Isagwe ya Gago e tla Nna Jang?
FA Modimo Mothatayotlhe e le moitsegotlhe, a itse sengwe le sengwe sa nako e e fetileng, sa gone jaanong le sa isagwe, a dilo tsotlhe ga di a laolelwa go diragala fela jaaka Modimo a di bonetse pele? Fa Modimo a bonetse pele e bile a laotse tsela le bofelelo jwa motho mongwe le mongwe, a tota go ka bolelwa ga twe re gololesegile go itlhophela tsela ya rona ya botshelo, isagwe ya rona?
Go ntse go ganetsanwa ka dipotso tseno ka makgolokgolo a dingwaga. Kgang eno e sa ntse e kgaoganya ditumelo tse dikgolo. A bokgoni jwa Modimo jwa go bonela isagwe kwa pele bo ka amanngwa le go itlhophela ga motho se a se batlang? Re tshwanetse go batla kae dikarabo?
Dimilionemilione tsa batho go dikologa lefatshe ba tla dumela gore Modimo o ile a bua le batho ka Lefoko la gagwe le le kwadilweng jaaka le ile la fetisiwa ke babueledi ba gagwe e leng baporofeti. Ka sekai, Koran e bua ka ditshenolo e re di tswa kwa Modimong: Taurāh (Tora, Molao, kana dibuka tse tlhano tsa ga Moshe), Zabūr (Dipesalema), le Injīl (Efangele, Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika, kana “Tesetamente e Ntšha”), le se se ileng sa senolelwa baporofeti ba Iseraele.
Mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika, re bala jaana: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo.” (2 Timotheo 3:16) Go phepafetse gore kaelo nngwe le nngwe kana tshedimosetso nngwe le nngwe e re e amogelang e tshwanetse ya bo kgabagare e tswa go Modimo ka boene. Ka jalo a e ne e tla bo e se botlhale gore re sekaseke dikwalo tsa baporofeti ba Modimo ba pele? Di senola eng ka isagwe ya rona?
Isagwe e e Kwadilweng Go sa Le Gale
Le fa e le mang yo o badileng Dikwalo tse di Boitshepo o itse gore di na le makgolokgolo a boporofeti. Ditiragalo tsa hisitori tse di jaaka go senngwa ga Babilone wa bogologolo, go agiwa sesha ga Jerusalema (mo lekgolong la borataro go ya go la botlhano la dingwaga B.C.E.), le go tlhaga le go fenngwa ga dikgosi tsa bogologolo tsa Meda le Peresia le Gerika gotlhe gono go ile ga bolelelwa pele ka botlalo. (Isaia 13:17-19; 44:24–45:1; Daniele 8:1-7, 20-22) Go diragadiwa ga boporofeti jono ke nngwe ya bosupi jo bo nonofileng jwa gore e le ruri Dikwalo tse di Boitshepo ke Lefoko la Modimo, ka gonne ke Modimo fela yo o nang le maatla a go bonela pele le go itse gore go tla diragala eng mo isagweng. Ka kgopolo eno Dikwalo tse di Boitshepo e le ruri di bega isagwe e e kwadilweng go sa le gale.
Modimo ka boene o bolela jaana: “Ke nna Modimo, mme ga go na ope o sele; ke nna Modimo, mme ga go na ope yo o tshwanang le nna. Yo ke bolelang bokhutlo e sa ntse e le tshimologo, ke bolele e sa le bogologolo dilo tse di iseng di dirwe; ka re: ‘Kgakololo ya me e tlaa ema, ke tlaa dira go kgatlhega ga me gotlhe fela.’ . . . Ke ikaeletse le gone ke tlaa dirafatsa; ke ikaeletse le gone ke tla dira.” (Isaia 46:9-11; 55:10, 11) Lone leina le Modimo a neng a ipitsa ka lone mo baporofeting ba gagwe ba bogologolo ke Jehofa, le tota le kayang “O Dira Gore go Diragale.”a (Genesise 12:7, 8; Ekesodo 3:13-15; Pesalema 83:18) Modimo o itshenola e le Ene yo o nnang Modiragatsi wa lefoko la gagwe, Ene yo ka metlha a dirang gore maikaelelo a gagwe a diragadiwe.
Ka jalo, Modimo o dirisa maatla a gagwe a go itse go sa le gale go diragatsa maikaelelo a gagwe. Gantsi o a dirisitse go tlhagisa ba ba boikepo ka katlholo e e tlang le go naya batlhanka ba gagwe tsholofelo ya poloko. A mme Modimo o dirisa maatla ano ka tsela e e sa lekanyediwang? A go na le bosupi mo Dikwalong tse di Boitshepo jwa dilo tse Modimo a tlhophileng gore a se ka a di itse go sa le gale?
A Modimo o Itse Sengwe le Sengwe Go sa Le Gale?
Dintlha tsotlhe tse di dirisiwang go tshegetsa kgang ya taolelogale di theilwe mo polelong ya gore e re ka Modimo kwa ntle ga pelaelo a na le maatla a go itse dilo go sa le gale le go bona ditiragalo tsa isagwe, o tshwanetse a bo a itse sengwe le sengwe go sa le gale, go akaretsa le sengwe le sengwe se motho a tla se dirang mo isagweng. Le fa go ntse jalo, a polelo eo e a utlwala? Se Modimo a se senolang mo Dikwalong tsa gagwe tse di Boitshepo se supa gore ga go a nna jalo.
Ka sekai, Dikwalo di bolela gore “Modimo wa leka Aberahame” ka go mo laela gore a ntshe morwawe e bong Isake setlhabelo sa tshupelo. Fa Aberahame a ne a setse a tla tloga a ntsha Isake setlhabelo, Modimo o ne a mo kganela mme a mmolelela jaana: “Jaanong ke a itse fa o boifa Modimo, ka e le fa o se ka wa gana ka morwao yo o esi, fa ke mo tsaya.” (Genesise 22:1-12, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) A Modimo o ne a ka bua jalo fa e le gore o ne a itse go sa le gale gore Aberahame o ne a tla utlwa taolo eno? A e ne e tla bo e le go mo leka tota?
Mo godimo ga moo, baporofeti ba bogologolo ba bega gore Modimo nako le nako o ne a bua ka ene a re ‘o a ikwatlhaya’ ka ntlha ya sengwe se a se dirileng kana se a neng a akanya go se dira. Ka sekai, Modimo o ne a bolela gore o a “ikwatlhaya [go tswa go na·chamʹ ya Sehebera] ka a ne a beile Saule kgosi ya Iseraele.” (1 Samuele 15:11, 35; bapisa Jeremia 18:7-10; Jona 3:10.) E re ka Modimo a itekanetse, ditemana tseno ga di ka ke tsa bo di bolela gore Modimo o ne a dirile phoso ka go tlhopha Saulo go nna kgosi ya ntlha ya Iseraele. Go na le moo, di tshwanetse tsa bo di supa gore Modimo o ne a utlwa botlhoko go bo Saulo a ne a nna motho yo o sa ikanyegeng le yo o sa utlweng. Go ne go se kitla go utlwala gore Modimo a dirise mafoko a a tshwanang le ano a bua ka ene fa e le gore o ne a itse go sa le gale gore Saulo o tla dirang.
Lone lefoko leo le tlhaga mo go lengwe la Dikwalo tsa bogologolo thata koo, fa go buiwa ka motlha wa ga Noa, le bolelang jaana: “Jehofa a ikwatlhaya ka a dirile motho mo lefatsheng, mme ga mo tlhokofatsa pelo. Jehofa a re: ‘Ke tlaa senya motho yo ke mo dirileng ke mo tlosa mo lefatsheng . . . gonne ke a ikwatlhaya ka gobo ke [mo] dirile.’” (Genesise 6:6, 7) Fano le teng, seno se supa gore ditiro tsa batho ga di a laolelwa gale ke Modimo. Modimo o ne a ikwatlhaya, a hutsafala, a ba a utlwa botlhoko, e seng ka go bo ditiro tsa gagwe di ne di sa siama, mme ka gonne boikepo jwa batho bo ne jwa ntsifala. Mmopi o ne a ikwatlhaya ka go bo a ile a patelesega gore a senye batho botlhe kwantle ga ga Noa le ba lelapa la gagwe. Modimo o re tlhomamisetsa jaana: ‘Ga ke kgatlhegele loso lwa moikepi.’—Esekiele 33:11; bapisa Duteronome 32:4, 5.
Ka jalo a Modimo o ne a itse e sa le gale a ba a laolela gore Adame a wele mo boleong, mmogo le ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tse seno se neng se tla di bakela batho? Se re setseng re se sekasekile se supa gore ga go ka ke ga bo go ntse jalo. Mo godimo ga moo, fa e le gore Modimo o ne a itsile dilo tseno tsotlhe go sa le gale, seno se ne se tla bo se mo dira mosimolodi wa boleo fa a ne a bopa motho e bile e ne e tla bo e le molato wa Modimo gore batho ba bo ba le boikepo e bile ba boga jaana. Ka mo go phepafetseng, seno se ka se amanngwe le se Modimo a se senolang ka ene mo Dikwalong. Ke Modimo yo o lorato le yo o tshiamiso yo o ilang boikepo.—Pesalema 33:5; Diane 15:9; 1 Johane 4:8.
Mafelo a Mabedi a a Laoletsweng Batho
Dikwalo tse di Boitshepo ga di supe gore isagwe ya mongwe le mongwe wa rona e tlhomilwe, kana e laoletswe e sa le gale ke Modimo ka tsela nngwe. Go na le moo, di supa gore Modimo o ile a bolelela pele mafelo a mabedi fela a motho a laoletsweng go ya kwa go one. Modimo o dira gore mongwe le mongwe a itlhophele gore o batla go tsaya lefe. Bogologolo moporofeti Moshe o ne a bolelela Baiseraele jaana: “Ke beile botshelo le loso fa pele ga gago, . . . ke gone itshenkele botshelo, gore o tshele, wena le losika lwa gago; gore o rate Jehofa Modimo wa gago, go ineela go utlwa lentswe la gagwe, le go mo ngaparela; gonne ke ene botshelo jwa gago, le boleele jwa malatsi a gago.” (Duteronome 30:19, 20, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Moporofeti wa Modimo e bong Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Tsenang ka kgoro e tshesane; ka gonne tsela e e isang tshenyegong e atlhame e bile e bulegile, mme ba ba tsenang ka yone ba bantsi; fa kgoro yone e le tshesane le tsela e pitlagane e e isang botshelong, mme ba ba e bonang e le ba ba mmalwa.” (Mathaio 7:13, 14) Ditsela tse pedi, mafelo a mabedi a go iwang kwa go one. Isagwe ya rona e ikaegile ka se rona re se dirang. Go utlwa Modimo go raya botshelo, go se mo utlwe go raya loso.—Baroma 6:23.
Modimo “o bolelela batho gongwe le gongwe gore botlhe ba ikotlhaye. Ka gonne o tlhomile letsatsi le o ikaelelang go atlhola lefatshe le le nang le banni ka tshiamo.” (Ditiro 17:30, 31) Fela jaaka bontsi jwa batho mo motlheng wa ga Noa ba ne ba itlhophela go se utlwe Modimo mme ba senngwa, fela jalo le gompieno batho ba le bantsi ga ba utlwe ditaolo tsa Modimo. Le fa go ntse jalo, ga se gore Modimo o setse a itse gore ke mang yo o tla senngwang le gore ke mang yo o tla bolokiwang. Tota e bile, Lefoko la Modimo la re “ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikotlhaong.” (2 Petere 3:9) Tota le batho ba ba boikepo ba ka ikwatlhaya, ba nna kutlo, mme ba dira diphetogo tse di tlhokegang gore ba amogelwe ke Modimo.—Isaia 1:18-20; 55:6, 7; Esekiele 33:14-16; Baroma 2:4-8.
Mo bathong ba ba kutlo, Modimo o ba solofetsa botshelo jo bo sa khutleng mo paradaiseng e e nang le kagiso, lefatshe le le tlositsweng boikepo jotlhe, thubakanyo le ntwa, lefatshe le mo go lone go tla bong go sa tlhole go na le tlala, go boga, bolwetse le loso. (Pesalema 37:9-11; 46:9; Isaia 2:4; 11:6-9; 25:6-8; 35:5, 6; Tshenolo 21:4) Tota le baswi ba tla tsosiwa mme ba fiwa tshono ya go direla Modimo.—Daniele 12:2; Johane 5:28, 29.
“Lepa moitekanedi, o lebe mothokgami,” go rialo mopesalema, “gonne bokhutlo jwa motho yoo ke kagiso. Ka ga batlodi, ba tlaa senngwa mmogo; bokhutlo jwa baikepi bo tlaa kgaolwa.” (Pesalema 37:37, 38) Isagwe ya gago e tla nna jang? Go ikaegile ka wena. Bagatisi ba makasine ono ba tla itumelela go go neela tshedimosetso e e oketsegileng e e ka go thusang go tlhomamisa gore o nne le isagwe e e itumetseng, ya kagiso.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Leina Jehofa le tlhaga ka makgetlho a a fetang 7000 mo Dikwalong tse di Boitshepo; bona setlhogo se se reng “Go Rarabolola Masaitseweng a Leina Le Legolo Go A Gaisa Otlhe,” se se tlhagang mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya November 1, 1993, ditsebe 3-5, e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
Modimo o dirisa maatla a gagwe a go itse e sa le gale go diragatsa maikaelelo a gagwe
[Mafoko a a mo go tsebe 8]
Modimo “ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikotlhaong.” 2 Petere 3:9
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Fa Modimo a ka bo a itsile go sa le gale gore Aberahame o ne a tla iketleetsa go ntsha morwawe setlhabelo, a e ne e tla bo e le go mo leka tota?