LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 5/15 ts. 10-15
  • Tumelo ya Bokeresete e Tla Lekwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tumelo ya Bokeresete e Tla Lekwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tumelo e a Lekwa—Ka Ntlha Yang?
  • Tumelo e e Lekilweng Malebana le 1914
  • Tsela e ba Neng ba Tsibogela Diteko ka Yone ka Nako Eo
  • Boleng Jwa Tumelo ya Gago—Bo Lekwa Gone Jaanong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Go Lekwa le go Feferwa go Tswa mo Teng
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng—1914
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2014
  • Go Bolela Kaga go Boa ga Morena (1870-1914)
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 5/15 ts. 10-15

Tumelo ya Bokeresete e Tla Lekwa

“Tumelo ga se thuo ya batho botlhe.”—2 BATHESALONIKA 3:2.

1. Hisitori e bontshitse jang gore ga se botlhe ba ba nang le tumelo ya boammaaruri?

GO RALALA hisitori, go ntse go na le banna, basadi le bana ba ba nang le tumelo ya boammaaruri. Letlhaodi “boammaaruri” le a tshwanela ka gonne dimilione tsa batho bangwe di ile tsa bontsha mofuta wa tumelo e e neng e kete ke ya madumelagotlhe, e leng go dumela sengwe le sengwe go se na motheo kana go se na lebaka le le utlwalang la go dira jalo. Gantsi tumelo e e ntseng jalo e ne e akaretsa medimo ya maaka kana mefuta ya kobamelo e e sa dumalaneng le Mothatayotlhe, Jehofa le Lefoko la gagwe le le senotsweng. Ka gone moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Tumelo ga se thuo ya batho botlhe.”—2 Bathesalonika 3:2.

2. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re sekaseke tumelo ya rona?

2 Mme mafoko a ga Paulo a bontsha gore bogologolo batho bangwe ba ne ba na le tumelo ya boammaaruri mme, re ka re, bangwe gompieno ba na le yone. Babadi ba le bantsi ba lokwalopaka lono ba eletsa go nna le tumelo e e ntseng jalo ya boammaaruri le go e oketsa—e leng tumelo e e dumalanang le kitso e e tlhomameng ya boammaaruri jwa Modimo. (Johane 18:37; Bahebera 11:6) A le wena o ikutlwa jalo? Ka jalo go botlhokwa gore o lemoge le go ipaakanyetsa ntlha ya gore tumelo ya gago e tlile go lekwa. Ke ka ntlha yang fa re rialo?

3, 4. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leba kwa go Jesu malebana le diteko tsa tumelo?

3 Re tshwanetse go dumela gore Jesu Keresete o botlhokwa thata mo tumelong ya rona. Eleruri, Baebele e bua ka ene e le Moitekanedisi wa tumelo ya rona. Ke ka ntlha ya se Jesu a neng a se bolela le go se dira, segolo jang kafa a neng a diragatsa boporofeti ka teng. O ne a nonotsha motheo o batho ba ka tlhomamisang tumelo ya boammaaruri mo go one. (Bahebera 12:2; Tshenolo 1:1, 2) Le fa go ntse jalo, re bala gore Jesu e ne e le “yo o lekilweng ka ditsela tsotlhe jaaka rona, mme a se na boleo.” (Bahebera 4:15) Ee, tumelo ya ga Jesu e ne ya lekwa. Go na le gore seo se re kgobe marapo kana go re tshosa, se tshwanetse go re gomotsa.

4 Ka go lekwa ka diteko tse dikgolo go fitlha a bo a swa mo koteng, Jesu “o ne a ithuta kutlo.” (Bahebera 5:8) O ne a supa gore batho ba ka kgona go tshela ka tumelo ya boammaaruri le fa ba ka tlelwa ke diteko dipe fela. Seno se a utlwala fa re akanya ka se Jesu a neng a se bolelela balatedi ba gagwe: “Gopolang lefoko le ke le lo reileng ka re, Motlhanka ga a mogolo go feta mong wa gagwe.” (Johane 15:20) Tota e bile, Jesu o ne a bolelela pele jaana malebana le balatedi ba gagwe ba motlha wa rona: “Lo tla nna ba ba tlhoilweng ke merafe yotlhe ka ntlha ya leina la me.”—Mathaio 24:9.

5. Dikwalo di bontsha jang gore re tla lebana le diteko?

5 Mo masimologong a lekgolo leno la dingwaga, katlholo e ne ya simolola ka ntlo ya Modimo. Dikwalo di ne tsa bolelela pele jaana: “Ke nako e e tlhomilweng gore katlholo e simolole ka ntlo ya Modimo. Jaanong fa e simolola pele ka rona, bokhutlo e tla nna eng jwa ba ba sa utlweng dikgang tse di molemo tsa Modimo? ‘Mme fa motho yo o siameng a bolokwa ka bothata, motho yo e seng wa bomodimo le moleofi ba tla bonala kae?’”—1 Petere 4:17, 18.

Tumelo e a Lekwa—Ka Ntlha Yang?

6. Ke ka ntlha yang fa tumelo e e lekilweng e le mosola?

6 Re ka re, tumelo e e sa lekwang ga e na mosola, mme boleng jwa yone bo tla nna bo sa itsiwe. O ka e tshwantsha le tšheke e e iseng e fetolwe go nna madi. O ka tswa o ile wa neelwa tšheke ka go bo o dirile tiro nngwe, ka ntlha ya dithoto tse o di dirileng, kana e le mpho fela. Tšheke eno e ka lebega e siame, a mme go ntse jalo? A tota e lekana le madi a a kwadilweng mo go yone? Ka mo go tshwanang, tumelo ya rona ga ya tshwanela go nna fela selo se se bonalang kafa ntle kana selo fela se re ipolelang gore re na le sone. E tshwanetse ya lekwa fa re batla go supa gore e mosola e bile e na le boleng jwa mmatota. Fa tumelo ya rona e lekwa, re ka kgona go bona gore e nonofile e bile e botlhokwa. Gape teko e ka senola ditsela tse tumelo ya rona e tlhokang go baakanngwa mo go tsone kana go nonotshiwa mo go tsone.

7, 8. Diteko tsa tumelo ya rona di tswa kae?

7 Modimo o letla gore re bogisiwe le gore re tlelwe ke diteko dingwe tsa tumelo ya rona. Re bala jaana: “Fa mongwe a le mo tekong, a a se ka a re: ‘Ke lekwa ke Modimo.’ Gonne Modimo ga o ka ke wa lekwa ka dilo tse di bosula le gone one ka boone ga o leke ope.” (Jakobe 1:13) Ke mang kana ke eng se se bakang diteko tseno? Ke Satane, lefatshe le nama ya rona e e sa itekanelang.

8 Re ka nna ra dumela gore Satane o tlhotlheletsa lefatshe leno thata, o tlhotlheletsa mokgwa wa lone wa go akanya le ditsela tsa lone. (1 Johane 5:19) Mme re ka tswa re itse gore ke ene yo o tlhotlheletsang gore Bakeresete ba bogisiwe. (Tshenolo 12:17) A mme re tlhatswegile pelo ka tsela e e tshwanetseng gore Satane o leka go re tsietsa ka go dirisa nama e e sa itekanelang, a baya dilo tse di gogelang tsa lefatshe fa pele ga matlho a rona, a lebeletse gore re tla tshwarwa ke serai, re se utlwe Modimo, re bo re felela re sa amogelwe ke Jehofa? Legale, mekgwa ya ga Satane ga e a tshwanela go re gakgamatsa, ka gonne o ile a dirisa maretshwa a a tshwanang fa a ne a leka Jesu.—Mathaio 4:1-11.

