Jehofa—Ke Mang?
FA Henri Mouhot, mmatlisisi wa Mofora wa lekgolo la bo19 la dingwaga a ntse a eta a rema sekgwa kwa Cambodia, o ne a fitlha fa moseleng o mogolo o o neng o dikologile tempele. E ne e le Angkor Wat, sefikantswe sa bodumedi se segolo go di feta tsotlhe mo lefatsheng. Mouhot o ne a kgona go bolela ka go e leba fela gore kago eno e e neng e ngaparetswe ke bolele e ne e dirilwe ke motho. O ne a kwala jaana: “Kago eno e e agilweng ke motho mongwe wa bogologolo yo o neng a le setswerere jaaka Michelangelo, e kgolo go feta epe fela e re e tlogeletsweng ke Bagerika kana Baroma.” Le fa gone kago e e raraaneng jaana eno e ile ya tlogelelwa fela ka makgolokgolo a dingwaga, o ne a sa belaele gore e ne e na le yo o e dirileng.
Se se kgatlhang ke gore buka nngwe ya matlhale e e kwadilweng makgolokgolo a dingwaga a a fetileng, e ne ya tlhalosa dilo ka tsela e e tshwanang, e bolela jaana: “Ke boammaaruri gore, ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.” (Bahebera 3:4) Mme bangwe ba ka re, ‘Dilo tsa tlholego ga di tshwane le tse di dirilweng ke motho.’ Le fa go ntse jalo ga se baitsesaense botlhe ba ba dumalanang le ntlha eno.
Fa a sena go dumela gore “thulaganyo ya go dira ga dikhemikale mo setsheding ga se selo se se sa tsheleng,” Michael Behe, porofesa nngwe ya saense ya ditshedi kwa Yunibesithing ya Lehigh, kwa Pennsylvania, U.S.A., o botsa jaana: “A thulaganyo ya go dira ga dikhemikale mo setsheding e ka tswa e dirilwe ka botlhale?” O tswelela pele go bontsha gore baitsesaense jaanong ba dira diphetogo tse dikgolo mo ditsheding ba dirisa mekgwa e e jaaka go fetolwa ga dijine. Ee, dilo tse di tshelang le tse di sa tsheleng di ka “agiwa”! Fa a tlhatlhoba disele tse di tshelang tse di nnyennye thata, Behe o ne a lemoga mebele e e raraaneng ka tsela e e gakgamatsang e e dirilweng ka dikarolwana tse di ikaegileng ka tse dingwe gore di dire. O ne a swetsa ka go reng? “Fa ke ntse ke leka go batlisisa jaana ka disele—ke batlisisa botshelo ka go tlhatlhoba dilo tse dinnyennye tseno mo ditsheding—ke fitlhetse gore go bonala sentlentle gore sele e ‘tlhamilwe!’”
Ka jalo he, ke mang Motlhami wa dilo tseno tsotlhe tse di raraaneng?
Motlhami Ke Mang?
Karabo e fitlhelwa mo bukeng eo ya bogologolo ya matlhale e e nopotsweng pelenyana—Baebele. Mo mafokong a yone a a simololang, Baebele e dirisa mafoko a a motlhofo thata le a a utlwalang sentle go araba potso ya gore ke mang yo o tlhamileng dilo tsotlhe: “E rile mo tshimologong Modimo wa tlhola legodimo le lefatshe.”—Genesise 1:1.
Le fa go ntse jalo, fa a itlhaola mo go ba bangwe ba go tweng ke Modimo, Mmopi o ipitsa ka leina le le sa tshwaneng le a mangwe: “Go bua jaana Modimo Jehofa, ene yo o tlhodileng magodimo . . . , yo o ritibaditseng lefatshe le se se tlhogang mo go lone; yo o nayang batho ba ba mo go lone go hema.” (Isaia 42:5, 8, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Jehofa ke leina la Modimo yo o tlhamileng lobopo a bo a dira banna le basadi mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, Jehofa ke mang? Ke Modimo wa mofuta ofe? Mme ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go mo reetsa?
Se se Bolelwang ke Leina la Gagwe
Sa ntlha, leina la Mmopi, Jehofa le kayang? Leina la Modimo le kwalwa ka ditlhaka tse nne tsa Sehebera (יהוה) mme le tlhaga ka makgetlo a a ka nnang 7 000 mo karolong ya Sehebera ya Baebele. Leina leno le tsewa e le sebopego sa tiro sa lediri la Sehebera ha·wahʹ (“go nna”) mme le raya “O Dira Gore go Nne.” Ka mafoko a mangwe, Jehofa ka botlhale o itira se a tlhokang go nna sone e le gore a diragatse maikaelelo a gagwe. O nna Mmopi, Moatlhodi, Mmoloki, Mmolokabotshelo, jalo le jalo, e le gore a diragatse ditsholofetso tsa gagwe. Mo godimo ga moo, lediri la Sehebera le tsaya sebopego sa puo se se bontshang tiro e e tla tlogang e diragadiwa. Seno se supa gore Jehofa o sa ntse a itira modiragatsi wa ditsholofetso tsa gagwe. Ee, ke Modimo yo o tshelang!
Dinonofo Tsa ga Jehofa Tse di Tlhomologileng
Baebele e supa Mmopi yono le modiragatsi wa ditsholofetso tsa gagwe e le motho yo o ipiletsang tota. Jehofa ka boene o ne a senola dinonofo tsa gagwe tse di tlhomologileng mme a re: “Jehofa, Jehofa, Modimo o o tletseng bopelotlhomogi, o o tsalano, o o bonya go galefa, le o o letlotlo la [bopelonomi jo bo lorato, NW] le boammaaruri; o o bolokelang ba makgolokgolo boutlwelo botlhoko, o o itshwarelang tshiamololo, le tlolo, le boleo.” (Ekesodo 34:6, 7) Jehofa o tlhalosiwa e le Modimo yo o bopelonomi jo bo lorato. Lefoko la Sehebera le le dirisitsweng fano le ka ranolwa gape e le “lorato lo lo ikanyegang ka nitamo.” Go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa bosakhutleng, Jehofa o tswelela a bontsha dibopiwa tsa gagwe lorato ka boikanyegi. A o ne o se kitla o itumelela lorato lo lo ntseng jalo?
Jehofa gape o bonya go galefa mme o bonako go re itshwarela melato ya rona. Go a itumedisa go nna gaufi le motho yo o sa re tshwayatshwayeng diphoso mme a iketleeditse go re itshwarela. Le fa go ntse jalo, seo ga se reye gore Jehofa o mpampetsa diphoso. O ne a bolela jaana: “Nna Jehofa ke rata tshiamiso, ke ila bogodu bo na le boikepo.” (Isaia 61:8) Jaaka Modimo wa tshiamiso, ga a itshokele baleofi ba ba diganana go ya go ile ba ba ganelelang mo go direng boikepo jwa bone. Ka gone, re ka tlhomamisega gore ka nako ya gagwe e e tshwanetseng, Jehofa o tla baakanya tshiamololo e e mo lefatsheng le le re dikologileng.
Go lekalekanya dinonofo tsa lorato le tshiamiso ka tsela e e tshwanetseng go tlhoka botlhale. Jehofa o lekalekanya dinonofo tseno tse pedi ka tsela e e molemolemo fa a dirisana le rona. (Baroma 11:33-36) Gone mme, botlhale jwa gagwe bo ka bonwa gongwe le gongwe. Dikgakgamatso tsa tlholego di bontsha seo.—Pesalema 104:24; Diane 3:19.
Le fa go ntse jalo, go nna le botlhale ga go a lekana. Gore Mmopi a diragatse ka botlalo se a se akanyang, o tshwanetse gape a nna le maatla a a feletseng. Baebele e mo supa e le Modimo yo o ntseng jalo: “Kalelang matlho a lona godimo, lo bone yo o tlhodileng dilo tse, yo o bolotsang lesomosomo la tsone ka palo; . . . ke ka bogolo jwa nonofo ya gagwe, . . . fa go se sepe se se tlhokafalang.” (Isaia 40:26) Eleruri, Jehofa o na le “bogolo jwa nonofo” go diragatsa go rata ga gagwe. A dinonofo tse di ntseng jalo ga di dire gore o rate Jehofa?
Melemo ya go Itse Jehofa
Jehofa ‘o ne a se ke a bopela lefatshe lefela,’ mme o ne ‘a le bopela go agiwa’ ke batho ba ba nang le kamano e ntle le ene. (Isaia 45:18, NW; Genesise 1:28) O amega ka dibopiwa tsa gagwe mo lefatsheng. O ne wa bopa batho ba itekanetse mme wa ba baya mo lefatsheng la sekatshimo, e leng paradaise. Mme batho bone ba a le senya mme seo ga se itumedise Jehofa. Le fa go ntse jalo, fela jaaka fa leina la gagwe le kaya, Jehofa o tla diragatsa maikaelelo a gagwe a ntlhantlha ka motho le lefatshe. (Pesalema 115:16; Tshenolo 11:18) O tla tsosolosa Paradaise mo lefatsheng a e tsosolosetsa bao ba ratang go mo utlwa jaaka bana ba gagwe.—Diane 8:17; Mathaio 5:5.
Buka ya bofelo ya Baebele e tlhalosa gore botshelo jo o tla bo itumelelang mo Paradaiseng eo bo tla bo bo ntse jang: “Mme o tla phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” (Tshenolo 21:3, 4) Jono ke botshelo jwa mmatota jo Jehofa a batlang gore o bo itumelele. A bo e le Rre yo o pelotshweu jang ne! A o ka batla go ithuta mo go oketsegileng ka ene le se a batlang o se dire gore o tshele mo Paradaiseng?
Dinopolo tsa Dikwalo Tsa Segerika di tswa mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, mme tsa Dikwalo Tsa Sehebera di tswa mo thanolong ya Baebele E E Boitshepo ya 1992, kwantle ga fa go supilwe ka tsela nngwe. Koo NW e latelang morago ga nopolo nngwe gone go supa gore e ranotswe go tswa go New World Translation of the Holy Scriptures—With References ya puo ya Seesemane.