LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 11/15 ts. 10-14
  • Dira Dilo Tsotlhe ka Ntlha ya Mafoko a a Molemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dira Dilo Tsotlhe ka Ntlha ya Mafoko a a Molemo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Thusa Bajuda ba ba Boikobo
  • Go Batla go Gapa Baditšhaba
  • Tokafatsa Botswerere jwa Gago jwa go Rera
  • Sekao go Barongwa
  • Bakeresete le Lefatshe Le e Leng Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Go Nna Badiredi ba ba Nang le Bokgoni Le ba Ba Fetofetogang le Maemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Buka ya Bibela ya bo 46—1 Bakorintha
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Buka ya Bibela ya bo 47—2 Bakorintha
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 11/15 ts. 10-14

Dira Dilo Tsotlhe ka Ntlha ya Mafoko a a Molemo

“Ke diha dilō cotlhe ka ntlha ea Mahoko a a Molemō, gore ke tlè ke nnè le kabèlanō mo go aōna.”—1 BAKORINTHA 9:23.

1. Ke popego efe e e tlwaelegileng e re nang le yone rotlhe, mme Modimo o re neetse motheo malebana le eng?

LEFA re sa tshwane ka ditsela tse di farologaneng, rotlhe re na le popego e e tshwanang. Ka ntlha ya se re se ruileng mo go Adame, re ne ra tsholwa re le baleofi bao ba tlhoboganeng le Modimo Mogodimodimo, Jehofa. (Baroma 5:12; Bakolosa 1:21) Ke fela jaaka moaposetoloi wa Mokeresete Paulo a ne a kwala jaana: “Gonne botlhe ba leohile, ba tlhaetse kgalaleco ea Modimo.” (Baroma 3:23) Ka gone, gore re bolokiwe, batho ba lotso longwe le longwe le morafe ba tshwanetse go letlana le Modimo. Mme abo re tshwanetse go leboga jang ne, go re ka lorato lwa gagwe lo lo gaisang le boutlwelobotlhoko, Jehofa o ne a dira paakanyetso ya gore re letlane nae!

2. (a) Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba neilwe boikarabelo bofe jwa bodihedi? (b) Re ka ithuta mo sekaong sa ga mang, mme ka ntlhayang? (1 Bakorintha 11:1)

2 Makgolo a a lesome le borobong a a fetileng, basupi ba ba tloditsweng ba ga Jehofa ba ne ba newa boikarabelo jwa “tihèlō ea tetlanyō.” Paulo o ne a bua jaana: “Rea lo rapèla mo boemoñ yoa ga Keresete, ra re, lo letlanè le Modimo.” (2 Bakorintha 5:18-20) Moaposetoloi Paulo o ne a diragatsa bodihedi jwa gagwe ka boikutlo bofe? “Leha ke ne ke se mo taoloñ ea batho bapè,” o ne a bua jalo, “ke ipeile mo botlhankeñ mo go botlhe, gore ke tlè ke gapè bogolo.” (1 Bakorintha 9:19) Kwantle ga pelaelo, Paulo o ne a dira boiteko jwa go rera molaetsa ka tsela e e nang le matswela, ka go bo o ne a bua gape jaana: “Ke diha dilō cotlhe ka ntlha ea Mahoko a a Molemō, gore ke tlè ke nnè le kabèlanō mo go aōna.” (1 Bakorintha 9:23) Jalo, re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Paulo?

Go Thusa Bajuda ba ba Boikobo

3. Go batla ga ga Paulo go dira dilo tsotlhe ka ntlha ya mafoko a a molemo go ne ga bonala jang mo kgannyeng ya ga Timotheo le Bajuda?

