LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 5/1 ts. 5-7
  • Jehofa ke Mang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa ke Mang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se se Bolelwang ke Leina la Gagwe
  • Dinonofo Tsa ga Jehofa Tse di Tlhomologileng
  • Modimo wa Ditšhaba Tsotlhe
  • Melemo ya go Itse Jehofa
  • Jehofa—Ke Mang?
    Jehofa—Ke Mang?
  • Modimo Wa Boammaaruri Ke Mang?
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Godisa Jehofa Jaaka Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
    Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
  • Lebaka La Go Bo Re Tshwanetse Go Itse Leina La Modimo
    Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 5/1 ts. 5-7

Jehofa ke Mang?

JEHOFA o ne a bolelela mongwe wa baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang jaana: “Motho ga a ketla a mpona a ba a tshela.” (Ekesodo 33:20) “Modimo ke Moya,” mme batho ba ka se mmone ka matlho a bone a nama. (Johane 4:24) Fela jaaka go leba letsatsi mo motshegareng o mogolo go ka senya matlho a gago, ka jalo go tla re gobatsa le rona go leba Motswedi yo mogolo wa maatla yo o bopileng, e seng fela letsatsi la rona le le phatsimang, mme gape le dinaledi tse dingwe tse dintsintsi tsa lobopo.

Se se itumedisang ke gore ga go tlhokege gore re bone Modimo gore re itse ka ga gagwe. Baebele e re itsise ka Ene yo o re baakanyeditseng sephuthelwana seno se sentle, e leng lefatshe, e bile e re senolela botho jwa gagwe. Ka jalo go molemo go leba mo Baebeleng gore re itse ka Rraarona yo o re neileng botshelo le go re neela legae le le monate le re itumelelang botshelo jono mo go lone.

Se se Bolelwang ke Leina la Gagwe

Maina otlhe a na le se a se bolelang, le mororo batho ba le bantsi ba ka tswa ba sa itse se a se bolelang gompieno. Ka sekai, leina le le tlwaelegileng la Setswana Dafide le tswa mo lefokong la Sehebera le le kayang “Yo o Rategang.” Leina la Mmopi, Jehofa, le lone le na le se le se bolelang. Le bolelang? Mo puong ya ntlhantlha ya Baebele ya Sehebera, leina la Modimo le kwalwa ka ditlhaka tse nnè, YHWH, mme le tlhaga ka makgetlho a a ka nnang 7000 mo karolong ya Sehebera ya Baebele. Leina la Modimo go tlhaloganngwa le kaya gore “O Dira Gore go Diragale.” Le kaya gore ka tsela e e botlhale Jehofa o itira se a tlhokang go nna sone e le gore a diragatse maikaelelo a gagwe. Ke Mmopi, Moatlhodi, Mmoloki, Moneibotshelo, mme ka gone a ka diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. Mo godimo ga moo, ka Sehebera leina Jehofa le mo sebopegong se se bontshang tiro e e tla tlogang e wediwa. Ee, Jehofa o sa ntse a itira gore a nne modiragatsi wa maikaelelo a gagwe. Ke Modimo yo o tshelang!

Dinonofo Tsa ga Jehofa Tse di Tlhomologileng

Baebele e tlhalosa Mmopi e le “Modimo o o tletseng bopelotlhomogi, o o tsalano, o o bonya go galefa, le o o letlotlo la [bopelonomi jo bo lorato, NW] le boammaaruri; O bolokelang ba makgolokgolo boutlwelo botlhoko, o o itshwarelang tshiamololo, le tlolo, le boleo.” (Ekesodo 34:6, 7) Lefoko le le reng “bopelonomi jo bo lorato” le tlhalosa lefoko la Sehebera le le nang le se le se bolelang tota. Le kaya bopelonomi jo bo bontshiwang selo sengwe ka lorato go fitlhela boikaelelo jwa sone bo diragadiwa. Gape le ka ranolwa ka gore “lorato lo lo ikanyegang ka nitamo.” Bopelonomi jwa ga Jehofa o bo bontsha dibopiwa tsa gagwe ka lorato mme bo diragatsa boikaelelo jwa gagwe jo bo molemolemo. A o ne o ka se ngomaele lorato lo lo ntseng jalo lo lo tswang mo go Ene yo o go neetseng botshelo?

Jehofa o bonya go galefa mme o bonako go itshwarela melato ya rona. Go a kgothatsa go nna gaufi le motho yo o ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, seo ga se reye gore o mpampetsa phoso. O ne a bolela jaana: “Nna Jehofa ke rata tshiamiso, ke ila bogodu bo na le boikepo.” (Isaia 61:8) Jaaka Modimo wa tshiamiso, a ka se itshokele baleofi ba ba diganana go ya go ile ba ba ganelelang mo go direng boikepo jwa bone. Ka gone, re ka tlhomamisega gore ka nako ya gagwe e e tshwanetseng, Jehofa o tla baakanya ditshiamololo tse di mo lefatsheng. A ka se itlhokomolose batho ba ba mo pitlaganong.

Ga go motlhofo go nna le tekatekanyo e e tshwanetseng fa o bontsha lorato le tshiamiso. Fa o le motsadi, a o fitlhela go le thata go swetsa gore ke leng, ke jang le gone ke go ya bokgakaleng bofe o tshwanetseng go tlhamalatsa bana ba gago fa ba sa itshware sentle? Go lekalekanya tshiamiso le kutlwelobotlhoko e e lorato go tlhoka botlhale jo bogolo. Jehofa o bontsha nonofo eo thata fa a dirisana le batho. (Baroma 11:33-36) Eleruri, botlhale jwa Mmopi bo ka bonwa gongwe le gongwe, ka sekai mo dikgakgamatsong tsa popo e e re dikologileng.—Pesalema 104:24; Diane 3:19.

Le fa go ntse jalo, go nna le botlhale fela ga go a lekana. Gore Mmopi a dire thato ya gagwe, gape o tshwanetse go nna le maatla, mme Baebele e senola gore o na le maatla a magolo: “Kalelang matlho a lona godimo, lo bone yo o tlhodileng dilo tse, yo o bolotsang lesomosomo la tsone ka palo; o di bitsa tsotlhe ka maina; ke ka bogolo jwa nonofo ya gagwe, le ka go bo a nonofile mo thateng, fa go se sepe se se tlhokafalang.” (Isaia 40:26) Ka “bogolo jwa nonofo ya gagwe,” Jehofa o dira dilo. A nonofo e e ntseng jalo e ka se dire gore o mo kgatlhegele?

Modimo wa Ditšhaba Tsotlhe

O ka nna wa ipotsa jaana: ‘A mme Jehofa ga se Modimo wa “Tesetamente e Kgologolo,” Modimo wa Iseraele wa bogologolo?’ Ke boammaaruri gore Jehofa o ne a itshenolela Baiseraele. Le fa go ntse jalo, ka gonne a bopile banyalani ba ntlha ba batho, Jehofa ke Modimo “yo lelapa lengwe le lengwe . . . mo lefatsheng le bidiwang ka ene.” (Baefeso 3:15) Fa o dumela gore go siame go tlotla bagologolwane ba gago, a go ne go tla bo go sa tshwanela go ikobela Ene yo o neetseng motho wa ntlha botshelo, mogologolwane wa rona rotlhe, motho wa ntlhantlha mo ditshikeng tsotlhe tse di leng teng mo lefatsheng gompieno?

Mmopi wa batho ga se motho yo o tlhogoethata. Ke boammaaruri gore ka nako nngwe o ne a na le kamano e e kgethegileng le setšhaba sa Iseraele. Mme le mo nakong eo, o ne a amogela botlhe ba ba neng ba bitsa leina la gagwe. Kgosi nngwe e e botlhale ya Iseraele e ne ya rapela Jehofa jaana: “Ka ga moeng, yo e seng wa batho ba gago Baiseraele, e tlaa re fa a tswa lefatsheng le le kgakala ka ntlha ya leina la gago . . . , o tle o utlwe o le . . . kwa legodimong, mme o dire ka fa go tsotlhe tse moeng a goelang koo go wena ka ga tsone; gore ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di itse leina la gago.” (1 Dikgosi 8:41-43) Go fitlha gompieno, batho ba ditšhaba tsotlhe ba ka itse Jehofa mme ba nna le kamano e e molemo le ene. Mme seo se go ama jang?

Melemo ya go Itse Jehofa

Fa re boela kwa setshwantshong se se mo setlhogong se se fetileng, fa o amogetse sephuthelwana se sentle, ka tlholego fela o tla batla go bona gore ke eng. E tshwanetse ya dirisiwa jang le go tlhokomelwa jang? Ka mo go tshwanang, re batla go itse se Modimo a neng a se akantse fa a ne a re baakanyetsa lefatshe. Baebele e bolela gore yo o “sa le bopelang lefela fela,” mme yo o “le tlholetseng le eleng gore go agiwe mo go lone,” ke gore, ke batho.—Isaia 45:18.

Le fa go le jalo, batho ba le bantsi ga ba a ka ba tlhokomela mpho eno ya Mmopi. Ba tswelela pele ba senya lefatshe, e leng selo se se sa itumediseng Jehofa. Le fa go ntse jalo, go dumalana le se leina la gagwe le se emelang, Jehofa o ikemiseditse go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa ntlhantlha ka motho le lefatshe. (Pesalema 115:16; Tshenolo 11:18) O tla baakanya lefatshe a bo a le neela ba ba ratang go tshela e le bana ba gagwe ba ba kutlo gore ba nne mo go lone.—Mathaio 5:5.

Buka ya bofelo ya Baebele e tlhalosa kafa dilo di tla bong di le ka gone fa seo se diragala: “Bona! Tente ya Modimo e mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba one. . . . Mme o tla phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” (Tshenolo 21:3, 4) Ga go kitla go nna le ope yo o tla tshololang dikeledi tsa bohutsana kana a utlwa botlhoko ka gonne a latlhegetswe ke yo a mo ratang. Ga go kitla go nna le ope yo o tla batlang go thusiwa ka gonne a itlhobogile kana a boga botlhoko jwa malwetse a a bolayang. Tota le “loso ruri lo tla nyelediwa.” (1 Bakorintha 15:26; Isaia 25:8; 33:24) Seno se tlhalosa mofuta wa botshelo o Jehofa a neng a batla gore re o itumelele kwa tshimologong fa a ne a bopa bagologolwane ba rona ba ntlha.

Eleruri, o ka kgona go bona go sa le pele maemo a a ntseng jalo a paradaise gone jaanong mo baobameding ba ga Jehofa. O ba bolelela jaana: “Ke nna Jehofa, Modimo wa gago, yo ke go rutang go itsholegela molemo, yo ke go gogang mo tseleng e o tshwanetseng go tsamaya ka yone.” (Isaia 48:17) Jehofa ke Rre yo o pelonomi yo o re rutang, rona bana gagwe, tsela e e molemolemo ya go tshela. Dikaelo tse a di neelang batho ga di re thibele go sa tlhokege, mme di re sireletsa ka tsela e e lorato. Fa re di latela re tla gololesega ka tsela ya mmatota le go itumela, fela jaaka go kwadilwe jaana: “Jaanong Jehofa ke Moya; mme koo moya wa ga Jehofa o leng gone, go na le kgololesego.” (2 Bakorintha 3:17) Ka go latela dikaelo tse di tlhomilweng mo Baebeleng, batho ba ba amogelang bolaodi jwa gagwe jaanong ba ritibetse mo mogopolong ka tsela e ka letsatsi lengwe e tla bong e aparetse lefatshe lotlhe la batho.—Bafilipi 4:7.

A bo Jehofa e le Rre yo o pelotshweu jang ne! A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng ka Ene yo o dirileng dikgakgamatso tsotlhe tsa popo? Fa e le ka ba ba ratang, ba tla bona melemo ya gone e megolo tota le gone jaanong. Mme mo isagweng ba tla bona masego a gone a a tla nnang ka bosakhutleng.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Leina la Modimo le le kwadilweng ka ditlhaka tse nnè tsa Sehebera le ka bonwa mo maboteng a dikereke di le dintsi tsa bogologolo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela