Dinako Le Dipaka Di Laolwa Ke Jehofa
“Ga se ga lona go nna le kitso ya dinako kgotsa dipaka tse Rara a di beileng mo taolong ya gagwe.”—DITIRO 1:7.
1. Jesu o ne a araba dipotso tsa baaposetoloi ba gagwe tse di malebana le nako jang?
KE ENG se batho ba ba “fegelwang, le ba ba sonelelang dilo tsotlhe tse di makgapha tse di dirwang” ke Labokeresete le ke lefatshe lotlhe, ba ka se dirang fa e se fela go ipotsa gore tsamaiso eno e e boikepo e tla fedisiwa leng mme e tseelwe sebaka ke lefatshe le lesha la Modimo la tshiamo? (Esekiele 9:4; 2 Petere 3:13) Pelenyana ga loso lwa ga Jesu le morago ga tsogo ya gagwe, baaposetoloi ba gagwe ba ne ba mmotsa potso e e amanang le nako. (Mathaio 24:3; Ditiro 1:6) Le fa go ntse jalo, fa Jesu a ba araba, ga a ka a ba naya sengwe se ba neng ba ka fopholetsa matlha ka sone. Mo lekgetlong lengwe o ne a ba naya sesupo se se dikarolodintsi mme mo go le lengwe o ne a ba raya a re ‘e ne e se ga bone go nna le kitso ya dinako le dipaka tse Rara a di beileng mo taolong ya gagwe.’—Ditiro 1:7.
2. Ke eng fa go ka twe Jesu o kile a bo a sa itse thulaganyo ya ga Rraagwe ya nako e ditiragalo tse di amanang le bokhutlo di neng di tla direga ka yone?
2 Le mororo Jesu e le Morwa yo o tsetsweng a le esi wa ga Jehofa, le ene ka boene o kile a bo a sa itse thulaganyo ya ga Rraagwe ya nako. Jesu o ne a bolela jaana ka boikokobetso mo boporofeting jwa gagwe jo bo malebana le metlha ya bofelo: “Malebang le letsatsi leo le ura eo ga go na ope yo o itseng, lefa e le baengele ba magodimo kgotsa Morwa, fa e se Rara fela.” (Mathaio 24:36) Jesu o ne a iketleeditse go nna pelotelele go letela gore Rraagwe a mo senolele nako e tota a neng a tlile go fedisa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo ka yone.a
3. Re ka ithuta eng mo dikarabong tsa ga Jesu fa a ne a araba dipotso tse di malebana le maikaelelo a Modimo?
3 Re kgona go lemoga dilo di le pedi mo karabong ya ga Jesu fa a ne a araba potso e e malebana le gore maikalelo a Modimo a ne a tla diragala leng. Sa ntlha, re lemoga gore Jehofa o na le thulaganyo ya nako; sa bobedi, gore ke ene fela yo o e tlhomang mme batlhanka ba gagwe ga ba a tshwanela go lebelela gore a ba neye tshedimosetso e e tlhomameng e e malebana le dinako le dipaka tseno tsa gagwe pele ga nako.
Dinako le Dipaka Tsa ga Jehofa
4. Mafoko a Segerika a a ranotsweng e le “dinako” le “dipaka” mo go Ditiro 1:7 a kaya eng?
4 Go tewang fa go twe, “dinako” le “dipaka”? Mafoko a ga Jesu a a mo go Ditiro 1:7 a na le dilo tse pedi tse di amanang le nako. Lefoko la Segerika le le ranolwang go twe ke “dinako” le kaya “nako e tota e leng lobaka,” lobaka lo lo rileng lwa nako (lo lokhutshwane kana lo loleele). Lefoko “dipaka” lone le ranola lefoko le tota le kayang nako e e beilweng kana e e tlhomilweng, paka e e rileng, kana motlha o o lemogiwang ka dilo dingwe tse di rileng. Malebana le mafoko ao a ntlhantlha, W. E. Vine o bolela jaana: “Mo go Ditiro 1:7, ‘Rara, go ya ka taolo ya Gagwe, o tlhomile’ dinako (chronos), lobaka lwa nako le dipaka (kairos), metlha e e lemogiwang ka ditiragalo dingwe.”
5. Jehofa o ne a itsise Noa leng ka maikaelelo a Gagwe a go tla go fedisa lefatshe le le boikepo, mme ke kabelo efe e e maphatamabedi e Noa a neng a e dira?
5 Pele ga Morwalela, Modimo o ne a ikaelela gore morago ga dingwaga di le 120, o tla bo a fedisa lefatshe la batho ba ba boikepo le baengele ba batsuolodi ba ba neng ba ikapesitse mebele ya batho. (Genesise 6:1-3) Ka nako eo, Noa yo o boifang Modimo o ne a na le dingwaga tse 480. (Genesise 7:6) O ne a se na bana mme o ne a nna a ntse jalo ka dingwaga tse dingwe gape tse 20. (Genesise 5:32) Lobaka lo loleele morago ga foo, fa barwa ba ga Noa ba sena go gola e bile ba setse ba nyetse, e ne ya nna gone Modimo a itsiseng Noa ka maikaelelo a Gagwe a go tla go fedisa boikepo mo lefatsheng. (Genesise 6:9-13, 18) Le e leng ka nako eo, Jehofa ga a ka a senolela Noa thulaganyo ya gagwe ya nako le mororo a ne a mo neile kabelo e e maphatamabedi ya go aga araka le go rerela batho ba motlha wa gagwe.—Genesise 6:14; 2 Petere 2:5.
6. (a) Noa o ne a bontsha jang gore o tlogeletse kgang ya nako mo diatleng tsa ga Jehofa? (b) Re ka etsa sekao sa ga Noa jang?
6 Go ne ga feta masomesome a dingwaga—gongwe sephatlo sa lekgolo la dingwaga—“Noa a dira jalo; mo go tsotlhe tse Modimo o di mo laoletseng.” “Ka tumelo,” Noa a dira fela jalo, le mororo a ne a sa itse letlha le tota le beilweng. (Genesise 6:22; Bahebera 11:7) Jehofa o ne a mo tlogela jalo a sa itse nako e tota ditiragalo tseo di neng di tla direga ka yone go fitlha go setse beke e le nngwe fela pele ga Morwalela o simolola. (Genesise 7:1-5) Tsela e Noa a neng a ikanya Jehofa ka yone e bile a mo dumela a sa belaele, e ne ya mo thusa gore a tlogelele kgang ya nako mo diatleng tsa Modimo. Mme go tshwanetse ga bo go ile ga itumedisa Noa jang ne fa a bona Jehofa a mo sireleditse ka nako ya Morwalela le fa moragonyana a ipona a tswa mo arakeng a tsena mo lefatsheng le le phepafaditsweng! A le rona ga re a tshwanela go bontsha tumelo mo Modimong re na le tsholofelo ya gore o tla re golola ka tsela e e ntseng jalo?
7, 8. (a) Go ne ga tla jang gore go nne le ditšhaba tsa batho le dipusokgolo tsa lefatshe? (b) Ke ka tsela efe Jehofa a ileng a ‘laolela batho dinako tse di tlhomilweng le ditekanyetso tse di tlhomilweng tsa bonno jwa batho’?
7 Morago ga Morwalela, bontsi jwa ditlogolwana tsa ga Noa di ne tsa latlha kobamelo ya boammaaruri ya ga Jehofa. Ka maikaelelo a gore ba age ba le mo lefelong le le lengwe, ba ne ba simolola go aga motse le tora ya kobamelo ya maaka. Jehofa o ne a swetsa ka gore ke nako ya gore a tseye kgato. O ne a tlhakatlhakanya puo ya bone le go “ba phatlalaletsa [go tswa mo Babela go ya] le lefatshe lotlhe.” (Genesise 11:4, 8, 9) Moragonyana, ditlhopha tseo tsa dipuo tse di farologaneng di ne tsa gola go nna ditšhaba, dingwe tsa tsone di ne tsa gapa ditšhaba tse dingwe mme tsa nna dipusokgolo tsa dikgaolo, le e leng go nna dipusokgolo tsa lefatshe lotlhe.—Genesise 10:32.
8 E le gore Modimo a diragatse maikaelelo a gagwe, ka dinako tse dingwe o ne a tle a tlhome melelwane ya dinaga le gore ka nako e e rileng ke puso efe e e laolang kgaolo nngwe kana le e leng go nna pusokgolo ya lefatshe lotlhe. (Genesise 15:13, 14, 18-21; Ekesodo 23:31; Duteronome 2:17-22; Daniele 8:5-7, 20, 21) Moaposetoloi Paulo o ile a umaka kgang eno ya dinako le dipaka tsa ga Jehofa fa a ne a raya batlhalefi ba Bagerika kwa Athena a re: “Modimo o o neng wa dira lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone . . . o dirile morafe mongwe le mongwe wa batho go tswa mo mothong a le mongwe, gore ba nne mo godimo ga lefatshe lotlhe, mme o ne wa laolela dinako tse di tlhomilweng le ditekanyetso tse di tlhomilweng tsa bonno jwa batho.”—Ditiro 17:24, 26.
9. Jehofa o ile a “fetola metlha le dipaka” jang malebana le dikgosi?
9 Seno ga se bolele gore Jehofa ke ene yo o rwalang maikarabelo a diphenyo le diphetogo tsotlhe tsa sepolotiki tse di ileng tsa direga mo ditšhabeng. Le fa go ntse jalo, fa a batla, a ka tsenya letsogo mo ditiragalong tse di ntseng jalo e le gore maikaelelo a gagwe a diragale. Ka gone, moporofeti Daniele, yo o neng a tlile go bona Pusokgolo ya Lefatshe ya Babilona e phutlhama mme e tseelwa maemo ke ya Bameda le Baperesia, o ile a bua jaana ka Jehofa: “O fetola metlha le dipaka; o tlose dikgosi, o bo o tlhome dikgosi; o neye batlhale botlhale; le kitso o e neye ba ba itseng tlhaloganyo.”—Daniele 2:21; Isaia 44:24–45:7.
“Nako E ne E Atamela”
10, 11. (a) Jehofa o ile a tlhoma nako e a neng a tla golola ditlogolwana tsa ga Aborahame mo bokgobeng ka yone dingwaga di le kae pele ga e fitlha? (b) Re lemoga ka eng gore Baiseraele ba ne ba sa itse letlha le tota ba neng ba tlile go gololwa ka lone?
10 Jehofa o ne a tlhoma ngwaga o o tlhomameng o a neng a tlile go nyenyefatsa kgosi ya Pusokgolo ya Lefatshe ya Egepeto ka one le go golola ditlogolwana tsa ga Aborahame mo bokgobeng dingwaga di feta makgolo a manè pele ga seo se direga. Fa Modimo a ne a senolela Aborahame maikaelelo ano a gagwe o ne a mo solofetsa jaana: “Itse ruri fa losika lwa gago lo tlaa nna baeng mo lefatsheng le e seng la bone, ba tlaa ba direla; ba tlaa ba bogisa ka dinyaga di le 400. Le one morafe oo, o ba tlaa o direlang, ke tlaa o sekisa; morago ba tlaa tswa ka dithoto tse dikgolo.” (Genesise 15:13, 14) Fa Setefane a ne a sobokanya hisitori ya Iseraele fa pele ga Sanehederine o ne a umaka lobaka lono lwa dingwaga di le 400 a bo a re: “Fela jaaka nako e ne e atamela ya go diragadiwa ga tsholofetso e Modimo o neng o e boleletse Aborahame ka tshosologo, batho ba ne ba gola ba ba ba ntsifala mo Egepeto, go fitlha go tsoga kgosi e sele godimo ga Egepeto, e e neng e sa itse ka Josefa.”—Ditiro 7:6, 17, 18.
11 Faro yono yo mosha o ne a nyenyefatsa Baiseraele a ba dira makgoba. Ka nako eo Moshe o ne a ise a kwale buka ya Genesise le mororo go ka direga gore tsholofetso eno ya ga Jehofa go Aborahame batho ba ile ba nna ba e bolelelana kana ba e bala golo gongwe. Le fa go ntse jalo, go bonala tshedimosetso e Baiseraele ba neng ba na le yone e ne e se e e lekaneng go ka ba dira gore ba fopholetse letlha le tota ba neng ba tlile go gololwa mo bokgobeng ka lone. Modimo o ne a itse gore o tlile go ba golola leng, mme go bonala Baiseraele bano ba ba neng ba boga bone ba ne ba sa itse. Re bala jaana: “Ga diragala ya re mo go feteng ga malatsi ao a mantsi, kgosi ya Egepeto ya a swa. Bana ba Iseraele ba fegelwa ka ntlha ya kgolego, mme ba lela; go lela ga bone ga tlhatlogela kwa Modimong ka ntlha ya kgolego. Modimo wa utlwa go lela ga bone mme wa gakologelwa kgolagano ya one le Aberahame le Isake le Jakobe. Modimo wa leba bana ba Iseraele, wa ba ngoka.”—Ekesodo 2:23-25.
12. Setefane o ne a bontsha jang gore Moshe o ile a itlhaganelela go dira dilo pele ga nako e Jehofa a e beileng?
12 Re kgona go lemoga gore Baiseraele ba ne ba sa itse nako e e tlhomameng e ba neng ba tlile go gololwa ka yone le mo tshobokanyong ya ga Setefane. Fa a ne a bua ka Moshe o ne a re: “E rile e nna nako ya ngwaga wa gagwe wa bomasome a manè, ga tla mo pelong ya gagwe gore a lekole barwarraagwe, barwa ba Iseraele. Mme e rile a tshogana ka a bona mongwe a tshwarwa ka go siamololelwa, a mo femela a ba a busolosetsa yo o kgokgontshiwang ka go itaya Moegepeto a ba a mo latlhela fa fatshe. O ne a tsaya gore barwarraagwe ba ne ba tla lemoga gore Modimo o ne o ba boloka ka seatla sa gagwe, mme ba ne ba se ka ba go lemoga.” (Ditiro 7:23-25) Moshe fano o ne a itlhaganelela go tsaya kgato dingwaga di le 40 pele ga nako e Modimo a e tlhomileng. Setefane o ile a bontsha gore Moshe o ne a tshwanelwa ke go leta dingwaga tse dingwe gape tse 40 pele ga Modimo a ‘boloka Baiseraele ka seatla sa gagwe.’—Ditiro 7:30-36.
13. Seemo sa rona se tshwana jang le sa Baiseraele pele ga ba gololwa kwa Egepeto?
13 Le mororo “nako e ne e atamela ya go diragadiwa ga tsholofetso” e bile Modimo a setse a tlhomile le ngwaga o tota a tlileng go dira seno ka one, Moshe le Baiseraele botlhe ba ne ba tshwanelwa ke go bontsha tumelo. Ba ne ba tshwanelwa ke go letela nako e Jehofa a e tlhomileng, gongwe ba dira jalo ba sa kgone go e fopholetsa go sa le gale. Le rona re tlhatswegile pelo gore go gololwa ga rona go tswa mo tsamaisong eno e e boikepo ya dilo go atametse. Re a itse gore re tshela mo “malatsing a bofelo.” (2 Timotheo 3:1-5) Ka jalo a ga re a tshwanela go bontsha tumelo ya rona mo go Jehofa le go letela nako e e tshwanetseng e a e beetseng letsatsi la gagwe le legolo? (2 Petere 3:11-13) Ka nako eo, le rona go ka direga gore re opele pina e e monate ya kgololo re baka Jehofa ka yone, fela jaaka Moshe le Baiseraele.—Ekesodo 15:1-19.
‘Fa Nako e Goroga’
14, 15. Re itse jang gore Modimo o ile a tlhoma nako e Morwaone a neng a tla tla ka yone mo lefatsheng, mme ke eng se baporofeti le baengele ba ileng ba nna ba se lebeletse?
