LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 6/1 ts. 5-7
  • Leta ka Bopelotelele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Leta ka Bopelotelele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Akanya ka Kelotlhoko
  • Modimo ga a Bonya
  • Ditiro di Bolela go Feta Mafoko
  • Oketsa Kitso
  • “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Boloka Letsatsi la ga Jehofa le le Gaufi Mo Mogopolong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • A re Ngapareleng Tumelo ya Rona e e Botlhokwatlhokwa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Buka ya Bibela ya bo 61—2 Petere
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • O ne A Ithuta go Itshwarela mo go Mong wa Gagwe
    Etsa Tumelo ya Bone
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 6/1 ts. 5-7

Leta ka Bopelotelele

MODISA yo o neng a tlhola a goeletsa ka gore “Phiri!” gangwe le gape le mororo go ne go se na phiri, o ne a fitlhela gore fa jaanong a ne a goa gore a thusiwe, go ne go sa tlhole go na le yo o mo tsayang tsia. Ka mo go tshwanang gompieno, batho ba le bantsi ba itlhokomolosa ntlha ya gore letsatsi la ga Jehofa le gaufi ka gonne ba utlwile ditlhagiso tse dintsi tse di itshupileng e le tse e seng tsone. Lebaka la go bo batho ba le bantsi ba palelwa ke go lemoga gore ke tlhagiso efe e e boammaaruri mme ba bo ba e utlwa le dirisiwa ka tsela e e molemo ke mmaba yo mogolo wa Modimo, e bong Satane, “moengele wa lesedi” yo e seng ene.—2 Bakorintha 11:14.

Moya wa go ikgotsofalela fela e ka nna o o kotsi tota le mo bathong ba ba diretseng Jehofa ka nako e telele. Ka ntlha yang? Ela tlhoko tlhagiso ya ga moaposetoloi Petere ya mo lekgolong la ntlha la dingwaga.

Akanya ka Kelotlhoko

Lekwalo la bobedi le le tlhotlheleditsweng la ga Petere le ne le gakolola Bakeresete ba bogologolo, mme le rona le sa ntse le re gakolola. O kwala jaana: “Baratwa, leno jaanong ke lekwalo la bobedi le ke le lo kwalelang, le mo go lone, jaaka mo go la me la ntlha, ke kurusang dikgono tsa lona tsa go akanya tse di phepa e le kgakololo.” (2 Petere 3:1) Ke eng se se dirang gore Petere a tshwenyege ka seno? Petere o tlhomolola go nna gone ga basotli ba tshotlo ya bone e dirang gore go se ke ga lejwa dilo ka tsela e e potlakileng malebana le nako e batlhanka ba Modimo ba tshelang mo go yone. Jaanong ke nako ya go itisa gore re se ka ra tsiediwa ke basotli. Ka jalo Petere o rotloetsa babadi ba gagwe gore ba “gakologelwe mafoko a a neng a buiwa pelenyana ke baporofeti ba ba boitshepo.” (2 Petere 3:2; Ditiro 3:22, 23) Ke eng se baporofeti ba neng ba se bolela?

Ka makgetlho a le mantsi batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ile ba tlhokomedisa kafa dikatlholo tsa Modimo di neng tsa fedisa boikepo ka gone. Petere o gakolola babadi ba gagwe ka Morwalela wa motlha wa ga Noa o Modimo a neng a o dirisa go tsenelela fa lefatshe le ne le tletse bosula. Morwalela o o neng o tsorotla o ne wa fedisa lefatshe la nako eo gotlhelele. Mme Modimo o ne a boloka Noa le lelapa la gagwe mo arekeng mmogo le dibopiwa tse di tshelang “tsa nama yotlhe.” Ditlhamane tsa lobopo di supa gore pego eno ya Baebele e boammaaruri.a—Genesise 6:19; 2 Petere 3:5, 6.

Petere o bitsa kgato eo e e tserweng ke Modimo a re ke ‘tiragalo e e sa lemogiweng’ ke batho bangwe. Go tswa foo ba bangwe ba ne ba korobetswa ke basotli ba motlha oo. Le fa go ntse jalo, rona ga re a tshwanela go lebala se Jehofa a setseng a se dirile. Petere o re bolelela jaana: “Magodimo le lefatshe tse di gone jaanong di boloketswe molelo ka lone lefoko leo e bile di beilwe go ya letsatsing la katlholo le la go senngwa ga batho ba e seng ba bomodimo.” (2 Petere 3:7) Ee, Modimo o tlile go tsaya kgato gape.

