A Isagwe ya Rona e Kwadilwe Go sa Le Gale?
MOKERESETE, Momoselema, Mojuda, Mohindu, kana modumedi wa bodumedi jo bongwe—batho ba ditumelo tsotlhe ba welwa ke matlhotlhapelo e bile ba hutsafadiwa thata ke one.
Ka sekai, ka December 6, 1997 go ne ga direga matlhotlhapelo a a tsitlisang marapo kwa motseng wa kwa Siberia wa Irkutsk. Sefofane se segolo se se rorang dilo sa AN-124 se ne se sa tswa go emelela fela fa fatshe fa dienjene tse pedi tsa sone di tima. Sefofane seno, se se neng se tletse ka lookwane, se ne sa tsena mo teng ga moago o go nnang batho mo go one. Dikgabo tsa molelo di ne tsa khupetsa difolete di le mmalwa, di bo di bolaya le go gobatsa baagi ba le bantsintsi ba ba neng ba sa kgone go itshireletsa, go akaretsa le bana ba ba se nang molato.
Mo lefelong leo la Siberia koo kotsi eno e diragetseng gone, go ka tswa go na le batho ba madumedi a a farologaneng. Bangwe ba ka nna ba bo ba bolela gore ba dumela mo Bokereseteng, le fa go ntse jalo ba ka nna ba bo ba sa ntse ba akanya gore kotsi eno e diragetse ka gonne batho bano ba tlholetswe. Bone le ba bangwe ba ka nna ba akanya gore, ‘E ne e le thato ya Modimo, mme fa batho ba ba suleng ba ne ba sa swa ka tsela eno, ba ne ba tla swa ka tsela e nngwe—ba tlholetswe jalo.’
Go akanya ka tsela eo, go sa kgathalesege gore a batho ba gone ba bua ka gone kana ga ba bue, go bontsha se batho ba se dumelang mo madumeding a le mantsi go dikologa lefatshe—gore motho o tlholetswe. Batho ba le bantsi ba dumela gore isagwe ya rona, go tloga ka letsatsi le re tshotsweng ka lone go fitlha ka letsatsi le re swang ka lone, ka tsela nngwe e kwadilwe go sa le gale.
Go dumela mo go reng motho o tlholetswe go ka ditsela tse di farologaneng, e leng selo se se dirang gore go nne boima go tlhalosa gore sentlentle go bolelang. Totatota, go tlholelwa go naya mogopolo wa gore sengwe le sengwe se se diragalang, kgato nngwe le nngwe, tiragalo nngwe le nngwe—e ka tswa e siame kana e sa siama—e ka se ka ya tilwa; e tshwanetse go diragala ka gonne e laoletswe go sa le gale ke maatla a a kwa godimo, a motho a ka se kang a a laola. Kgopolo eno e ka bonwa mo tepong ya dinaledi, mo karma ya Bohindu le ya Bobuda, mmogo le mo thutong ya Labokeresete ya gore motho o laoletswe e sa le gale. Bogologolo kwa Babilonia, banna ba ne ba dumela gore medimo e ne e laola tlholelo ya motho le isagwe ya gagwe ka lokwalo lo lo kwadilweng. Go ne go bolelwa gore, modimo ope fela yo o neng a laola “matlapa ano a bofelelo” o ne a ka dira tshwetso kaga se se tla diragalelang batho, mebuso, le e leng medimo ka boyone tota.
Badumedi ba le bantsi ba dumela gore ka taolo ya Modimo, pele batho ba tsholwa, Modimo o tlhomamisa sengwe le sengwe se se tla ba diragalelang, go akaretsa le gore ba tla tshela ka lobaka lo lo kanakang, gore a e tla nna banna kana basadi, a ba tla huma kana ba tla humanega, a ba tla hutsafala kana ba tla itumela. Go bolelwa gore dilo tseno tsotlhe di mo mogopolong wa Modimo kana di kwadilwe mo bukeng nngwe pele ga di diragala. Ka gone ga se selo se se sa tlwaelegang gore fa go diragetse masetlapelo mangwe modumedi a bo a re, “mektoub,”—go kwadilwe! Go bolelwa gore e re ka Modimo a itse sengwe le sengwe go sa le gale, o tshwanetse gape a bo a itse gore ke mang yo o tla mo utlwang le gore ke mang yo o se kitlang a mo utlwa. Ka jalo ba le bantsi ba ba tshwareletseng mo thutong eno ba dumela gore tota le pele ga motho a tsholwa, Modimo o setse a bone gore a o tla bona lesego la go nnela ruri mo Paradaiseng kana a o tla bona phutso ya bosakhutleng.
O ka nna wa akanya gore seno se tshwana thata le thuto ya gore motho o laoletswe go sa le gale e e rutiwang mo dikerekeng dingwe tsa Labokeresete. Mmueledi yo mogolo wa Moporotesetanta wa thuto eno ya gore motho o laoletswe e sa le gale e ne e le Modiradiphetogo wa Mofora wa lekgolo la bo16 la dingwaga e bong John Calvin. O ne a tlhalosa taolelogale a re ke “taolo e e nnetseng ruri ya Modimo, e a tlhomamisang ka yone gore o batla go dira eng ka motho mongwe le mongwe. Batho ga ba bopiwa botlhe ka tsela e e tshwanang, mme bangwe ba sa le ba laolelwa gore ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng mme ba bangwe ba sa le ba laolelwa phutso ya bosakhutleng.” Gape Calvin o ne a bolela jaana: “Ga se fela gore Modimo o ne wa bonela pele go wa ga motho wa ntlha le gore ene ka boene o tla senyetsa lotsalo lwa gagwe; mme gape o ne wa rulaganyetsa seo ka go bo a ratile jalo.”
Le fa go ntse jalo, ga se maloko otlhe a madumedi a a rutang gore motho o laoletswe e sa le gale kana gore o tlholetswe, a a dumelang thuto eno ka boone. Ba bangwe ba tlhalosa sentle gore dibuka tsa bodumedi di a bolela gore motho o neilwe go itlhophela se a se batlang. Tota e bile, go nnile le kganetsano e kgolo malebana le ditiro tsa batho, gore a di bakwa ke gore motho a itlhophela ka boene se a se batlang kana a ke ka gonne Modimo o di laotse go sa le gale. Ka sekai, bangwe ba bolela gore motho o tshwanetse a bo a gololesegile go itlhophela se a se batlang a bo a se dire, ka gonne Modimo, yo o tshiamo, o batla gore motho a ikarabele ka se a se dirang. Ba bangwe ba ile ba bolela gore se motho a se dirang se bakilwe ke Modimo mme ka tsela nngwe motho o a se “fitlhelela” mme a bo a ikarabela ka ntlha ya sone. Le fa go ntse jalo, ka kakaretso fela, batho ba le bantsi ba dumela gore sengwe le sengwe se se diragalang mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi, e ka tswa e le se segolo kana se le sennye, se laoletswe ke Modimo.
Wena o dumela eng? A Modimo o setse a tlhomamisitse gore isagwe ya gago e tla nna eng? A tota batho ba kgona go itlhophela se ba se batlang, a ba na le bokgoni jwa go itlhophela se tota se tla diregang mo isagweng ya bone? Bofelelo jwa rona bo ikaegile go le kana kang ka dikgato tse re di tsayang? Setlhogo se se latelang se tla leka go araba dipotso tseno.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]
SEL/Sipa Press