Go Sokologa ga ga Constantine—A Sokologela mo go Eng?
SEO go bolelwang e le go sokologa ga mmusi wa Moroma ebong Constantine se ile sa kgatlha baithuti ba bodumedi go tloga bogologolo. Go ya ka pego ya gagwe ka namana, mo bosigong jwa pele ga ntwa ya 312 C.E., eleng eo a neng a e fenya, Constantine yono wa moheitane o ne a bona ponatshegelo ya sefapaano se na le moano o o reng: “Fenya ka [sesupo] seno.” O ne a “sokologa” ka bonakonyana fela morago ga moo (ka 313 C.E.) mme a khutlisa go bogisiwa ga Bakeresete mo pusong ya Roma. Constantine o ne a rotloetsa mofuta o o neng o le gone ka nako eo wa Bokeresete jaaka bodumedi jwa Puso, mme o ne a ba a tsenelela mo dikganetsanong tse di neng di le mo teng ga kereke. Lefa go le jalo, gape o ne a dira ditiro tseo di neng tsa dira gore go sokologa ga gagwe go belaelwe gore a ke ga mmatota mme o ne a sa kolobediwa go fitlhelela pele fela ga loso lwa gagwe dingwaga di ka nna 24 moragonyana.
Mo setlhogong se se mo go Bible Review, moithuta madi a tshipi mongwe ebile e le moithutela dikerii ya thuta-bomodimo ebong Stanley A. Hudson o ne a senola ka moo go dirwa ga madi a tshipi mo pusong ya ga Constantine go neelang tshedimosetso nngwe e e kgatlhisang thata ka gone mo ntlheng eno. Go fitlhelela ka nako ya ga Constantine, go ne go tlwaelegile gore madi a Roma a tshipi a nne le setshwantsho sa medimo mengwe e e itsegeng ya Roma. Mme Hudson o ne a bega gore morago ga gore Constantine a sokologe, ditshwantsho tsa seheitane di ne tsa ngotlega—kwantle ga se le sengwe fela. Madi a tshipi ao a neng a na le setshwantsho sa ga Sol, ebong modimo wa letsatsi—yoo Constantine a neng a mo rata thata pele—a ne a dirwa ka bontsi. Ka ntlhayang?
Hudson o akantsha ka mabaka a mabedi ao a ka tswang a bakile seno. Lantlha, go sokologa ga ga Constantine go ka nna ga bo go ile ga diragala ka iketlo thata—go sa kgathalesege ponatshegelo ya gagwe e e gakgamatsang. Kana Constantine o ka nna a bo tota a ne a tlhakatlhakanya Sol le Jesu. Tlhakanelo-tumelo (eleng go kopanngwa ga mefuta e e farologaneng ya tumelo) ga se selo se se sa tlwaelegang tota le eleng le gompieno. Ka sekai, kwa Latin America, medimo ya sesadi ya pele ga motlha wa ga Columbia ebong Pacha-Mama le Tonantzin e santse e obamelwa mo leineng la ga Lekgarejana Maria. Ka tsela e e tshwanang, Constantine a ka nna a bo a ne a obamela Sol mo leineng la ga Jesu.
Tlhakanelo-tumelo ya go nna jalo e ne e ka tlhalosa lebaka la go bo December 25, ‘letsatsi la botsalo jwa letsatsi le le sa fenngweng,’ le ne la tlhomiwa jaaka letsatsi la go gakologelwa botsalo jwa ga Jesu. Gape e ne e tla re thusa go lemoga lebaka la go bo mo leding la tshipi leo le diretsweng go gakologelwa loso lwa ga Constantine go bo go na le mokwalo o o reng “DV Constantinus” (“Modimo Constantine”). Seno se bontsha gore, lemororo a ne a sokologile a ba a kolobediwa kgabagare, Constantine o ne a lebiwa jaaka modimo morago ga loso lwa gagwe, fela jaaka babusi ba bangwe ba baheitane ba pele ga gagwe.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 7]
The Metropolitan Museum of Art Bequest of Mrs F. F. Thompson, 1926 (26.229)