Tumelo le Isagwe ya Gago
“Tumelo ke go lebelela ka tlhomamisego dilo tse di solofetsweng.”—BAHEBERA 11:1.
1. Batho ba le bantsi ba batla isagwe ya mofuta mang?
A O KGATLHEGELA isagwe? Batho ba le bantsi ba a e kgatlhegela. Se ba se solofetseng ke go bona isagwe e e nang le kagiso, ba sa boife sepe, maemo a a siameng a botshelo, tiro e e nang le matswela le e e itumedisang, botsogo jo bo molemo le botshelo jo boleele. Ga go belaetse gore losika longwe le longwe mo hisitoring lo ne lo batla dilo tse di ntseng jalo. Mme gompieno, mo lefatsheng leno le le tletseng thata ka mathata, maemo a a ntseng jalo a eletsega go feta le e leng pele.
2. Mopalamente mongwe o ne a tlhalosa pono nngwe ka isagwe jang?
2 Jaaka batho ba tsena mo lekgolong la bo21 la dingwaga, a go na le tsela e o ka bonang ka yone gore isagwe e tla nna jang? Tsela e nngwe e ile ya nna e e tlhalositsweng dingwaga tse di kwa godimo ga 200 tse di fetileng ke mopalamente wa Moamerika e bong Patrick Henry. O ne a re: “Ga ke itse tsela e nngwe ya go bonela pele isagwe fa e se ka go leba ditiragalo tsa nako e e fetileng.” Go ya ka pono eno, isagwe ya batho e ka itsiwe ka selekanyo se se rileng ka go leba se motho a se dirileng mo nakong e e fetileng. Batho ba le bantsi ba dumalana le kgopolo eo.
Nako e e Fetileng E ne E le Jang?
3. Rekoto ya hisitori e supa eng malebana le ditsholofelo tsa isagwe?
3 Fa e le gore isagwe e tlile go tshwana le nako e e fetileng, a o fitlhela seo se kgothatsa? A isagwe e ile ya tokafalela dikokomana tse di fetileng fa dingwaga di ntse di tsamaya? Ga go a nna jalo tota. Go sa kgathalesege ditsholofelo tse batho ba nnileng le tsone ka dingwaga di le diketekete le tsela e mafelo mangwe a ileng a tlhabologa ka yone mo dilong tse di bonalang, hisitori ya batho e ntse e tletse go gatelela, bokebekwa, thubakanyo, ntwa le lehuma. Lefatshe leno le ile la welwa ke masetlapelo mo godimo ga a mangwe, gantsi e le a a ileng a leriwe ke tsela e e sa kgotsofatseng e batho ba busang ka yone. Baebele e bontsha sentle jaana: “Motho o na le thata mo go yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.”—Moreri 8:9, NW.
4, 5. (a) Ke ka ntlha yang fa batho ba ne ba na le tshepo mo masimogolong a lekgolo la bo20 la dingwaga? (b) Ke eng se se neng sa direga ka ditsholofelo tsa bone ka isagwe?
4 Boammaaruri ke gore dilo tse di maswe tsa nako e e fetileng mo hisitoring ya batho di nna di ntse di ipoeletsa—e le fela gore di direga ka selekanyo se segolo le se se kotsi go feta. Lekgolo leno la bo20 la dingwaga le bontsha seo. A batho ba ile ba ithuta mo diphosong tsa nako e e fetileng mme ba di tila? Mme gone, mo tshimologong ya lekgolo leno la dingwaga, batho ba ne ba dumela gore go tla tla isagwe e e botoka ka gonne go ne go ile ga nna le kagiso ka lobakanyana le ka ntlha ya kgatelopele e e dirilweng mo intasetireng, mo saenseng le mo thutong. Moporofesa mongwe wa yunibesithi o ne a bolela gore mo masimologong a bo1900, go ne go dumelwa gore ntwa e ne e se kitla e tlhola e nna gone ka gonne “batho ba ne ba tlhabologile fela thata.” Monna mongwe yo e kileng ya nna tonakgolo ya Boritane o ne a bua jaana ka pono e batho ba neng ba na le yone ka nako eo: “Sengwe le sengwe se ne se tla nna botoka thata. Leno e ne e le lefatshe le ke tsholetsweng mo go lone.” Mme a bo a re: “Ka tshoganyetso fela, go sa lebelelwa, moso mongwe ka 1914, sengwe le sengwe se ne sa phutlhama.”
5 Le fa batho ba ne ba dumela thata ka nako eo gore go ne go tla nna le isagwe e e botoka, lekgolo le lesha la dingwaga le ne le sa tswa go simologa fa lefatshe le ne le komediwa ke masetlapelo a a maswe go a feta otlhe a a kileng a bakiwa ke batho—Ntwa ya Lefatshe I. E le sekai se se tlhomologileng, akanya ka se se neng sa diragala ka 1916 mo ntweng e le nngwe fela fa masole a Boritane a ne a tlhasela melelwane ya Jeremane gaufi le Noka ya Somme kwa Fora. Mo diureng di sekae fela Baboritane ba ne ba latlhegelwa ke ba le 20 000, mme go ne ga bolawa ba le bantsi kafa letlhakoreng la Bajeremane. Kgailo eo ya dingwaga tse nnè e ile ya bolaya masole a a ka nnang dimilione di le lesome le batho fela ba le bantsintsi. Palo ya batho kwa Fora e ne ya fokotsega ka nakwana ka ntlha ya batho ba bantsintsi ba ba neng ba swa. Diikonomi di ile tsa senyega, se se neng sa baka le Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi ka dingwaga tsa bo1930. Ga go gakgamatse go bo bangwe ba ile ba re letsatsi le Ntwa ya Lefatshe I e neng e simologa ka lone e ne e le letsatsi le lefatshe le neng la simolola go tsenwa ka lone!
6. A botshelo bo ne jwa tokafala morago ga Ntwa ya Lefatshe I?
6 A eo e ne e le isagwe e e neng e solofetswe ke kokomana eo? Nnyaa, le e seng. Ditsholofelo tsa bone di ne di phatlakantswe; le gone gotlhe moo ga go a ka ga tlisa sepe se se botoka. Dingwaga tse 21 fela morago ga Ntwa ya Lefatshe I, kana ka 1939, go ne ga nna le masetlapelo a mangwe a a maswe le go feta a a kileng a dirwa ke batho—Ntwa ya Lefatshe II. E ile ya bolaya banna, basadi le bana ba ba ka nnang dimilione di le 50. Go bolawa ga boidiidi jwa batho ka dibomo go ile ga tlogela ditoropo di le molora fela. Ka Ntwa ya Lefatshe I, diketekete tsa masole di ne tsa bolawa mo ntweng e le nngwe mo diureng di le mmalwa fela, fa ka Ntwa ya Lefatshe II, dibomo tse pedi fela tsa atomo di ile tsa bolaya batho ba ba fetang 100 000 mo metsotswaneng e sekae fela. Mme se batho ba se tsereng se le maswe go feta seo e ne e le go bolawa ga dimilione tsa batho ka go latelana mo dikampeng tsa pogisetso tsa Bonasi.
7. Ke eng se se ntseng se direga mo lekgolong leno lotlhe la dingwaga?
7 Metswedi e le mmalwa ya dikgang e bolela gore fa re akaretsa dintwa tsa ditšhaba, go sa utlwane ga baagi le dintsho tse dipuso di ileng tsa di baka mo bathong ba tsone, batho ba ba bolailweng mo lekgolong leno la dingwaga ba ka tshwara dimilione di le 200. E bile motswedi o mongwe wa dikgang o ne o re ke ba le dimilione tse 360. Akanya fela gore go tshosa jang—botlhoko, dikeledi, tlalelo le dintsho! Mo godimo ga moo, ka palogare, batho ba ka nna 40 000, ba bontsi jwa bone e leng bana, ba swa letsatsi le letsatsi ba bolawa ke lehuma. Palo eo e menagane gararo ba bolawa ka go senngwa ga dimpa letsatsi le letsatsi. Gape, batho ba ka nna dimilione di le sekete ba humanegile thata gore ba ka bona dijo tse ba ka di jang gore ba dire tiro ya letsatsi e e tlwaelegileng. Maemo ano otlhe ke bosupi jwa se se neng sa bolelelwa pele ke boporofeti jwa Baebele gore re tshela mo “malatsing a bofelo” a tsamaiso eno e e boikepo ya dilo.—2 Timotheo 3:1-5, 13; Mathaio 24:3-12; Luke 21:10, 11; Tshenolo 6:3-8.
Batho Ga ba Na Ditharabololo
8. Ke ka ntlha yang fa baeteledipele ba batho ba ka se kgone go rarabolola mathata a lefatshe?
8 Jaaka fa lekgolo leno la bo20 la dingwaga le ntse le ela go fela, re ka akaretsa dilo tse di diragetseng mo go lone mo go tse di diragetseng mo makgolong a dingwaga a a fetileng. Mme hisitori eo e re bolelelang? E re bolelela gore baeteledipele ba batho ga ba ise ba ke ba rarabolole mathata a magolo a lefatshe, gore le jaanong ga ba a rarabolole, le gore ga ba kitla ba tsamaya ba a rarabolola mo isagweng. Tota ga ba kgone go re tlisetsa mofuta wa isagwe o re o batlang, le fa ba ka ne ba na le maikaelelo a mantle go le kana kang. Mme bangwe ba batho ba ba nang le taolo ga ba na maikaelelo a mantle go le kalo; ba batla go nna le maemo le taolo gore ba tle ba itlotlomatse le go ikgobokanyetsa dikhumo, e seng go direla ba bangwe molemo.
9. Ke ka ntlha yang fa re na le lebaka la go belaela gore saense e na le ditharabololo tsa mathata a batho?
9 A saense e na le tharabololo? E seng fa re ela ditiragalo tsa nako e e fetileng tlhoko. Baitsesaense ba puso ba ile ba senya madi a le mantsintsi, nako le boiteko jwa bone ba dira dibetsa tse di kotsi thata tsa khemikale, tsa baeloji le tsa mefuta e mengwe. Ditšhaba, go akaretsa le tse di humanegileng thata, di dirisa diranta tse di fetang dibilione tse tharo mo dibetseng ngwaga le ngwaga! Gape, ‘kgatelopele ya saense’ e na le seabe mo go dirweng ga dikhemikale tse di ileng tsa kgotlela moya, lefatshe, metsi le dijo.
10. Ke ka ntlha yang fa tota le yone thuto e ka se tlhomamise gore go nne le isagwe e e botoka?
10 A re ka solofela gore ditheo tsa lefatshe tsa thuto di tla thusa go bopa isagwe e e botoka ka go ruta melao e e kwa godimo ya boitshwaro, go akanyetsa ba bangwe le go rata baagelani? Nnyaa. Go na le moo, di tlhomile mogopolo mo thutong e e kwa godimo le mo go direng madi. Di dira gore batho ba nne le moya wa go gaisana thata, e seng wa go dirisana mmogo; dikolo le tsone ga di rute maitsholo a a siameng. Go na le moo, tse dintsi tsa tsone di mpampetsa kgololesego ya tlhakanelodikobo, e e ileng ya dira gore go nne le koketsego ya go ima ga basha le malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo.
11. Rekoto ya dikgwebo e dirile jang gore batho ba se ka ba nna le tshepo mo isagweng?
11 A dikgwebo tse dikgolo tsa lefatshe di ka rotloediwa ka tshoganyetso go tlhokomela polanete ya rona le go bontsha ba bangwe lorato ka go dira dilo tse di tla solegelang batho molemo tota mme e seng go batla poelo fela? Ga go lebege jalo. A di tla khutla go dira mananeo a thelebishene a a tladikilweng ka thubakanyo le boitsholo jo bo sa siamang tse di dirang gore megopolo ya batho e senyege, segolobogolo basha? Dilo tsa nako e e fetileng ga di kgothatse le e seng ka gonne, thatathata, thelebishene e nnile motswedi wa boitsholo jo bo sa siamang le thubakanyo.
12. Boemo jwa batho ke bofe malebana le bolwetse le loso?
12 Mo godimo ga moo, le fa gone dingaka di ka tswa di na le maikaelelo a a molemo, di palelwa ke go fenya bolwetse le loso. Ka sekai, kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Lefatshe I, ba ne ba palelwa ke go laola go anama ga letshoroma la Spain; le ile la bolaya batho ba ka nna dimilione di le 20 lefatshe ka bophara. Gompieno, bolwetse jwa pelo, kankere le malwetse a mangwe a a bolayang a tletsetletse. Le gone ba tsa kalafi ga ba a kgona go fenya kgogodi ya gompieno ya AIDS. Go na le moo, pego ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e e gatisitsweng ka November 1997 e ne ya konela ka gore selekanyo se mogare wa AIDS o anamang ka sone o menagane gabedi go feta mo nakong e e fetileng. O setse o bolaile batho ba le dimilionemilione. Ngwagatlola, dimilione tse dingwe tse tharo tsa batho di ne tsa tshwaetsega.
Tsela e Basupi ba ga Jehofa ba Lebang Isagwe ka Yone
13, 14. (a) Basupi ba ga Jehofa ba leba isagwe jang? (b) Ke ka ntlha yang fa batho ba ka se ka ba tlisa isagwe e e botoka?
13 Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore batho ba na le isagwe e e itumedisang, e e molemo go gaisa! Mme ga ba lebelela gore isagwe e e botoka e tla tlisiwa ka maiteko a batho. Go na le moo, ba leba go Mmopi, Jehofa Modimo. O itse gore isagwe e tla nna jang, mme e tla nna e e molemo thata! Gape o itse gore batho ga ba ka ke ba tlisa isagwe e e ntseng jalo. E re ka Modimo a ba bopile, o itse makoa a bone go feta ope o sele. Mo Lefokong la gagwe, o re bolelela ka phepafalo gore ga a ka a bopa batho ba na le bokgoni jwa go ipusa ka katlego ba sa kaelwe ke Modimo. Go dumelela ga Modimo gore motho a ipuse ka lobaka lo loleele jaana a sa kaelwe ke ene go bontshitse kwantle ga pelaelo gore ga a kgone. Mokwadi mongwe o ne a lemoga jaana: “Tlhaloganyo ya motho e ile ya leka ditsela tsotlhe tsa bobusi, mme ga se ka ga thusa sepe.”
14 Mo go Jeremia 10:23, re bala mafoko ano a moporofeti yo o tlhotlheleditsweng: “Jehofa, ke a itse fa tsela ya motho e se mo go ene ka esi; ga goyo mo mothong yo o tsamayang ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe.” Gape, Pesalema 146:3 e bolela jaana: “Lo se ka lwa ikanya dikgosana, le fa e le ngwana wa motho yo go se nang thuso epe mo go ene.” E bile tota, Lefoko la Modimo le re tlhagisa gore le rona re se ka ra iikanya, ka gonne batho ba tsholwa ba sa itekanela, jaaka Baroma 5:12 e bontsha. Jeremia 17:9 e bolela jaana: “Pelo e boferefere bogolo go dilo tsotlhe.” Ke ka moo Diane 28:26 e bolelang jaana: “Yo o ikanyang pelo ya gagwe ka esi ke seeleele, mme yo o tsamayang ka botlhale o tlaa gololwa.”
15. Re ka bona kae botlhale jo bo ka re kaelang?
15 Re ka bona kae botlhale jono? “Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale; go itse Moitshepi ke yone tlhaloganyo.” (Diane 9:10) Ke Jehofa fela yo o nang le botlhale jo bo ka re kaelang mo dinakong tseno tse di boifisang. Mme o dirile gore re kgone go bona botlhale jwa gagwe ka go re naya Dikwalo Tse di Boitshepo, tse a di tlhotlheleditseng go re kaela.—Diane 2:1-9; 3:1-6; 2 Timotheo 3:16, 17.
Isagwe ya Puso ya Motho
16. Ke mang yo o tlhomamisitseng isagwe?
16 Ka gone, ke eng se Lefoko la Modimo le se re bolelelang ka isagwe? Le re bolelela gore isagwe e ka se supe gotlhelele se batho ba se dirileng mo nakong e e fetileng. Ka jalo, pono ya ga Patrick Henry e ne e le phoso. Isagwe ya lefatshe leno le ya batho ba ba mo go lone e tshwanetse ya tlhomamisiwa, e seng ke batho, mme ke Jehofa Modimo. Thato ya gagwe e tlile go dirwa mo lefatsheng, e seng go rata ga batho bape fela kana ditšhaba dipe tsa lefatshe leno. “Go na le ditogamaano di le dintsi mo pelong ya monna; mme kgakololo ya ga Jehofa yone e tlaa ema.”—Diane 19:21.
17, 18. Go rata ga Modimo ka motlha wa rona ke eng?
17 Go rata ga Modimo ka motlha wa rona ke eng? O ikaeletse go fedisa tsamaiso eno ya dilo e e nang le thubakanyo le boitsholo jo bo sa siamang. Puso ya batho e e bosula e e nang le makgolokgolo a dingwaga e le teng e tla tloga e emisediwa ke bolaodi jwa Modimo. Boporofeti jo bo fitlhelwang mo go Daniele 2:44 bo bolela jaana: “E tlaa re mo metlheng ya dikgosi tseo [tse di leng teng gompieno], Modimo wa legodimo o tlaa tlhoma bogosi [kwa legodimong] jo bo se ketlang bo senngwa gope, mme le mmuso wa lone ga o ketla o tlogelelwa tšhaba e sele, mme bo tlaa thubaganya bo nyeletsa magosi ao otlhe, mme bo tlaa ema ka bosakhutleng.” Gape Bogosi jono bo tla tlosa tlhotlheletso e e bosula ya ga Satane Diabolo, e leng selo se batho ba ka se kang ba se dira. Ga a kitla a tlhola a laola lefatshe leno ka bosakhutleng.—Baroma 16:20; 2 Bakorintha 4:4; 1 Johane 5:19.
18 Ela tlhoko gore bogosi joo jwa selegodimo bo tla thubaganya bo nyeletsa gotlhelele mefuta yotlhe ya dipuso tsa batho. Go busa lefatshe leno go ka se tlogelelwe batho. Kwa legodimong, ba ba dirang Bogosi jwa Modimo ba tla laola dikgang tsotlhe tsa lefatshe gore batho ba solegelwe molemo. (Tshenolo 5:10; 20:4-6) Mo lefatsheng, batho ba ba ikanyegang ba tla dirisana sentle le dikaelo tsa Bogosi jwa Modimo. Eno ke puso e Jesu a ileng a re ruta go e rapelela fa a ne a bolela jaana: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—Mathaio 6:10.
19, 20. (a) Baebele e tlhalosa jang thulaganyo ya Bogosi? (b) Puso ya jone e tlile go direla batho eng?
19 Basupi ba ga Jehofa ba dumela mo Bogosing jwa Modimo. Ke “magodimo a masha” a moaposetoloi Petere a neng a kwala ka one jaana: “Mme go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.” (2 Petere 3:13) “Lefatshe le lesha” ke mokgatlho o mosha wa batho o o tla busiwang ke magodimo a masha, e leng Bogosi jwa Modimo. E ke thulaganyo e Modimo a neng a e senolela moaposetoloi Johane mo ponatshegelong, yo o neng a kwala jaana: “Ka bona legodimo le lesha le lefatshe le lesha; gonne legodimo la pele le lefatshe la pele di ne di fetile . . . Mme [Modimo] o tla phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:1, 4.
20 Ela tlhoko gore lefatshe le lesha e tla nna la tshiamo. Dilo tsotlhe tse di sa siamang di tla bo di tlositswe ka kgato e e tla tsewang ke Modimo, ntwa ya Aramagedona. (Tshenolo 16:14, 16) Boporofeti jo bo mo go Diane 2:21, 22 bo e baya ka tsela eno: “Bathokgami ba tlaa aga mo lefatsheng, le baitekanedi ba tlaa sala ba ntse ruri mo go lone. Baikepi ba tlaa kgaolwa ba tlosiwa mo lefatsheng.” Mme Pesalema 37:9 e solofetsa jaana: “Badirabosula ba tlaa kgaolwa; mme ba ba lebeletseng mo go Jehofa ba tlaa rua lefatshe.” A o ne o se kitla o rata go tshela mo lefatsheng le le ntseng jalo le lesha?
Nna le Tumelo mo Ditsholofetsong Tsa ga Jehofa
21. Ke ka ntlha yang fa re ka bontsha tumelo mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa?
21 A re ka nna le tumelo mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa? Utlwa se a se bolelang ka moporofeti wa gagwe Isaia: “Gakologelwang dilo tsa pele tsa bogologolo; gonne ke nna Modimo, mme ga go na ope o sele; ke nna Modimo, mme ga go na ope yo o tshwanang le nna. Yo ke bolelang bokhutlo e sa ntse e le tshimologo, ke bolele e sa le bogologolo dilo tse di iseng di dirwe; ka re: ‘Kgakololo ya me e tlaa ema, ke tlaa dira go kgatlhega ga me gotlhe fela.’” Karolo ya bofelo ya temana 11 e re: “Ke ikaeletse le gone ke tlaa dira[ga]tsa; ke ikaeletse le gone ke tlaa dira.” (Isaia 46:9-11) Ee, re ka nna le tumelo mo go Jehofa le mo ditsholofetsong tsa gagwe jaaka e kete tota ditsholofetso tseo di setse di diragetse. Baebele e e tlhalosa ka tsela eno: “Tumelo ke go lebelela ka tlhomamisego dilo tse di solofetsweng, pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota lefa di sa bonwe.”—Bahebera 11:1.
22. Ke ka ntlha yang fa re tlhatswega pelo gore Jehofa o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe?
22 Batho ba ba boikokobetso ba bontsha tumelo e e ntseng jalo ka gonne ba itse gore Modimo o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. Ka sekai, mo go Pesalema 37:29, re bala jaana: “Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.” A re ka dumela seno? Ee, ka gonne Bahebera 6:18 e re: ‘Ga go kgonege gore Modimo o ake.’ A lefatshe leno ke la Modimo, gore a bo a ka kgona go le naya ba ba boikokobetso? Tshenolo 4:11 e bolela jaana: “O tlhōdile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa tlhōlwa.” Ka jalo, Pesalema 24:1 e bolela jaana: “Lefatshe ke la ga Jehofa, le botlalo jwa lone.” Jehofa o bopile lefatshe, ke la gagwe, mme o le naya ba ba nang le tumelo mo go ene. Go re thusa go nna le tshepo mo go seno, setlhogo se se latelang se tla re bontsha kafa Jehofa a ileng a boloka ditsholofetso tsa gagwe ka gone mo bathong ba gagwe ba nako e e fetileng mmogo le mo motlheng wa rona le gore ke ka ntlha yang fa re ka nna le tshepo e e feletseng gore o tla dira jalo mo isagweng.
Dintlha Tsa Poeletso
◻ Ke eng se se ileng sa diragala ka ditsholofetso tsa batho mo hisitoring yotlhe?
◻ Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go leba mo bathong gore ba tlise isagwe e e botoka?
◻ Thato ya Modimo ke efe malebana le isagwe?
◻ Ke ka ntlha yang fa re tlhatswegile pelo gore Modimo o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Baebele e bolela jaana ka tshwanelo: “Ga goyo mo mothong ka esi . . . go siamisa dikgato tsa gagwe.”—Jeremia 10:23
[Motswedi wa Setshwantsho]
Bomb: U.S. National Archives photo; famished children: WHO/OXFAM; refugees: UN PHOTO 186763/J. Isaac; Mussolini and Hitler: U.S. National Archives photo