9. Re ka solegelwa molemo jang mo dikaing tsa tumelo?

9 Ka Lefoko la gagwe le ka phuthego ya Bokeresete, Jehofa o re neetse dikao tse di molemo tsa tumelo tse re ka di etsang. Paulo o ne a re tlhagisa jaana: “Nnang baetsi ba me lo tshwaragane, bakaulengwe, mme bayang leitlho ba ba tsamayang ka tsela e e dumalanang le sekao se lo nang le sone mo go rona.” (Bafilipi 3:17) Jaaka mongwe wa batlhanka ba Modimo ba ba tloditsweng mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Paulo o ne a eteletse pele mo go direng ditiro tsa tumelo le mororo a ne a le mo ditekong tse dikgolo. Kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo20 la dingwaga, re na le dikao tse di tshwanang le tseo tsa tumelo. Mafoko a Bahebera 13:7 a dira gone jaanong ka maatla a a tshwanang le a nako ya fa Paulo a ne a a kwala: “Gakologelwang ba ba etelelang pele gareng ga lona, ba ba buileng lefoko la Modimo le lona, mme e re lo akanyetsa kwa teng kafa boitshwaro jwa bone bo felelang ka gone lo etse tumelo ya bone.”

10. Ke dikai dife tse di kgethegileng tsa tumelo tse re nang le tsone mo metlheng ya bosheng jaana?

10 Tlhagiso eo e dira ka tsela e e kgethegileng fa re akanya gore tsela e masalela a a tloditsweng a itshwarang ka yone e ile ya felela ka eng. Re ka sekaseka sekao sa bone mme re bo re etsa tumelo ya bone. Tumelo ya bone ke ya boammaaruri e e ileng ya itshekisiwa ka diteko. Fa go ne go simololwa ka iketlo mo dingwageng tsa bo1870, bokaulengwe jwa Bokeresete jwa lefatshe lotlhe bo ne jwa simologa. Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang dimilione tse tlhano le sephatlo jaanong ba rera le go ruta ka Bogosi jwa Modimo, e le maungo a tumelo le a go itshoka ga batlodiwa go tloga ka nako eo go ya pele. Phuthego e e leng teng ya lefatshe lotlhe ya baobamedi ba boammaaruri ba ba tlhoafetseng ke bosupi jwa tumelo e e lekilweng.—Tito 2:14.

Tumelo e e Lekilweng Malebana le 1914

11. C. T. Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba bona 1914 e kgethegile ka tsela efe?

11 Dingwaga pele ntwa ya lefatshe ya ntlha e tlhagoga, masalela a a tloditsweng a ne a ntse a bolela gore 1914 e ne e tla nna letlha le le botlhokwa mo boporofeting jwa Baebele. Le fa go ntse jalo, dingwe tsa dilo tse ba neng ba di lebeletse e ne e ise e nne nako ya gore di diragale, mme pono ya bone ya se se neng se tla diragala e ne e sa tlhomama ka tsela e e feletseng. Ka sekai, C. T. Russell, moporesidente wa ntlha wa Mokgatlho wa Watch Tower, le ditsala tsa gagwe ba ne ba bona gore go ne go tlhokega tiro e kgolo ya go rera. Ba ne ba bala jaana: “Efangele eno ya bogosi e tshwanetse ya rerwa mo lefatsheng lotlhe gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14, King James Version) Le fa go le jalo, setlhotshwana sa bone se ne se ka dira seo jang?

12. Mongwe wa ditsala tsa ga Russell o ne a amogela boammaaruri jwa Baebele jang?

12 Akanya kafa seno se neng sa ama A. H. Macmillan ka gone, tsala ya ga Russell. Macmillan o tsholetswe kwa Canada, mme o ne a ise a tshware dingwaga tse 20 fa a ne a amogela buka ya ga Russell ya The Plan of the Ages (1886). (Buka eno, e gape e bidiwang The Divine Plan of the Ages, e ne ya nna Bolumo 1 ya sete e e anamisitsweng thata ya Studies in the Scriptures. Bolumo 2, The Time Is at Hand [1889], e ne e tlhalosa 1914 e le bofelo jwa “metlha ya Baditšhaba.” [Luke 21:24, KJ]) Mo bosigong jo Macmillan a neng a simolola go bala ka jone, o ne a akanya jaana: “Ebu, seo se utlwala e le boammaaruri!” Ka selemo sa 1900, o ne a kopana le Russell kwa kopanong ya Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. Go ise go ye kae Macmillan o ne a kolobediwa mme a simolola go dira le Mokaulengwe Russell kwa ntlokgolong ya Mokgatlho kwa New York.

13. Ke bothata bofe jo bo neng jwa tlhagela Macmillan le ba bangwe malebana le go diragadiwa ga Mathaio 24:14?

13 Ba theile mo go se ba neng ba se bala mo Baebeleng, Bakeresete bao ba ba tloditsweng ba ne ba tlhalosa 1914 e le nako e e botlhokwa mo boikaelelong jwa Modimo. Mme Macmillan le ba bangwe ba ne ba ipotsa gore go rerela ditšhaba mo go boleletsweng pele mo go Mathaio 24:14 go ne go ka wediwa jang mo nakong e khutshwane e e neng e setse. Kwa morago o ne a bolela jaana: “Ke gakologelwa ke buisana le Mokaulengwe Russell ka seo kgapetsakgapetsa, mme o ne a tle a re, ‘Ebu, mokaulengwe, gone mo New York re na le Bajuda ba bantsi go feta ba ba leng teng kwa Jerusalema. Re na le Ba-Ireland ba le bantsi mono go feta ba ba leng teng kwa Dublin. Mme re na le Ba-Italy ba le bantsi go feta ba ba leng teng kwa Roma. Jaanong fa re ka ba rerela fano, re tla bo re fitlhelela lefatshe lotlhe ka molaetsa.’ Mme seo se ne se sa lebege se re kgotsofatsa. Ka jalo go ne ga akanngwa gore go dirwe ‘Photo-Drama.’”

14. Pele ga 1914, ke tiro efe e e tlhomologileng e e neng ya simololwa?

14 A bo “Photo-Drama of Creation” e ne e le namane e tona ya tiro jang ne! E ne e kopantse baesekopo mmogo le diselaete tsa mebalabala tse di dirilweng ka galase, di tsamaisana le dipuo tsa Baebele le mmino mo direkotong tsa fonokerafa. Ka 1913, Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne ya bolela jaana ka kopano nngwe kwa Arkansas, U.S.A.: “Go ne ga dirwa tshwetso ka bongwe fela jwa pelo gore e setse e le nako ya gore dibaesekopo di dirisiwe mo go ruteng boammaaruri jwa Baebele. . . . [Russell] o ne a tlhalosa gore o ne a ntse a dira thulaganyo eno ka dingwaga tse tharo mme jaanong o ne a setse a le gaufi le go wetsa go dira ditshwantsho tse dintle tse di makgolokgolo, tse kwantle ga pelaelo di tla gogelang boidiidi jwa batho le go bolela Efangele, le go thusa batho go nna le tumelo gape mo Modimong.”

15. “Photo-Drama” e ne e na le diphelelo dife?

15 “Photo-Drama” e ile ya dira sone fela seo fa e sena go bontshiwa la ntlha ka January 1914. Se se latelang ke dipego tsa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) tsa 1914:

April 1: “Moruti mongwe, fa a sena go bona dikarolo tse pedi tsa yone, o ne a re, ‘Ke bone fela sephatlo sa PHOTO-DRAMA OF CREATION, mme mo go yone ke setse ke ithutile go le gontsi ka Baebele go gaisa fa ke ne ke e ithuta kwa khosong ya me ya dingwaga tse tharo kwa seminareng ya thutabodumedi.’ Fa Mojuda mongwe a sena go e bona o ne a akgela ka gore, ‘Ke tsamaya ke le Mojuda yo o botoka go gaisa fa ke ne ke tla fa.’ Baruti ba le mmalwanyana ba Katoliki le baitlami ba basadi ba ne ba ya go bona DRAMA eno mme ba bontsha fa ba e anaanela fela thata. . . . Go weditswe go dirwa ga disete di le lesome le bobedi fela tsa DRAMA . . . Le fa go ntse jalo re setse re fitlheletse e bile re bontshitse metse e le masome a mararo le bongwe . . . Batho ba ba fetang dikete tse di masome a mararo le botlhano ba a e bona, ba a e utlwa, ba a e rata, ba akanya ka yone e bile ba a segofadiwa letsatsi le letsatsi.”

June 15: “Ditshwantsho tseno di dirile gore ke nne matlhagatlhaga thata gore ke anamise Boammaaruri, e bile di dirile gore ke rate Rraarona wa Selegodimo thata le Morwarraarona yo Mogolo yo o rategang Jesu. Letsatsi le letsatsi ke rapela gore PHOTO-DRAMA OF CREATION le ba ba e tshamekang ba segofadiwe thata ke Modimo . . . Ke le motlhanka wa lona mo go Ene, F. W. KNOCHE.—Iowa.”

July 15: “Re itumelela go bolela gore ditshwantsho tseno di kgatlhile batho ba le bantsi mo motseng ono, mme re tlhomamisega gore tsela eno ya go neela bosupi mo lefatsheng gape e dirisiwa go phutha batho ba le bantsi ba ba itshupang e le matlotlo a Morena a itlhophetseng one. Re itse baithuti ba Baebele ba ba tlhoafetseng ba le mmalwa ba jaanong ba kopanelang le Setlhopha fano e le ka ntlha ya se Photo-Drama e se dirileng. . . . Kgaitsadi wa lona mo Moreneng, EMMA L. BRICKER.”

November 15: “Re tlhomamisega gore lo tla itumelela go utlwa ka bosupi jo bo molemo jo bo neelwang ka PHOTO-DRAMA OF CREATION kwa London Opera House, kwa Kingsway. Seatla sa Morena se se kaelang se ile sa bonala ka tsela e e molemolemo mo dikarolong tsotlhe tsa pontsho eno e bakaulengwe ba e itumelelang thata . . . Bareetsi ba rona e ne e le batho ba ditlhopha tsotlhe le ba mefuta yotlhe; re bone go na le baruti ba le bantsi. Moruti mongwe . . . o ne a kopa dithekete e le gore ene le mosadi wa gagwe ba ka boa le go e bona gape. Moeteledipele wa Church of England o nnile gone ka makgetlho a le mmalwa go tla go bona DRAMA, mme . . . o ile a tla le ditsala tsa gagwe di le dintsi go tla go e bona. Babishopo ba le babedi le bone ba ile ba nna gone, le batho ba le mmalwanyana ba maemo a a kwa godimo.”

December 1: “Nna le mosadi wa me ruri re leboga Rraarona wa Selegodimo fela thata ka masego a a seng kana ka sepe a a re a neetseng ka sedirisiwa seno sa gago. Ke ka ntlha ya PHOTO-DRAMA ya gago e ntle re ileng ra bona le go amogela Boammaaruri . . . Re na le dibolumo di le thataro tsa STUDIES IN THE SCRIPTURES. Di re thusa fela thata.”

Tsela e ba Neng ba Tsibogela Diteko ka Yone ka Nako Eo

16. Ke ka ntlha yang fa 1914 e ne ya tlisa teko ya tumelo?

16 Le fa go ntse jalo, ke eng se se neng sa diragala fa Bakeresete ba ba pelo e phepa bano e bile ba ineetse ba ne ba lemoga gore tebelelo ya bone ya go ya go kopana le Morena ka 1914 e ne e sa diragadiwa? Batlodiwa bao ba ne ba tsena mo tekong e kgolo tota. Makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa November 1, 1914, o ne wa bolela jaana: “A re gakologelweng gore re mo motlheng wa go lekwa.” Buka ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo (1993) e bolela jaana malebana le seno: “Ke boammaaruri gore dingwaga tsa 1914 go ya go 1918 di itshupile e le ‘motlha wa go lekwa’ mo Baithuting ba Bibela.” A ba ne ba ka letla tumelo ya bone gore e itshekisiwe le gore tsela ya bone ya go akanya e fetolwe e le gore ba ka simolola tiro e kgolo e e tlang?

17. Batlodiwa ba ba ikanyegang ba ne ba itshwara jang fa ba tshwanelwa ke go tswelela ba le mo lefatsheng morago ga 1914?

17 Makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa September 1, 1916, o ne wa re: “Re ne re akanya gore tiro ya Thobo ya go phutha Kereke [batlodiwa] e ne e tla wediwa pele Metlha ya Baditšhaba e khutla; mme seo se ne se sa bolelwa ka tlhamalalo mo Baebeleng. . . . A re maswabi go bo tiro ya Thobo e bo e sa ntse e tsweletse pele? . . . Tsela e re ikutlwang ka yone gompieno, bakaulengwe ba ba rategang, e tshwanetse ya bontsha go leboga Modimo fela thata, ya oketsa kanaanelo ya rona mo Boammaaruring jo bo itshekileng jo A re neetseng tshiamelo ya go bo bona le gore re itsiwe ka jone, le go tlhagafala thata mo go thuseng ba bangwe gore ba itse ka Boammaaruri joo.” Tumelo ya bone e ile ya lekwa, le fa go ntse jalo ba ne ba lebana le teko eo ba bo ba e fenya ka katlego. Mme rona Bakeresete re tshwanetse go lemoga gore diteko tsa tumelo di dintsi e bile di farologane.

18, 19. Ke diteko dife tse dingwe tsa tumelo tse di neng tsa diragalela batho ba Modimo ka bonako fela morago ga loso lwa ga Mokaulengwe Russell?

18 Ka sekai, mofuta o mongwe wa teko o ne wa tlela masalela ka bonako fela morago ga gore Mokaulengwe Charles T. Russell a swe. E ne e le teko ya boikanyegi jo bo nitameng jwa bone le tumelo. “Motlhanka yo o boikanngo” e ne e le mang yo go buiwang ka ene mo go Mathaio 24:45? Ba bangwe ba ne ba akanya gore e ne e le Mokaulengwe Russell ka boene, mme ba ne ba gana go dirisa dithulaganyo tse disha tsa mokgatlho. Fa e le gore e ne e le motlhanka, ke eng se bakaulengwe ba neng ba tshwanetse go se dira jaanong fa a setse a sule? A ba ne ba tshwanetse go latela motho mongwe yo o neng a sa tswa go tlhophiwa, kana a e ne e le nako jaanong ya go lemoga gore Jehofa o ne a sa dirise motho a le mongwe fela, mme o ne a dirisa setlhopha sotlhe sa Bakeresete e le sedirisiwa, kana setlhopha sa motlhanka?

19 Teko e nngwe e ne ya tlela Bakeresete ba boammaaruri ka 1918 ka nako ya fa babusi ba lefatshe ba ba neng ba tlhotlhelediwa ke baruti ba Labokeresete, ‘ba ne ba epa lemena ka molao’ ba le epela phuthego ya ga Jehofa. (Pesalema 94:20, KJ) Baithuti ba Baebele ba ne ba tlhaselwa ka pogiso e e setlhogo kwa Amerika Bokone le kwa Yuropa. Kganetso eno e e tlhotlheleditsweng ke baruti e ne ya gakala ka May 7, 1918, fa ditaelo tsa puso ya United States di ne di ntshiwa gore go tshwarwe J. F. Rutherford le ditsala tsa gagwe tse dikgolo di le mmalwa, go akaretsa le A. H. Macmillan. Ba ne ba latofadiwa ka maaka gore ba menola puso, mme babusi ba ne ba itlhokomolosa boikuelo jwa bone jwa gore ga ba na molato.

20, 21. Jaaka go boleletswe pele mo go Malaki 3:1-3, ke tiro efe e e dirilweng ke batlodiwa?

20 Le mororo e ne e sa lemogiwe thata ka nako eo, tiro ya go phepafatsa e ne e tsweletse pele, jaaka go tlhalositswe mo go Malaki 3:1-3: “E mang yo o ka itshokelang motlha wa go tla ga gagwe? E mang yo o tlaa emang mogang o bonalang? Gonne [morongwa wa kgolagano] o ntse jaaka molelo wa moitshekisi le jaaka molora wa moupeledi. O tlaa dula jaaka moitshekisi le montlafatsi wa selefera, o tlaa ntlafatsa bomorwa Lefi, o tlaa ba ntlafatsa jaaka gouta le selefera; mme ba tlaa isetsa Jehofa ditshupelo mo tshiamong.”

21 Fa Ntwa ya Lefatshe I e ne e tla tloga e khutla, bangwe ba Baithuti ba Baebele ba ne ba lebana le teko e nngwe ya tumelo—ya gore a ba ne ba tla itlhaola ka mo go feletseng mo dikgannyeng tsa bosole jwa lefatshe. (Johane 17:16; 18:36) Ba bangwe ga ba a ka ba dira jalo. Ka jalo ka 1918, Jehofa o ne a romela “morongwa wa kgolagano,” Keresete Jesu, kwa thulaganyong ya Gagwe ya tempele ya semoya gore a phepafatse setlhopha sa baobamedi ba Gagwe mo dilabeng tsa lefatshe. Ba ba neng ba ikemiseditse go bontsha tumelo ya boammaaruri ba ne ba ithuta mo maitemogelong ano mme ba gatela pele, ba tswelela pele ba rera ka matlhagatlhaga.

22. Malebana le diteko tsa tumelo, ke eng se se setseng gore se sekasekiwe?

22 Se re setseng re buile ka sone ga se hisitori fela e e kgatlhang e e fetileng. Se amana ka tlhamalalo le boemo jwa gompieno jwa semoya jwa phuthego ya lefatshe lotlhe ya ga Jehofa. Mme mo setlhogong se se latelang a re sekasekeng dingwe tsa diteko tsa tumelo tse di lebanang le batho ba Modimo gompieno mme re bone kafa re ka di fenyang ka gone ka katlego.

A o A Gakologelwa?

◻ Ke ka ntlha yang fa batho ba ga Jehofa ba ka lebelela gore tumelo ya bone e tla lekwa?

◻ Go dirilwe maiteko afe a go anamisa molaetsa wa Modimo pele ga 1914?

◻ “Photo-Drama” e ne e le eng, mme e ne ya nna le matswela afe?

◻ Ditiragalo tsa nako ya 1914-18 di ne tsa leka batlodiwa jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Kwa bokhutlong jwa lekgolo le le fetileng la dingwaga mme go simolola le lesha, batho mo dinageng di le dintsi ba ne ba ithuta Baebele ba dirisa metseletsele ya “Millennial Dawn,” e kwa morago e neng ya bidiwa “Studies in the Scriptures”

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Lekwalo le le neng le tswa kwa go C. T. Russell le le nang le mafoko a a simololang a a rekotilweng a a neng a re: “‘Photo-Drama of Creation’ e tshamekiwa ke IBSA—International Bible Students Association [Mokgatlho wa Baithuti ba Baebele ba Ditšhabatšhaba]. Boikaelelo jwa yone ke go ruta phatlalatsa malebana le bodumedi le saense le go emela Baebele”

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Demetrius Papageorge o ne a tsamaya a bontsha “Photo-Drama of Creation.” Moragonyana, o ne a tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya boitlhaodi jwa gagwe jwa Bokeresete

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela