LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 6/15 ts. 6-8
  • Lefatshe—Le Bopetswe Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefatshe—Le Bopetswe Eng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baebele ya Reng?
  • Boikaelelo Jwa Modimo bo Kgaoseditswe, Ga bo A Fetolwa
  • A Lefatshe la Rona le Tla Tsamaya le Senngwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Go na le Lebaka Lengwe Le Le Molemolemo la Go Bo Botshelo Bo le Gone
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
  • Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng?
    Tsogang!—1999
  • Modimo ke Mang?
    Modimo o Batla Gore re Direng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 6/15 ts. 6-8

Lefatshe—Le Bopetswe Eng?

Go na le potso e o tshwanetseng wa akanya ka yone: A polanete ya rona e ntle e ne e dirilwe ke Mmopi yo o botlhale yo o nang le boikaelelo ka lefatshe le ka batho ba ba nnang mo go lone? Fa potso eo e ka arabiwa ka tsela e e ka go kgotsofatsang seno se ka go thusa gore o bone gore isagwe e tshwaretse polanete ya rona eng.

BORASAENSE ba le bantsi ba ba ileng ba batlisisa ka lobopo le lefatshe la rona ka tsela e e boteng ba ile ba bona bosupi jo bo bontshang gore go na le Mmopi, gore Modimo ke ene a le dirileng. Akanya ka dikakgelo tsa a le mongwe fela:

Porofesa Paul Davies o kwala jaana mo bukeng ya The Mind of God: “Go nna gone ga lobopo lo lo rulagantsweng sentle, lo lo tsamaisanang lo lo dirilweng ka tsela e e tlhomameng, e e rulagantsweng, e e raraaneng go tlhoka melao le maemo a mofuta o o kgethegileng thata.”

Fa a sena go tlotla ka “dilo dingwe tse go diragetseng fela gore di bo di le ka tsela e di neng di le ka yone” tse dintsi tse baithutadinaledi le ba bangwe ba ileng ba di bona, Porofesa Davies o oketsa jaana: “Fa di kopanngwa, di neela bosupi jo bo kgatlhang jwa gore botshelo jaaka re bo itse bo ikaegile thatathata ka mefuta ya melao ya saense, le ka dilo tse go bonalang go diragetse fela ka lesego gore tlholego e itlhophele palo e e rileng mo go tsone, boima jo bo rileng, jalo le jalo. . . . Re ka bua ra re, fa re ne re ka tsaya boemo jwa Modimo, mme ra tlhophela dilo tseno gore e nne tsa bogolo jo bo kanakang ka gore fela re tobetse dikonopo re sa akanye re ka fitlhela gore tsela e dikonopo tseo di tla bong di rulagantswe ka yone e tla dira gore go se ka ga tlhola go agiwa mo lefatsheng. Ka dinako tse dingwe go bonala e kete dikonopo tseno di tshwanelwa ke go rulaganngwa ka tsela e e leng gore di nna mo lefelong le le tshwanelang kgo, e le gore lobopo lo tswelele lo na le botshelo. . . . Lebaka la go bo tota le fa go dirwa diphetogo tse dinnye fela mo tseleng e dilo di ntseng ka yone go ka dira gore lefatshe le fetoge gotlhelele e le ruri le na le se segolo se le se bolelang.”

Mo go ba le bantsi le bolela gore lefatshe la rona, mmogo le lebopo lotlhe, di ne di dirilwe ke Mmopi yo o nang le maikaelelo. Fa go ntse jalo, re tlhoka go tlhotlhomisa gore gone ke ka ntlha yang fa a ile a bopa lefatshe. Gape re tlhoka go tlhomamisa, fa re ka kgona, gore boikaelelo jwa gagwe ke eng ka lefatshe. Malebana le seno, go bonala phetogo e e sa tlwaelegang. Le fa batho ba le bantsi ba latola gore Modimo o teng, go na le palo e kgolo ya batho ba ba sa ntseng ba dumela gore go na le Mmopi yo o botlhale. Dikereke di le dintsi tsa Labokeresete di bua fela gore go na le Modimo mothatayotlhe le Mmopi wa lobopo lwa rona. Le fa go ntse jalo, ditumelo tseno ga di nke di bua ka bopelokgale le ka go tlhatswega pelo ka isagwe ya lefatshe mo boikaelelong jwa Modimo.

Baebele ya Reng?

Go a utlwala go tshepa motswedi wa tshedimosetso e e amogelwang ke ba le bantsi jaaka e e tswang go Mmopi. Motswedi oo ke Baebele. Nngwe ya dipolelo tsa yone tse di motlhofo thata e bile e phepafetse malebana le isagwe ya lefatshe la rona e fitlhelwa mo go Moreri 1:4. Re bala jaana: “Kokomana e nngwe e a feta, mme kokomana e nngwe ya tla: mme lefatshe le nnetse ruri.” (King James Version) Baebele e tlhamaletse fa e tlhalosa lebaka la go bo Jehofa Modimo a bopile lefatshe. Gape e bontsha gore o le beile mo lefelong le le siameng sentle mo lobopong e bile o le beile mo lefelong le le siameng sentle go tswa mo letsatsing la rona gore go nne le botshelo mo go lone. Modimo Mothatayotlhe o ne a tlhotlheletsa moporofeti wa bogologolo Isaia go kwala jaana: “Go bua jaana Jehofa yo o tlhodileng magodimo; ke ene Modimo; o o bopileng lefatshe wa le dira; o ne wa le tlhomamisa, o ne o se ka wa le tlholela lefela, wa le bopela go ungwa; a re: ‘Ke nna Jehofa, mme ga go na ope o sele.’”—Isaia 45:18.

Mme go tweng ka lebaka la go bo batho ba dira dilo tse di senyang botshelo jotlhe mo lefatsheng? Ka botlhale jwa gagwe jo bo sa lekaneng le bope, Modimo o bolela gore o tla tsaya kgato pele ga batho ba ka senya botshelo jotlhe mo polaneteng ya rona. Ela tlhoko tsholofetso e e gomotsang eno mo bukeng ya bofelo ya Baebele e leng Tshenolo: “Merafe ya shakgala, mme tšhakgalo ya gago ya tla, le nako e e tlhomilweng ya gore baswi ba atlholwe, le go naya batlhanka ba gago baporofeti maduo a bone le baitshepi le ba ba boifang leina la gago, ba bannye le ba bagolo, le go senyaka ba ba senyakang lefatshe.”—Tshenolo 11:18.

Jehofa o re senolela se boikaelelo jwa gagwe jwa ntlhantlha e neng e le sone fa a bopa lefatshe, lentswe leno le le tlhokegang mo lefaufaung, jaaka mosutlhalefaufau mongwe yo o neng a dikologa lefatshe a le tlhalosa. Modimo o ne a ikaeletse gore e nne paradaise ya lefatshe lotlhe, le tletse sentle ka batho—banna le basadi—botlhe ba tshela ka kagiso le kutlwano. O ne a rulaganya go tlatsa polanete ka bonya ka go letla batho ba ntlha ba babedi go nna le bana. Go dira gore banyalani ba ntlha ba kgotsofale le go itumela, Jehofa o ne a dira karolo e nnye ya lefatshe paradaise. Fa batho ba ntse ba ata fa dingwaga le makgolo a dingwaga a feta, tshimo ya Edene e ne e tla nna e atolosiwa ka iketlo go fitlhela Genesise 1:28 e diragadiwa: “Modimo wa ba raya wa re: ‘Atang, lo ntsifale lo tlale ka lefatshe, lo le fenye.’”

Jaaka gone jaanong re bona boemo jo bo hutsafatsang jo lefatshe le jo baagi ba lone bo ntseng ka jone, a seno se raya gore boikaelelo jwa Modimo jwa ntlha ka lefatshe bo padile? Kana a o fetotse boikaelelo jwa gagwe mme a swetsa gore ka ntlha ya go fapoga ga batho mo tseleng, o tla letla gore polanete eno e senngwe gotlhelele mme a bo a simolola gape? Nnyaa, re ka tlhomamisega gore ga go na go direga sepe sa dilo tseno. Baebele e re bolelela gore le fa e le eng se Jehofa a se ikaeletseng kgabagare se tshwanetse sa diragala, gore le fa e le eng se a swetsang go se dira se ka se ka sa kgorelediwa ke motho ope kana tota le ke sengwe se se neng se sa lebelelwa. O re tlhomamisetsa jaana: “Lefoko la me le tlaa nna jalo, le le tswang mo molomong wa me; ga le ketla le boela fela mo go nna, mme le tlaa dirafatsa se ke se ratang, le tlaa segofala mo selong se ke le isitseng kwa go sone.”—Isaia 55:11.

Boikaelelo Jwa Modimo bo Kgaoseditswe, Ga bo A Fetolwa

Ka ntlha ya go leofa ga ga Adame le Efa le go kobiwa ga bone mo tshimong ya Edena, go ne go se na pelaelo ya gore maikaelelo a Modimo ka lefatshe la paradaise a ne a tla diragadiwa kwantle ga bone. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a supa gone fela foo gore bangwe ba bana ba bone ba tla diragatsa thato ya gagwe ya kwa tshimologong. Gone ke boammaaruri, seno se ne se tla tsaya nako, tota le e leng makgolokgolo a dingwaga, mme ga go na sepe se se supang gore go ne go tla tsaya nako e kanakang gore boikaelelo jwa kwa tshimologong bo diragadiwe tota le fa Adame le Efa ka bobedi ba ka bo ba tsweletse ba tshela ba itekanetse. Ntlha ke gore kwa bofelong jwa Puso ya ga Keresete Jesu ya Dingwaga di le Sekete—dingwaga tse di fetang di le sekete go sekae go tloga jaanong—boemo jwa Paradaise ya Edene bo tla rena mo lefatsheng lotlhe mme polanete ya Lefatshe e tla bo e na le batho ba ba ratang kagiso ba ba itumetseng ba e leng ditlogolwana tsa batho ba ntlha. Eleruri, bokgoni jwa ga Jehofa jaaka Modiragatsamaikaelelo yo o sa palelweng bo tla tlotlomadiwa ka bosakhutleng!

Ka nako eo go tla diragadiwa boporofeti jo bo itumedisang jo Modimo a bo tlhotlheleditseng bogologolo. Dikwalo tse di jaaka Isaia 11:6-9 di tla diragadiwa ka tsela e e galalelang: “Phiri e tlaa aga le kwanyana, nkwe e tlaa botha le potsane; le namane le tawana di tlaa fula mmogo; mme ngwanyana yo monnye o tlaa di goga. Kgomo e namagadi e tlaa fula e na le bera; bana ba tsone ba tlaa botha mmogo; mme tau e tlaa ja motlhaka jaaka kgomo. Ngwanyana yo o anyang o tlaa tshameka fa mosimeng wa kake, ngwanyana yo o kgwisitsweng o tlaa baya seatla sa gagwe fa kutleng ya šaušawane. Ga di ketla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng yotlhe ya me e e boitshepo; gonne lefatshe le tlaa bo le tletse kitso ya go itse Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”

Botsogo jo bo bokoa le bolwetse jo bo sa foleng e tla nna dilo tsa nako e e fetileng le loso ka bolone. A go na le sengwe se se ka utlwalang botoka go feta mafoko a a motlhofo ano a a fitlhelwang mo bukeng ya bofelo ya Baebele? “Tente ya Modimo e mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba one. Mme Modimo ka boone o tla nna le bone. Mme o tla phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:3, 4.

Ee, re ka wela dibete—polanete ya rona e ntle ya Lefatshe e tla nnela ruri. E kete e ka nna tshiamelo ya gago gore o falole bofelo jwa tsamaiso e e boikepo eno le mekgwa yotlhe ya yone e e senyang lefatshe. Lefatshe le le phepa le lesha la Modimo le gaufi. Mme ba le bantsi ba re ba ratang ba tla tsosiwa ka kgakgamatso ya tsogo ya baswi. (Johane 5:28, 29) Eleruri, lefatshe le tla nnela ruri, mme re ka nna mo go lone le go le itumelela.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela