LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 3/15 ts. 26-30
  • Constantine yo Mogolo—A e Ne e Le Mmueledi wa Bokeresete?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Constantine yo Mogolo—A e Ne e Le Mmueledi wa Bokeresete?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Constantine wa Hisitori
  • Bodumedi mo Leanong la ga Constantine
  • A o Kile a Nna Mokeresete?
  • A e Ne e Le “Moitshepi”?
  • Matswela a Maiteko a Gagwe
  • Bokeresete Jwa Boammaaruri bo Kae?
  • Constantine
    Tsogang!—2014
  • Go Sokologa ga ga Constantine—A Sokologela mo go Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Mokgwa O Labokeresete A Nnileng Karolo ya Lefatshe Leno ka One
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Botenegi—Tsela ya go Thibela Ba Ba Batlang go Amana le Modimo
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 3/15 ts. 26-30

Constantine yo Mogolo—A e Ne e Le Mmueledi wa Bokeresete?

Mmusimogolo wa Roma Constantine ke mongwe wa banna ba le mmalwa bao leina la gagwe la hisitori le kgabisitsweng ka lefoko “yo Mogolo.” Labokeresete e okeditse ka mafoko “moitshepi,” “moaposetoloi wa bosometharo,” “moitshepi yo o lekanang le baaposetoloi,” le ‘yo o tlhophilweng ka Kaelo ya Modimo go dira phetogo e kgolo thata mo lefatsheng lotlhe.’ Ka fa letlhakoreng le lengwe, bangwe ba tlhalosa Constantine e le “motho yo o tladikilweng ke madi, yo o nang le melato e mentsi e bile a tletse tsietso, . . . mopatiki yo o bosula, yo o nang le melato e e tsitlisang marapo.”

BA BANTSI ba ba ipitsang Bakeresete ba ile ba rutiwa gore Constantine yo Mogolo ke mongwe wa batshegetsi ba bagolo ba Bokeresete. Ba mo naya tlotla ya gore o golotse Bakeresete mo bohutsaneng jwa go bogisiwa ke Baroma mme a ba naya kgololesego ya bodumedi. Mo godimo ga moo, go dumelwa thata gore e ne e le molatedi yo o ikanyegang wa dikgato tsa ga Jesu Keresete a eletsa thata go tsweletsa pele tsela ya Bokeresete. Kereke ya Orthodox ya Botlhaba le Kereke ya Copt di ile tsa bolela fa Constantine mmogo le mmaagwe e bong Helena, e le “baitshepi.” Moletlo wa bone o ketekiwa ka June 3 kana ka May 21, go ya ka khalendara ya kereke.

Constantine yo Mogolo ke mang tota? Seabe sa gagwe e nnile eng mo go tsweletseng pele Bokeresete jwa morago ga motlha wa baaposetoloi? Go sedimosa tota go letla hisitori le bakanoki go araba dipotso tseno.

Constantine wa Hisitori

Constantine, morwa Constantius Chlorus, o ne a tsholelwa kwa Naissus kwa Serbia mo e ka nnang ka ngwaga wa 275 C.E. Fa rraagwe a ne a nna mmusimogolo wa diporofense tsa kwa ntlheng ya bophirima jwa Roma ka 293 C.E., ene o ne a lwa kwa Danube kafa tlase ga kaelo ya Mmusimogolo Galerius. Constantine o ne a boa rraagwe a setse a swa kwa Boritane ka ngwaga wa 306 C.E. Ka bonakonyana morago ga loso lwa ga rraagwe, Constantine o ne a fiwa maemo a go nna mmusimogolo ke masole.

Ka nako eo, batho ba bangwe ba le batlhano ba ne ba ipolela fa le bone e le Balaodi. Nako ya fa gare ga 306 le 324 C.E., nako eo morago ga yone Constantine a neng a nna ene fela molaodi e ne e le nako ya ntwa ya selegae e e sa feleng. Ka go fenya matsholo a mabedi a ntwa Constantine o ne a tlhomamisa gore a nne le leina mo hisitoring ya Baroma mme go ne ga dira gore e nne ene fela mmusi wa Mmusomogolo wa Roma.

