Boleng Jwa Tumelo ya Gago—Bo Lekwa Gone Jaanong
“Go tseyeng e le boipelo fela, bakaulengwe ba me, fa lo kopana le diteko tsa methalethale, lo itse jaaka lo itse gore boleng jono jo bo lekilweng jwa tumelo ya lona bo baka boitshoko.”—JAKOBE 1:2, 3.
1. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go lebelela gore tumelo ya bone e tla lekwa?
BAKERESETE ba boammaaruri ga ba eletse go boga, e bile ga ba itumedisiwe ke go utlwisiwa botlhoko kana go tlontlololwa. Le fa go ntse jalo, ba nna ba gakologetswe mafoko a a fa godimo a a kwadilweng ke monnawe Jesu ka mmaagwe e bong Jakobe. Keresete o ne a phepafaletsa barutwa ba gagwe gore ba ne ba ka lebelela gore ba tla bogisiwa le go kopana le mathata mangwe ka ntlha ya go utlwa melao ya Modimo. (Mathaio 10:34; 24:9-13; Johane 16:33) Le fa go ntse jalo, diteko tse di ntseng jalo di ka tlisa boitumelo. Jang?
2. (a) Go lekwa ga tumelo ya rona go ka itumedisa jang? (b) Boitshoko bo ka feleletsa tiro ya jone jang mo go rona?
2 Lebaka la konokono la go bo re itumela fa re le mo ditekong tsa tumelo ke gore re ka ungwa maungo a a molemo. Jaaka Jakobe a bolela, go itshoka fa re lebane le diteko kana mathata go “baka boitshoko.” Re ka solegelwa molemo fa re nna le nonofo eo e e botlhokwa ya Bokeresete. Jakobe o ne a kwala jaana: “Letlang boitshoko bo feleletse tiro ya jone, gore lo felele lo bo lo itekanele sentle ka ditsela tsotlhe, lo sa tlhaele mo go sepe.” (Jakobe 1:4) Boitshoko bo na le “tiro” e bo tshwanetseng go e dira. Tiro ya jone ke go dira gore re felele mo dikarolong tsotlhe, bo re thusa go nna tekatekanyo jaaka Bakeresete. Ka gone, fa re letla diteko gore di re diragalele re sa leke go dirisa ditsela tse e seng tsa Dikwalo gore re di fedise ka bonako, tumelo ya rona e a lekwa le go itshekisiwa. Fa e le gore re ntse re sa kgone go nna pelotelele, kutlwelobotlhoko, pelonomi, kana lorato fa re dirisana le maemo a a rileng kana batho bangwe, boitshoko bo ka re tokafatsa. Ee, di latelana jaana: Diteko di tlhagisa boitshoko; boitshoko bo godisa dinonofo tsa Bokeresete; dilo tseno di dira gore re itumele.—1 Petere 4:14; 2 Petere 1:5-8.
3. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go ikgogona ka ntlha ya go boifa go lekwa ga tumelo?
3 Gape moaposetoloi Petere o ne a tlhomolola lebaka la go bo re sa tshwanela go boifa kana go ikgogona fa tumelo ya rona e lekwa. O ne a kwala jaana: “Lo ipelela seno thata, lefa ka lobakanyana mo nakong eno, fa e le gore go tshwanetse, lo hutsafaditswe ke diteko tsa methalethale, e le gore boleng jo bo lekilweng jwa tumelo ya lona, e e leng tlhotlhwa e kgolo thata go feta gouta e e nyelelang lefa e lekwa ka molelo, bo fitlhelwe e le lebaka la pako le kgalalelo le tlotlo fa Jesu Keresete a senolwa.” (1 Petere 1:6, 7) Mafoko ano a kgothatsa thata gone jaanong ka gonne “pitlagano e kgolo”—motlha wa pako, kgalalelo, tlotlo le wa poloko—e gaufi thata go feta kafa bangwe ba akanyang ka teng e bile e gaufi thata go gaisa nako e re neng re simolola go nna badumedi ka yone.—Mathaio 24:21; Baroma 13:11, 12.
4. Mokaulengwe mongwe o ne a ikutlwa jang ka diteko tse ene mmogo le Bakeresete ba bangwe ba ba tloditsweng di neng tsa ba diragalela?
4 Mo setlhogong se se fetileng, re buile ka diteko tse masalela a a tloditsweng a neng a lebane le tsone go tloga ka 1914 go ya pele. A di ne di itumedisa? A. H. Macmillan o ne a ntsha pono ya gagwe malebana le dilo tsa nako e e fetileng: “Ke bone diteko di le dintsi tse di setlhogo di tlela phuthego le go lekwa ga tumelo ya ba ba neng ba le mo go yone. Ka thuso ya moya wa Modimo e ile ya falola mme ya tswelela pele e gatela pele. Ke bone botlhale jwa go emela Jehofa ka bopelotelele gore a phepafatse tsela e re tlhaloganyang dilo tsa Dikwalo ka yone go na le go ngala fa re utlwa kgopolo e ntšha. . . . Go sa kgathalesege diphetogo tse re tshwanetseng go di dira nako le nako malebana le dikgopolo tsa rona, seo se ka se fetole thulaganyo e e kutlwelobotlhoko ya thekololo le tsholofetso ya Modimo ya botshelo jo bo sa khutleng. Ka jalo go ne go sa tlhokege gore re letle tumelo ya rona e koafadiwe ke ditebelelo tse di sa diragadiwang kana go fetoga ga dintlha dingwe.”—Tora ya Tebelo, (ka Seesemane) August 15, 1966, tsebe 504.
5. (a) Ke melemo efe e e nnileng gone ka gore masalela a lekwe? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go kgatlhegela kgang ya go lekwa gone jaanong?
5 Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba neng ba falola motlha wa teko ya 1914-19 ba ne ba gololwa mo tlhotlheletsong e e laolang ya lefatshe le mo mekgweng e mentsi ya bodumedi jwa Babelona. Masalela a ne a gatela pele e le batho ba ba ntlafaditsweng le ba ba itshekisitsweng, ba ntshetsa Modimo ditlhabelo tsa pako ka go rata mme ba tlhomamisediwa gore bone jaaka setšhaba ba ne ba amogelega mo go ene. (Isaia 52:11; 2 Bakorintha 6:14-18) Katlholo e ne e simologile ka ntlo ya Modimo, mme e ne e ka se wediwe mo nakong e le nngwe fela e e rileng. Go lekwa le go feferwa ga batho ba Modimo go sa ntse go tswelela pele. Batho ba ba solofetseng go falola “pitlagano e kgolo” e e ntseng e atamela e le karolo ya “boidiidi jo bogolo” le bone tumelo ya bone e a lekwa. (Tshenolo 7:9, 14) Seno se dirwa ka ditsela tse di tshwanang le tse masalela a a tloditsweng a neng a lebane le tsone le ka ditsela tse dingwe gape.
O ka Lekwa Jang?
6. Ke mofuta ofe wa teko e e setlhogo o o diragaletseng batho ba le bantsi?
6 Bakeresete ba le bantsi ba ile ba akanya ka kgwetlho ya go emelana le diteko tsa go tlhaselwa ka tlhamalalo. Ba gakologelwa pego eno: “[Baeteledipele ba Bajuda] ba bitsa baaposetoloi, ba ba kgwathisa, ba ba ba ba laela gore ba tlogele go bua mo motheong wa leina la ga Jesu, mme ba ba lesa ba tsamaya. Jalo, bano ba tswa fa pele ga Sanehederine ba tsena mo tseleng, ba ipela ka gonne ba ne ba kailwe ba tshwanela go tlontlololwa mo boemong jwa leina la gagwe.” (Ditiro 5:40, 41) Mme hisitori ya segompieno ya batho ba Modimo, segolo jang ka nako ya dintwa tsa lefatshe, e phepafatsa sentle gore bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa tota ba ne ba itewa, e bile ba dirwa dilo tse di maswe le go feta, ba di dirwa ke ba ba neng ba ba bogisa.
7. Bakeresete bangwe ba motlha wa segompieno ba ile ba bontsha tumelo go ya bokgakaleng bofe?
7 Malebana le go bogisiwa ga Bakeresete, lefatshe ga le tlhaole masalela a a tloditsweng mo go ba boidiidi jo bogolo jwa “dinku tse dingwe.” (Johane 10:16) Mo dingwageng tse di fetileng, maloko a ditlhopha tsotlhe a ile a lekwa mo go setlhogo ka go tsenngwa mo dikgolegelong tota le ka boswelatumelo ka gonne ba ne ba rata Modimo e bile ba na le tumelo mo go ene. Ditlhopha tseno ka bobedi di ne di tlhoka moya wa Modimo, go sa kgathalesege gore tsholofelo ya bone ke efe. (Bapisa Tora ya Tebelo, June 15, 1996, tsebe 31.) Ka bo1930 le bo1940 kwa Jeremane ya Bonasi, bontsi jwa batlhanka ba ga Jehofa, go akaretsa le bana, ba ne ba bontsha tumelo e e tlhomologileng, mme ba bantsi ba ne ba lekwa fela thata. Bosheng thata jaana, batho ba ga Jehofa ba ne ba lebana le teko ya go bogisiwa kwa dinageng tse di jaaka Burundi, Eritrea, Ethiopia, Malawi, Mozambique, Rwanda, Singapore le Zaire. Mme diteko tsa mofuta ono di sa ntse di tsweletse pele.
8. Dikakgelo tsa mokaulengwe mongwe wa Moafrika di bontsha jang gore go lekwa ga tumelo ya rona go akaretsa dilo di le dintsi go na le go itshokela fela pogiso ya go itewa?
8 Le fa go ntse jalo, jaaka go setse go boletswe, tumelo ya rona gape e lekwa ka ditsela tse dintsi tse di bofitlha. Diteko tse dingwe ga di tle ka tlhamalalo e bile ga di lemotshege motlhofo fela. Akanya gore o ne o tla dira jang ka dingwe tsa diteko tse di latelang. Mokaulengwe mongwe kwa Angola yo o neng a na le bana ba le lesome o ne a le mo phuthegong e ka nakwana bakaulengwe ba ba ikarabelang ba neng ba sa kgone go e fitlhelela. Moragonyana go ne ga kgonega gore ba bangwe ba etele phuthego eo. O ne a bodiwa gore o ntse a kgona jang go otla lelapa la gagwe. O ne a sa kgone go araba motlhofo fela, mme se a neng a se bolela fela e ne e le gore boemo bo ne bo le thata. A o ne a kgona go otla bana ba gagwe bobotlana ka sejo se le sengwe fela ka letsatsi? O ne a araba jaana: “Ebu, ke bothata tota. Re ithutile go kgotsofalela se re nang le sone.” Go tswa foo o ne a bua jaana ka lentswe le le bontshang tumelo: “A mme ga se sone se re ka se lebelelang mo malatsing ano a bofelo?” Tumelo e e ntseng jalo e gakgamatsa batho ba lefatshe, mme e tlwaelegile mo Bakereseteng ba ba ikanyegang ka nitamo, ba ba tshepang thata gore ditsholofetso tsa Bogosi di tla diragadiwa.
9. Re lekwa jang malebana le 1 Bakorintha 11:3?
9 Boidiidi jo bogolo le jone bo a lekwa malebana le dithulaganyo tsa puso ya Modimo. Phuthego ya Bokeresete ya lefatshe lotlhe e kaelwa ka melaometheo ya Modimo le ka melao ya puso ya Modimo. Seno se bolela gore sa ntlha re lemoge Jesu e le Moeteledipele, yo o tlhomilweng e le Tlhogo ya phuthego. (1 Bakorintha 11:3) Go mo ikobela ka go rata mmogo le go ikobela Rraagwe re go bontsha ka go bontsha tumelo mo bathong ba ba tlhomilweng go ya ka puso ya Modimo le mo ditshwetsong tse di amanang le gore re dire thato ya ga Jehofa ka kutlwano. Mo godimo ga moo, mo phuthegong nngwe le nngwe, go na le banna ba ba tlhomilweng gore ba etelele pele. Ke banna ba ba sa itekanelang ba diphoso tsa bone re ka di bonang motlhofo fela; le fa go ntse jalo re rotloediwa gore re tlotle balebedi bao le go ba ikobela. (Bahebera 13:7, 17) A ka dinako tse dingwe o fitlhela seo e le kgwetlho? A tota seno ke teko mo go wena? Fa go le jalo, a o solegelwa molemo fa tumelo ya gago e lekwa ka tsela eno?
10. Re lebana le teko efe malebana le bodiredi jwa tshimo?
10 Gape re lekwa malebana le tshiamelo le gore re dire ka metlha mo bodireding jwa tshimo. Gore re atlege mo tekong eno, re tshwanetse go lemoga gore go nna le seabe ka botlalo mo bodireding ga go reye go rera go le gonnye fela, kana gore e nne seomodiro fela. Gakologelwa kakgelo ya ga Jesu e a neng a akgola motlholagadi yo o humanegileng ka yone yo o neng a ntsha sotlhe se a neng a na le sone. (Mareko 12:41-44) Re ka nna ra ipotsa gore, ‘A le nna ke dira bojotlhe jwa me mo bodireding jwa me jwa tshimo?’ Rotlhe re tshwanetse go nna Basupi ba ga Jehofa ka dinako tsotlhe, re ipaakanyeditse sebaka sengwe le sengwe gore lesedi la rona le phatsime.—Mathaio 5:16.
11. Go fetoga ga dilo tse re di tlhaloganyang kana kgakololo e e malebana le boitshwaro e ka nna teko jang?
11 Teko e nngwe e re ka lebanang le yone e amana le selekanyo se re anaanelang ka sone lesedi le le ntseng le oketsega la boammaaruri jwa Baebele mmogo le kgakololo e e tswang mo setlhopheng sa motlhanka yo o boikanngo. (Mathaio 24:45) Ka dinako tse dingwe seno se tlhoka gore bangwe ba fetole tsela e ba itshwarang ka yone, jaaka go ile ga phepafadiwa gore batho ba ba gogang motsoko ba tla tshwanelwa ke go o tlogela fa ba batla go tswelela pele le phuthego.a (2 Bakorintha 7:1) Kana teko e ka nna gore a re bona go tshwanela gore re fetole mmino o re o ratang kana mefuta e mengwe ya boitlosobodutu.b A re belaela botlhale jwa kgakololo e re e neetsweng? Kana a re ka letla gore moya wa Modimo o baakanye tsela e re akanyang ka yone le go re thusa gore re apare botho jwa Bokeresete?—Baefeso 4:20-24; 5:3-5.
12. Ke eng se se tlhokegang gore motho a nonotshe tumelo ya gagwe fa a sena go kolobediwa?
12 Ka masomesome a dingwaga, palo ya ba boidiidi jo bogolo e ntse e oketsega, mme fa ba sena go kolobediwa ba tswelela pele ba nonotsha kamano ya bone le Jehofa. Seno ga se reye fela go nna gone kwa kopanong ya Bokeresete, go ya kwa dipokanong dingwe kwa Holong ya Bogosi, kana ka dinako tse dingwe go nna le seabe mo tirelong ya tshimo. Fa re tshwantsha: Motho a ka tswa a dule mo go Babelona yo Mogolo, mmusomogolo wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, a mme o a bo a e tlogetse gotlhelele? A o santse a ngaparetse dilo tse di supang moya wa Babelona yo Mogolo—moya o o nyatsang melao e e siameng ya Modimo? A o tsaya go ikanyega mo boitsholong le mo lenyalong motlhofo fela? A o baya dikgatlhego tsa botho le tsa dilo tse di bonalang kwa pele go feta dilo tsa semoya? Ee, a o ipoloka a se na selabe se se tswang mo lefatsheng?—Jakobe 1:27.
Solegelwa Molemo ke Tumelo e e Lekilweng
13, 14. Ke eng se bangwe ba ileng ba se dira morago ga gore ba simolole mo tseleng ya kobamelo ya boammaaruri?
13 Fa e le gore tota re tshabile mo go Babelona yo Mogolo e bile gape re dule mo lefatsheng, re se ka ra leba dilo tse di kwa morago. Go dumalana le molaomotheo o o mo go Luke 9:62, fa mongwe wa rona a ka leba kwa morago go ka raya gore o tla latlhegelwa ke go nna mmusiwa wa Bogosi jwa Modimo. Jesu o ne a bolela jaana: “Ga go motho ope yo o beileng seatla sa gagwe mo mogomeng mme a leba kwa dilong tse di kwa morago yo o tshwanelang bogosi jwa Modimo sentle.”
14 Mme batho bangwe ba ba neng ba nna Bakeresete mo nakong e e fetileng fa e sa le ka nako eo ba ne ba itesa gore ba bopege jaaka tsamaiso eno ya dilo. Ga ba a ka ba lwantshana le moya wa lefatshe. (2 Petere 2:20-22) Ditlhodiego tsa lefatshe di ile tsa ba kgatlha thata le go ba jela nako, ka gone tsa kgoreletsa kgatelopele ya bone. Go na le gore ba tlhome megopolo le dipelo tsa bone mo Bogosing jwa Modimo le tshiamo ya gagwe, ba baya seo kwa pele mo botshelong, ba ile ba fapoga mme ba latela mekgele ya go batla dithoto. Fa ba sa kgone go lemoga gore tumelo ya bone e koafetse le gore ba mololo fela mme ba fetola tsela ya bone ka go batla kgakololo ya Modimo, ba ka nna mo kotsing ya go latlhegelwa ke kamano e e molemo le Jehofa le phuthego ya gagwe.—Tshenolo 3:15-19.
15. Ke eng se se tlhokegang gore re nne re amogelwa ke Modimo?
15 Gore re amogelwe le gore re falole pitlagano e kgolo e e atamelang ka bonako go ikaegile ka gore re nne phepa, le gore dipurapura tsa rona di ‘tlhatswiwe mo mading a Kwana.’ (Tshenolo 7:9-14; 1 Bakorintha 6:11) Fa re se phepa e bile re sa siama fa pele ga Modimo, tirelo ya rona e e boitshepo e ka se amogelwe. Eleruri, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go lemoga gore boleng jo bo lekilweng jwa tumelo bo tla re thusa gore re itshoke mme re tile go itumolola Modimo.
16. Maaka a ka itshupa e le teko mo tumelong ya rona ka ditsela dife?
16 Ka dinako tse dingwe, metswedi ya dikgang le baeteledipele ba lefatshe ba latofatsa batho ba Modimo ka maaka, ba sokamisa ditumelo tsa rona tsa Bokeresete le tsela e re tshelang ka yone. Seno ga se a tshwanela go re gakgamatsa ka gonne Jesu o ne a phepafatsa gore ‘lefatshe le tla re tlhoa ka gonne re se karolo ya lone.’ (Johane 17:14) A re letla ba ba foufaditsweng ke Satane go re tshosetsa le go re kgoba marapo ba bo ba re dira gore re tlhabisiwe ditlhong ke dikgang tse di molemo? A re tla letla gore maaka a a kgatlhanong le boammaaruri a ame go nna ga rona ka metlha kwa dipokanong le tiro ya rona ya go rera? Kana a re tla ema re nitame le go nna pelokgale e bile re ititeile sehuba thata go feta le e leng pele gore re tswelele pele re bolela boammaaruri ka ga Jehofa le Bogosi jwa gagwe?
17. Ke tlhomamisetso efe e e ka re tlhotlheletsang gore re tswelele pele re bontsha tumelo?
17 Go ya ka boporofeti jwa Baebele jo bo diragaditsweng, jaanong re tshela mo garegare ga motlha wa bofelo. Ditebelelo tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng tsa lefatshe le lesha le le tshiamo ruri di tlile go re itumedisa ka tsela ya mmatota. Go fitlhela letsatsi leo le fitlha, e kete rotlhe re ka nna le tumelo e e sa reketleng mo Lefokong la Modimo le go bontsha tumelo ya rona ka go sa tlogele go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo lefatsheng lotlhe. Akanya fela ka diketekete tsa barutwa ba basha ba ba kolobediwang beke le beke. A ga se lebaka le le utlwalang la go lemoga gore bopelotelele jwa ga Jehofa jo bo malebana le go diragatsa katlholo ya gagwe bo ka dira gore batho ba le bantsi ba bolokwe? A ga re itumelele gore Modimo o dumeletse gore tiro ya go rera ka Bogosi e e bolokang botshelo e tswelele pele? A mme ga re itumelele gore dimilione tsa batho di amogetse boammaaruri e bile di bontsha tumelo ya tsone?
18. Ke eng se o se ikemiseditseng malebana le go direla Jehofa?
18 Ga re itse gore go lekwa ga tumelo ya rona go tla tswelela pele ka lobaka lo lo kana kang. Mme re tlhomamisegile ka seno: Jehofa o tlhomile letsatsi la go atlhola magodimo le lefatshe tsa gone jaanong tse di leng boikepo. Le fa go ntse jalo, a re ititeyeng sehuba gore re etse boleng jo bo tlhomologileng jo bo lekilweng jwa tumelo jo bo bontshitsweng ke Moitekanedisi wa tumelo ya rona, Jesu. Gape a re lateleng sekao sa masalela a a tloditsweng a a setseng a godile le sa ba bangwe ba ba dirang le rona ka bopelokgale.
19. Ke eng se o ka tlhomamisegang ka sone gore se tla fenya lefatshe leno?
19 Re tshwanetse ra ikemisetsa go bolelela ditšhaba, merafe, dipuo le batho botlhe dikgang tse di molemo re sa kgaotse, re dirisana mmogo le moengele yo o fofang mo gare ga legodimo. A re direng gore ba utlwe mafoko ano a moengele: “Boifang Modimo lo bo lo o neye kgalalelo, ka gonne nako ya one ya go atlhola e gorogile.” (Tshenolo 14:6, 7) Fa katlholo eo ya Modimo e diragadiwa, phelelo e tla nna eng malebana le boleng jo bo lekilweng jwa tumelo ya rona? A e ka se nne phenyo e e molemolemo—go gogolwa mo tsamaisong ya gompieno ya dilo le go tsena mo lefatsheng le lesha le le tshiamo la Modimo? Ka go itshokela diteko tsa tumelo ya rona, re tla kgona go bolela jaaka moaposetoloi Johane: “Eno ke phenyo e e fentseng lefatshe, tumelo ya rona.”—1 Johane 5:4.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya June 1, 1973, ditsebe 336-43, le July 1, 1973, ditsebe 409-11.
b Bona Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya July 15, 1983, ditsebe 27-31.
A o A Gakologelwa?
◻ Go lekwa ga tumelo ya rona go itumedisa jang?
◻ Ke diteko dife tsa tumelo ya rona tse di ka se kang tsa lemosega motlhofo fela?
◻ Re solegelwa molemo jang ka go fenya diteko tsa tumelo ya rona ka katlego?
[Ditshwantsho mo go tsebe 17]
A. H. Macmillan (yo o kafa molemeng kwa pele) ka nako ya fa ene le badiredi ba Mokgatlho wa Watch Tower ba ne ba tsentswe mo kgolegelong ka ditatofatso tsa maaka
E ne e le moeng kwa kopanong ya Detroit, Michigan, ka 1928
Mo dingwageng tsa gagwe tsa bofelo, Mokaulengwe Macmillan o ne a sa ntse a bontsha tumelo
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Fela jaaka lelapa leno, Bakeresete ba le bantsi mo Afrika ba bontshitse boleng jo bo lekilweng jwa tumelo