A ke Pako Kana ke go Fora?
MONGWE o go raya a re, “Moriri wa gago o montle!” A o a go baka kana o a go fora? “Sutu eo e go tshwanela tota!” A o a go baka kana o a go fora? “Ga ke ise ke je dijo tse di monate jaaka tseno!” A o a go baka kana o a go fora? Fa re bokwa ka ditsela tse di ntseng jalo, re ka nna ra ipotsa gore a tota go tswa mo pelong le gore go boammaaruri kana gore go dirwa fela gore re itumele go sa reye gore mmui o dumela gore tota go ntse jalo.
Re ka itse jang gore se motho a se buang ke pako kana ke go fora? A go a tshwenya? A re ka se amogele fela se re se bolelelwang re bo re se itumelela fela? Go tweng fa re baka ba bangwe? A re kile ra tlhatlhoba maikutlo a rona? Go akanyetsa dipotso tseno go ka re thusa go lemoga le go dirisa loleme lwa rona ka mokgwa o o tla bakang Jehofa Modimo.
Go Tlhalosiwa Pako le go Fora
Webster’s Dictionary e tlhalosa pako e le go tlhalosa go amogela kana go akgola, mme lefoko leno gape le ka tlhalosa kobamelo kana go galaletsa. Go phepafetse gore ditlhaloso tse pedi tsa bofelo di bolela ka pako e e isiwang kwa go Jehofa Modimo fela. Karolo eno ke e e botlhokwa mo kobamelong ya boammaaruri, jaaka mopesalema yo o tlhotlheleditsweng a kgothatsa jaana: “Gonne go molemo . . . , go monate, mme pako e tshwanetse.” “A dilo tsotlhe fela tse di nang le mowa di bake Jehofa.”—Pesalema 147:1; 150:6.
Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore batho ba ka se bakwe. E ka dirwa, ka tsela ya go akgola, go amogela sengwe, kana go se leba ka tsela e e molemo. Mo setshwantshong sa ga Jesu, morena o bolelela motlhanka wa gagwe jaana: “O dirile sentle, motlhanka yo o molemo le yo o boikanngo!”—Mathaio 25:21.
Mo letlhakoreng le lengwe, go fora go tlhalosiwa e le pako ya maaka, e e sa tsweng mo pelong kana e e feteletsang dilo mo gantsi motho yo o forang jalo a nang le maikutlo a go ikgatlhegela. Go akgola mo go borethe kana ga maaka go direlwa gore motho a amogelwe kana a neelwe dithoto ke yo mongwe kana a ikutlwe a na le boikarabelo mo mothong yo a mo forang. Ka jalo bafori ba ba ntseng jalo ba tlhotlhelediwa ke bopelotshetlha. Go ya ka Jude 16, ba “setse ba ipaakanyeditse go fora batho ba bangwe fa ba bona go ka ba solegela molemo.”—The Jerusalem Bible.
Pono ya Dikwalo
Dikwalo di leba jang go baka batho ba bangwe? Jehofa o re tlhomela sekao se re ka se latelang mo kgannyeng eno. Mo Baebeleng re bolelelwa gore re tla bakwa fa re dira thato ya ga Jehofa. Moaposetoloi Paulo o bolela gore “mongwe le mongwe o tla tlelwa ke pako e tswa kwa Modimong.” Petere o re bolelela gore boleng jo bo lekilweng jwa tumelo ya rona ‘bo ka fitlhelwa e le lebaka la pako.’ Lebaka la gore Jehofa o tla baka batho go re bontsha gore go baka ka tsela ya mmatota ke mokgwa o o pelonomi, o o lorato, le o o molemo, o o sa tshwanelwang go tlodisiwa matlho.—1 Bakorintha 4:5; 1 Petere 1:7.
Tsela e nngwe e re ka bakwang ka yone, go ya ka Baebele, ke ka badiredi ba puso ba ba lebang boitshwaro jwa rona jo bo molemo ba bo ba re akgola ka boikanyegi. Re bolelelwa jaana: “Nnang lo dire molemo, mme [ba] tla lo baka.” (Baroma 13:3) Gape re ka nna ra bakwa ke batho ba ba dumelang ka bopeloephepa se ba se buang e bile ba se na boikutlo bo sele fa ba re baka. Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di bolela jaana mo go Diane 27:2: “A motho o sele a go bake, e seng molomo wa gago.” Seno se bontsha gore go bakwa ke batho ke selo se se tshwanetseng.
Ga go a nna jalo ka go fora kana go forwa. Ke ka ntlha yang fa go fora go sa itumedise Jehofa jaana? Selo se se botlhokwa ke gore ga go tswe mo pelong, mme Jehofa o kgala dilo tse di sa dirweng go tswa mo pelong. (Bapisa Diane 23:6, 7.) Mo godimo ga moo, ga go bontshe go tshepega. Mopesalema o bua jaana fa a tlhalosa batho ba ba sa amogelweng ke Modimo: “Sotlhe se ba se dirang ke go akelana, go bua ka dipounama tse di forang, go bua ka dipelo tse pedi. E kete Yahweh a ka kgaola pounama nngwe le nngwe e e forang.”—Pesalema 12:2, 3, JB.
Mo godimo ga tsotlhe, go fora ga go bontshe lorato. Go tlhotlhelediwa ke bopelotshetlha. Fa mopesalema Dafide a sena go bua ka bafori, o ba nopola ba re: “Re tlaa fenya ka loleme lwa rona; dipounama ke tsa rona fela; e mang yo e leng morena godimo ga rona?” Jehofa o tlhalosa batho ba ba ntseng jalo ba ba pelotshetlha a re ke ‘batsogela kgapelo ya bahumanegi.’ Diteme tsa bone tse di forang ga di a dirisiwa go aga ba bangwe, fa e se go ba thukhutha le go ba utlwisa botlhoko.—Pesalema 12:4, 5.
Go Fora—Serai
“Monna yo o [forang] wa ga gabo ka puo e e borethe o ngamolela dinao tsa gagwe lotloa.” Go bolela jalo Kgosi Solomone yo o botlhale, mme a bo seo se le boammaaruri jang ne! (Diane 29:5, bapisa NW.) Bafarasai ba ne ba leka go tshwara Jesu ka serai sa go fora. Ba ne ba re: “Moruti, re itse gore o na le boammaaruri e bile o ruta tsela ya Modimo ka boammaaruri, mme ga o kgathalele ope, gonne ga o lebe ponalo ya kafa ntle ya batho.” A bo seo se ne se utlwala se gogela jang ne! Mme Jesu ga a ka a tsewa maikutlo ke loleme lwa bone lo lo borethe. O ne a itse gore ba ne ba sa dumele thuto ya gagwe e e boammaaruri mme ba ne ba leka go mo tshwara ka serai mo puong ya gagwe e e malebana le kgang ya go duela Kaesare lekgetho.—Mathaio 22:15-22.
Motho yo o neng a farologane thata le Jesu e ne e le Kgosi Herode wa mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Fa a ne a bua le batho kwa toropong ya Kaesarea, batho ba ne ba araba jaana: “Ke lentswe la modimo, ga se la motho!” Mo boemong jwa go kgalemelela batho pako eo e e tlontlololang, ya maaka, Herode o ne a dumalana le go forwa. Moengele wa ga Jehofa o ne a tlisa kotlhao ka bonako fa Herode a itewa ka go jewa ke diboko tse di neng tsa mmolaya.—Ditiro 12:21-23.
Mokeresete yo o godileng o tla nna podimatseba go lemoga gore go fora ke eng. Bagolwane ba phuthego ba tshwanetse go ela tlhoko thata fa motho yo o mo kgetsing nngwe ya boatlhodi a rata go boka thata, gongwe a bo a bapise mogolwane yono le yo mongwe mme a bolela kafa yo a buang le ene a leng pelonomi e bile a le kutlwelobotlhoko ka teng.
Baebele e bontsha sentle lemena le lengwe le go fora go ka le bakang fa e tlhalosa tsela e lekawana lengwe le neng la gogelwa ka yone mo boitsholong jo bo sa siamang ke seaka sengwe. (Diane 7:5, 21) Tlhagiso eno e tshwanela seemo sa gompieno. Mo bathong ba ba kgaolwang mo phuthegong ya Bokeresete ngwaga le ngwaga, bontsi jwa bone ba kgaolelwa boitshwaro jo bo sa siamang. A go wela mo go ntseng jalo mo boemong jo bo masisi go ka tswa go simologile ka go forwa? E re ka batho ba rata go bokwa le go buiwa sentle, loleme lo lo borethe la dipounama tse di forang lo ka dira gore Mokeresete a palelwe ke go ithiba mo boitshwarong jo bo sa siamang. Fa seo se sa tilwe, se ka lere diphelelo tse di masisi.
Dilo Tse di ka Dirwang go Itshireletsa mo go Forweng
Go fora go dira gore motho yo o forwang a ipone kana a ikgogomose. Go dira gore motho a nne le kgopolo e e feteletseng ya gore o botlhokwa thata, ka tsela nngwe go mo dira gore a ikutlwe a le kwa godimo ga ba bangwe. Mofilosofi e bong François de La Rochefoucauld o ne a tshwantsha go fora le madi a e seng a mmatota, “ao, e a reng e le a lefela a bo a sa anamisiwe.” Ka gone, tsela ya go itshireletsa ke go utlwa tlhagiso eno ya ga moaposetoloi Paulo e e opang kgomo lonaka: “Ke bolelela mongwe le mongwe koo mo go lona gore a se ka a ikgopola bobe go feta kafa go tlhokegang go akanya ka gone; mme a akanye e le gore a nne le mogopolo o o itekanetseng sentle, mongwe le mongwe kafa Modimo o mo abetseng selekanyo sa tumelo ka gone.”—Baroma 12:3.
Le fa gone ka tlholego re lemaletse go batla go utlwa se se ka re itumedisang, se tota re se tlhokang ka dinako tsotlhe ke kgakololo le kotlhao tse di theilweng mo Baebeleng. (Diane 16:25) Kgosi Ahabe o ne a batla go utlwa fela se se neng se ka mo itumedisa; batlhanka ba gagwe ba ne ba bo ba kopa moporofeti Mikaia go dira gore lefoko la gagwe le “tshwane le lefoko la mongwe wa bone [baporofeti ba ga Ahabe ba ba forang], [a] bolele molemo fela.” (1 Dikgosi 22:13) Fa Ahabe a ne a rata go utlwa puo e e boammaaruri a bo a fetola ditsela tsa gagwe tsa botsuolodi, o ka bo a ne a tila go fenngwa ke Baiseraele mo go setlhogo mo ntweng mme gape o ka bo a ne a sa swa loso lo lo setlhogo loo. Gore re itekanele mo semoyeng, re tshwanetse go potlakela go utlwa kgakololo e e tlhomameng, mme e le lorato ya bagolwane ba ba tlhomilweng ba Bakeresete, ba ba batlang go re thusa gore re nne mo tseleng e e tlhamaletseng ya boammaaruri, go na le go batla batho ba ba tla nnelang go re bolelela gore re molemo go le kana kang, ba tsitsitlha ditsebe tsa rona ka puo e e forang!—Bapisa 2 Timotheo 4:3.
Bakeresete le fa e le ka tsela epe, ga ba a tshwanela go fora. Fela jaaka Elihu yo o neng a ikanyega, ba rapela jaana ba ikemiseditse: “A ke se ka ka tlhaola ope, le gone go fora motho ope; ka gonne ga ke itse go fora, e seng jalo Mmopi wa me o tla ntlosa ka bonako.” Jaaka Paulo, ba ka kgona go re: “Ga go ka nako epe re kileng ra tla ka puo e e borethe . . . kgotsa ka go fitlha keletso ya bopelotshetlha.”—Jobe 32:21, 22, An American Translation; 1 Bathesalonika 2:5, 6.
Baka fa go Tshwanelang Gone
Seane se se tlhotlheleditsweng se bontsha gore pako e ka nna jaaka teko, fa se re: “Pitsa e e tlhapolosang ke ya selefera, le leiso la leubelo ke la gouta, le motho o lekwa ke se o bakwang ka ga sone.” (Diane 27:21) Ee, pako e ka tlhotlheletsa maikutlo a go itseela kwa godimo kana a go ikgogomosa, mo go ka dirang gore motho a senngwe. Mo letlhakoreng le lengwe, go ka senola bori le boikokobetso jwa gagwe fa a lemoga gore se a se dirileng gore a bakwe jalo ke ka ntlha ya ga Jehofa.
Pako e e tswang mo pelong fa a itshwere sentle kana a fitlheletse dilo dingwe e aga motho yo o bakang le yo o bakwang. E dira gore batho ba ratane le go bontsha kanaanelo e e molemo. Go kgothaletsa motho go gagamalela mekgele e e mosola. Pako e e tshwanelang e e neelwang basha e ka ba dira gore ba dire mo gontsi. E ka ba thusa go baakanya botho jwa bone fa ba ntse ba leka go tshela ka ditekanyetso tse go lebeletsweng gore ba tshele ka tsone.
Ka gone, a re tileng go fora—e ka tswa e le rona re forang kana re forwang. A re ikokobetseng fa re bakwa. Mme a re bakeng ba bangwe ka go rata le ka moya otlhe—ka metlha mo kobamelong ya ga Jehofa le mo go ba bangwe go tswa mo pelong ka tsela ya go akgola sentle le ka go bontsha kanaanelo, re ntse re gakologelwa gore “lefoko, fa le buiwa mo lobakeng lo e leng lone, le molemo jang!”—Diane 15:23.