LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 2/15 ts. 3-4
  • A Modimo o Setse a Tlhomile Bofelelo Jwa Rona?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Modimo o Setse a Tlhomile Bofelelo Jwa Rona?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se se Bolelwang ke Lefoko—Taolelogale
  • Augustine, Rara wa Taolelogale
  • Baruaboswa ba ga Augustine
  • A ke Taolelogale Kana go Itlhophela Se o Se Batlang?
  • A Taolelogale e ka Dumalanngwa le Lorato Lwa Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • A Isagwe ya Rona e Kwadilwe Go sa Le Gale?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • A Botshelo Jwa Gago bo Laoletswe E sa Le Gale?
    Tsogang!—2007
  • Dingwaga Tse 500 Tsa Dithuto Tsa ga Calvin di Fitlheletse Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 2/15 ts. 3-4

A Modimo o Setse a Tlhomile Bofelelo Jwa Rona?

“MATHATA a mantsintsi a go akanngwang gore a gone a ka bo a ne a se gone fa lefoko le gantsi le sa tlhaloganngweng sentle la taolelogale le ka bo le se ka la dirisiwa gotlhelele.” O ka nna wa ipotsa gore ke ka ntlha yang, fa e le gore o ile wa dirisa kana wa utlwa go dirisiwa lefoko le go tweng “taolelogale.”

Go ya ka saetlopedia ya bosheng ya Katoliki ya Fora, ebong Théo, re a bo re dira sentle fa re sa dirise lefoko “taolelogale.” Buka e nngwe gape e tlhalosa jaana: “Gompieno, batho ba thutobomodimo ga ba sa tlhole ba ngangisana thata ka taolelogale, mme go bonala go ntse jalo le ka Baporotesetanta.”

Lefa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ile ba tshwenngwa thata ke kgang eno e e amang taolelogale go ralala botshelo jotlhe jwa rona. E ne ya nna tshoso e rweleng mo dikganetsanong tse morago di neng tsa tlisa Phetogo e Kgolo, mme le gone mo teng ga Kereke ya Katoliki, e ne ya nna kgang ya moruthutha ka makgolokgolo a dingwaga. Lefa gone e sa tlhole e le kgang e e kalokalo gompieno, mme gone e santse e baka mathata. Ke mang yo o ka se rateng go itse gore a e ka ne bofelelo jwa gagwe bo ile jwa tlhomiwa go sa le gale kana nnyaa?

Se se Bolelwang ke Lefoko—Taolelogale

Lefoko “taolelogale” le raya eng mo dikerekeng? Dictionnaire de théologie catholique e tsaya gore le kaya “boikaelelo jwa bomodimo jwa go naya bangwe, ba ba kailweng ka maina, botshelo jo bo sa khutleng.” Gantsi go akanngwa gore batho bano ba ba tlhophilweng, “ba ba kailweng ka maina,” ke ba ba bolelwang ke moaposetoloi Paulo mo lokwalong lwa gagwe lwa Baroma ka ditlhaloso tse di latelang: “Re a itse fa dilo tsotlhe di dirisanya mmogo, go direla ba ba ratang Modimo molemo, e bong bone ba ba biditsweng ka fa boikaelelong jwa one. Gonne ba o ba itsileng gale, o bile o ba laoletse gale gore ba bopege mo tshwanong ya Morwa wa one, . . . ba o ba laotseng gale, o bile o ba biditse; le ba o ba biditseng, o bile o ba siamisitse; mme ba o ba siamisitseng, o bile o ba galaleditse.”—Baroma 8:28-30.

Go bolelwa gore, le e leng pele ga ba tsalwa, batho bangwe ba ne ba tlhophiwa ke Modimo ka boikaelelo jwa gore ba kopanele kgalalelo le Keresete kwa magodimong. Seno se gogela motho mo kgannyeng e go sa bolong go ngangisanwa ka yone ya go re: A Modimo ka go rata ga gagwe o itlhophela yo a batlang gore a mmoloke, kana gore batho ba kgona go itlhophela se ba se batlang, e bile ba na le seabe mo go reng a ba kgona go dira gore ba amogelwe ke Modimo le go nnela ruri a ntse a ba amogetse?

Augustine, Rara wa Taolelogale

Le mororo Borara ba bangwe ba Kereke ba ile ba kwala pelenyana kaga taolelogale, batho ka kakaretso ba tsaya gore Augustine (354-430 C.E.) ke ene a ileng a thaya metheo ya thuto eno ya motheo mo dikerekeng tsa Porotesetanta le Katoliki. Go ya ka Augustine, Modimo o sa le go tswa bogologolong a laolela basiami gore ba amogele masego a a sa khutleng. Kafa letlhakoreng je lengwe, basiamolodi, le mororo ba sa laolelwa gale ke Modimo fa re bua ka tlhamalalo, ba tla amogela katlholo e e ba tshwanetseng ya maleo a bone, phediso. Tlhaloso e Augustine a e neetseng, e ne e raya gore go ne go se ope yo o ka itlhophelang lefa e le sepe, mme jalo seo sa dira gore go nne le dikganetsano di le dintsi.

Baruaboswa ba ga Augustine

Ngangisano ka ga taolelogale le boitlhophelo di ne di aga di tsoga mo Metlheng ya Bogare mme di ne tsa tswelela go fitlha ka nako ya Diphetogo fa di ne di ya magoletsa. Luther o ne a tsaya gore taolelogale ke selo se Modimo a se itlhophelang kwantle ga gore A tseye tsia melemo epe ya mo isagweng kana ditiro tse di siameng tsa batho ba ba tlhophilweng. Calvin o ne a feteletsa dilo ka mogopolo wa gagwe wa gore go na le maphata a le mabedi a taolelogale: Batho ba bangwe ke ba ba laoletsweng gale gore ba tla tshelela ruri, mme ba bangwe ba tla fedisiwa ka bo sa khutleng. Lefa go ntse jalo, Calvin le ene o ne a tsaya gore ga go na ope yo o ka rayang Modimo sepe fa a tlhophile sengwe, mme e bile ga go na yo o ka akanyang ka gone.

Kgang e e malebana le taolelogale le e e tsamaisanyang le yone thata ya “tshegofatso”—e bong lefoko leo le dirisiwang ke dikereke go tlhalosa kgato e Modimo a e tsayang go boloka le go kaya gore batho ke basiami—e ne ya ya bokgakaleng jwa gore e re ka 1611, Catholic Holy See e kganele sengwe le sengwe se se ka gatisiwang mo kgannyeng eno kwantle ga gore e itsisiwe pele. Mo teng ga Kereke ya Katoliki, dithuto tsa ga Augustine, di ne tsa tshegediwa thata ke Bajansenese ba Fora ba lekgolo la dingwaga la bo17 le la bo18. Ba ne ba rotloetsa Bokeresete jo bo gagametseng thatathata mme e bile ba na le balatedi ba maemo a a kwa godimo. Lefa go ntse jalo, kganetsano e e malebana le kgang eno e ne ya se ka ya ritibala. Kgosi Louis XIV o ne a laela gore go fedisiwe lefelo la baitlami la Port-Royal, leo megopolo ya Bojansenese e neng e thaegile mo go lone.

Mo dikerekeng tsa Porotesetanta tsa Diphetogo, kgang eno e ne e le kgakala thata le go fela. Baganetsi ba e neng e le balatedi ba ga Jacobus Arminius le ba bangwe, ba ne ba dumela gore motho o na le seabe mo go reng a o tla bona poloko kana nnyaa. Sinoto ya Porotesetanta ya Dordrecht (1618-19) e ne ya fedisa kgang ka nakwana fa e ne e itlama ka tumelo e e gagametseng ya motheo ya ga Calvin. Mo Jeremane, jaaka go tlhalosa buka ya L’Aventure de la Réforme—Le monde de Jean Calvin, kgang eno ya moruthutha ya taolelogale le motho go itlhophela se a se batlang, e ne ya dira gore go nne le “maiteko a le mantsi a a sa atlegeng a go letlanya batho, go sa dire dilo ka tshwanelo, go latlhelwa ga batho mo dikgolegelong, le go lelekwa ga baithutabomodimo.”

A ke Taolelogale Kana go Itlhophela Se o Se Batlang?

Go tswa fela kwa tshimologong, megopolo eno e mebedi e e sa utlwaneng gotlhelele, e leng taolelogale le go itlhophela se o se batlang, e ne ya tsosa dikgotlhang di le dintsi tse di bogale. Augustine ka boene o ne a sa kgone go tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa go na le go tlhoka kutlwano mo go ntseng jaana. Calvin le ene o ne a re selo seno se thata go tlhalosiwa ka gonne e le thato ya Modimo mogodimodimo.

A mme tlhaloso e re e fiwang ke Baebele kaga dinonofo tsa Modimo le botho jwa gagwe, di ka re thusa go tlhaloganya dikgang tseno ka phepafalo? Setlhogo se se latelang se tla re tlhalosetsa dintlha tseno ka botlalo.

[Ditshwantsho mo go tsebe 4]

Calvin

Luther

Jansen

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictures: Bibliothèque Nationale, Paris

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela