Kgaolo 38
Isagwe E Ntsholetse Eng?
“KE BOIFA seo se tla diragalang mo isagweng, isagwe mo lefatsheng leo le tletseng ka matshosetsi a ntwa ya nuklea.” Go ne ga bua jalo mosha mongwe wa Mojeremane a bua le moofisiri mongwe wa lepolotiki wa maemo a a kwa godimo wa morafe wa gagabo.
Gongwe le wena letshogo la go nyelela fa bomo ya nuklea e thunya ka go tshwana ke selo seo se tshosang fa o akanya kaga isagwe. “Ke ka ntlhayang fa ke tshwanetse go nna le maduo a a molemo a ditlhatlhobo?” ga botsa jalo mosha mongwe. “Ga go na mosola ka gore lefatshe le tlile go thunya lefa go ntse jalo.” Eleruri, mo patlisisong nngwe ya bana ba ba tsenang sekolo, basimane ba babotlana ba ne ba umaka fa ntwa ya nuklea e le selo se segolo seo ba se boifang. Mo basetsaneng e ne e le selo sa bobedi, sa ntlha e le go boifa “go swa ga batsadi ba me.”
Lefa go ntse jalo, go thunya ga bomo ya nuklea ga se yone kudumedi fela eo e ka nnang ya diragala. Matshosetsi a “go ntsifala ga batho go feta selekanyo, go fela ga matlotlo, go kgotlelwa ga tikologo,” le dikudumedi tse dingwe tse di ka nnang tsa diragala a ne a dira gore moithuta-tlhaloganyo ya motho mongwe yo o tumileng B. F. Skinner a digele ka go re: “Jaanong go lebega fa losika lwa rona lo le mo kotsing.” Kwa morago o ne a ipolela jaana: “Ga ke na tsholofelo gotlhelele. Tota ga re na go kgona go rarabolola mathata a rona.”
Ereka le eleng baeladilo-tlhoko ba leba isagwe ka poifo, ga go gakgamatse go bo basha ba le bantsi ba bontsha boikutlo jwa: “A re yeñ, re nweñ, gonne re coga re shwa ka moshō.” (1 Bakorintha 15:32) Eleruri, fa isagwe ya gago e ikaegile ka kgono ya boradipolotiki le baitseanape, e letobo eleruri. Ka gonne Yeremia 10:23 ya re: “Ga go eo mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.”
Ga se gore go raya fela gore motho o tlhoka kgono ya go ipusa. Elatlhoko gore “ga go eo” mo mothong go dira jalo—ga a na tshwanelo ya go laola isagwe ya lefatshe. Ka gone maiteko a gagwe ga a kitla a atlega. Ka baka leo, Jeremia o ne a rapela Modimo gore o mo thuse ka go re: “Yehofa, a u ko u nkotlhaeè.” (Yeremia 10:24) Seno se raya gore Mmopi wa rona o tla baakanya isagwe ya rona. Mme isagwe eo e tla nna efe?
Boikaelelo jwa Modimo ka Lefatshe—Le Isagwe ya Gago
Ka bokhutshwane fela morago ga go bopiwa ga motho, Modimo o ne wa raya banyalani ba ntlha ba batho wa re: “Atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehatse, lo le henyè, me lo laolè ditlhapi tsa lewatlè, le dinōnyane tsa loapi, le señwe le señwe se se tshedileñ se se tsamaeañ mo lehatshiñ.” (Genesise 1:28) Ka gone motho o ne a newa tebelelo ya go tshela mo lefatsheng le le leng paradaise lotlhe.
Lefa go ntse jalo, banyalani bao ba ntlha ba ne ba tsuologela puso ya Modimo. Fela jaaka Solomone moragonyana a ne a tlhalosa, “Modimo o dihile motho a thōkgame; me ba senkile maanō a le mantsi.” (Moreri 7:29) Maano a motho a itshupile fa a sa fitlhelele sepe, a tlogela losika lwa gompieno lwa motho lo le mo bomadimabeng jo ba bo tliseditsweng ke batsadi ba bone le mo kakabalong e kgolo ka ditebelelo tsa isagwe.
A seno se raya gore Modimo o tlogeletse lefatshe gore le nne kgolokwe e e kgotletsweng, e e fisiwang ke marang a letsatsi—e ebileng gongwe e sena botshelo gotlhelele? Legoka! Ke “o o bopileñ lehatshe oa le diha; o no oa le tlhōmamisa, o no o se ka oa le tlhōlèla lehèla, oa le bopèla go uñwa.” Ka gone go tlhomamisega gore boikaelelo jwa gagwe jo bo tlhalositsweng kaga lefatshe bo tla diragala!—Isaia 45:18; 55:10, 11.
Mme bo tla diragala leng—gape jang? Ipalele Luke kgaolo 21. Mo go yone Luke o ne a bolelela pele one mathata ao a tlhasetseng setho mo lekgolong leno la dingwaga: ebong dintwa tsa merafe yotlhe, dithoromo tsa lefatshe, bolwetsi, tlhaelo ya dijo, le bokebekwa jo bo anameng. Ditiragalo tseno di kaya eng? Jesu o tlhalosa ka boene jaana: “E tla re dilō tse di simologa go dihala, hoñ lo lelalè, lo choletsè ditlhōgō tsa lona; ka gonne thekololō ea lona e tla bo e atamèla. . . . Ha lo bōna dilō tse di dihala, itseñ ha bogosi yoa Modimo bo atametse.”—Luke 21:10, 11, 28, 31.
Bogosi joo ke tharabololo ya isagwe ya gago. Ka tlhaloso e e motlhofo fela, ke puso, tsela ya Modimo ya go busa lefatshe. Puso eo ya Bogosi e tla tsaya taolo ya lefatshe mo diatleng tsa motho ka dikgoka. (Daniele 2:44) “Ba ba senyañ lehatshe” bone ba tla senngwa ke Modimo, a boloka lefatshe—le batho—gore le seka la senngwa ke batho.—Tshenolō 11:18; Moreri 1:4.
Ereka lefatshe le tla bo le babalesegile le laolwa ke Bogosi jwa Modimo, ka bonya le tla nna paradaise lotlhe. (Luke 23:43) Ka gone ditshedi di tla boa di tshela ka tshwanelo ka botlalo. Ebu, ebile go tla bo go na le kutlwano gareng ga motho le dibatana. (Isaia 11:6-9) Ntwa le dibetsa tsa ntwa di tla nyelela. (Pesalema 46:8, 9) Bokebekwa, tlala, tlhaelo ya matlo, bolwetsi—le eleng loso ka bolone—tsotlhe di tla nyelediwa. Baagi ba lefatshe “ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.”—Pesalema 37:10, 11; 72:16; Isaia 65:21, 22; Tshenolō 21:3, 4.
‘Go Tlhomamisa’ Ditsholofetso tsa Modimo
Botshelo jo bo sa khutleng mo paradaiseng—seo e ka nna isagwe ya gago! Mme lefa mogopolo oo o ka utlwala o ikuela, gongwe o ka tswa o na le bothata jwa go kgaogana le tumelo ya gore batho botlhe ba ba molemo ba ya legodimong, kana o na le dipelaelo kaga Bibela ka boyone. Le eleng basha bangwe gareng ga Basupi ba ga Jehofa ba fitlhetse fa ka dinako dingwe tumelo ya bone e sa nitama mo ebileng go tshosa. Ka sekai, Michelle o ne a godisiwa ke batsadi ba Basupi. Go dumela ga gagwe gore Bibela e boammaaruri go ne go tshwana jaaka go dumela gore morago ga motshegare go tla bosigo. Lefa go le jalo, letsatsi lengwe o ne a tlelwa ke kakanyo nngwe—o ne a sa itse gore ke ka ntlhayang fa a ne a dumela mo Bibeleng. “Ke bona gore ke ne ke ntse ke e dumela go tla go fitlha jaanong ka gonne mmè le rre ba ne ba e dumela,” o bolela jalo.
“Kwa ntlè ga tumèlō go reteletse rure go . . . kgatlha [Modimo],” go bolela jalo Bibela. (Bahebera 11:6) Lefa go le jalo, tumelo ga se selo seo o ka nnang naso fela ka gonne mmago le rrago ba na naso. Gore go tlhomamisege gore o tla nna le isagwe e e molemo, o tshwanetse go aga tumelo eo e thailweng mo bosuping jo bo tiileng—go “ikanya kaga dilō tse di sholohèlwañ.” (Bahebera 11:1) Jaaka Bibela e tlhalosa, o tshwanetse ‘go tlhomamisa dilo tsotlhe,’ kana jaaka mafoko a a tlhalosang a The Living Bible a tlhalosa, “go leka sengwe le sengwe seo se buiwang go tlhomamisa gore se boammaaruri.”—1 Bathesalonia 5:21.
Go Itlhomamisetsa ka Bowena Gore Bibela e Boammaaruri
O ka nna wa tshwanelwa ke go tlhatlhobisa gore a Bibela ka boammaaruri e ‘tlhotlheleditswe ke Modimo.’ (2 Timotheo 3:16) O ka dira seo jang? Ebu, ke Modimo Mothatayotlhe fela yo o ka kgonang go ‘bolela bokhutlo e sale tshimologo’ kwantle ga go fosa. (Isaia 43:9; 46:10) Ebile o dira jalo gangwe le gape mo Bibeleng. Bala boperofeti jo bo kwadilweng mo go Luke 19:41-44 le 21:20, 21 mabapi le go wa ga Jerusalema. Kana boperofeti jo bo mo go Isaia 44:27, 28 le 45:1-4 mabapi le go wa ga Babelona. Ditiragalo tsa selefatshe di supa kafa Bibela e neng ya bolelela pele ditiragalo tseno kwantle ga go fosa ka gone! “Morago ga ke sena go tlhatlhobisa bongwe jwa boperofeti jwa yone,” go bolela jalo Janine wa dingwaga tse 14, “ke ne ka gakgamadiwa fela thata ke go bona kafa e neng ya kgona go bolelela pele dilo tsotlhe tseo e ileng ya di bolelela pele.”
Go opa kgomo lonaka ga ditiragalo tsa Bibela, go nna boammaaruri ga yone, go itsheka ga yone, le go sa ikganetseng ga yone ke mabaka a mangwe ao re ka dumelang mo Bibeleng ka one.a Mme o ka itse jang gore tsela eo Basupi ba ga Jehofa ba tlhaloganyang Bibela ka yone e boammaaruri? Baagi ba bogologolo ba Berea ba ne ba seka ba dumela seo moaposetoloi Paulo a neng a se tlhalosa ka Bibela kwantle ga go tlhatlhobisa. Go na le moo, ba ne “ba lotolotsa mo dikwaloñ ka malatsi aotlhe, ha dilō tse di nntse yalo.”—Ditihō 17:11.
Ka go tshwana re go kgothaletsa go ithuta ka botlalo dithuto tsa Bibela. Buka Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng (eo e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.) e tlhalosa dithuto tseno ka tsela e e utlwalang. Fa batsadi ba gago e le Basupi ba ga Jehofa, kwantle ga pelaelo ba tla go thusa ka dipotso dipe fela tse o ka tswang o na natso. “Bolelela batsadi ba gago boammaaruri fa o na le mathata ape fela mabapi le seno,” go akantsha jalo mosadi mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Janel. “Botsa dipotso fa go na le sengwe seo se go ketefalelang go se dumela.” (Diane 15:22) Kwantle ga pelaelo morago ga nako o tla simolola go lemoga gore Jehofa eleruri o segofaditse Basupi ba gagwe ka kutlwisiso e e gakgamatsang ya boammaaruri jwa Bibela!
Mosha mongwe yo o bidiwang Prentice o bolela jaana: “Ka dinako dingwe ke hutsafadiwa ke tsela eo lefatshe le ntseng ka yone. Ke bo ke bala dikwalo tse di tshwanang le Tshenolō 21:4, mme di nneye tsholofelo nngwe.” Ee, go nna le tumelo e e tiileng mo ditsholofetsong tsa Modimo eleruri go tshwanetse ga ama pono ya gago. O leba isagwe ka tebelelo e e itumedisang, eseng e e letobo. Botshelo jwa gago jwa nako eno bo nna, eseng go kgaratlhela lefela, mme e nna tsela ya go ‘ipeela motheo o o molemo wa isagwe, e le gore o tle o tshware botshelo jo e leng botshelo ruri.’—1 Timotheo 6:19.
Mme a go na le mo go oketsegileng mo motho o ka go dirang go bona “botshelō yo e leñ botshelō rure” go na le gore motho a ithute a bo a dumele dithuto tsa Bibela fela?
[ntlha e e kwa tlase]
a Bona ditsebe 62-72 tsa kgatiso ya Go Fetolana ka Dikwalo (e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.) go bona tshedimosetso ka botlalo mabapi le boammaaruri jwa Bibela.
Dipotso tsa Puisano Kgaolo 38
◻ Basha ba le bantsi ba na le dipoifo dife kaga isagwe?
◻ Boikaelelo jwa ntlha jwa Modimo ka lefatshe e ne e le bofe? Ke ka ntlhayang fa re ka tlhomamisega gore boikaelelo jwa Modimo ga bo ise bo fetoge?
◻ Bogosi bo na le seabe sefe mo go diragatseng boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe?
◻ Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa gore o tlhomamise boammaaruri jwa dithuto tsa Bibela, mme o ka kgona go dira seo jang?
◻ O ka itlhomamisetsa jang gore Bibela e tlhotlheleditswe ke Modimo?
[Mafoko a a mo go tsebe 306]
“Ga ke na tsholofelo gotlhelele. Tota ga re na go kgona go rarabolola mathata a rona.”—Moithuta-tlhaloganyo ya motho B. F. Skinner
[Setshwantsho mo go tsebe 307]
Mmopi wa lefatshe ga a kitla a letlelela gore motho a senye polanete ya rona
[Setshwantsho mo go tsebe 309]
A o itlhatswitse pelo gore Bibela e boammaaruri?