Modimo ga a Bonya

Go setse go fetile diketekete tsa dingwaga. Ke ka ntlha yang fa Modimo a letile nako e telele jaana pele a rarabolola mathata a batho? Gape, Petere o tlhoma mogopolo mo ntlheng e nngwe. O bolela jaana: “Lo se ka lwa tlhoka go lemoga ntlha e nngwe fela eno, baratwa, gore letsatsi le le lengwe mo go Jehofa le ntse jaaka dingwaga di le sekete le dingwaga di le sekete jaaka letsatsi le le lengwe.” (2 Petere 3:8) Tsela e Jehofa a lebang nako ka yone e farologane le ya rona. Mo Modimong o o nnetseng ruri, nako ya fa Adame a ne a bopiwa go fitlha jaanong ga e dire le beke. Mme le fa re ka tswa re leba nako jang, dingwaga dingwe le dingwe tse di sekete tse di fetang le letsatsi lengwe le lengwe le le fetang le re tlisa gaufi le go wediwa ga boikaelelo jwa ga Jehofa.

“Pitsa e e lepilweng ga e bele” ke seane sa Seesemane se se bolelang gore fa o letetse sengwe gore se diragale o tla bona e kete se a diega. Le fa go ntse jalo, Petere o kgothaletsa go nna “lo letetse e bile lo ntse lo bolokile gaufi mo mogopolong go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa.” (2 Petere 3:12) Re ka nna jang le boikutlo jo bo tla nnang bo re gakolola gore Modimo o gaufi le go tsaya kgato?

Ditiro di Bolela go Feta Mafoko

Petere o tlhoma mogopolo mo ditirong. O bolela ka ‘ditiro tse di boitshepo tsa boitshwaro’ mmogo le “ditiro tsa boineelo jwa bomodimo.” (2 Petere 3:11) Tsone di akaretsa eng?

Motlhanka wa mmatota wa Modimo o dira dilo ka tsela e e tla Mo itumedisang. Tumelo ya moobamedi yo o ntseng jalo wa boammaaruri e bonala ka boitshwaro jwa gagwe. Seno se mo tlhaola mo bathong ba ba buang fela gore ba dumela mo Modimong le mo ditsholofetsong tsa gagwe. Gongwe o lemogile gore bodiredi jwa phatlalatsa jwa Basupi ba ga Jehofa bo a ba tlhaola. Ba go etela kwa legaeng la gago gore ba go lemotshe ditsholofetso tsa Modimo tse di kwadilweng mo Baebeleng. Mme gape ba neela bosupi ka ditsholofelo tsa bone le ka dilo tse ba di dumelang gongwe le gongwe kwa ba kopanang le batho gone.

Mosupi yo o tshwaregang ka go bolelela ba bangwe tumelo ya gagwe o dira gore dilo tse a di dumelang di gatisiwe le go nonotshiwa. Mafoko a nonotsha maikutlo mme mo godimo ga moo a tlisa boitumelo jo bo kafa teng le kgotsofalo. Fa re itsise dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, re a bo re itumedisa Jehofa gape. Re itse gore ga ‘o tshiamololo mo o ka lebalang tiro ya rona le lorato lo re lo bontshitseng leina la one,’ fela jaaka moaposetoloi mmogo le Petere e bong Paulo a bolela.—Bahebera 6:10; Baroma 10:9, 10.

Go tshwarega ka go anamisa dikgang tse di molemo tsa Bogosi go felela ka eng mo malatsing ano a bofelo a tsamaiso eno ya gompieno e e boikepo? Makgolo a a dikete a batho ba ba dipelo tse di ikanyegang ba ithuta ditsela tsa go nna le botsalano jo bo gaufi le Jehofa, gore ba solegelwe molemo ke bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang le gore ba bone boitumelo jwa mmatota mo tebelelong ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise.

Oketsa Kitso

Le mororo re itse go tswa mo Baebeleng gore Jehofa Modimo o tla tsaya kgato ka nako ya gagwe e a e beileng, re tshwanetse go tsaya tsiya tlhagiso e nngwe e Petere a e neelang. “Ka lo na le kitso eno go sa le gale, nnang lo itisitse gore lo se ka lwa ya le bone ka phapogo ya batho ba ba tlhokomologang molao mme lwa wa mo go nitameng ga lona.”—2 Petere 3:17.

Eleruri Jehofa o ne a itse go sa le pele gore bangwe ba ba se nang tumelo e e nonofileng ba ne ba ka kgobega marapo ka go bona e kete Modimo o diega go tsaya kgato. Gape o ne a itse gore tlhotlheletso ya batho ba ba boikepo e ne e ka senya batlhanka ba gagwe ba boammaaruri kana, gongwe, ya nyatsa tumelo ya bone ya gore go gaufi gore leina la Modimo le itshepisiwe. A bo go ka utlwisa botlhoko jang ne fa re ka palelwa ke go nitama mo malatsing ano a bofelo!

Jaanong ga se nako ya gore re belaele kana re se tlhomame ka se Jehofa a tlileng go se dira. (Bahebera 12:1) Go na le moo, jaanong ke nako ya go lemoga thata se bopelotelele jwa ga Jehofa bo se lerileng—tebelelo ya go bolokiwa ga dimilione tsa batho ba ba nnang karolo ya boidiidi jo bogolo jwa ditšhaba tsotlhe le go leba kwa pele gore ba falole pitlagano e kgolo e e tlang. (Tshenolo 7:9, 14) Petere o kgothatsa jaana: “Tswelelang lo gola mo bopelonoming jo bo sa re tshwanelang le mo kitsong ya Morena wa rona le Mmoloki Jesu Keresete. Kgalalelo e nne go ene jaanong le go ya letsatsing la bosafeleng.”—2 Petere 3:18.

“Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”

Go tshwarega mo go rereng ka Bogosi le go nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete tsa kobamelo le go ithuta Lefoko la Modimo go a re sireletsa. Ka gone, re ka se nne le nako ya go tshwenyega thata ka maemo a a ntseng a senyegela pele mo tsamaisong ya gompieno e e boikepo. Dipoifo le ditlhobaelo ga di a tshwanela go laola botshelo jwa Bakeresete ba boammaaruri. (1 Bakorintha 15:58) Fa re tshwaregile ka go direla Jehofa, nako e tla tsamaya ka bonako.

Jude, yo o neng a tshela mo motlheng wa ga Petere e bile e le monnawe Jesu ka mmaagwe, o re kgothatsa jaana: “Lona baratwa, ka go ikaga mo tumelong ya lona e e boitshepotshepo, le go rapela ka moya o o boitshepo, ipolokeng mo loratong lwa Modimo, fa lo ntse lo letetse kutlwelobotlhoko ya Morena wa rona Jesu Keresete ka tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng.” (Jude 20, 21) Ela tlhoko botlhokwa jwa go nna le boikutlo jo bo siameng jo bo tlhotlhelediwang ke go nnela ruri mo thapelong. (1 Bathesalonika 5:17) Jude go tswa foo o oketsa jaana: “Tswelelang pele go bontsha kutlwelobotlhoko mo go bangwe ba ba nang le dipelaelo; ba bolokeng ka go ba swatola mo molelong. Mme tswelelang pele go bontsha kutlwelobotlhoko mo go ba bangwe, lo dire jalo ka poifo, lo ntse lo tlhoile le eleng seaparo sa kafa teng se se mathegetsweng ke nama.” (Jude 22, 23) A bo go le botlhokwa jang ne gore re nonotshane mo dinakong tseno tsa mathata! Mme a bo go le botlhokwa jang ne gore re se ka ra wela mo thaelong, re dirisa “letsatsi la poloko” le le leele e le seipato sa go dira “boitshwaro jo bo repileng,” jo jaanong bo tletsetletseng mo lefatsheng la gompieno le le senyegileng mo boitshwarong.—Jude 4; 2 Bakorintha 6:1, 2.

Ka go tsaya tsia kgakololo e e lorato ya ga Petere, Paulo le Jude le go tshwarega le go dira ka natla mo tirelong ya Modimo, o ka leta ka bopelotelele gore Jehofa a tseye kgato. A mme o tla dira jalo?

O se ka wa etsaetsega go ikopanya le Basupi mo tulong ya gaeno gore ba go thuse go nonotsha tumelo ya gago mo tsholofetsong ya Mmopi ya botshelo jo bo sa khutleng. Ithute se se tlhokegang gore o tshwanelege go nna le seabe mo tirong eno ya go neela bosupi ya lobopo lotlhe e e ka se keng ya boelediwa gape e e tla tlogang e wediwa ka pitlagano e kgolo e e tlang. (Mareko 13:10) Ka tsela eo o tla nna le tebelelo ya go tshela mo lefatsheng le lesha la tshiamo le Jehofa a le solofeditseng. (2 Petere 3:13) Utlwa dikgakololo tsa gagwe! Leta ka bopelotelele! Nna o tshwaregile!

[Ntlha e e kwa tlase]

a Tsweetswee bona buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?, tsebe 116, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Ithute gone jaanong ka tsholofetso ya Modimo ya Paradaise

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 5]

Wolf: Animals/Jim Harter/Dover Publications, Inc.; young shepherd: Children: A Pictorial Archive from Nineteenth-Century Sources/Grafton/Dover Publications, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela