Ke Mang Yo o Di Dirileng?
FA A ntse a eta a rema sekgwa kwa Cambodia, Henri Mouhot, e bong mmatlisisi wa Mofora wa lekgolo la bo19 la dingwaga, o ne a fitlha fa moseleng o mogolo o o neng o dikologile tempele. Mo e ka nnang kilometara go tloga mo a neng a eme gone, go ne go na le ditora tse tlhano tsa tempele tse di neng di le bogodimo jwa dimetara tse di fetang 60. E ne e le Angkor Wat, sefikantswe sa bodumedi se segolo go di feta tsotlhe mo lefatsheng. Fa Mouhot a ne a se bona se ne se setse se kile sa emelana le maemo a a farologaneng a bosa ka makgolo a supa a dingwaga.
Mouhot o ne a kgona go bolela ka go di leba fela gore dikago tseno tse di neng di ngaparetswe ke bolèlè di ne di dirilwe ke batho. O ne a kwala jaana: “Di agilwe ke moagi mongwe wa bogologolo yo o neng a le setswerere jaaka Michelangelo, di dikgolo go feta dipe fela tse re di tlogeletsweng ke Bagerika kana Baroma.” Le fa gone di ile tsa tlogelwa ka makgolokgolo a dingwaga, o ne a sa belaele gore dikago tseno tse dintlentle jaana di ne di na le yo o di dirileng.
Se se kgatlhang ke gore buka nngwe ya matlhale e e kwadilweng makgolokgolo a dingwaga a a fetileng e ne ya dirisa kgopolo e e tshwanang go tlhalosa lebaka la go bo lefatshe le re leng mo go lone le tshwanetse la bo le na le Motlhodi wa lone. Le tshwanetse la bo le bopilwe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ke boammaaruri gore, ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.” (Bahebera 3:4) Batho bangwe ba ka nna ba se ka ba dumalana le ntlha eno, ba re: ‘Dilo tsa tlholego di farologane le tse di dirilweng ke motho.’ Le fa go ntse jalo, ga se baitsesaense botlhe ba ba dumalanang ka kgopolo eno. Fa a sena go dumela gore “mebele ya ditshedi ga se dilo tse di sa tsheleng,” Michael Behe, porofesa nngwe ya saense ya ditshedi kwa Yunibesithing ya Lehigh, o botsa jaana: “A mebele ya ditshedi e ka tswa e dirilwe ka tsela e e botlhale?” O tswelela pele a bontsha gore baitsesaense jaanong ba dira diphetogo tse dikgolo mo ditsheding ba dirisa mekgwa e e jaaka go laolwa ga dijine. Go phepafetse gore dilo tse di sa tsheleng le tse di tshelang di ka dirwa le go laolwa! Fa a tlotla ka disele tse di tshelang tse dinnyennye thata, Behe o tlhalosa ka mebele e e raraaneng ka tsela e e gakgamatsang e e dirilweng ka dikarolwana tse di ikaegileng ka tse dingwe gore di dire. O swetsa ka go reng? “Fa ke ntse ke leka go batlisisa jaana ka disele—ke batlisisa botshelo ka go dirisa dikarolwana tse dinnyennye tseno—ke fitlhetse gore go bonala sentlentle gore sele e ‘tlhamilwe!’”
Baithutalobopo le baithutafisikisi le bone ba ile ba dira dipatlisiso tse di tseneletseng ka lefatshe le ka lobopo mme ba fitlheletse dilo dingwe tse di gakgamatsang. Ka sekai, jaanong ba itse gore fa go ne go ka nna le phetogonyana e nnyennye thata mo go epe ya melao ya lobopo e e sa fetogeng, lobopo lo ne lo ka se nne le ditshedi mo go lone.a Moithutalobopo e bong Brandon Carter o ile a re dilo tseno ke dilo fela tse di tshoganeng di diregile ka tsela eo. Mme fa o ne o ka kopana le motseletsele wa dilo tse di tshoganeng di le ka tsela e di leng ka yone, go se na yo o itseng sepe ka tsone, e bile di na le tsela e di golaganang ka yone, a tota o ne o ka se belaele gore go ka tswa go na le mongwe yo o di dirileng?
Eleruri, go na le Motlhodi wa dilo tseno tsotlhe tse di raraaneng mmogo le “tse di tshoganeng fela di le teng” mme di beilwe ka manontlhotlho a a kanakana. Ke mang? “Go bona motlhodi a dirisa mekgwa ya saense go ka nna boima thata,” go dumela jalo Moporofesa Behe, mme o tlogela potso eno gore e arabiwe ke “filosofi le thutabomodimo.” O ka tswa o akanya gore potso eno ga e go ame. Le fa go ntse jalo, fa o ne o amogetse sephuthelwana se se phuthetsweng sentle se na le dilo tse tota o di tlhokang, a o ne o ka se ka wa batla go itse gore ke mang yo o go romeletseng sone?
Re amogetse sephuthelwana se se ntseng jalo, jaaka go ka tualo—sephuthelwana se se tletseng dimpho tse di molemolemo tse di dirang gore re kgone go tshela le go itumelela botshelo. Sephuthelwana seo ke lefatshe, le na le dilo tsotlhe tsa lone tse di gakgamatsang tse di bolokang botshelo. A ga re batle go itse gore ke mang yo o re neileng dimpho tseno?
Se se itumedisang ke gore Moromedi wa sephuthelwana seno o kwadile molaetsa mo go sone. “Molaetsa” ono ke buka ya bogologolo ya botlhale e e nopotsweng pelenyana—Baebele. Mo mafokong a yone a a simololang, Baebele e araba potso ya gore ke mang yo o re neetseng sephuthelwana seno ka tsela e e utlwalang thata le e e phepafetseng jaana: “E rile mo tshimologong Modimo wa tlhola legodimo le lefatshe.”—Genesise 1:1.
Mo ‘molaetseng’ wa gagwe Mmopi o ipitsa ka leina: “Go bua jaana Modimo, Jehofa, ene yo o tlhodileng magodimo . . . , yo o ritibaditseng lefatshe le se se tlhogang mo go lone; yo o nayang batho ba ba mo go lone go hema.” (Isaia 42:5, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ee, Jehofa ke leina la Modimo yo o tlhamileng lobopo a bo a dira banna le basadi mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo Jehofa ke mang? Ke Modimo yo o ntseng jang? Mme ke ka ntlha yang fa ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tshwanetse go mo reetsa?
[Ntlha e e kwa tlase]
a “Melao e e sa fetogeng” ke melao e go sa bonaleng e ka fetoga mo lobopong lotlhe. Dikai tse pedi ke lobelo lwa lesedi le tsela e maatla a kgogedi le dilo di amanang ka yone.
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Angkor Wat e ne e agilwe ke batho
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
Fa o amogela mpho, a ga o batle go itse motho yo o e rometseng?