Ka 312 C.E., Constantine o ne a fenya moganetsi wa gagwe e bong Maxentius mo ntweng ya Milvian Bridge ka kwa ntle ga Roma. Babueledi ba Bokeresete ba ne ba bolela gore ka nako ya letsholo leo la ntwa, go ne ga tlhaga sefapaano se se tukang kafa tlase ga letsatsi se na le mafoko a Selatini a a reng In hoc signo vinces, a a kayang “Ka letshwao leno fenya.” Gape go bolelwa gore mo torong, Constantine o ne a bolelelwa gore a tshwantshe ditlhaka tse pedi tsa ntlha tsa leina la ga Keresete ka Segerika mo dithebeng tsa masole a gagwe. Le fa go ntse jalo, kgang eno e na le matlha a mantsintsi a a sa tsamaisaneng sentle. Buka ya A History of Christianity e bolela jaana: “Ga go na bosupi jo bo tlhomameng jwa gore pono eno e diragetse leng kae, le dintlha ka botlalo tsa yone.” Fa Senate nngwe ya boheitane e amogela Constantine kwa Roma, e ne ya bolela gore ke ene Molaodi yo mogolo le Pontifex Maximus, e leng moperesiti yo mogolo wa bodumedi jwa boheitane jwa mmusomogolo.

Ka 313 C.E., Constantine o ne a rulaganya bolekane le Mmusimogolo Licinius, mmusi wa diporofense tsa botlhaba. Ka go dirisa Molao wa Milan, ba le mmogo ba ne ba neela ditlhopha tsotlhe tsa bodumedi kgololesego ya kobamelo le ditshwanelo tse di lekanang. Le fa go ntse jalo, bakwalahisitori, ba le bantsi ba bone ga ba bone fa lekwalo leno le na le sepe se se kalo se le se bolelang, ba bolela gore ke lekwalo fela le le tlwaelegileng la semolao mme ga se lekwalo le legolo la puso le le supang gore go fetotswe dilo ka tsela nngwe malebana le Bokeresete.

Mo dingwageng tse di le lesome tse di neng tsa latela, Constantine o ne a fenya moganetsi wa gagwe wa bofelo yo o neng a setse e bong Licinius, mme a nna mmusi yo o sa ganediweng wa puso ya Roma. Ka 325 C.E., a ntse a ise a kolobediwe, o ne a okamela mo lekgotleng la ntlha la le legolo la kereke ya “Bokeresete” la go dira dikereke seoposengwe, le le neng le nyatsa dithuto tsa ga Arius mme la tlhoma dithuto tsa motho tse dingwe tse di neng di bidiwa Tumelo ya motheo ya Nicaea.

Constantine o ne a lwalela go swa ka ngwaga wa 337 C.E. A ntse a le mo bolwetseng joo jo bo isang losong, o ne a kolobediwa mme morago ga foo a swa. Morago ga loso lwa gagwe Senate e ne ya mo baya fa gare ga medimo ya Baroma.

Bodumedi mo Leanong la ga Constantine

Malebana le kafa babusibagolo ba Roma ka kakaretso ba neng ba ikutlwa ka teng ka bodumedi mo lekgolong la boraro le la bonè la dingwaga, buka ya Istoria tou Ellinikou Ethnous (Hisitori ya Setšhaba sa Bagerika) e bolela jaana: “Tota le fa ba ba neng ba le mo setulong sa mmusimogolo ba ne ba sa rate bodumedi thata, ka go ineela go kgotsofatsa batho, ba ne ba bona go le botlhokwa gore ba neye bodumedi maemo a a botlhokwa mo dithulaganyong tsa bone tsa bopolotiki, ba dira gore dilo tse ba di dirang go nne jaaka e kete di na le bodumedi mo go tsone.”

Eleruri, Constantine e ne e le monna wa motlha wa gagwe. Mo tshimologong ya tsela eno ya gagwe ya botshelo, o ne a tlhoka tshegetso nngwe ya “bomodimo” mme medimo ya Baroma e e neng e sa tlhole e na le tlhotlheletso e kalo e ne e sa kgone go mo naya seno. Mmusomogolo, go akaretsa le bodumedi jwa yone le ditheo tse dingwe, di ne di nyelela mme go ne go tlhokega gore go dirwe sengwe se sesha le se se tsenyang matlhagatlhaga se se tla o nonotshang. Saetlopedia ya Hidria e bolela jaana: “Constantine o ne a kgatlhegela thata Bokeresete ka gonne bo ne bo sa mo tshegetse fela mo phenyong ya gagwe mme gape bo ne bo ema nokeng go rulaganngwa sesha ga mmusomogolo wa gagwe. Dikereke tsa Bokeresete tse di neng di le teng gongwe le gongwe di ne tsa nna tshegetso ya gagwe ya bopolotiki. . . . O ne a inaakanya thata le baruti ba bagolo ba nako eo . . . , mme o ne a ba kopa gore ba boloke kutlwano ya bone.”

Constantine o ne a lemoga gore bodumedi jwa “Bokeresete”—tota le fa bo ne bo tletse ka botlhanogi thata e bile bo senyegile ka nako eo—bo ne bo ka dirisiwa ka tsela e e mosola go tsosolosa le go kopanya batho ba mmuso wa gagwe gore a kgone go fitlhelela leano la gagwe le legolo. Ka go amogela metheo ya Bokeresete jwa botlhanogi gore a bone kemonokeng gore a tsweletse pele dikgatlhego tsa gagwe tsa bopolotiki, o ne a swetsa go kopanya batho mo bodumeding bo le bongwe jwa “bokatoliki” kana jwa lefatshe lotlhe. Dingwao tsa boheitane le meletlo ya yone e ne ya newa maina a “Bokeresete.” Mme baruti ba “Bokeresete” ba ne ba newa boemo, tuelo le tlhotlheletso e kgolo ya baperesiti ba baheitane.

E re ka Constantine a ne a batla gore bodumedi bo utlwane ka mabaka a bopolotiki, o ne a fedisa ka bonako sepe fela se se neng se ganetsana le jone, e seng ka la gore ke gofe go e leng boammaaruri, mme le ka la gore ke gofe go go ratwang ke batho ba bantsi. Dikgotlhang tse di masisi malebana le dithuto tsa motheo tse di neng di le mo kerekeng ya “Bokeresete” e e neng e kgaogane thata di ne tsa mo naya tshono ya go tsenelela jaaka e kete ke motsereganyi yo o “rometsweng ke Modimo.” Ka tsela e a neng a dirisana ka yone le Ba-Donatist kwa Afrika Bokone le balatedi ba ga Arius kwa karolong e e kwa ntlheng ya botlhaba ya mmusomogolo, o ne a lemoga ka bonako gore go ba tlhotlheletsa go ne go sa lekana go dira gore go nne le bodumedi bo le bongwe jo bo nonofileng le jo bo utlwanang.a O ne a leka go rarabolola dikgotlhang tsa balatedi ba ga Arius fa a ne a phutha lekgotla la ntlha mo hisitoring ya kereke la go dira gore dikereke di nne seoposengwe.—Bona lebokose “Constantine le Lekgotla la Nicaea.”

Mokwalahisitori Paul Johnson o bolela jaana malebana le Constantine: “Lengwe la mabaka a gagwe a magolo a go amogela Bokeresete e ka tswa e ne e le ka go bo bo ne bo dira gore ene le Puso ba kgone go laola go tsamaisiwa ga Kereke mo dilong tse di amanang le tumelo e e amogelwang ya motheo, le go kgona go laola tsela e go tshwarwang ka yone dilo tse di sa dumalaneng le tumelo e e amogelwang e le ya motheo.”

A o Kile a Nna Mokeresete?

Johnson o bolela jaana: “Constantine ga a ise a ko a tlogele go obamela letsatsi mme o ne a dira gore letsatsi le nne le ntse le le mo mading a gagwe a tshipi.” Catholic Encyclopedia e bolela jaana: “Constantine o ne a tshwara madumedi oomabedi ka tsela e e tshwanang. Jaaka pontifex maximus, o ne a tlhokomela kobamelo ya boheitane e bile a sireletsa ditshwanelo tsa yone.” “Constantine ga a ise le ka motlha a ko a nne Mokeresete,” go bolela jalo saetlopedia ya Hidria, e oketsa jaana: “Eusebius wa kwa Kaesarea, yo o neng a kwala pego ya botshelo jwa gagwe, o bolela gore o ne a nna Mokeresete mo metsotsong ya bofelo ya botshelo jwa gagwe. Seno ga se tlhatswe pelo, ka gonne letsatsi pele ga foo, [Constantine] o ne a ntsheditse Zeus setlhabelo ka gonne gape a ne a na le maemo a bo Pontifex Maximus.”

Go fitlha ka letsatsi la loso lwa gagwe ka 337 C.E., Constantine o ne a ntse a na le maemo ano a boheitane a Pontifex Maximus, e leng tlhogo mo dikgannyeng tsa bodumedi. Go a utlwala go botsa jaana malebana le kolobetso ya gagwe, A o ne a ikwatlhaya ka mmatota a bo a sokologa pele, jaaka go tlhokega mo Dikwalong? (Ditiro 2:38, 40, 41) A e ne e le go nwediwa ka mo go feletseng mo metsing jaaka sesupo sa gore Constantine o ineetse mo go Jehofa Modimo?—Bapisa Ditiro 8:36-39.

A e Ne e Le “Moitshepi”?

Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Constantine o ne a bidiwa yo Mogolo thatathata ka ntlha ya se a se dirileng e seng ka ntlha ya se a neng a le sone. Fa a ne a lejwa go ya ka botho jwa gagwe, eleruri, o ne a tla nna gare ga ba ba tlhaelang thata mo go botlhe ba leina [Mogolo] le neng le dirisiwa mo go bone mo metlheng ya bogologolo le mo metlheng ya segompieno.” Mme buka ya A History of Christianity e re bolelela jaana: “Go ne go na le dipego tsa bogologolo tsa kafa a neng a galefagalefa fela ka teng le bosetlhogo jwa gagwe fa a galefile. . . . O ne a sa tlotle botshelo . . . Fa a ntse a tsofala botshelo jwa gagwe bo ne jwa nna maswe thata.”

Go bonala fa botho jwa ga Constantine e ne e le bothata jo bo masisi. Mmatlisisi mongwe wa hisitori o bolela gore “gantsi go galefagalefa ga gagwe ke gone go go neng go dira gore a bolaye.” (Bona lebokose “Dipolao Tsa Masika.”) Constantine e ne e se “Mokeresete,” go bolela jalo mokwalahisitori H. Fisher mo bukeng ya gagwe ya History of Europe. Mabaka ga a mo supe e le Mokeresete wa boammaaruri yo o neng a apere “botho jo bosha” le yo o nang le maungo a moya wa Modimo—lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, bomolemo, tumelo, bori, le boikgapo.—Bakolosa 3:9, 10; Bagalatia 5:22, 23.

Matswela a Maiteko a Gagwe

Jaaka Pontifex Maximus wa moheitane—mme ka jalo e le tlhogo ya bodumedi jwa Mmusomogolo wa Baroma—Constantine o ne a leka go gapa bobishopo ba kereke ya botlhanogi. O ne a ba naya maemo a taolo, tlotlomalo, le khumo e le badiredibagolo ba bodumedi jwa Puso ya Roma. Catholic Encyclopedia e dumela jaana: “Babishopo bangwe, ka ntlha ya go kgatlhwa ke bontlentle jwa ntlo ya kgosi, ba ne ba bo ba ya bokgakaleng jwa go tlotlomatsa mmusimogolo yono ba re ke moengele wa Modimo, motho yo o boitshepo, le go bolelela pele gore jaaka Morwa Modimo, o tla busa kwa legodimong.”

Fa Bokeresete jwa botlhanogi bo amogelwa ke puso ya bopolotiki, bo ne jwa nna karolo ya lefatshe leno, ya tsamaiso eno ya lefatshe, mme ka iketlo jwa tlogela dithuto tsa ga Jesu Keresete. (Johane 15:19; 17:14, 16; Tshenolo 17:1, 2) Ka ntlha ya seo, “Bokeresete” bo ne jwa tlhakatlhakanngwa le dithuto le mekgwa ya maaka—Tharonngwe, go sa swe ga moya, molelo wa dihele, pakatori, go rapelela baswi, go dirisa dirosari, mekgabiso ya ditshwantsho, ditshwantsho le dilo tse di tshwanang le tseo.—Bapisa 2 Bakorintha 6:14-18.

Kereke gape e ile ya tsaya mokgwa wa go nna babusaesi mo go Constantine. Bakanoki Henderson le Buck ba bolela jaana: “Go nna phepa ga Efangele go ne ga senngwa, go ne ga tsenngwa ditirelo le meletlo ya boikgantsho, barutisi ba Bokeresete ba ne ba newa dituelo le ditshiamelo tsa lefatshe, mme Bogosi jwa ga Keresete bo ne jwa fetolwa thata fela go nna bogosi jwa lefatshe leno.”

Bokeresete Jwa Boammaaruri bo Kae?

Mabaka a hisitori a supa boammaaruri jwa se se dirang gore Constantine a nne “mogolo.” Go na le gore e bo e tlhomilwe ke Jesu Keresete, Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete jwa boammaaruri, ka tsela nngwe Labokeresete e nnile gone ka ditsela tsa bopolotiki le maano a a boferefere a mmusimogolo wa moheitane. Mokwalahisitori Paul Johnson o ne a botsa jaana ka tshwanelo: “A mmusomogolo o ne wa ineela mo Bokereseteng, kana a Bokeresete bo ne jwa akafala le mmusomogolo?”

Botlhe ba tota ba batlang go latela Bokeresete jo bo itshekileng ba ka thusiwa go lemoga le go kopanela le phuthego ya Bokeresete ya boammaaruri gompieno. Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba iketleeditse thata go thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang go bona Bokeresete jwa boammaaruri le go obamela Modimo ka tsela e a e amogelang.—Johane 4:23, 24.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bo-Donatist e ne e le lekoko la “Bokeresete” la lekgolo la bonè le la botlhano la dingwaga C.E. Balatedi ba lone ba bolela gore sakaramente e dira go ikaegile ka gore moruti o itshwere jang le gore kereke e tshwanetse go leleka batho ba ba dirang boleo jo bo masisi. Bo-Arius e ne e le mokgatlho wa “Bokeresete” mo lekgolong la bonè la dingwaga o o neng o ganetsa gore Jesu Keresete ke Modimo. Arius o ne a ruta gore Modimo ga a bopiwa e bile ga a na tshimologo. Morwa, ka gonne a bopilwe, a ka se ka a bo a le Modimo ka tsela e e tshwanang le e Rara a ntseng ka yone. Morwa ga a nne a se na tshimologo mme go na le moo o ne a bopiwa mme gone ka go rata ga ga Rara.

[Lebokoso mo go tsebe 28]

Constantine le Lekgotla la Nicaea

Mmusimogolo yo o sa kolobediwang Constantine o ne a na le seabe sefe mo Lekgotleng la Nicaea? Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Constantine ka boene o ne a le okamela, a eteletse pele mo go se se buiwang . . . Ka ntlha ya go sisimoga mmusimogolo, bobishopo, kwantle ga ba le babedi, ba ne ba saena tumelo eo ya motheo, ba le bantsi ba bone ba neng ba saena jalo ba sa batle.”

Morago ga dikgwedi tse pedi tsa kganetsano e e bogale ya bodumedi, radipolotiki yono wa moheitane o ne a tsena kgang fa gare mme a dira tshwetso a dumalana le ba ba reng Jesu e ne e le Modimo. Mme ka ntlha yang? “Constantine o ne a sa tlhaloganye sepesepe tota ka dipotso tse di neng di bodiwa mo thutabodumeding ya Segerika,” go bolela jalo A Short History of Christian Doctrine. Se a neng a se tlhaloganya e ne e le gore fa go na le dikgaogano mo bodumeding seno se tshosetsa mmusomogolo wa gagwe, mme o ne a ikemiseditse go nonotsha mmusomogolo wa gagwe.

Malebana le lekwalo la bofelo le le ileng la kwalwa kwa Nicaea kafa tlase ga kaelo ya ga Constantine, Istoria tou Ellinikou Ethnous (Hisitori ya Setšhaba sa Bagerika) e bolela jaana: “Go bontsha fela ka tsela e [Constantine] a neng a sa kgathalele dilo tse di malebana le dithuto tsa motheo ka teng, . . . o ne a leka ka botlhogoethata go gatelela gore go nne le kutlwano gape mo kerekeng go sa kgathalesege gore kutlwano eo e fitlhelelwa jang, la bofelo o ne a dumela gore jaaka ‘bishopo wa ba ba ka kwa ntle ga kereke’ lefoko la gagwe ke la bofelo mo kgannyeng nngwe le nngwe ya bodumedi.” A moya wa Modimo o ka tswa o ne o kaela ditshwetso tse di neng di dirwa kwa lekgotleng leo?—Bapisa Ditiro 15:28, 29.

[Lebokoso mo go tsebe 29]

Go Bolawa ga Masika Kwa Segosing

Kafa tlase ga setlhogo seno, buka ya Istoria tou Ellinikou Ethnous (Hisitori ya Setšhaba sa Bagerika) e tlhalosa se e se bitsang “bosula jo bo maswemaswe mo lelapeng jo Constantine a bo dirileng.” Ka bonako fa a sena go thaya lelapa la gagwe la segosi, o ne a lebala gore a itumelele jang se a se fitlheletseng ka tsela e a sa e lebelelang mme a simolola go lemoga dikotsi tse di mo dikologileng. E re ka a ne a le motho yo o dipelaelo mme gongwe a tlhotlhelediwa ke batho ba ba neng ba ipatlela melemo, o ne a simolola pele go belaela ntsalaagwe Licinianus—morwa Molaodikaene yo a neng a setse a mmolaile—gore a ka nna a mo tsogela kgatlhanong. Polao ya gagwe e ne ya latelwa ke go bolawa ga morwa wa leitibolo wa ga Constantine e bong Crispus, yo a ileng a bolawa ke mmè wa gagwe wa bobedi e bong Fausta ka gonne a ne a bonala a le sekgoreletsi sa gore ngwana wa gagwe a newe taolo e e feletseng.

Tiro eno ya ga Fausta kgabagare e nnile lone lebaka la go bo ene ka boene a ile a swa ka tsela e e gakgamatsang. Go bonala fa Augusta Helena, yo o neng a na le tlhotlheletso mo go morwawe Constantine go fitlha kwa bofelong, a nnile le seabe mo polaong eno. Go laolwa ke maikutlo ka tsela e e sa utlwaleng ga ga Constantine le gone go bakile dipolao tse dintsi tsa ditsala tsa gagwe le ba a neng a amana le bone. Buka ya History of the Middle Ages e konela jaana: “Katlholeloloso—go sa buiwe ka polao—ya morwa le mosadi wa gagwe di supa gore ga a ise a ko a amiwe ke tlhotlheletso epe ya semoya mo Bokereseteng.”

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Moago ono kwa Roma o ile wa dirisiwa go galaletsa Constantine

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]

Musée du Louvre, Paris

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela