Botshelo Jwa Me ke Le Molepero—Ke Itumetse e Bile ke Segofaditswe mo Semoyeng
JAAKA GO BOLETSE ISAIAH ADAGBONA
Ke goletse kwa Akure, kwa Nigeria. Lelapa la gaetsho le ne le lema di-yam, dipanana, cassava le cocoa. Rre o ne a sa batle ke tsena sekolo. O ne a nthaya a re: “O molemirui. Ga go na motho ope yo o tla go kopang gore o bale di-yam.”
LE FA go ntse jalo, ke ne ke batla go ithuta go bala. Maitseboa mangwe le mangwe, ke ne ke ema fa fensetereng le go reetsa ke le mo legaeng lengwe le bana ba lone ba neng ba rutwa ke morutabana mongwe yo o hirilweng. E ne e le ka 1940 fa ke ne ke na le dingwaga di ka nna 12. Fa rrabana bano a mpona, o ne a nkgoelela a bo a nteleka. Mme ke ne ke tlhola ke tla fela. Ka dinako tse dingwe morutabana o ne a sa tle, mme ke ne ke tsena ke ikutswa ke leba dibuka tsa bana bano mmogo le bone. Ka dinako tse dingwe ba ne ba nkadima dibuka tsa bone. Ke yone tsela e ke neng ka ithuta go bala ka yone.
Fa ke Kopanela le Batho ba Modimo
Fa nako e ntse e ya ke ne ka nna le Baebele mme ka metlha ke e bala pele ke ya go robala. Mo maitseboeng mangwe ke ne ka bala Mathaio kgaolo 10, e e bontshang gore barutwa ba ga Jesu ba ne ba tla tlhoiwa le go bogisiwa ke batho.
Ke ne ka gakologelwa gore Basupi ba ga Jehofa ba kile ba tla kwa gaetsho mme ba se ka ba amogelwa sentle. Seno se ne sa nthaya gore bano e tshwanetse ya bo e le batho ba Jesu a kileng a bua ka bone. Ka nako e e tlang fa Basupi ba ne ba re etetse, ke ne ka tsaya makasine mongwe mo go bone. Fa ke simolola go kopanela le bone, ke ne ka simolola go jewa setshego. Le fa go ntse jalo, fa batho bao ba ne ba ntse ba leka thata go nkgoba marapo, nna ke ne ke ntse ke tlhatswega pelo le go feta e bile ke itumelela thata gore ke bone bodumedi jwa boammaaruri.
Se se neng sa nkgatlha tota ka Basupi e ne e le gore, go farologana le ditlhopha tse dingwe tsa bodumedi tse di neng di le mo lefelong la rona, ba ne ba sa kopakopanye kobamelo ya bone le ditlwaelo le dingwao tsa bodumedi jwa boheitane jwa lefelo la gaetsho. Ka sekai, le mororo lelapa la gaetsho le ne le tsena kereke ya Anglican, rre o ne a na le lefelo la go obamela modimo wa Yoruba e bong Ogun.
Fa rre a sena go tlhokafala, go ne go tshwanetse gore lefelo leno la go obamela e nne la me. Ke ne ke sa le batle, e re ka ke ne ke itse gore Baebele e kgala kobamelo ya medimo e e itiretsweng. Ke ne ka gatela pele mo semoyeng ke thusiwa ke Jehofa, mme ka December 1954, ke ne ka kolobediwa.
Lepero le a Tlhasela
Mo masimologong a ngwaga oo, ke ne ka lemoga gore ke rurugile maoto e bile a ne a sule bogatsu. Fa ke ne ke ka gata magala a a fisang, ke ne ke sa utlwe botlhoko. Morago ga nako, ke ne ka tswa dinthonyana tse dikhibidu mo phatleng le mo dipounameng. Nna le ba lelapa la gaetsho re ne re sa itse gore ke tshwerwe eng; re ne re akanya gore ke bolwetse jwa motshweetshwee. Ke ne ka ya go bona dingaka di le 12 tse di dirisang ditlhare gore di nkalafe. Kgabagare nngwe ya tsone e ne ya mpolelela gore ke lepero.
Ke ne ka tshoga tota! Ke ne ke tshwenyegile e bile ke palelwa ke go robala. Ke ne ke lora ditoro tse di tshosang. Mme kitso e ke neng ke na le yone ya boammaaruri jwa Baebele le go ikaega ka Jehofa di ne tsa nthusa gore ke lebe kwa isagweng ke na le tsholofelo.
Batho ba ne ba bolelela mmè gore fa ke ka ya kwa moporofeting mongwe go ya go ntsha ditlhabelo, ke ne ke tla nna botoka. Ke ne ka gana go ya, e re ka ke ne ke itse gore go dira jalo go ne go ka se itumedise Jehofa. Fa ba lemoga gore ke feditse le mogopolo mo kgannyeng eno, ditsala tsa ga mmè di ne tsa akantsha gore a tseye peo ya setlhare sa kola mme a ntshase yone mo phatleng. Go tswa foo o ne a ka isa peo eo kwa moporofeting gore a e dirisetse go ntirela ditlhabelo. Ke ne ke sa batle gore ke amane ka gope le seo ka bo ka mmolelela jalo. Kgabagare o ne a itlhoboga mo maitekong a gagwe a gore ke kopanele mo bodumeding jwa boheitane.
Ka nako ya fa ke ne ke ya kokelong, lepero le ne le setse le gaketse. Ke ne ke setse ke na le dintho mo mmeleng otlhe. Kwa kokelong, ba ne ba mpha dipilisi, mme ka iketlo letlalo la me le ne la fola.
Ba ne Ba Akanya Gore ke Sule
Mme mathata a me a ne a ise a fele. Lonao lwa me lwa moja lo ne lwa gakala fela thata, mme ka 1962 lo ne lwa tshwanelwa ke gore lo kgaolwe. Fa ke sena go arwa, bolwetse bo ne jwa gakala. Dingaka di ne di sa lebelela gore ke tla tshela. Moruti mongwe wa morongwa yo mosweu o ne a tla go neela tirelo ya gagwe ya bofelo. Ke ne ke sa kgone go bua, mme mooki o ne a mmolelela gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.
Moruti yono o ne a nthaya a re: “A o batla go fetoga mme o nne Mokatoliki e le gore o tle o kgone go ya kwa legodimong?” Seo se ne sa ntshegisa. Ke ne ka rapela Jehofa gore a nneye maatla a go araba. Ke ntse ke gateletswe ke ne ka kgona gore, “Nnyaa!” Moruti o ne a retologa mme a tsamaya.
Seemo sa me se ne se tlhobaetsa go fitlhela badiri ba kokelo ba ne ba akanya gore ke sule. Ba ne ba khurumetsa sefatlhego sa me ka letsela le lesweu. Le fa go le jalo, ba ne ba se ka ba nkisa kwa motšhareng e re ka ngaka kana mooki a ne a tshwanetse go tlhomamisa pele gore a ke tlhokafetse. Go ne go se na ngaka e e berekang, mme baoki botlhe ba ne ba ile phating. Ka jalo ba ne ba ntlogela mo kamoreng ya kokelo bosigo joo. Fa ngaka e etela balwetse mo mosong o o latelang, go ne go se na ope yo o tlang mo bolaong jwa me ka gonne ke ne ke sa ntse ke khurumeditswe mme ba akanya gore ke sule. Kgabagare, mongwe o ne a lemoga gore “serepa” se se khurumeditsweng ka shiti se a tshikinyega!
Legale, ke ne ka nna botoka, mme ka December 1963 ba ne ba nkisa kwa Abeokuta kwa Leprosy Hospital Settlement kwa borwabophirima jwa Nigeria. Fa e sa le ke ntse ke le koo.
Ke ne Ke sa Dumelelwe go Rera
Go ne go na le balepero ba ka nna 400 kwa bothibelelong joo fa ke goroga, mme e ne e le nna fela Mosupi koo. Ke ne ka kwalela Mokgatlho, mme ba ne ba araba ka bonako ka go bolelela Phuthego ya Akomoje gore e kopane le nna. Ka jalo fa e sa le ke ntse ke kopana le bakaulengwe.
Fa ke sena go goroga fela mo bothibelelong jono, ke ne ka simolola go rera. Moruti wa mo lefelong leo o ne a sa rate seo, mme o ne a ntlalea mo go modiredimogolo yo o neng a okametse kampa eno. Modiredimogolo e ne e le monnamogolo yono yo o neng a tswa kwa Jeremane. O ne a mpolelela gore ga ke a tshwanela go ruta Baebele ka gonne ke sa ya sekolong kana ke se na setlankana sa go dira jalo; e re ka ke ne ke sa tshwanelege, ke ne ke tla ruta batho ka tsela e e sa tshwanelang. Fa ke ne ke ka tswelela pele ka manganga, ke ne ke tla kobiwa mo bothibelelong ke bo ke sa alafiwe. O ne a se ka a letla gore ke mo arabe.
Go tswa foo o ne a laela gore go se ka ga nna le motho ope yo o tshwanetseng go ithuta Baebele le nna. Ka ntlha ya seo, ba ba neng ba kgatlhega ba ne ba khutla go tla kwa go nna.
Ke ne ka isa kgang eno kwa go Jehofa ka thapelo, ke kopa botlhale le kaelo. Ka Sontaga se se latelang, ke ne ka ya kwa kerekeng ya Baptist mo bothibelelong, le mororo ke ne ke sa tseye karolo mo ditirelong tsa bodumedi. Go ne go na le sebaka fa tirelo e ntse e tsweletse gore ba ba leng gone ba botse dipotso. Ke ne ka tsholetsa letsogo mme ka botsa jaana: “Fa e le gore batho botlhe ba ba molemo ba ya kwa legodimong mme batho botlhe ba ba bosula bone ba ya golo gongwe, ke ka ntlha yang fa Isaia 45:18 e bolela gore Modimo o dirile lefatshe gore go nniwe mo go lone?”
Ba ne ba ngunanguna mo phuthegong. Kgabagare, moruti wa morongwa o ne a bolela gore re ka se itse ditsela tsa Modimo. Fa a rialo, ke ne ka ikaraba ka go bala dikwalo tse di bontshang gore ba ba 144 000 ba tla ya kwa legodimong, baikepi ba tla nyelela, le gore basiami ba tla tshela mo lefatsheng ka bosakhutleng.—Pesalema 37:10, 11; Tshenolo 14:1, 4.
Mongwe le mongwe o ne a opa diatla ba itumelela karabo. Go tswa foo moruti o ne a re: “Opang diatla gape ka gonne monna yono tota o itse Baebele.” Morago ga tirelo, bangwe ba ne ba tla kwa go nna mme ba re: “O itse go gaisa moruti!”
Tlhotlheletso ya go Nkoba e Tswelela Pele
Seo se ne sa fokotsa pogiso thata, mme batho ba ne ba kopanela le nna gape go ithuta Baebele. Le fa go ntse jalo, go ne go ntse go na le baganetsi bangwe ba ba neng ba tlhotlheletsa modiredimogolo gore a nkobe. Mo e ka nnang kgwedi morago ga tirelo eno, o ne a mpitsa mme a re: “Ke ka ntlha yang fa o tswelela pele o rera? Kwa nageng ya gaetsho, batho ga ba rate Basupi ba ga Jehofa, mme go ntse jalo le fano. Ke ka ntlha yang fa o mpakela mathata jaana? A o a itse gore nka go koba?”
Ke ne ka araba jaana: “Rara, ke go tlotla ka mabaka ano a mararo. La ntlha, ke ka gonne o mogolo mo go nna, mme Baebele e bolela gore re tshwanetse go tlotla ba ba nang le moriri o o mopududu. Lebaka la bobedi la go bo ke go tlotla ke gore o tlogetse naga ya ga lona go tla go re thusa fano. Lebaka la boraro ke gore o pelonomi, o pelotshweu e bile o thusa ba ba mo tlalelong. Mme o akanya gore o na le tshwanelo efe ya go nkoba? Moporesidente wa naga eno ga a kobe Basupi ba ga Jehofa. Kgosana ya kgaolo eno ga a re kobe. Tota le fa o ka nkoba mo bothibelelong jono, Jehofa o sa ntse a tla ntlhokomela.”
Ke ne ke ise ke ko ke bue le ene puo phaa jalo, mme ke ne ke bona gore seo se mo amile. O ne a tsamaya a sa bua sepe. Moragonyana, fa mongwe a ne a ngongorega ka nna, o ne a mo araba jaana a tshwenyegile: “Ga ke tle go itsenya mo mathateng ano gape. Fa o na le bothata le go rera ga gagwe, bua le ene!”
Setlhopha sa go Ithuta go Bala le go Kwala
Batho ba ba neng ba tsena kereke ya Baptist kwa bothibelelong ba ne ba tswelela pele ba le kgatlhanong le go rera ga me. Mme ke ile ka tlelwa ke kakanyo nngwe. Ke ne ka ya kwa go modiredimogolo mme ka mmotsa gore a ke ka simolola setlhopha sa go ruta go bala le go kwala. Fa a ne a mpotsa gore ke batla go duelwa bokae, ke ne ka mmolelela gore ke tla se ruta mahala.
Ba ne ba rulaganya phaposi ya borutelo, letlapakwalelo le tšhoko, ka jalo ke ne ka simolola go ruta batho ba ke neng ke nna le bone go bala. Re ne re tsena ditlelase letsatsi le letsatsi. Metsotso ya ntlha e 30, ke ne ke ba ruta go bala, morago ga moo ke ne ke ba anela le go ba tlhalosetsa polelo nngwe ya Baebele. Morago ga moo, re ne re bala polelo nngwe mo Baebeleng.
Moithuti yo mongwe e ne e le mosadi yo o neng a bidiwa Nimota. O ne a kgatlhegela thata dilo tsa semoya mme o ne a tle a botse dipotso tsa bodumedi kwa kerekeng le kwa mmosekeng. Ba ne ba sa kgone go araba dipotso tsa gagwe koo, ka jalo o ne a tla go mpotsa. Kgabagare, o ne a neela botshelo jwa gagwe mo go Jehofa mme a kolobediwa. Ka 1966 re ne ra nyalana.
Bontsi jwa batho ba ba mo phuthegong ya rona gompieno ba ne ba ithuta go bala le go kwala mo setlhopheng seo sa go ithuta. Ke ne ke se na botlhale jwa go akantsha gore go nne le tlelase eo. Eleruri seo se ne se bontsha masego a ga Jehofa. Ga go a ka ga nna le ope yo o neng a leka go ntlogedisa go rera morago ga moo.
Holo ya Bogosi Kwa Bothibelelong
Ka nako ya fa nna le Nimota re ne re nyalana, re ne re le banè ba re neng re kopana ka metlha go ithuta mmogo Tora ya Tebelo. Mo e ka nnang ngwaga, re ne re kopanela mo kamoreng e go neng go tlhatswediwa dintho tsa lepero gone. Go tswa foo, modiredimogolo, yo ka nako eno a neng a le tsala ya me, o ne a nthaya a re: “Ga go molemo gore lo obamele Modimo wa lona mo kamoreng ya go alafela.”
O ne a bolela gore re ka kopanela mo loobong lo go betliwang mo go lone lo lo se nang sepe. Fa nako e ntse e ya, loobo loo lo ne lwa dirwa Holo ya Bogosi. Ka 1992, re thusiwa ke bakaulengwe ba kwa toropong, re ne ra e wetsa. Jaaka o ka bona mo setshwantshong se se mo tsebeng ya 24, holo ya rona ke kago e e nonofileng—e poleisterilwe le go pentiwa, e didilwe ka semente e bile e na le borulelo jo bo nonofileng.
Go Rerela Batho ba ba Nang le Lepero
Ka dingwaga tse 33, ke ne ke ntse ke dira tshimo mo bothibelelong jwa bolwetse jwa lepero. Go ntse jang go rerela balepero? Mono Afrika batho ba le bantsi ba dumela gore dilo tsotlhe di tswa kwa Modimong. Ka jalo fa ba tlhasetswe ke lepero, ba dumela gore Modimo o ba tsentse lone ka tsela nngwe. Ba bangwe ba tshwenyega thata mo maikutlong ka ntlha ya boemo jwa bone. Ba bangwe ba a galefa mme ba re: “O se ka wa bua le rona ka Modimo yo o lorato le yo o boutlwelobotlhoko. Fa go ne go ntse jalo, bolwetse jono bo ne bo tla nyelela!” Go tswa foo re bala le go tlhatlhanya ka Jakobe 1:13, e e reng: ‘Modimo ga a leke ope ka dilo tse di bosula.’ Go tswa foo re tlhalosa lebaka la go bo Jehofa a dumeletse gore bolwetse jono bo tlhasele batho, mme re bo re tlhalosa tsholofetso ya gagwe ya lefatshe la paradaise koo go tla bong go se na ope yo o lwalang.—Isaia 33:24.
Batho ba le bantsi ba ne ba amogela dikgang tse di molemo sentle. Fa e sa le ke gorogile mo kampeng eno, Jehofa o ne a ntirisa gore ke thuse batho ba ba fetang 30 gore ba ineele le go kolobediwa, botlhe e le balepero. Ba le bantsi ba ne ba boela magabone fa ba sena go fola, mme ba sekae ba ne ba tlhokafala. Jaanong re na le baboledi ba Bogosi ba le 18, mme batho ba ka nna 25 ba nna gone kwa dipokanong ka metlha. Re direla re le bagolwane re le babedi, mme re na le motlhanka wa bodiredi a le mongwe fela le mmulatsela wa ka metlha a le mongwe fela. A bo ke itumela jang ne go bona batho ba le bantsi thata jaanong ba direla Jehofa ka boikanyegi mo kampeng eno! Fa ke ne ke goroga fano, ke ne ke tshwenngwa ke gore ke tla nna nosi, mme Jehofa o ne a ntshegofatsa ka tsela e e molemolemo.
Go Itumelela go Direla Bakaulengwe ba Me
Ke ne ka nwa dipilisi tsa lepero go tloga ka 1960 mme ka emisa go di nwa dingwaga tse tlhano tse di fetileng. Jaanong ke fodile gotlhelele, fela jaaka ba bangwe mo phuthegong. Lepero le tlogetse mabadi a lone—ke kgaotswe looto kwa tlase ga lengole, mme ga ke kgone go otlolola diatla—mme bolwetse jone bo fodile.
E re ka ke fodile, ba bangwe ba ile ba mpotsa gore ke ka ntlha yang fa ke sa tswe mo kampeng mme ke boele gae. Go na le mabaka a le mantsinyana a go bo ke sa tsamaye, mme lebaka le legolo ke gore ke batla go tswelela pele ke thusa bakaulengwe ba me fano. Go itumelela go disa dinku tsa ga Jehofa go gaisa sepe fela se ba gaetsho ba ka se nnayang fa ke boela kwa go bone.
Ke leboga thata go bo ke ile ka itse Jehofa pele ke lemoga gore ke na le lepero. E seng jalo, ke ka bo ke ipolaile. Go ne go ntse go na le mathata a le mantsi mo dingwageng tse di fetileng, mme e ne e se kalafi e e neng e ntshegeditse—e ne e le Jehofa. Fa ke leba kwa nakong e e fetileng, ke a itumela; mme fa ke akanya ka isagwe mo Bogosing jwa Modimo, ke itumela le go feta.
[Lebokoso mo go tsebe 25]
Tshedimosetso ka Lepero
Ke Eng?
Lepero la segompieno ke bolwetse jo bo bakwang ke mogare wa bacillus o o neng wa lemogiwa ka 1873 ke Armauer Hansen. Ka go ema nokeng se a se fitlheletseng, dingaka di ile tsa bo tsa bitsa lepero ba re ke bolwetse jwa ga Hansen.
Mogare wa bacillus o koafatsa ditshikana, marapo, matlho le dirwe tse dingwe tsa mmele. Mmele o swa bogatsu fela, gantsi mo diatleng le mo maotong. Fa bolwetse jono bo sa alafiwe ka bonako, bo ka dira gore sefatlhogo le ditokololo tse dingwe di ngathoge mo go masisi. Bo bolaya ka sewelo.
A bo Na le Kalafi?
Batho ba ba tshwerweng ke mefuta e e seng masisi thata ya lepero ba ka fola fela le fa ba sa alafiwa. Mefuta ya lone e e masisi thata e ka fodisiwa ka dipilisi.
Dipilisi tsa ntlha tse di neng di alafa lepero, tse di neng di dirisiwa ka bo1950, di ne di sa fodise ka bonako mme fa nako e ntse e tsamaya di bo di sa tlhole di bereka ka gonne mogare wa bacillus o o bakang lepero di ne di sa tlhole di o bolaya. Go ne ga dirwa mofuta o mongwe wa dipilisi, mme go tloga mo masimologong a bo1980, Multi-Drug Therapy (MDT) e ne ya dirisiwa go alafa lepero mo lefatsheng lotlhe. Kalafi eno e akaretsa go dirisiwa ga dipilisi tse tharo—Dapsone, Rifampicin le Clofazimine. Le fa gone MDT e bolaya mogare wa bacillus, ga e baakanye mabadi a a setseng a bakilwe ke seo.
MDT e kgona thata go fodisa bolwetse jono. Ka gone, palo ya batho ba ba tshwerweng ke lepero e ne ya fokotsega thata ka 1985, go tswa kwa go dimilione tse 12 go wela kwa tlase go dimilione di ka nna 1,3 mo bogareng jwa 1996.
Bo Tshelanwa go le Kana Kang?
Ke ka sewelo bolwetse jwa lepero bo ka tshelanwang; batho ba le bantsi ba na le sesireletsamegare se se ka kgonang go bo lwantsha pele bo tsena. Fa bo tsena motho, gantsi e a bo e le mo bathong ba ba nnang ka nako e telele le batho ba ba nang le bolwetse jono.
Dingaka ga di itse sentle gore mogare wa bacillus o tsena jang mo mmeleng wa motho, mme ba fopholetsa gore o ka tswa o tsena ka letlalo kana ka dinko.
Ditebelelo Tsa Isagwe
Go ikaelelwa gore lepero le “nyelediwe go nna bolwetse jo bo anameng” ka ngwaga wa 2000. Seno se raya gore palo ya batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa lepero mo setšhabeng sepe fela e ka se fete motho a le 1 mo go ba ba 10 000. Mo Bogosing jwa Modimo bo tla bo bo nyeleditswe gotlhelele.—Isaia 33:24.
Metswedi ya tshedimosetso: World Health Organization; International Federation of Anti-Leprosy Associations; le buka ya Manson’s Tropical Diseases, 1996 Edition.
[Lebokoso mo go tsebe 27]
A Lepero la Segompieno le Tshwana le la Metlha ya go Kwalwa ga Baebele?
Dibukathuto tsa kalafi gompieno di tlhalosa lepero ka mafoko a a opang kgomo lonako; leina la saense la mogare o o le bakang ke Mycobacterium leprae. Legale, Baebele ga se bukathuto ya kalafi. Mafoko a Sehebera le a Segerika a a ranotsweng ka gore “lepero” mo dithanolong di le dintsi tsa Baebele a tlhalosa dilo di le dintsinyana. Ka sekai, lepero le go buiwang ka lone mo Baebeleng le ne le bontsha matshwao a lone mo bathong mme gape le mo diaparong le mo matlong, e leng se mogare wa bacillus o ka se kang wa se dira.—Lefitiko 13:2, 47; 14:34.
Mo godimo ga moo, matshwao a a bonalang mo bathong a a kayang lepero gompieno ga a tshwane kgo! le a lepero le le tlhalosiwang mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele. Ba bangwe ba akanya gore seo se ka tswa se bakwa ke gore malwetse a a fetoga fa nako e ntse e tsamaya. Ba bangwe ba dumela gore lepero le go buiwang ka lone mo Baebeleng le akaretsa mefuta e mentsi ya malwetse, e e ka akaretsang kana ya se ka ya akaretsa bolwetse jo bo bakwang ke M. leprae.
Theological Dictionary of the New Testament e bolela gore lefoko la Segerika mmogo le la Sehebera le gantsi le ranotsweng ka gore lepero “le raya bolwetse jo bo tshwanang, kana mofuta wa malwetse . . . Ga re tlhomamise gore a bolwetse joo ke jone jo jaanong re reng ke lepero. Mme tsela e dilo tsa kalafi di lemogang bolwetse jono ka yone ga e ame tsela e re lebang dipego tsa go fodisa [balepero ke Jesu le barutwa ba gagwe] ka yone.”
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Phuthego e kwa ntle ga Holo ya Bogosi mo kampeng ya lepero
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Isaiah Adagbona le mosadi wa gagwe, Nimota