Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Fa Mokeresete a utlwa mantswe, a seno se raya gore o a bo a tlhaselwa ke madimona?
Nnyaa. Le mororo go begwa gore eno ke tsela e madimona a itlhagisang ka yone mo bathong, batho ba le bantsi ba ba utlwang mantswe kgotsa ba ba diragalelwang ke selo sengwe se se ba tshwenyang se ba sa kgoneng go se tlhalosa, e ile ya re fa ba sena go batlisisa ba lemoga gore tota ba na le mathata mangwe a botsogo.
Tota le mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ne ga lemogiwa gore go tlhaselwa ke madimona le go nna le mathata mangwe a botsogo ka dinako tse dingwe go ne go nna le ditlamorago tse di tshwanang. Mo go Mathaio 17:14-18 re bala ka mosimanyana mongwe yo o neng a fodisiwa ke Jesu. Le mororo mosimanyana yono a ne a na le bolwetse jo bo masisi jwa go karalala, bolwetse jono tota bo ne bo bakwa ke ledimona. Le fa go ntse jalo, pelenyana ga moo, fa boidiidi jwa batho ba ba lwalang ba ne ba tlisiwa kwa go Jesu gore a ba fodise, bangwe ba bone e ne e le “batho ba ba laolwang ke madimona le ba ba nang le bolwetse jwa go karalala.” (Mathaio 4:24) Go bonala go ile ga lemogiwa gore bangwe ba ba neng ba na le bolwetse jwa go karalala, e ne e se gore tota ba ne ba tlhaselwa ke madimona. Ba ne ba lwala.
Go begwa gore bangwe ba ba nang le bolwetse jwa go fapoga tlhaloganyo, bolwetse jo gantsi bo kgonang go alafiwa, ba na le go utlwa mantswe kgotsa ba na le go dira dilo dingwe tse di sa tlwaelegang.a Malwetse a mangwe le one a ka baka mathata a tlhaloganyo a bangwe ka phoso ba ka tsayang gore a bakiwa ke madimona. Ka jalo, le fa motho yo o bolelang gore o na le go utlwa mantswe kgotsa yo o diragalelwang ke dilo dingwe tse di tshwenyang a ka tswa a sa batle go kgaphela kwa thoko kgopolo ya gore gongwe o tlhaselwa ke madimona, o tshwanetse a kgothalediwa go sekaseka gore a dilo tse di mo diragalelang di ka tswa di bakwa ke bolwetse bongwe.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona setlhogo se se reng “Taking the Mystery out of Mental Illness,” mo go Tsogang! ya September 8, 1986, (ka Seesemane) e leng makasine o o tsamaisanang le wa Tora ya Tebelo.