3 Go godisiwa ga ga Paulo jaaka Mojuda le go batla ga gagwe go dira dilo tsotlhe ka ntlha ya mafoko a a molemo go ne ga mo tlhomelela mo go thuseng Bajuda ba ba boikobo go amogela Jesu jaaka Mesia. Ka sekai, tlhokomela seo moaposetoloi a neng a se dira fa a ne a tlhopha Timotheo jaaka mongwe yo a neng a tla mo pata mo maetong. Timotheo, yoo rraagwe e neng e le Mogerika, o ne a sa rupisiwa jaaka bana ba basimane ba Bajuda. (Lefitiko 12:2, 3) Paulo o ne a itse gore Bajuda ba ne ba ka nna ba kgopisiwa ke fa monna yo mmotlana yo o sa rupisiwang a ne a leka go ba thusa gore ba letlane le Modimo. Ka gone, Paulo o ne a dira eng, gore Bajuda ba ba dipelo di ikanyegang ba seka ba kgorelediwa ke sepe go amogela Jesu? O ne “a tsaea [Timotheo] a mo rupisa, ka ntlha ea Bayuda ba ba mo mahatshiñ auō.” Seno se ne sa dirwa lefa Bakeresete ba ne ba sa tlhoke go rupisiwa.—Ditihō 16:1-3.

4. Go ya ka 1 Bakorintha 9:20, boikaelelo jwa ga Paulo e ne e le eng?

4 Jalo Paulo o ne a dira dilo ka ntlha ya mafoko a a molemo fa a ne a supa go amega ka lorato ka Bajuda-ka-ene. O ne a kwala jaana: “Mo Bayudeñ ke ne ke nntse yaka Moyuda, gore ke tlè ke gapè Bayuda; mo go ba ba mo molaoñ, yaka ke le mo molaoñ, le morōrō ke se mo molaoñ ka nosi, gore ke tlè ke gapè ba ba mo molaoñ.” (1 Bakorintha 9:20) Ee, jaaka go bontshitswe mo kgannyeng ya ga Timotheo, Paulo o ne a dira seo a neng a se kgona go gapa Bajuda, a ba thusa go fetoga Bakeresete. Mme a o ne a dirisana le Baditšhaba ka mo go tshwanang?

Go Batla go Gapa Baditšhaba

5. Paulo o ne a rerela bomang kwa Korintha, mme ga felela jang?

5 Morago ga go goroga ga ga Paulo mo toropongkgolo ya Korintha mo e ka nnang ka letlhabula la 50 C.E., o ne a rerela bareetsi ba Bajuda le basokologi ba Bagerika beke le beke mo sinagogeng ka tumelo ya Sejuda. Mme go rera ga gagwe ka tlhagafalo go ne ga tsosa kganetso mo a neng a raya baba ba gagwe a re: “A madi a lona a nnè mo ditlhogoñ tsa lona; nna ke tlhapile: yanoñ ke tloga ke ea kwa go Badichaba.” Jehofa o ne a segofatsa kgato eno, ka go bo “Bakorintha ba le bantsi, ea re ba utlwa, ba dumèla, me ba kolobediwa” jaaka Bakeresete. Eleruri, Modimo o ne wa kgothaletsa Paulo mo ponatshegelong go tshwarelela mo kabelong ya gagwe, a mo raya a re: “Ke na le batho ba le bantsi mo motsiñ o.”—Ditihō 18:1-10.

6. Ke eng seo se neng sa dira gore Paulo a kgatlhegele bao ba neng ba godisitswe ka tsela e e sa tshwaneng le ya gagwe?

6 Keletso ya mmatota ya ga Paulo ya go gapela basokologi ba Baditšhaba mo Bokereseteng e ne ya mo dira gore a kgatlhegele gape le bao kgodiso ya bone e neng e farologane thata le ya gagwe. “Go [Baditšhaba] ba ba senañ molaō, ke nntse yaka ke sena molaō, ke sa re ke sena molaō mo Modimoñ, me ke le mo molaoñ oa ga Keresete, e le gore ke tlè ke gapè ba ba senañ molaō.” (1 Bakorintha 9:21) Paulo o ne a batla go gapa Baditšhaba jang?

