“Bopelonomi Jwa Gago jo bo Lorato bo Botoka go Gaisa Botshelo”
Jaaka go boletse Calvin H. Holmes
E ne e le ka December 1930, mme ke ne ke sa tswa go fetsa go gama dikgomo fa Rre a tla a tswa go etela moagelani mongwe yo re leng gaufi le ene. “Buka eno ke e adimilwe ke Wyman,” o ne a bolela jalo a ntsha buka e tala mo pateng ya gagwe. E ne e na le setlhogo se se reng Deliverance, e gatisitswe ke Watch Tower Bible and Tract Society. Rre, yo o neng a sa nke a bala go le kalo kalo, o ne a bala buka eo go fitlha go nna bosigo thata.
MORAGO ga moo, Rre o ne a adima dibuka tse dingwe, tse di nang le ditlhogo tse di jaaka Light le ya Reconciliation, tse di kwadilweng ke bone bagatisi bano. O ne a bona Baebele ya ga Mmè e kgologolo o ne a nna bosigo thata a bala ka lebone la parafine. Rre o ne a dira diphetogo tse dikgolo. Ka nako eo ya mariga o ne a buisana le rona ka nako e telele—mmè, bonnake ba bararo ba basetsana le nna—jaaka re ne re ntse re kgotlhagane re orile setofo sa rona sa dikgong sa bogologolo.
Rre o ne a bolela gore batho ba ba gatisang dibuka tseno ba bidiwa Baithuti ba Baebele le gore, go ya ka bone, re tshela mo “malatsing a bofelo.” (2 Timotheo 3:1-5) O ne a tlhalosa gore lefatshe le ka se senngwe kwa bokhutlong jwa lefatshe mme mo Bogosing jwa Modimo le tla fetolwa go nna paradaise. (2 Petere 3:5-7, 13; Tshenolo 21:3, 4) Tota seo se ne se utlwala se nkgatlha.
Rre o ne a simolola go tlotla le nna fa re ntse re dira mmogo. Ke gakologelwa gore re ne re photha mmidi fa a ntlhalosetsa gore leina la Modimo ke Jehofa. (Pesalema 83:18) Ka gone, ka dikgakologo tsa 1931, fa ke ne ke le dingwaga tse 14 fela, ke ne ka tsaya kgato ya go emela Jehofa le Bogosi jwa gagwe. Ke ne ka rapela Jehofa ke le mo tshingwaneng e kgologolo ya diapole e e ka fa morago ga ntlo mme ke ne ka solofetsa ka go ikana gore ke tla mo direla ka bosakhutleng. Pelo ya me e ne e setse e tlhotlheleditswe ke bopelonomi jo bo lorato jwa Modimo wa rona yo o molemolemo.—Pesalema 63:3.
Re ne re nna mo polaseng nngwe e e sekgala sa dikilometara di ka nna 30 go tswa kwa St. Joseph, Missouri, kwa U.S.A., e bile e le sekgala sa dikilometara tse di kwa tlase ga 65 go tswa kwa Kansas City. Rre o ne a tsholelwa mo ntlong e nnye e e dirilweng ka dikota e rremogologolwane a neng a e aga mo polaseng kwa masimologong a lekgolo la bo19 la dingwaga.
Go Thapisediwa Bodiredi
Ka selemo sa 1931, lelapa la gaetsho le ne la utlwa mo radiong puo ya phatlalatsa e e reng “Bogosi, Tsholofelo ya Batho,” e Joseph Rutherford, poresidente ya Mokgatlho wa Watch Tower wa nako eo, a neng a e neela kwa kopanong kwa Columbus, Ohio. E ne ya tlhotlheletsa pelo ya me, mme ke ne ka itumelela go kopanela le Rre mo go tsamaisetseng ditsala tsa rona bukana e e neng e tshotse puo eno e e botlhokwa ya phatlalatsa.
Ka dikgakologo tsa 1932, ke ne ka nna gone e le lekgetlho la ntlha kwa pokanong ya Basupi ba ga Jehofa. Moagelani wa rona o ne a laletsa nna le Rre go ya go utlwa puo kwa St. Joseph e e neng e neelwa ke George Draper, molebedi yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa. Fa re goroga, pokano e ne e setse e le fa gare, mme ka bona manno fa morago ga ga J. D. Dreyer yo o kwenneng, e bile a le sephara, yo o neng a tlile go nna le seabe se se botlhokwa mo botshelong jwa me.
Ka September 1933, ke ne ka nna gone kwa kopanong le Rre kwa Kansas City, koo ke neng ka nna le seabe mo go rereng phatlalatsa e le lekgetlho la ntlha. Rre o ne a nneela dibukana di le tharo mme a ntaela go bolela jaana: “Ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ke rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Go ka direga gore o kile wa utlwa Judge Rutherford mo radiong. Dipuo tsa gagwe di gaswa mo diteisheneng tse di fetang 300 beke nngwe le nngwe.” Go tswa foo ke bo ke tsamaisa bukana. Mo maitseboeng ao, fa ke ntse ke gama dikgomo kwa polaseng, ke ne ka akanya gore letsatsi leno le nnile le le ka se keng la lebalesega mo botshelong jwa me.
Go ise go ye kae mariga a tsena, mme re ne re sa kgone go tsamaya thata. Mme le fa go ntse jalo Mokaulengwe Dreyer le mosadi wa gagwe ba ne ba re etela mme ba mpotsa gore a nka se rate go tla kwa ba nnang teng ka Matlhatso maitseboa mme ke robale koo. Go tsamaya dikilometara di le lesome go ya legaeng la ga Dreyer go ne go le mosola ka gonne ke ne ka kgona go tsamaya le bone mo bodireding mo letsatsing le le latelang mme ka nna gone mo Thutong ya Tora ya Tebelo kwa St. Joseph. Fa e sa le ka nako eo ke ne ke sa nke ke tlodisa go nna le seabe mo bodireding ka Disontaga. Thapiso le kgakololo ya ga Mokaulengwe Dreyer e ne ya itshupa e le mosola.
Ka September 2, 1935, kgabagare ke ne ka tshwantshetsa boineelo jwa me mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing kwa kopanong kwa Kansas City.
Go Simologa ga Tiro ya Nako e Telele
Kwa tshimologong ya 1936, ke ne ka kopa go direla ke le mmulatsela, kana modiredi wa nako e e tletseng, mme ke ne ka tsenngwa mo lenaaneng la batho ba ba neng ba batla ba ba tla bulang tsela le bone. Ka bonako fela morago ga moo ke ne ka amogela lekwalo le le tswang kwa go Edward Stead wa Arvada, kwa Wyoming. O ne a tlhalosa gore o tsamaya ka setulo sa maotwana mme o tlhoka go thusiwa gore a bule tsela. Ke ne ka amogela kopo ya gagwe ka bonako fela mme ke ne ka tlhomiwa go nna mmulatsela ka April 18, 1936.
Pele ke ya go kopana le Mokaulengwe Stead, mmè o ne a bua le nna kwa thoko. “Ngwanaka, a o tlhomamisega gore seno ke se o batlang go se dira?” o ne a botsa jalo.
Ke ne ka araba jaana: “E seng jalo botshelo bo ka bo bo se mosola.” Ke ne ke simolotse go lemoga gore bopelonomi jwa ga Jehofa bo botlhokwa thata go feta sepe se sele.
Go bula tsela le Ted, jaaka re ne re bitsa Mokaulengwe Stead, e ne e le thapiso e e molemo thata. O ne a tlhoafetse thata e bile a na le tsela e e kgatlhang tota ya go neela molaetsa wa Bogosi. Mme le fa go ntse jalo se Ted a neng a kgona go se dira fela e ne e le go kwala le go bua; ditokololo tsotlhe tsa gagwe di ne di obilwe ke bolwetse jwa rheumatoid arthritis. Ke ne ke tsoga ka makuku ke mo tlhapisa le go mmeola ditedu, ke apeye dijo tsa mo mosong, le go mo jesa. Go tswa foo, ke ne ke mo apesa mme a ipaakanyetse go ya tirelong. Ka selemo seo re ne re bula tsela kwa Wyoming le kwa Montana, re sa robale kwa gae bosigo. Ted o ne a robala mo kolotsaneng e e kgethegileng e e neng e diretswe go nna mo koloing e e bulegileng mo dithoko, mme nna ke ne ke robala fa fatshe. Fa ngwaga oo o ya bofelong, ke ne ka fudugela kwa borwa go ya go bula tsela kwa Tennessee, Arkansas, le kwa Mississippi.
Ka September 1937, ke ne ka nna gone kwa kopanong ya me ya ntlha e kgolo kwa Columbus, Ohio. Dithulaganyo di ne tsa dirwa koo gore go simololwe tiro ya go rera go dirisiwa fonokerafa. Nako le nako fa re dirisitse fonokerafa re ne re re ke go fetola motšhine. Kgwedi e le nngwe fela ke ile ka fetola motšhine ka makgetlho a a fetang 500, mme batho ba ba fetang 800 ba ne ba reetsa. Fa ke sena go neela bosupi kwa ditoropong di le dintsi kwa botlhaba jwa Tennessee, Virginia, le Virginia Bophirima, ke ne ka lalediwa go ya go direla ke le mmulatsela yo o kgethegileng mo tirong e ntšha, ke dira gaufi thata le motlhanka wa kgaolo, jaaka balebedi ba ba etang ba ne ba bidiwa ka nako eo.
Ke ne ke etela diphuthego le ditlhopha tse di kwa thoko kwa Virginia Bophirima—ke nna dibeke di le pedi go ya go tse nnè le nngwe le nngwe ya tsone—mme ke etelela pele mo bodireding jwa tshimo. Morago ga moo, ka January 1941, ke ne ka tlhomiwa go nna motlhanka wa kgaolo. Ka nako eo Mmè le bonnake ba bararo ba basetsana—Clara, Lois, le Ruth—ba ne ba setse ba tsere kgato ya go emela Bogosi. Ka jalo lelapa la gaetsho lotlhe le ne la nna gone kwa kopanong e kgolo kwa St. Louis le le mmogo mo selemong seo.
Ka bonako fela morago ga kopano, batlhanka ba kgaolo ba ne ba itsisiwe gore tiro ya kgaolo e tla wediwa ka November 1941. Mo kgweding e e latelang United States e ne ya tsena mo Ntweng ya Lefatshe ya II. Ke ne ka abelwa tirelo ya bobulatsela jo bo kgethegileng, jo bo neng bo tlhoka go dirisa diura di le 175 ka kgwedi mo bodireding.
Ditshiamelo Tse di Kgethegileng Tsa Tirelo
Ka July 1942, ke ne ka amogela lekwalo le le neng le mpotsa gore a nka rata go ya go direla kwa dinageng tse dingwe. Fa ke sena go dumela, ke ne ka lalediwa kwa Bethele, ntlokgolo ya lefatshe ya Basupi ba ga Jehofa, kwa Brooklyn, New York. Go ne go laleditswe gape le bakaulengwe ba ka nna 20 gore ba tle go thapisiwa ka tsela e e kgethegileng.
Nathan H. Knorr, moporesidente wa nako eo wa Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a tlhalosa gore tiro ya go rera e wetse kwa tlase le gore re tla thapisiwa gore re ye go nonotsha diphuthego mo semoyeng. O ne a bolela jaana: “Ga re batle go utlwa ka mathata fela mo phuthegong, mme re batla go utlwa le ka se lo se dirileng go a rarabolola.”
Fa re ne re le kwa Bethele, Fred Franz, yo o neng a tlhatlhama Mokaulengwe Knorr go nna moporesidente ka 1977, o ne a neela puo mo a neng a re: “Ntwa ya Lefatshe II e tla khutla, mme tiro e kgolo ya go rera e tla bulega. Ga go belaetse gore dimilione tsa batho di sa ntse di tla phuthelwa mo mokgatlhong wa ga Jehofa!” Puo eno e ne ya fetola tsela e ke neng ke leba dilo ka yone gotlhelele. Fa dikabelo di dirwa, ke ne ka utlwa gore ke ya go etela diphuthego tsotlhe kwa dikgaolong tsa Tennessee le Kentucky. Re ne re bidiwa batlhanka ba bakaulengwe, leina le le neng la fetolwa go nna molebedi wa potologo.
Ke ne ka simolola go etela diphuthego ka October 1, 1942, fa ke ne ke le dingwaga tse 25 fela. Ka nako eo tsela fela ya go fitlha kwa diphuthegong dingwe e ne e le ka maoto kana ka pitse. Ka dinako tse dingwe ke ne ke robala mo kamoreng e le nngwe le lelapa le le neng le nkamogetse.
Fa ke ne ke etetse Phuthego ya Greeneville kwa Tennessee ka July 1943, ke ne ka amogela taletso ya go nna gone kwa setlhopheng sa bobedi sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate. Kwa Gileate, ke ne ka ithuta gore tota go bolelang gore re “tlhokomele go feta ka mo go tlwaelegileng dilo tse re di utlwileng” le gore ka metlha re nne le “mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.” (Bahebera 2:1; 1 Bakorintha 15:58) Dikgwedi tse tlhano tsa sekolo seno di ne tsa feta ka bonako, mme kaloso e ne ya nna gone ka January 31, 1944.
Canada le Kwa Belgium
Re ne ra abelwa kwa Canada re le mmalwanyana, koo thibelo ya tiro ya Basupi ba ga Jehofa e neng e sa tswa go tlosiwa. Ke ne ka abelwa tiro ya go eta, e e neng e akaretsa go tsamaya dikgala tse dikgolo fa gare ga diphuthego dingwe. Fa ke ntse ke tsamaya, go ne go itumedisa go utlwa maitemogelo a kafa tiro ya rona ya go rera e neng e ntse e dirwa ka teng ka nako ya thibelo kwa Canada. (Ditiro 5:29) Batho ba le bantsi ba ne ba bua ka se se bidiwang letsholo le legolo thata fa mo bosigong bo le bongwe fela, go neng ga tsamaisiwa bukana mo e ka nnang mo legaeng lengwe le lengwe go tswa ntlheng e nngwe ya Canada go ya go e nngwe. A bo e ne e le dikgang tse di molemo jang ne go utlwa ka May 1945 gore ntwa kwa Yuropa e ne e khutlile!
Mo selemong seo, fa ke ntse ke thusa phuthego kwa torotswaneng ya Osage, kwa Saskatchewan, ke ne ka amogela lekwalo le le tswang kwa go Mokaulengwe Knorr, le le neng le balega jaana: “Ke go neela tshiamelo ya go ya kwa Belgium. . . . Go na le mo gontsi go dirwa kwa nageng eo. Ke naga e e kgautlhantsweng ke ntwa, mme bakaulengwe ba rona ba tlhoka thuso, mme re bone go tshwanela gore re romele motho yo o tswang mo Amerika go ba neela thuso e e tshwanetseng le kgomotso e ba e tlhokang.” Ke ne ka araba ka bonako, ke amogela kabelo eo.
Ka November 1945, ke ne ke le kwa Bethele ya Brooklyn ke rutiwa Sefora ke Charles Eicher, mokaulengwe mongwe yo o godileng wa kwa Alsace. Gape ke ne ka amogela thapiso e nngwe ya ka bonako ka thulaganyo ya lekala. Pele ke ya kwa Yuropa, ke ne ka etela ba lelapa la gaetsho le ditsala ka bokhutshwanyane kwa St. Joseph, Missouri.
Ka December 11, ke ne ka tswa kwa New York ka sekepe sa Queen Elizabeth, mme malatsi a le manè morago ga moo ke ne ka goroga kwa Southampton, kwa Engelane. Ke ne ka nna kgwedi kwa lekaleng la Boritane, koo ke neng ka neelwa thapiso e nngwe. Morago ga moo, ka January 15, 1946, ke ne ka kgabaganya English Channel mme ka fologa sekepe kwa Ostend, kwa Belgium. Go tloga koo ke ne ka tsamaya ka terena go ya kwa Brussels, koo lelapa lotlhe la Bethele le neng la nkamogela kwa seteisheneng sa terena.
Tiro e e Golang Thata Morago ga Ntwa
Tiro ya me e ne e le go okamela tiro ya Bogosi kwa Belgium, le fa go ntse jalo ke ne ke sa kgone go bua puo ya bone. Mo dikgweding tse di ka nnang thataro, ke ne ke itse Sefora go sekaenyana fela. E ne e le tshiamelo go dira mmogo le batho ba ba neng ba tsenya matshelo a bone mo kotsing gore ba tswelele pele mo tirong ya go rera ka dingwaga tse tlhano tsa puso ya sesole ya Bonasi. Bangwe ba bone ba ne ba sa tswa go gololwa mo dikampeng tsa pogisetso.
Bakaulengwe ba ne ba tlhoafaletse gore tiro e rulaganngwe le go tlamela ba ba tshwerweng ke tlala ya boammaaruri jwa Baebele. Ka jalo go ne ga dirwa dithulaganyo tsa go tshwara dikopano le gore balebedi ba ba etang ba etele diphuthego. Gape re ile ra etelwa ka tsela e e kgothatsang ke Nathan Knorr, Milton Henschel, Fred Franz, Grant Suiter, le John Booth—botlhe e le baemedi ba ba tswang kwa ntlokgolo kwa Brooklyn. Mo malatsing ao a bogologolo, ke ne ke direla ke le molebedi wa potologo, molebedi wa kgaolo le molebedi wa lekala. Ka December 6, 1952, morago ga dingwaga di ka nna supa ke direla kwa Belgium, ke ne ka nyala Emilia Vanopslaugh, yo le ene a neng a direla kwa lekaleng la Belgium.
Dikgwedi di sekae morago ga moo, ka April 11, 1953, ke ne ka bilediwa kwa seteisheneng sa mapodise sa lefelo leo ke bo ke itsisiwe gore go nna ga me koo go ne go le kotsi mo pabalesegong ya Belgium. Ke ne ka ya go leta ke le kwa Luxembourg fa boikuelo jwa kgetsi ya me bo ne bo dirwa ke Lekgotla la Puso ya Naga.
Ka February 1954 Lekgotla la Puso ya Naga la Belgium le ne la tlhomamisa molawana wa gore go nna gone ga me koo go tsenya naga mo kotsing. Bosupi jo bo neng jwa ntshiwa e ne e le gore fa e sa le ke goroga kwa Belgium, palo ya Basupi kwa nageng eno e oketsegile fela thata—go tloga go 804 ka 1946 go ya go 3304 ka 1953—le gore, ka ntlha ya seo, pabalesego ya Belgium e mo kotsing ka gonne Basupi ba le bantsi ba basha ba ne ba ema ba nitame mo boitlhaoding jwa Bokeresete. Ka gone, nna le Emilia re ne ra abelwa kwa Switzerland, koo re neng ra simolola go direla mo tirong ya go potologa mo karolong e e buang Sefora.
Sekolo sa Bodiredi Jwa Bogosi—sekolo se se neelang bagolwane ba Bakeresete thapiso e kgolwanyane—se ne sa tlhomiwa ka 1959 kwa Lansing Borwa, kwa New York. Ke ne ka lalediwa koo go ya go thapisediwa go ruta ditlhopha tsa sekolo seno kwa Yuropa. Fa ke le kwa United States, ke ne ka etela lelapa la gaetsho kwa St. Joseph, Missouri. Koo ke ne ka bona mmè yo o rategang la bofelo. O ne a tlhokafala ka January 1962; Rre o ne a tlhokafetse ka June 1955.
Sekolo sa Bodiredi jwa Bogosi kwa Paris, kwa Fora, se ne sa simologa ka March 1961, mme ke ne ka tsamaya le Emilia. Balebedi ba kgaolo, balebedi ba potologo, balebedi ba diphuthego le babulatsela ba ba kgethegileng ba ne ba tla kwa sekolong ba tswa Fora, Belgium, le Switzerland. Mo dikgweding tse 14 tse di latelang, ke ne ka tshwara ditlhopha di le 12 tsa khoso eno ya dibeke tse nnè. Morago ga moo, ka April 1962, re ne ra utlwa gore Emilia o imile.
Go Fetofetoga le Maemo
Re ne ra boela kwa Geneva, Switzerland, koo re neng ra nna le ditumelelo tsa go nnela ruri teng. Le fa go ntse jalo go ne go se motlhofo go bona lefelo la go nna, ka gonne matlo a ne a tlhaela fela thata. Go bona tiro le gone go ne go se motlhofo. Kgabagare ke ne ka bona tiro mo lebenkeleng le legolo kwa bogareng jwa Geneva.
Ke ne ke dirisitse dingwaga di le 26 mo bodireding jwa nako e e tletseng, ka jalo maemo a rona a a fetogileng a ne a tlhoka gore re fetofetoge. Mo dingwageng tse 22 ke ntse ke dira mo lebenkeleng leno le go thusa go godisa barwadiarona ba babedi, Lois le Eunice, lelapa la rona ka metlha le ne le baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele. (Mathaio 6:33) Fa ke sena go tlogela tiro ya go itlamela ka 1985, ke ne ka simolola go direla ke le moemedi wa molebedi wa potologo.
Emilia o koafetse thata mo botsogong, mme o dira se a ka se kgonang mo bodireding. Lois o ne a direla e le mmulatsela ka dingwaga di ka nna lesome. A bo e ne e le dintlhakgolo tsa bomoya jang ne fa re ne re itumelela le ene kopano ya ditšhabatšhaba e e molemolemo kwa Moscow ka selemo sa 1993! Ka bonako fela morago ga moo, fa re le mo loetong lwa go ikhutsa kwa Senegal, Afrika, Lois o ne a tlhokafala fa a ne a thuma mo lewatleng. Lorato le bopelonomi jwa bakaulengwe ba rona ba Afrika le barongwa le ne le nkgomotsa tota fa ke ne ke ile kwa Senegal go ya go baakanyetsa phitlho. A bo ke tlhologeletswe jang ne go bona Lois ka nako ya tsogo ya baswi!—Johane 5:28, 29.
Ke itumela go bo ke ile ka nna le dingwaga tse di fetang 40 ke tshegediwa ka boikanyegi ke molekane yo o rategang. Ee ruri, go sa kgathalesege mahutsana le mathata a ke neng ke na le one, bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa bo ntse bo le monate mme bo dirile gore botshelo bo nne mosola. Pelo ya me e tlhotlheletsega go bolela ka Modimo wa rona, Jehofa, mo mafokong a mopesalema jaana: “Gonne bopelonomi jwa gago jwa lorato bo molemo bogolo go botshelo; dipounama tsa me di tlaa go baka.”—Pesalema 63:3.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Re ne re di goga kwa pele mo tirong ya go rera ka fonokerafa
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Batsadi ba me ka 1936
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Go neela bosupi mo mmileng kwa Belgium ka 1948