LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 8/1 ts. 3-4
  • A Tshiamololo e Tla Nna e Ntse e le Gone?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Tshiamololo e Tla Nna e Ntse e le Gone?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikarolo Tse di Setlhogo Tsa Tshiamololo
  • A go A Tshwenya Go bo Go na Le Tshiamololo?
  • O ka Dira Eng fa Wena le Batho ba Bangwe lo sa Tshwarwe Sentle?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • O ka Kgona go Itshokela go Tlhoka Tshiamiso!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • A Modimo O tla ke A Dire Sengwe ka Tshiamololo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 8/1 ts. 3-4

A Tshiamololo e Tla Nna e Ntse e le Gone?

“Mo godimo ga tsotlhe tseno ke sa ntse ke dumela gore batho ba molemo tota mo pelong. Ke ka se beye ditsholofelo tsa me mo motheong o o nang le tlhakatlhakano, tshotlego le loso.”—Anne Frank.

ANNE FRANK, mosetsanyana wa Mojuda wa dingwaga di le 15, o ne a kwala mafoko ano a a amang pelo mo tayaring ya gagwe pelenyana fela a tlhokafala. Lelapa la gagabo le ne le fitlhilwe kwa kamotshaneng e e mo marulelong ka dingwaga tse di fetang tse pedi kwa Amsterdam. Ditsholofelo tsa gagwe tsa go bona lefatshe le le botoka di ne tsa senyega fa molomatsebe mongwe a ne a bolelela Banasi gore ba iphitlhile kae. Mo ngwageng o o latelang wa 1945, Anne o ne a bolawa ke bolwetse jwa lenta kwa kampeng ya pogisetso kwa Bergen-Belsen. Dimilione tse dingwe tse thataro tsa Bajuda di ne tsa diragalelwa ke se se tshwanang.

Leano la bodiabolo la ga Hitler la go batla go nyeletsa batho botlhe gongwe e ka tswa e le le le setlhogo thata la tshiamololo ya bomorafe e e kileng ya nna gone mo lekgolong la rona la dingwaga, mme ga se yone fela. Ka 1994, Batutsi ba ba fetang sephatlo sa milione ba ne ba ganyaolwa kwa Rwanda, e le fela ka gonne e ne e le ba morafe o “sele.” Mme ka ntwa ya lefatshe ya ntlha, Ba-Armenia ba ka nna milione ba ne ba swa mo ntweng e e neng e le ya go nyeletsa setso.

Dikarolo Tse di Setlhogo Tsa Tshiamololo

Kgailo ya morafe ga se yone karolo fela ya tshiamololo. Tshiamololo ya setšhaba e dira gore mo e ka nnang nngwetlhanong ya batho e nne badidi ba nta ya tlhogo botshelo jotlhe jwa bone. Se se maswe le go feta, setlhopha sengwe sa ditshwanelo tsa batho sa lekgotla la Anti-Slavery International se bontsha gore batho ba ba fetang 200000000 ba mo bokgobeng. Go ka tswa go na le makgoba a mantsi thata mo lefatsheng gompieno go feta mo nakong epe fela ya hisitori. A ka tswa a sa rekisiwe phatlalatsa, mme maemo a a berekelang mo go one gantsi a maswe thata go feta a bontsi jwa makgoba a dinako tse di fetileng.

Tshiamololo ya molao e gataka ditshwanelo tsa motheo tsa dimilione tsa batho. Lekgotla la Amnesty International le bolela jaana mo pegong ya lone ya 1996: “Go gatakwa ga ditshwanelo tsa batho go dirwa mo e ka nnang letsatsi le letsatsi, golo gongwe mo lefatsheng. Batho ba ba tlhaselwang motlhofo ke bahumanegi le ba ba sotlegang, segolobogolo basadi, bana, batsofe le batshabi.” Pego eno e ne ya bolela jaana: “Mo dinageng tse dingwe, tsela e puso ya setšhaba e rulagantsweng ka yone e batla e senyegile gotlhelele, e dira gore go sa le go sena taolo ya semolao e e ka sireletsang ba ba bokoa mo go ba ba nonofileng.”

Ka 1996 masome a a diketekete a batho a ne a tshwarwa le go tlhokofadiwa mo dinageng tse di fetang di le lekgolo. Mme mo dingwageng tsa bosheng jaana, makgolo a a diketekete a batho a ile a nyelela fela, gongwe a thopilwe ke masole a tshireletso kana dirukutlhi. Go akanngwa gore bontsi jwa bone bo sule.

Ke boammaaruri gore dintwa ga di a siama gotlhelele, mme di ntse di nnela maswe go ya pele. Dintwa tsa gompieno di tlhasela baagi thata, go akaretsa basadi le bana. Mme seno ga se fela ka gonne go thuntshakiwa fela mo ditoropong go sa tlhaolwe. Basadi le basetsana ba betelelwa ka go latelana e le karolo ya ditiro tsa sesole, mme ditlhopha di le dintsi tsa batsuolodi di thopa bana ka dikgoka e le gore ba ba thapisetse go nna babolai. Fa pego ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ya “Se Ntwa ya Dibetsa e se Dirang mo Baneng” e akgela ka mekgwa eno e bolela jaana: “Palo e kgolo thata ya batho e setse e latlhegelwa ke maitsholo gotlhelele.”

Ga go belaetse gore go tlhoka maitsholo gono go dirile gore lefatshe le tlale ka tshiamololo—e ka tswa e le ya bomorafe, ya setšhaba, ya molao, kana ya sesole. Legale, seno ga se sesha. Mo dingwageng tse di fetang di le dikete tse pedi le makgolo a matlhano tse di fetileng, moporofeti wa Mohebera o ne a hutsafala jaana: “Molao o repisitswe e bile ga o na mosola, mme tshiamiso ga e ke e dirwa le ka motlha ope. Batho ba ba boikepo ba gaisa basiami, mme ka jalo tshiamiso e sokamisitswe.” (Habakuke 1:4, Today’s English Version) Le mororo tshiamololo e sale e ntse e le teng, lekgolo la bo20 la dingwaga le ka bewa e le motlha o selekanyo sa tshiamololo se ileng sa fitlha kwa godimo go di feta tsotlhe.

A go A Tshwenya Go bo Go na Le Tshiamololo?

Go a tshwenya fa e le gore wena ka namana o boga ka ntlha ya tshiamololo. Go a tshwenya ka gonne go dira gore bontsi jwa batho bo se ka jwa itumela jaaka fa ba tshwanetse. Mme gape go a tshwenya ka gonne gantsi tshiamololo ke yone e tuketsang dintwa tsa tshololo ya madi, tse kgabagare di dirang gore kgabo ya molelo wa tshiamololo e nne e ntse e tuka.

Kagiso le boitumelo di amana thata le tshiamiso, mme tshiamololo e phatlakanya tsholofelo e bile e gataka tshepo. Fela jaaka Anne Frank a ne a lemoga ka tsela e e utlwisang botlhoko, batho ba ka se beye tsholofelo ya bone mo motheong o o nang le tlhakatlhakano, tshotlego le loso. Jaaka ene, rotlhe re eletsa sengwe se se botoka.

Keletso eno e ne ya dira gore batho ba ba peloephepa ba leke go tlisetsa batho tshiamiso ka selekanyo se se rileng. Ka ntlha ya seo, Maiphako a Lefatshe Lotlhe a Ditshwanelo Tsa Batho, a a neng a amogelwa ka 1948 ke United Nations General Assembly, a bolela jaana: “Batho botlhe ba tsalwa ba gololesegile e bile ba na le seriti le ditshwanelo tse di lekanang. Ba filwe tlhaloganyo le segakolodi mme ba tshwanetse go dirisana mmogo jaaka bana ba motho.”

Tota ano ke mafoko fela a mantle, mme batho ba sa ntse ba le kgakala le go fitlhelela mokgele oo o montle—setšhaba se se nang le tshiamiso se mongwe le mongwe mo go sone a tla itumelelang ditshwanelo tse di lekanang e bile a tshwara mongkaene jaaka morwarraagwe. Go diragadiwa ga boikaelelo jono, jaaka mafoko a a simololang a Maiphako a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng a bontsha, go tla nna jaaka “motheo wa kgololesego, tshiamiso le kagiso mo lefatsheng.”

A tshiamololo e nweleletse thata jaana mo bathong mo e ka se tlholeng e ntshiwa? Kana a motheo o o nonofileng wa kgololesego, tshiamiso le kagiso o tla tlhomiwa ka tsela nngwe? Fa go le jalo, ke mang yo o ka o tlhomang a bo a dira gore mongwe le mongwe a solegelwe molemo?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

UPI/Corbis-Bettmann

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela