A Taolelogale e ka Dumalanngwa le Lorato Lwa Modimo?
“RE TLHALOSA taolelogale jaaka thulaganyo ya Modimo ya bosakhutleng, fa a ne a laola gore o ne a batla go dira eng ka motho mongwe le mongwe. Ka gore ga a ba dira mo seemong se se tshwanang botlhe, mme ba bangwe o ba laolelapele go bona botshelo jo bo sa khutleng mme ba bangwe go ya tshenyegong e e sa khutleng.”
Ke kafa Molweladiphetogo wa Moporotesetanta John Calvin a neng a tlhalosa ka gone kgopolo ya gagwe ya taolelogale mo bukeng ya Institutes of the Christian Religion. Kakanyo eno e thailwe mo mogopolong wa gore Modimo o itse sengwe le sengwe le gore ditiro tse dibopiwa tsa gagwe di di dirang ga di ka ke tsa belaela maikaelelo a gagwe kgotsa tsa mo pateletsa gore a dire diphetogo dingwe.
A mme ruri seno ke sone se Baebele e se bolelang mabapi le Modimo? Se se botlhokwa le go feta, a tlhaloso e e ntseng jalo e tshwanelana le dinonofo tsa Modimo, segolobogolo nonofo ya gagwe e e di fetang tsotlhe—lorato?
Modimo o o Kgonang go Bolelelapele Isagwe
Modimo o kgona go bolelelapele isagwe. O itlhalosa jaaka ‘yo o bolelang bokhutlo e santse e le tshimologo, a bolele e sa le bogologolo dilo tse di iseng di dirwe a re: Kgakololo ya me e tlaa ema, ke tlaa dira go kgatlhega ga me gotlhe fela.’ (Isaia 46:10) Go ralala hisitori ya motho, Modimo o ne a dira gore boperofeti jwa gagwe bo kwalwe go bontsha gore o ka kgona go dirisa go itsetse dilo pele ga gagwe go bolelelapele ditiragalo pele ga di diragala.
Ka jalo, mo metlheng ya ga Beleshesare, kgosi ya Babilona, fa moperofeti Daniele a ne a lora ka diphelefu tse pedi, mme e nngwe e lwela go tsaya maemo a e nngwe, Jehofa o ne a e mo phuthololela jaana: “Phelefu e o e bonyeng e e dinaka tse pedi, ke dikgosi tsa Media le Peresia. Phoko e e maodi ke kgosi ya Gerika.” (Daniele 8:20, 21) Kwantle ga pelaelo, Modimo o ne a dirisa go itsetse dilo pele ga gagwe go senola go tlhatlhamana ga dipuso tsa lefatshe. Mmuso wa nako eo wa Babilona o ne o tla tlhatlhamiwa ke Bameda le Baperesia mme go tswa foo ke Gerika.
Boperofeti gape bo ka nna jwa ama motho a le mongwe. Ka sekai, moperofeti Mika o ne a bolela gore Mesia o ne a tla tsholelwa mo Bethelehema. (Mika 5:2) Modimo o ne a dirisa go itsetse dilo pele ga gagwe gape mo kgannyeng e. Lefa go ntse jalo, tiragalo eno e ne ya itsisiwe ka boikaelelo bongwe jo bo rileng—go itse gore Mesia ke mang. Tiragalo eno ga e siamise go akaretsa thuto nngwe ya taolelogale e e akaretsang motho mongwe le mongwe.
Phapaanong le seo, Dikwalo di senola gore go na le maemo a mo go one Modimo o itlhophelang go sa itse se se tla felelang se diragetse. Fela pele ga go senngwa ga Sodoma le Gomora, o ne a bolela jaana: “Ke tlaa fologa jaana, ke ya go bona boo ba dirile gotlhe fela ka fa selelong se se fitlhileng kwa go nna; fa go sa nna jalo ke tlaa itse.” (Genesise 18:21) Temana eno e supa sentle ka phepafalo gore Modimo o ne a sa itse go le pele ka ditlwaelo tse di bosula mo metseng eo pele ga a tlhotlhomisa dikgang.
Go boammaaruri gore Modimo o kgona go bonela dilo tse di rileng pele, mme mo mabakeng a mantsi o itlhophetse go sa dirise go itsetse dilo pele ga gagwe. Ka gore Modimo ke mothatayotlhe, o gololesegile go dirisa bokgoni jwa gagwe jaaka a batla, e seng go ya ka dikeletso tsa batho ba ba sa itekanelang.
Modimo o o Kgonang go Siamisa Dilo
Jaaka Calvin a ne a bua, bangwe ba re Modimo o sale a itse gore motho o tla leofa pele ga a mmopa le gore o ne a laoletse gale ‘ba ba tlhophilweng’ pele ga teofo eo. Mme fa e ne e le gore seno se ne se ntse jalo, a Modimo o ne a tla bo a sa itimokanye fa a ne a solofetsa Adame le Efa botshelo jo bo sa khutleng, le mororo a ntse a itse sentle fela gore ba ne ba sena go kgona go bo bona? Mo godimo ga moo, ga go na fa Dikwalo di ganetsang gore batho ba babedi ba ntlha ba ne ba filwe kgololesego ya go itlhophela: magareng ga go reetsa dikaelo tsa bomodimo mme ba tshelele ruri kgotsa ba di gane mme ba swe.—Genesise, kgaolo 2.
A mme gone go leofa ga ga Adame le Efa go ne ga kgoreletsa boikaelelo jwa Modimo? Nnyaa, ka gore ka bonakonyana fela morago ga ba sena go leofa, Modimo o ne a itsise gore o ne a tla tlhagisa “losika” lo lo tla senyang Satane le barongwa ba gagwe le gore a tle a siamise dilo gape mo lefatsheng. Diji di sekae fela ga di ka ke tsa dira gore molemi a se ka a bona thobo e ntsi, jalo go tlhoka kutlo ga ga Adame le Efa ga go na go thibela Modimo go dira lefatshe paradaise.—Genesise, kgaolo 3.
Moragonyana, Modimo o ne a senola gore o ne a tla fa setlogolwana sengwe sa ga Kgosi Dafide goromente wa Bogosi, le gore ba bangwe ba ne ba tla nna le seabe mo Bogosing jono. Ba bangwe bano ba bidiwa “baitshepi ba Mogodimodimo.”—Daniele 7:18; 2 Samuele 7:12; 1 Ditirafalo 17:11.a
Go Bolelelapele Ga se Go Laolelagale
Lebaka la go bo Modimo a sa tlhopha go itse gore batho ba ne ba tla tsaya tsela efe ga le a mo thibela go bolelelapele ditlamorago tsa ditiro tse dintle kgotsa tse di maswe tsa bone. Makheneke yo o tlhagisang mokgweetsi ka seemo se se maswe sa koloi ya gagwe ga a ka ke a mo tshwaya phoso fa a ka tlhagelwa ke kotsi kgotsa le fa e le gone go mo pega molato wa gore o e laoletse gale. Ka go tshwana, Modimo ga a ka ke a pegiwa molato wa go laolela gale matswela a a utlwisang botlhoko a ditiro tsa batho ka bongwe.
Go ne ga nna fela jalo ka ditlogolwana tsa batho ba ntlha ba babedi. Pele ga Kaine a bolaya monnawe, Jehofa o ne a fa Kaine kgololesego ya go ikgethela. A o ne a tla fenya sebe kgotsa sebe se ne se tla mo fenya? Ga go na sepe mo pegong se se supang gore Jehofa o ne a laotse go sa le pele gore Kaine o ne a tla ikgethela bosula mme a bolaye monnawe.—Genesise 4:3-7.
Moragonyana, Molao wa ga Moshe o ne wa tlhagisa Baiseraele ka se se neng se tla ba diragalela fa ba ne ba ka tlogela go direla Jehofa, ka sekai, ka go nyala basadi mo ditšhabeng tsa baheitane. Se se neng se boleletswe pele se ne sa diragala. Seno se ka bonwa mo sekaing sa ga Kgosi Solomone, yo mo dingwageng tsa gagwe tsa bogodi, a neng a tlhotlhelediwa ke basadi ba gagwe ba seeng go obamela medimo ya disetwa. (1 Dikgosi 11:7, 8) Ee, Modimo o ne a tlhagisa batho ba gagwe, mme o ne a sa laolela gale gore ditiro tsa bone motho ka bongwe e ne e tla nna dife.
Ba ba tlhophilweng ba kgothalediwa gore ba se ka ba tlogela go nitama fa ba sa batle go rontshiwa tuelo e ba e solofeditsweng ya go busa le Keresete kwa legodimong. (2 Petere 1:10; Tshenolo 2:5, 10, 16; 3:11) Jaaka baithutabomodimo bangwe ba mo nakong e e fetileng ba kile ba botsa, Ke ka ntlha yang fa dikgakololo tse di ntseng jalo di neilwe fa e le gore go bidiwa ga ba ba tlhophilweng e ne e le ga makgaolakgang?
Taolelogale le Lorato Lwa Modimo
Motho o ne a filwe kgololesego ya go itlhophela, ka go bo a bopilwe mo “setshwanong sa Modimo.” (Genesise 1:27) Kgololesego e ne e le botlhokwa gore batho ba kgone go tlotla Modimo le go mo direla ka lorato, e seng jaaka diroboto tse metsamao ya tsone e a neng e sale e laotswe go sa le pele. Lorato lo lo supiwang ke dibopiwa tse di botlhale, tse di gololesegileng le ne le tla dira gore Modimo a kgone go supa ditatofatso tse e seng tsone maaka. O bolela jaana: “Morwaaka, o tlhalefe, o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.”—Diane 27:11.
Fa e le gore go sa le go boletswe gore batlhanka ba Modimo e tla nna bone, kgotsa seo se tsentswe mo ditlhaloganyong tsa bone, fa go buiwa ka tsela ya tshwantshetso—a go rata Mmopi wa bone ka bopeloephepa go ne go se na go belaelwa? Gape, a go ne go tla bo go sa ganetse gore Modimo ke motho yo o sa tlhaoleng fa e le gore o ne a ka tlhopha batho ba ba tlileng go bona kgalalelo ya legodimo le boitumelo go sa le gale, mme a sa akanyetse melemo ya bone motho ka bongwe? Mo godimo ga moo, fa e le gore ba bangwe ba tshwarwa botoka go na le ba bangwe, fa ba bangwe bone ba tlile go otlhaiwa ka bosakhutleng, seno se ne se sena go tsosa maikutlo a bopeloephepa a tebogo mo go “ba ba tlhophilweng.”—Genesise 1:27; Jobe 1:8; Ditiro 10:34, 35.
La bofelo, Keresete o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba rerele batho botlhe mafoko a a molemo. Fa e le gore Modimo o setse a tlhophile ba ba yang go bolokwa, a seno se ne se sena go fokotsa matlhagatlhaga a Bakeresete ba a supang mo go rereng? A go ne go sena go dira gore tiro ya go rera e tlhoke mosola gotlhelele?
Lorato lo lo sa tlhaoleng le le tswang Modimong ke maatla a a tiileng thata a a ka dirang gore batho le bone ba mo rate ka go tshwana. Modimo o ne a supa lorato lo logolo ka go ntsha Morwawe setlhabelo mo boemong jwa batho ba ba sa itekanelang, ba ba leofileng. Lebaka la go bo Modimo a itsetse dilo pele malebana le Morwawe ke sekai se se tlhomologileng, mme le re tlhomamisetsa gore tsotlhe tse a di solofeditseng malebana le go baakanya dilo, mo go itshetlegileng mo go Jesu, go tla diragadiwa tota. Ka jalo e kete re ka supa tumelo mo Morweng yoo mme ra atamalana le Modimo. A re supeng kanaanelo ya rona ka go amogela taletso ya Modimo ya go simolola go nna le kamano e e molemo le Mmopi wa rona. Gompieno, Modimo o lebisa taletso eno kwa go botlhe ba ba batlang go dirisa kgololesego ya bone le go supa lorato lwa bone go ene.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Fa Jesu a ne a bua ka Bogosi jo bo baakantsweng “e sa le ka tlholego ya lefatshe” (Mathaio 25:34), o tshwanetse a bo a lebisitse go nako nngwe morago ga boleo jwa ntlha. Luke 11:50, 51 e bolela ka “motheo wa lefatshe,” kgotsa go thaiwa ga batho ba ba ka rekololwang ka thekololo, go ya go fitlha kwa motlheng wa ga Abele.
[Lebokoso mo go tsebe 7]
GO LAOLELWA GALE JAAKA SETLHOPHA
“Gonne ba o ba itsileng gale, o bile o ba laoletse gale gore ba bopege mo tshwanong ya Morwa wa one, gore a nne motsalwapele mo baneng ba le bantsi; ba o ba laotseng gale, o bile o ba biditse; le ba o ba biditseng o bile o ba siamisitse; mme ba o ba siamisitseng, o bile o ba galaleditse.” (Baroma 8:29, 30). Re tshwanetse go tlhaloganya jang lereo “taolelogale” le Paulo a le dirisitseng mo ditemaneng tse?
Go ntsha mabaka ga ga Paulo fano ga se go nganga mo go ikganetsang mo go tshegetsang mogopolo wa taolelogale ya motho ka bongwe. Pelenyana mo lekgolong la rona la dingwaga, Dictionnaire de théologie catholique e ne ya tlhalosa mabaka a a nonofileng a ga Paulo (Baroma, dikgaolo 9-11) ka tsela e: “Mogopolo o o dumelwang thata mo gare ga bakanoki ba Bakatoliki ke gore kakanyo ya mmatota ya taolelogale go ya botshelong jo bo sa khutleng ga e a tlhalosiwa ka boleele.” Buka eo gape e nopola M. Lagrange a bolela jaana: “Potso eno e e atolositsweng thata ke Paulo ga se ya taolelogale go ya tshenyegong mme ke ya go laleletsa Baditšhaba go bona thuso ya bomodimo e e sa ba tshwaneleng ya Bokeresete, go fapaana ga yone le go tlhaela tumelo ga Bajuta. . . . E ama ditlhopha, Baditšhaba, Bajuta mme e seng batho ka bongwe ka tlhamalalo.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.
Bosheng jaana, The Jerusalem Bible e ne ya naya tshwetso e e tshwanang e e malebana le dikgaolo tse (9-11), ka go bolela jaana: “Setlhogo sa dikgaolo tse, le fa go ntse jalo, ga se bothata jwa taolelogale ya motho ka bongwe go galalediwa, kgotsa le fa e le go dumela, mme se ama seabe sa Iseraele mo go goleng ga hisitori ya go falola ga batho, bothata jo bo tsositseng dikgang ka mafoko a a mo T[esetamenteng] e K[gologolo].”
Ditemana tsa bofelo tsa Baroma kgaolo 8 di tshwere kgang e e tshwanang. Ka jalo, ditemana tse di re gakolola sentle gore Modimo o bonetse pele go nna teng ga setlhopha sengwe mo bathong se se tla bidiwang go busa le Keresete mmogo le se se neng se tla batliwa mo go bone—mme seno se ne sa dirwa kwantle ga go tlhomiwa pele ga nako ga batho ba ba rileng ba ba neng ba tla tlhophiwa, ka gore seo se ne se tla fapaana le lorato lwa gagwe le tshiamiso.