7. Malebana le go rupisiwa, ke ka ntlhayang fa boemo jwa ga Tito bo ne bo farologane le jwa ga Timotheo?

7 Fa Paulo a ne a ya kwa Jerusalema mo e ka nnang ka 49 C.E. kwa pokanong e e botlhokwa ya setlhopha se se laolang sa phuthego ya Bokeresete, o ne a patilwe ke morutwa wa Mogerika Tito. Paulo o ne a begela bakaulengwe ba ba neng ba phuthegile koo, ka tiro ya gagwe ya go rerela batho ba merafe, mme moragonyana o ne a kwala jaana: “Leha e le èna Tito eo ke ne ke na naè, e le Mogerika, ga a ka a kgolèlwa go rupisiwa.” (Bagalatia 2:1-3) Go farologana le Timotheo, Tito o ne a dira bodihedi jwa gagwe gareng ga batho ba ba sa rupisiwang ba Baditšhaba. Ka gone, kgang ya go rupisiwa ga e a ka ya tsosiwa mabapi le ene.—2 Bakorintha 8:6, 16-18, 23; 12:18; Tito 1:4, 5.

8. Paulo o ne a naya bosupi jang kwa Athena?

8 Fa a ne a neela bosupi kwa Athena, Paulo o ne a supa gape gore o ne a dira dilo tsotlhe ka ntlha ya mafoko a a molemo. Fa a ne a akanyetsa ka go akanya ga baagi ba toropokgolo eo ya Gerika, o ne a ba bolelela ka Modimo o ba neng ba sa o itse mme a tsopola baboki ba bone Aratus le Cleanthes, bao ba neng ba rile: “Gonne le rona re losika loa ōna.” Moaposetoloi Paulo o ne a batla go thusa bareetsi ba gagwe go tlhaloganya gore ga ba a “chwanèla go gopola ha o e leñ Modimo tōta . . . e le lencwè ye le setilweñ ka bocwiriri le maanō a motho.” Mo godimo ga moo, Paulo o ne a bolela gore: “Metlha ea botlhōka kicō, Modimo o no oa e tlhokomologa; me gompiyeno o laola gore batho botlhe ba ikwatlhaeè ka ntlha cotlhe.” O ne a lebisa tlhokomelo ya bone go “Morèna oa legodimo le lehatshe,” Jehofa. Ga felela jang? “Banna bañwe ba mo ñaparèla ba dumèla.” (Ditihō 17:22-34) Ee, mekgwa ya ga Paulo e ne e atlega!

9. Paulo o ne a fetoga ‘yo o bokoa go ba ba bokoa’ jang, mme ka ntlhayang?

9 “Mo go ba ba bokōa ka nna bokōa, gore ke tlè ke gapè ba ba bokōa,” go ne ga bua jalo Paulo. (1 Bakorintha 9:22a) Lefa puo ya gagwe e ne e nonofile, moaposetoloi o ne a akanyetsa digakolodi tse di bokoa tsa Bajuda le Baditšhaba ba ba leng mo phuthegong. O ne a kgothatsa Bakeresete ba kwa Roma jaana: “Eo o bokōa mo tumeloñ lo mo amogèlè, me e señ go tsèna mo dikgañyeñ tse di belaesègañ.” Go na le go nna yo o atlholang, Paulo o ne a re: “A re lateleñ dilō tse di dihanañ le kagishō, le dilō tse re ka agèlèlanañ ka cōna.” (Baroma 14:1, 13, 19) O ne a gakolola jaana: “Me yana rona ba re leñ thata, re chwanetse go pepetletsa dithetelèlō tsa ba ba bokōa, me e señ go ikgatlha hèla.” (Baroma 15:1) Ereka a ne a itse gore o tshwanetse go fetola tsela ya gagwe ya go bua le eo a dirang ka yone gore a thuse ba bangwe, o ne a kwala jaana: “Ke nntse ka nna dilō cotlhe mo bathuñ botlhe.”—1 Bakorintha 9:22b; Bagalatia 3:28.

Tokafatsa Botswerere jwa Gago jwa go Rera

10. Re ka etsa Paulo jang gompieno?

10 Basupi ba ga Jehofa gompieno ba tlhoka go etsa Paulo jaaka ene a ne a etsa Keresete. (1 Bakorintha 11:1) Moaposetoloi e ne e le setswerere mo go rereng ebile a na le moya wa borongwa. Seno se ka nna jalo le ka rona, lefa maemo a rona a ka seka a re letla go ya go direla kwa tshimong ya dinaga di sele. Jaaka Paulo, re tshwanetse go ‘dira dilo tsotlhe ka ntlha ya mafoko a a molemo gore re tle re kgone go a abela ba bangwe.’ (1 Bakorintha 9:23) Mme ke eng seo se ka tokafatsang botswerere jwa rona jaaka bareri ba Bogosi le badira-barutwa?—Mathaio 28:19, 20.

11. Jaaka modihedi, ke eng fa o tshwanetse go godisa nonofo ya gago ya go nna kelotlhoko?

11 Dira gore o nonotshe maatla a gago a go nna kelotlhoko. Ka go nna kelotlhoko, o ka ithuta go le gontsi goo go tla go thusang gore o fetofetole diketapele tsa gago tsa mafoko a a molemo go tshwanela mongwe le mongwe wa beng ba gago ba matlo. Ka sekai, fa o rerela batho ba ba nnang mo toropongkgolo, tlhokomela dilotlele mo mejakong, mekgabisa ya bodumedi, le mafoko mangwe a ba a kgomaretsang mo difensetereng. Dilo tseno di ka go thusa go naya bosupi jo bo ka amang dipelo tsa batho ba ba nnang mo magaeng a a ntseng jalo. Paulo eleruri o ne a le kelotlhoko. O ne a dirisa sebeso “SA MODIMO MOÑWE O O SA ITSIWEÑ” kwa Athena jaaka sengwe seo se neng se supa kaga “Modimo o o dihileñ lehatshe le dilō cotlhe tse di mo go yeōna.” (Ditihō 17:22-25) O ka dira dilo tse di tshwanang mo bodiheding jwa gago.

12. Ke seabe sefe seo temogo e nang naso mo bodiheding jwa rona?

12 Dirisa temogo mo bodiheding. O seka wa kgobega marapo fa motho a sa batle go bula mojako le go bua le wena. Go na le gore o letle tebego e e galefileng ya sefatlhego go go koba, bontsha bonolo mme o dirise temogo. Leka go fetofetola bosupi jwa gago go dumalana le maemo. Le eleng go akanyetsa go gonnye fela ka thapelo, go ka go kgonisa go bua sengwe seo se ka amang pelo ya motho.—Bapisa Nehemia 2:4-6.

13. Re ka bontsha go akanyetsa ba re ba neelang bosupi jang?

13 Akanyetsa. Go na le dilo di le dintsi tseo di ka dirwang ka ntlha ya mafoko a a molemo, mo ntlheng eno. Ka sekai, go akanyetsa go tla go thibela go dira gore batho ba ba godileng kana ba ba bobolang ba eme fa mojako ka lobaka lo loleele. O ka akantsha gore o buele le bone mo ntlong, koo ba tla kgonang go nna ba phuthologile gone. Kana o ka nna wa swetsa gore mo maemong a a ntseng jalo go tla bo go le molemo go khutshwafatsa loeto lwa gago. Mme mo mabakeng otlhe, akanyetsa. Bontsha gore o a amega!—Mathaio 9:35, 36.

14. Fa re neelana ka bosupi, re ka dira gore bareetsi ba rona ba phuthologe jang?

14 Bua ka tsela e e tla dirang gore bareetsi ba gago ba phuthologe. Simolola bosupi jwa gago ka go dumedisa ka botsalano ka tsela e e amogelwang mo lefelong la lona. (Mathaio 10:12) Tlhokomela dilo tse ba ka tswang ba di boifa le tseo ba sa di rateng. Akgela ka bonolo le ka botsalano jwa mmatota. Seno se tla thusa go tlhomamisetsa beng ba matlo gore o tlile go thusa mme ga o na maikaelelo ape a a sa siamang.

15. Ke ka ntlhayang fa o tshwanetse go ipolela ka botlalo le go bolela lebaka la go bo o etetse ntlo eo?

15 Beng ba matlo ba tlhoka go itse gore ba etetswe ke mang le gore ke ka ntlhayang. Ka gone, ba neye tshedimosetso e e lekaneng kaga gago. Mo mafelong a mangwe, segolo bogolo mo Afrika le kwa Asia, batho ba kgatlhegela baeng mo eleng gore ba tlhoafalela go bona dikarabo tsa dipotso tse di jaaka: O mang? O nna kae? A o nyetse kana o nyetswe? A o na le bana? Gore go nne le boitumelo ka nako eo, go ya ka tlwaelo o tshwanetse go araba dipotso tseno pele o ka tlhalosa boikaelelo jwa loeto lwa gago. O seka wa leba ditumediso tse di ntseng jalo jaaka tse di sa tlhokegeng, mme dirisa nako ya gago go ela motho tlhoko o bo o mo lebe sentle ka tlotlo.

16. Dipotso tse di molemo di ka thusa go boloka puisano le mong wa ntlo jang?

16 Botsa dipotso tse di molemo go tshegetsa puisano le mong wa ntlo. Lefa tebego ya motho ya sefatlhego e ka nna ya senola sengwe, dikakanyo tsa gagwe le maikutlo di tshwanetse go tlhaloganngwa. Ka jalo, o ka nna wa dirisa ka botlhale dipotso tseo di tla dirang mong wa ntlo gore a ntshe dipono tsa gagwe le maikutlo a gagwe. Go tshwantsha seno: Mosadi mongwe yo o senang bana yo a neng a rata diphologolo thata o ne a bua jaana ka loeto lwa Mosupi mongwe: “Seo ke se gakologelwang ka sefatlhego sa gagwe se se nyenyang e ne e le kagiso e a nang nayo. Ke ne ka kgatlhega tota. Mosadi yono o ne a mpotsa gore ke eng seo se ntshwenyang thata ka maemo a lefatshe. Ke ne ka mo raya ka re ke tshwenyegile ka tsela eo motho a tshwarang diphologolo ka yone, mme o ne a mpontsha ka moo diphologolo di tla tshelang ka kagiso ya boammaaruri ka gone mo go Isaia 11:6-9. Ke ne ka batla go itse mo go oketsegileng.”

17. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go nna podimatseba ka dikakgelo tse mong wa ntlo a ka nnang a di dira ka boemo jwa gagwe?

17 Nna podimatseba mo dikakgelong tse mong wa ntlo a ka nnang a di dira mabapi le maemo a gagwe, segolo bogolo mo tshimong e e dirwang kgapetsa kgapetsa. Ka tsela eno, le eleng mo puisanong e khutshwane, o tla ithuta sengwe sa botlhokwa ka motho. Morago ga go tswa mo ntlong, kwala tshedimosetso e khutshwane eo mo pegong ya ntlo le ntlo. Mme go tweng fa mong wa ntlo a botsa potso e o sa kgoneng go e araba? He dira patlisiso mo dikgatisong tsa Mokgatlho wa Watch Tower go bona tsela e e molemolemo ya go abalana mafoko a a molemo le motho yoo fa o mo etela mo nakong e e tlang.

Sekao go Barongwa

18. Ke eng seo barongwa le ba bangwe ba ka se ithutang mo go Paulo?

18 Gareng ga bao ba dirang dilo tsotlhe ka ntlha ya mafoko a a molemo go na le barongwa bao ba katisitsweng kwa Watchtower Bible School of Gilead. Ba kgona go ithuta mo go Paulo, yoo a neng a na le moya o montle wa borongwa. Ka sekai, o ne a sa batle go ikarabelela mo dikgoreletsing tse di ka nnang tsa thibela Bajuda le Baditšhaba go amogela boammaaruri. Ka gone, moaposetoloi o ne a le kelotlhoko kaga seo a neng a se ja mme a kgothaletsa Bakeresete ba Bakorintha go ela tlhoko gore go dirisa tshwanelo ya bone ya go ja dijo tse di rileng ga go kgopise ba bangwe. (1 Bakorintha 8:8, 9) Mo go New Century Bible, Moporofesa F. F. Bruce o ne a bua jaana: “Mo dilong tsotlhe tse di neng di se molemo ebile di se bosula (jaaka dijo tse e neng e le kgang mo go [1 Bakorintha] kgaolo 8), [Paulo] o ne a tsamaisanya le ditlwaelo tsa bao a neng a nna nabo, gore a seka a baya sekgoreletsi sepe mo tseleng ya go ba ‘gapela’ mo efangeleng.” (Baroma 14:21) Ka mo go tshwanang, barongwa ba ba leng gone gareng ga Basupi ba ga Jehofa ga ba leke go fetola ditlwaelo tsa batho ba ba leng mo dikabelong tsa bone, lefa ba basha ba newa thuso ya semoya go dira diphetogo tse di tlhokegang go itumedisa Modimo.—Baroma 12:1, 2.

19. Mo go direng barutwa, ke diphetogo dife tse di ka tlhokegang go (a) ba ba mo tirong ya borongwa? (b) baboledi botlhe ba Bogosi?

19 Bao ba simololang mo kabelong ya borongwa ba tshwanetse go ithuta ditsela le ditlwaelo tsa batho bao. Seno ke boitemogelo jo bo nonotshang mme bo ka thusa barongwa go atlega mo tirong ya bone ya go rera. Ebile tota, go tila go kgopisa ba bangwe, ba ka nna ba tlhoka go dira diphetogo mo dilong tse di jaaka go apara le go ikgabisa. Ka sekai, fa kgaitsadi mongwe wa morongwa a ne a goroga lantlha kwa Afrika Bophirima, o ne a fitlhela gore tsela eo a neng a dirisa ditlolontlafatsi ka yone, e ne ka bonolo fela e ka mo tlhaola le basadi ba boitsholo jo bo maswe ba lefelo leo. Ka gone, gore ba bangwe ba seka ba belaela boikaelelo jwa gagwe, o ne a fetola tsela eo a neng a itshasa ditlolo ka yone. Ee tota, Basupi botlhe ba ga Jehofa ba tshwanetse go atlhola sentle go apara ga bone le go ikgabisa gore ba tle ba thuse ba bangwe mo semoyeng. Bakeresete, ka ba kgothalediwa gore ba se ‘beye sekgopi fa pele ga bakaulengwe’ mme ba latelele dilo tse ba ka agelelanang ka tsone, eleruri ga ba batle go kgopisa ope.—Baroma 14:13, 19.

20. (a) Mo tshobokanyong, ke eng seo se tla re thusang go “diha dilō cotlhe ka ntlha ea Mahoko a a Molemō”? (b) Ke dipotso dife tse di setseng tse di tla arabiwang?

20 Go atlega jaaka baboledi ba Bogosi go ikaegile segolo thata ka tshegofatso ya ga Jehofa. (1 Bakorintha 3:6, 7) Lefa go le jalo, re tshwanetse go dira boiteko. Jalo nna kelotlhoko, fela jaaka Paulo a ne a ntse mo bodiheding jwa gagwe. Dirisa temogo, akanyetsa, dira gore beng ba matlo ba phuthologe, mme dirisa dipotso tse di molemo go boloka puisano ya gago le bone. Fetogela mo ditlwaelong tseo di ka tswang di sa tlwaelega mme di sa thulane le Dikwalo. Ee, a re ‘direng dilo tsotlhe ka ntlha ya mafoko a a molemo, gore re tle re a abalane le ba bangwe.’ (1 Bakorintha 9:23) Mme go diragala eng fa bangwe e setse e le karolo ya bokaulengwe jwa rona jwa Bokeresete? Re ba tshwara jang?

O ne O ka Araba Jang?

◻ Paulo o ne a dira eng go thusa Bajuda go fetoga Bakeresete?

◻ Paulo o ne a batla go gapa Baditšhaba jang?

◻ Ke ditsela dife tseo ka tsone re ka tokafatsang botswerere jwa rona mo go rereng?

◻ Paulo o ne a tlhomela barongwa le baboledi ba bangwe ba Bogosi sekao sefe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela