Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Go ya ka Mathaio 17:20, baaposetoloi ba ne ba palelwa ke go fodisa mosimane yo o neng a lwala ‘ka ntlha ya tumelo ya bone e nnye.’ Le fa go ntse jalo, mo go Mareko 9:29, go palelwa ga bone go amanngwa le botlhokwa jwa go rapela. Ke ka ntlha yang fa go bontshitswe mabaka a a sa tshwaneng mo dipegong tse di farologaneng tsa Efangele?
Totatota, dipego tseno tse pedi di a tlatsana, ga di thulane. Sa ntlha, leba mo go Mathaio 17:14-20. Monna mongwe o ne a bega gore morwawe o ne a na le bolwetse jwa go karalala le gore barutwa ba ga Jesu ba ne ba palelwa ke go fodisa mosimanyana yono. Go tswa foo Jesu o ne a fodisa mosimane yono ka go leleka ledimona le le neng le mo tlhokofatsa. Barutwa ba ne ba botsa lebaka la go bo ba ne ba palelwa ke go leleka ledimona. Go ya ka pego ya ga Mathaio, Jesu o ne a araba jaana: “Ke ka ntlha ya tumelo ya lona e nnye. Gonne ammaaruri ke a lo raya, Fa lo na le tumelo ya bogolo jwa tlhaka ya mosetara, lo tla raya thaba eno lo re, ‘Fuduga fano o ye fale,’ mme e tla fuduga, mme ga go na sepe se se tla nnang se se sa kgonegeng mo go lona.”
Jaanong bula Mareko 9:14-29, koo re fitlhela dintlha tse di oketsegileng gone. Ka sekai, Mareko 9:17 e bontsha ntlha ya gore mo lekgetlhong leno metotwane ya bolwetse jwa go karalala e ne e bakwa ke moya o o bosula. Go botlhokwa go lemoga gore Baebele e bolela go gongwe gore Jesu o ne a fodisa batho ba bolwetse jwa go karalala le ba ba neng ba tsenwe ke madimona. (Mathaio 4:24) Mo boemong jono jo bo farologaneng, metotwane eno e ne e bakwa ke “moya o o sa kgoneng go bua le o o susu,” e leng, moya o o boikepo, o ngaka Luke a neng a bua ka one. (Luke 9:39; Bakolosa 4:14) Ela tlhoko mo go Mareko 9:18 mafoko ano, “Gongwe le gongwe fela kwa [ledimona le] mo tshwarang gone.” Ka jalo mosimane yono o ne a sa tshwenngwe ke ledimona ka metlha, e ne e le ka dinako dingwe. Le fa go ntse jalo, barutwa ba ne ba sa kgone go leleka ledimona leno mme ka gone ba fodisa mosimane yono. Fa ba ne ba botsa lebaka, Jesu o ne a ba araba jaana: “Wa mofuta ono ga o ka ke wa tswa ka sepe fa e se ka thapelo.”
Le fa go le jalo, go bala pego ya ga Mareko ka kelotlhoko go bontsha gore ga e thulane le se Mathaio a se kwadileng. Mo go Mareko 9:19, re bala gore Jesu o ne a khutsa go tlhoka tumelo ga kokomana eo. Mme mo temaneng ya 23, go kwadilwe gore o ne a bolelela rraagwe mosimane yono jaana: “Dilo tsotlhe di ka kgonega mo mothong fa motho a na le tumelo.” Ka jalo Mareko le ene o gatelela botlhokwa jwa tumelo. Ke fela gore mo temaneng ya 29, Mareko o buile ntlha e nngwe. Mareko o oketsa ka se Jesu a se boletseng ka thapelo, e le se Mathaio kana Luke ba sa se kwalang.
Ka gone ke eng se re ka se bolelang? Mo makgetlhong a mangwe baaposetoloi ba ba 12 mmogo le barutwa ba ba 70 ba ne ba kgoromeletsa meya e e boikepo kwa ntle. (Mareko 3:15; 6:13; Luke 10:17) Mme mo lekgetlhong leno barutwa ba ne ba palelwa ke go leleka ledimona. Ka ntlha yang? Fa re kopanya dintlha tse di umakilweng mo dipegong tse di farologaneng, re tshwanetse go swetsa gore ba ne ba sa siamela go ka dira seno mo lekgetlhong leno. Gongwe bothata jo bongwe e nnile mofuta wa ledimona leo, e re ka go lebega gore madimona a ka tswa a na le botho jo bo sa tshwaneng, dikgatlhego, tota le bokgoni jo bo sa tshwaneng. Ka ledimona leno, go ne go tlhokega tumelo e e nonofileng le go rapelela thuso ya Modimo ka tlhoafalo. Ke boammaaruri gore Jesu o ne a na le tumelo e e ntseng jalo. Gape o ne a thusiwa ke Moutlwi wa thapelo, e bong Rraagwe. (Pesalema 65:2) Ga se fela gore Jesu o ne a ka fodisa mosimane yono yo o neng a utlwa botlhoko ka go lelekela ledimona kwa ntle, mme o ne a dira jalo.