a amega thata ka dilo tse batho ba ba neng ba tla go mo reetsa ba neng ba di tlhoka. Re bala jaana: “Jesu a biletsa barutwa ba gagwe kwa go ene mme a re: ‘Ke utlwa ke tlhomogela boidiidi jono pelo, ka gonne e setse e le malatsi a le mararo ba ntse le nna mme ga ba na se ba ka se jang; mme ga ke batle go ba naya tsela ba sa ja sepe. Gongwe ba ka felelwa ke thata mo tseleng.’” (Mathaio 15:32) A bo e le go amega ka tsela e e lorato jang ne!
4 Bajuda ba ne ba tlhoile Basamaria thata, le fa go ntse jalo Jesu o ne a bua nako e telele le mosadi wa Mosamaria mme a nna malatsi a le mabedi kwa motseng wa Samaria a neela bosupi ka botlalo. (Johane 4:5-42) Le mororo Modimo a ne a mo romile kwa “dinkung tse di latlhegileng tsa ntlo ya Iseraele,” Jesu ka dinako tse dingwe o ne a thusa fa batho ba bangwe ba e seng Bajuda ba ne ba supa tumelo. (Mathaio 8:5-13; 15:21-28) Ee, Jesu o ne a supa gore go ka kgonega gore motho a ‘se nne karolo ya lefatshe’ mme ka nako e e tshwanang a rata lefatshe, a rata batho. A le rona ka tsela e e tshwanang re utlwela batho botlhoko koo re nnang teng, re berekang teng kana koo re rekang teng? A re amega ka boitekanelo jwa bone—e seng fela ka dilo tse ba di tlhokang mo semoyeng mme gape le ka dilo tse dingwe tse ba di tlhokang fa re ka kgona go ba thusa? Jesu o ne a dira jalo, mme ka go dira jalo, o ne a bula tsela ya go ruta batho ka Bogosi. Ke boammaaruri gore rona re ka se ka ra dira dikgakgamatso tsa mmatota tse Jesu a di dirileng. Mme gantsi go dira molemo go ka dira kgakgamatso mo go fediseng letlhoo.
Boikutlo Jwa ga Paulo mo Bathong “ba ba Kwa Ntle”
5, 6. Moaposetoloi Paulo o ne a dirisana jang le Bajuda ba ba neng ba le “ka kwa ntle”?
5 Mo makwalong a gagwe a le mmalwa, moaposetoloi Paulo o bua ka batho “ba ba kwa ntle” kana “ba ba ka kwa ntle,” go kaya batho ba e seng Bakeresete, e ka tswa e le Bajuda kana Baditšhaba. (1 Bakorintha 5:12; 1 Bathesalonika 4:12; 1 Timotheo 3:7) O ne a tshwara batho ba ba ntseng jalo jang? O ne a ‘nna dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe, e le gore kafa go ka kgonegang ka gone a tle a boloke bangwe.’ (1 Bakorintha 9:20-22) Fa a fitlha kwa motseng mongwe, thulaganyo ya gagwe ya go rera e ne e le go ya pele kwa Bajudeng ba ba neng ba nna koo. O ne a bua jang le bone? Ka tsela e e botlhale le ka tlotlo o ne a ba naya bosupi jwa Baebele jo bo ba tlhatswang pelo jwa gore Mesia o ne a tlile, a bo a swa loso lwa setlhabelo le gore o tsositswe.—Ditiro 13:5, 14-16, 43; 17:1-3, 10.
6 Ka tsela eno Paulo o ne a dirisa kitso e Bajuda ba neng ba na le yone ka Molao le baporofeti gore a ba rute ka ga Mesia le Bogosi jwa Modimo. Mme o ne a atlega go dira gore bangwe ba dumele. (Ditiro 14:1; 17:4) Le mororo a ne a ganediwa ke baeteledipele ba Bajuda, Paulo o ne a supa lorato lo logolo go Bajudakaene fa a ne a kwala jaana: “Bakaulengwe, keletso e e molemo ya pelo ya me le mokokotlelo wa me ka bone [Bajuda] mo Modimong, eleruri, ke tsa gore ba bolokwe. Gonne ke naya bosupi ka bone gore ba na le tlhoafalo ka Modimo; mme e seng go ya ka kitso e e leng yone.”—Baroma 10:1, 2.
Go Thusa Badumedi ba e Seng Bajuda
7. Basokologi ba le bantsi ba ne ba tsibogela jang dikgang tse di molemo tse Paulo a neng a di rera?
7 Basokologi e ne e le batho ba e seng Bajuda ba ba neng ba nna balatedi ba Tumelo ya Sejuda ba ba rupisitsweng. Ka mo go bonalang ka teng, go ne go na le basokologi ba Bajuda kwa Roma, Antioka ya kwa Siria, Ethiopia le Antioka mo Pisidia—totatota, go ralala Lefelo la Bafaladi la Bajuda. (Ditiro 2:8-10; 6:5; 8:27; 13:14, 43; bapisa Mathaio 23:15.) Go farologana le babusi ba le bantsi ba Bajuda, go bonala fa basokologi ba ne ba sa ikgogomose e bile ba ne ba ka se ikgantshe ka mabela ka gore ba tswa mo go Aberahame. (Mathaio 3:9; Johane 8:33) Go na le moo, ba ne ba tlogetse medimo ya boheitane mme ka boikokobetso ba retologela kwa go Jehofa, ba bona kitso nngwe ka ene le melao ya gagwe. Mme ba ne ba amogela tsholofelo ya Sejuda ya go tla ga ga Mesia. E re ka ba ne ba setse ba supile gore ba rata go fetoga ka go batla boammaaruri, ba le bantsi ba bone ba ne ba iketleeditse go dira diphetogo tse di oketsegileng mme ba tsibogela se moaposetoloi Paulo a neng a rera ka sone. (Ditiro 13:42, 43) Fa mosokologi yo pele a neng a obamela medimo ya seheitane a sokologela mo Bokereseteng, o ne a tshwanela sentle go neela bosupi go Baditšhaba ba bangwe ba ba sa ntseng ba obamela medimo eo.
8, 9. (a) Kwantle ga basokologi, ke setlhopha sefe gape sa Baditšhaba se se neng sa kgatlhiwa ke bodumedi jwa Sejuda? (b) Batho ba le bantsi ba ba boifang Modimo ba ba sa rupisiwang ba ne ba tsibogela jang dikgang tse di molemo?
8 Kwantle ga basokologi ba ba rupisitsweng, batho ba bangwe ba e seng Bajuda ba ne ba kgatlhegela bodumedi jwa Sejuda. Wa ntlha mo go bano go nna Mokeresete e ne e le Korenelio, yo le mororo e ne e se mosokologi, e ne e le “monna yo o ineetseng mo tumelong le yo o boifang Modimo.” (Ditiro 10:2) Mo bukeng ya gagwe malebana le Ditiro, Porofesa F. F. Bruce o ne a kwala jaana: “Gantsi Baditšhaba ba ba ntseng jalo ba bidiwa ‘batho ba ba boifang Modimo’; le mororo e se lefoko le go neng go ka twe le tlhalosa se tota ba se dirang, ke le le tshwanelang go ka dirisiwa. Baditšhaba ba le bantsi ba metlha eo, le fa ba ne ba sa ikaelela go sokologela ka botlalo mo Tumelong ya Sejuda (go rupisiwa e ne e le sekgoreletsi se segolo mo banneng), ba ne ba kgatlhiwa ke tumelo ya Sejuda e e tlhamaletseng ya go obamela Modimo a le mongwe kwa sinagogeng le ditekanyetso tsa botshelo tsa setso tsa Sejuda. Bangwe ba bone ba ne ba ya kwa sinagogeng mme ba ithuta ka dithapelo le dithuto tsa dikwalo, tse ba neng ba utlwa di balwa ka Segerika.”
9 Moaposetoloi Paulo o ne a kopana le batho ba le bantsi ba ba neng ba boifa Modimo fa a ne a rera kwa disinagogeng kwa Asia Minor le kwa Gerika. Kwa Antioka ya kwa Pisidia o ne a bitsa ba ba phuthegetseng mo sinagogeng a re “banna, Baiseraele le lona ba bangwe ba lo boifang Modimo.” (Ditiro 13:16, 26) Luke o kwala gore fa Paulo a sena go rera ka Bosabata ba le bararo mo sinagogeng ya kwa Thesalonika, “bangwe ba bone [Bajuda] ba ne ba nna badumedi [Bakeresete] ba ba ba ikopanya le Paulo le Silase, le letshutitshuti le legolo la Bagerika ba ba neng ba obamela Modimo le basadi ba bagolo ba bantsinyana ba ne ba dira jalo.” (Ditiro 17:4) Gongwe bangwe ba Bagerika e ne e le batho ba ba boifang Modimo ba ba sa rupisiwang. Go na le bosupi jwa gore Baditšhaba ba bantsi ba ba ntseng jalo ba ne ba ikopanya le batho ba Bajuda.
Go Rera mo go “Ba ba Sa Dumeleng”
10. Paulo o ne a rerela jang Baditšhaba ba ba neng ba sa itse Dikwalo mme matswela e nnile afe?
10 Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, polelwana e e reng “ba ba sa dumeleng” e ka kaya batho ba ba kwa ntle ga phuthego ya Bokeresete ka kakaretso. Gantsi e bua ka baheitane. (Baroma 15:31; 1 Bakorintha 14:22, 23; 2 Bakorintha 4:4; 6:14) Kwa Athena batho ba le bantsi ba ba sa dumeleng ba ne ba rutegile mo filosofing ya Segerika mme ba se na kitso epe ya Dikwalo. A seno se ile sa kgoba Paulo marapo gore a se ka a ba neela bosupi? Nnyaa. Le fa go ntse jalo, o ne a fetola mokgwa wa gagwe wa go bua. Ka botswerere o ne a tlhalosa megopolo ya Baebele kwantle ga go nopola ka tlhamalalo go tswa mo Dikwalong Tsa Sehebera, tse Baathena ba neng ba sa di itse. O ne a supa ka botlhale tsela e boammaaruri jwa Baebele bo tshwanang ka yone le megopolo mengwe e e ileng ya tlhalosiwa ke baboki ba bogologolo ba Masetoika. Mme o ne a ba tlhalosetsa ka Modimo a le mongwe wa boammaaruri wa batho botlhe, Modimo yo o tla atlholang ka tshiamo a dirisa monna yo o neng a swa a bo a tsosiwa. Ka jalo Paulo o ne a rerela Baathena ka botlhale ka ga Keresete. Matswela e nnile afe? Le fa ba bantsi ba ne ba mo sotla ba sa iphitlhe kana ba belaela, “banna bangwe ba ikopanya le ene mme ba nna badumedi, ba gareng ga bone gape go neng go na le Dionisio, moatlhodi wa kgotlatshekelo ya Areopago, le mosadi yo o neng a bidiwa Damarise, le ba bangwe mo godimo ga bone.”—Ditiro 17:18, 21-34.
11. Motse wa Korintha e ne e le wa mofuta ofe mme matswela a tiro ya ga Paulo ya go rera e nnile afe koo?
11 Kwa Korintha go ne go na le batho ba le mmalwanyana ba Bajuda, ka jalo Paulo o ne a simolola bodiredi jwa gagwe koo ka go rera mo sinagogeng. Mme e rile Bajuda ba simolola go ganetsa, Paulo o ne a ya kwa go Baditšhaba. (Ditiro 18:1-6) Mme tota bao e ne e le batho ba bangwe! Korintha e ne e le motse o o tlhanaselang, o o neng o na le batho ba bantsi ba ditšhaba tse dintsi, wa kgwebo, o o neng o itsege go ralala dikarolo tsa Gerika le Roma ka ntlha ya boitsholo jwa one jo bo sa siamang. Totatota, “go nna Mokorintha” go ne go kaya go nna le boitsholo jo bo sa siamang. Le fa go ntse jalo, e ne ya nna morago ga gore Bajuda ba gane thero ya ga Paulo fa Keresete a ne a bonalela kwa go ene mme a mmolelela jaana: “Se boife, mme nna o bue . . . , gonne ke na le batho ba le bantsi mo motseng ono.” (Ditiro 18:9, 10) Go ne ga diragala fela jalo, Paulo o ne a tlhoma phuthego kwa Korintha le fa bangwe ba maloko a yone ba ne ba tshela botshelo jwa “Sekorintha” pele.—1 Bakorintha 6:9-11.
Go Leka go Boloka “Batho ba Mefuta Yotlhe” Gompieno
12, 13. (a) Tshimo ya rona gompieno e tshwana jang le ya motlha wa ga Paulo? (b) Re nna le boikutlo bofe mo tshimong e madumedi a Labokeresete a sa bolong go nna teng kana koo batho ba le bantsi ba swabisitsweng ke bodumedi?
12 Gompieno, fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, “bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo . . . bo [tlisetsa] batho ba mefuta yotlhe poloko.” (Tito 2:11) Tshimo ya go rera dikgang tse di molemo e anametse go fitlha kwa dikontinenteng tsotlhe le kwa bontsing jwa ditlhaketlhake tsa lewatle. Mme fela jaaka mo motlheng wa ga Paulo, eleruri go bonwa “batho ba mefuta yotlhe.” Ka sekai, bangwe ba rona re rera mo dinageng tse mo go tsone dikereke tsa Labokeresete di sa bolong go nna di ntse di le teng ka makgolo a le mantsi a dingwaga. Jaaka Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga, maloko a tsone a ka nna a bo a golegilwe thata ke dingwao tsa bodumedi. Le fa go ntse jalo, re itumelela go batla ba ba nang le dipelo tse di siameng mme re bo re oketsa kitso epe e ba nang nayo ka Baebele. Ga re ba nyatse kana go ba sotla le fa ka dinako tse dingwe baeteledipele ba bone ba bodumedi ba re ganetsa le go re bogisa. Go na le moo, re lemoga gore bangwe ba bone ba ka nna ba bo ba na le “tlhoafalo ka Modimo” le fa gone ba se na kitso ya boammaaruri. Jaaka Jesu le Paulo, re bontsha batho lorato lwa mmatota mme re eletsa thata gore ba bolokiwe.—Baroma 10:2.
13 Fa re ntse re rera, ba le bantsi ba rona re kopana le batho ba ba swabisitsweng ke bodumedi. Le fa go ntse jalo, e ka nna ya bo e sa ntse e le batho ba ba boifang Modimo, ba dumela mo Modimong go ya bokgakaleng jo bo rileng e bile ba leka go tshela sentle. Mo kokomaneng e e sokegileng thata eno e e se nang bomodimo, a ga re a tshwanela go itumelela go bo re kopana le batho ba ba nang le tumelonyana mo Modimong? Mme a ga re a tlhoafalela go ba kaela mo mofuteng wa kobamelo e e se nang boitimokanyi le maaka?—Bafilipi 2:15.
14, 15. Tshimo e kgolo ya go rera dikgang tse di molemo e nnile teng jang?
14 Mo setshwantshong sa gagwe sa letlowa, Jesu o ne a bolelela pele gore go ne go tla nna le tshimo e kgolo e go neng go tla rerwa mo go yone. (Mathaio 13:47-49) Fa Tora ya Tebelo ya June 15, 1992, e tlhalosa setshwantsho seno, e ne ya bolela jaana mo tsebeng 20: “Maloko a Labokeresete a ile a nna le seabe se segolo mo go ranoleng, le mo go direng dikhopi tsa Lefoko la Modimo, le go le phasalatsa. Moragonyana dikereke di ile tsa bopa kana tsa tshegetsa mekgatlho ya Bibela, e e neng ya ranolela Bibela mo dipuong tsa dinaga tse di kwa kgakala. Ba ne ba romela gape le barongwa ba e leng dingaka le barutisi, bao ba neng ba fetola batho Bakeresete mme ba fetoga fela ba lebile melemo e ba neng ba e direlwa. Seno se ne sa phutha palo e ntsi ya ditlhapi tse di sa siamang, tseo Modimo o neng o sa di amogele. Mme lefa go ntse jalo, seno se ne sa dira gore dimilione tsa batho bao eseng Bakeresete ba itse kaga Bibela le mofuta mongwe wa Bokeresete, le mororo o ne o le bosula.”
15 Go sokolola batho ga Labokeresete go ile ga atlega segolobogolo kwa Amerika Borwa, Afrika le kwa ditlhaketlhakeng dingwe tsa lewatle. Mo motlheng wa rona, go ile ga bonwa batho ba le bantsi ba ba pelonomi mo mafelong ano mme re ka tswelela pele re dira tiro e e molemo thata fa re na le boikutlo jo bo siameng jo bo lorato ka batho ba ba ntseng jalo ba ba ikokobeditseng, fela jaaka Paulo a ne a ntse mo basokologing ba Bajuda. Mo bathong ba ba tlhokang thuso ya rona gape go na le didikadike tsa batho ba re ka ba bitsang “batho ba ba kutlwelobotlhoko” mo Basuping ba ga Jehofa. Ba itumela ka metlha go bona re ba etetse. Bangwe ba ile ba ithuta Baebele le rona le go nna teng kwa dipokanong tsa rona, segolobogolo kwa Segopotsong sa ngwaga le ngwaga sa loso lwa ga Keresete. A batho ba ba ntseng jalo ga ba emele tshimo e kgolo e go tshwanetseng ga rerwa dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo go yone?
16, 17. (a) Re bua le batho ba mefuta efe ka dikgang tse di molemo? (b) Re etsa jang Paulo ka go rerela batho ba mefuta e e farologaneng?
16 Mo godimo ga moo, go tweng ka ba ba mo ditumelong tse e seng tsa Labokeresete—e ka tswa re kopane le bone kwa dinagagaeng tsa bone kana e le bafaladi ba ba tlileng mo dinageng tsa Bophirima? Go tweng ka dimilione tse dintsi tsa bao ba ileng ba furalela bodumedi gotlhelele, ba nna ba ba sa dumeleng mo Modimong kana ba ba dumelang gore Modimo ke masaitsiweng? Mo godimo ga moo, go tweng ka ba ba ratang filosofi ya segompieno kana botlhale jo bo ratiwang thata jo bo gatisitsweng mo dibukeng tse dintsi tse o ka di ipalelang tse di bonwang mo mabenkeleng a dibuka, ba bo rata ka lorato lwa sedumedi? A ope wa batho bano o tshwanetse go itlhokomolosiwa, a tsewe e le motho yo o se kitlang a gololwa? E seng fa re etsa moaposetoloi Paulo.
17 Fa Paulo a ne a rera kwa Athena, ga a ka a wela mo serung sa go ganetsanya ka filosofi le bareetsi ba gagwe. Le fa go ntse jalo, o ne a fetola tlhaloso ya gagwe go ya ka batho ba a neng a bua le bone, a tlhalosa boammaaruri jwa Baebele ka tsela e e phepafetseng e e utlwalang. Ka mo go tshwanang, ga re tlhoke go nna bomankge mo madumeding kana mo difilosofing tsa batho ba re ba rerelang. Le fa go ntse jalo, re fetola tsela e re buang ka yone gore bosupi jwa rona bo nne le matswela, ka go dira jalo re nna “dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe.” (1 Bakorintha 9:22) Fa a ne a kwalela Bakeresete ba kwa Kolosa, Paulo o ne a bolela jaana: “Tswelelang lo tsamaya ka botlhale malebang le ba ba kwa ntle, lo ithekela nako nngwe le nngwe e e lo siametseng. A puo ya lona ka metlha e nne ka bopelontle, e lokilwe ka letswai, e le gore lo itse kafa lo tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.”—Bakolosa 4:5, 6.
18. Re na le boikarabelo bofe mme ke eng se le ka motlha re sa tshwanelang go se lebala?
18 Jaaka Jesu le moaposetoloi Paulo, a re bontsheng batho ba mefuta yotlhe lorato. Segolobogolo a re tseyeng matsapa go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Ka fa letlhakoreng le lengwe, a le ka motlha re se ka ra lebala gore Jesu o ne a bolela jaana ka barutwa ba gagwe: “Ga ba karolo ya lefatshe.” (Johane 17:16) Gore seno se kaya eng mo go rona se tla sekasekiwa mo go oketsegileng mo setlhogong se se latelang.
Poeletso
◻ Tlhalosa boikutlo jwa ga Jesu jo bo lekalekaneng malebana le lefatshe.
◻ Moaposetoloi Paulo o ne a rerela Bajuda le basokologi jang?
◻ Paulo o ne a bua jang le batho ba ba boifang Modimo le ba ba sa dumeleng?
◻ Re ka nna “dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe” jang mo tirong ya rona ya go rera?
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Ka go direla baagelani ba bone ditiro tse di molemo, gantsi Bakeresete ba ka kgona go fedisa letlhoo