14 Jehofa o ne a tlhoma nako e e tlhomameng e Morwa wa gagwe yo o esi a neng a tla tla mo lefatsheng ka yone go tla go nna Mesia. Paulo o ne a kwala jaana: “E rile tekanyetso e e tletseng ya nako e goroga, Modimo wa romela Morwaone, yo o neng a tswa mo mosading le yo o neng a nna tlase ga molao.” (Bagalatia 4:4) Seno se ne se diragatsa tsholofetso ya Modimo ya gore o ne a tla romela Losika—‘Shilo yo go utlwa ga ditšhaba go tla nnang mo go ene.’—Genesise 3:15; 49:10.
15 Baporofeti ba Modimo—tota le e leng baengele—ba ne ba nna ba letela “paka” e Mesia a neng a tla bonala ka yone mo lefatsheng le gore batho ba ba boleo ba bone tsela ya go bona poloko. Petere o ne a re: “Malebang le yone poloko eno, baporofeti ba ba neng ba porofeta kaga bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo lo neng lo bo laoletswe ba ne ba tlhotlhomisa ka manontlhotlho ba ba batlisisa ka kelotlhoko. Ba ne ba nna ba tlhotlhomisa gore ke paka efe tota kgotsa gore ke mofuta ofe wa paka e moya o o mo go bone o neng o e kaya malebang le Keresete fa o ne o naya bosupi go sa le pele kaga dipogo ka ntlha ya ga Keresete le kaga dikgalalelo tse di neng di tla latela tseno. . . . Mo go tsone dilo tseno baengele ba eletsa go tlhodumela.”—1 Petere 1:1-5, 10-12.
16, 17. (a) Jehofa o ile a dirisa boporofeti bofe go thusa Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga go nna ba solofetse Mesia? (b) Boporofeti jwa Daniele bo ile jwa ama jang go solofela Mesia ga Bajuda?
16 Jehofa ka moporofeti wa gagwe Daniele—monna wa tumelo e e sa reketleng—o ne a ntsha boporofeti jo bo malebana le “dibeke tse 70.” Boporofeti joo bo ne bo tla thusa Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga go itse gore go tla ga Mesia yo o solofeditsweng go ne go atamela. Bontlhanngwe jwa boporofeti jono bo ne jwa bolela jaana: “Go thaega ga go tswa ga taolo ya go šafatsa le go aga Jerusalema go ya go fitlha mo go yo o tloditsweng e bong kgosana, e tlaa nna dibeke di supa; le dibeke di le 62.” (Daniele 9:24, 25) Ka tlwaelo bakanoki ba Bajuda, ba Bakatoliki le ba Baporotesetanta ba a dumalana gore “dibeke” tse go buiwang ka tsone fano di kaya dibeke tsa dingwaga. “Dibeke” tse 69 (dingwaga tse 483) tsa Daniele 9:25 di ne tsa simologa ka 455 B.C.E., ka nako ya fa Kgosi Aretaserese wa Peresia a ne a laela Nehemia go “šafatsa le go aga Jerusalema.” (Nehemia 2:1-8) Di ne tsa fela dingwaga di le 483 moragonyana—ka 29 C.E., fa Jesu a ne a kolobediwa le go tlodiwa ka moya o o boitshepo, mme ka gone a nna Mesia kana Keresete.—Mathaio 3:13-17.
17 Ga re itse gore a Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba itse gore dingwaga tseo tse 483 di ne tsa simologa leng tota. Le fa go ntse jalo, fa Johane Mokolobetsi a ne a simolola bodiredi jwa gagwe, “batho ba ne ba le mo tebelelong e bile botlhe ba ne ba akanya mo dipelong tsa bone kaga Johane ba re: ‘A e ka tswa gongwe e le Keresete?’” (Luke 3:15) Bakanoki bangwe ba Baebele ba amanya go mo letela gono le boporofeti jwa ga Daniele. Fa Matthew Henry a akgela ka temana eno o ne a kwala jaana: “Fano re bolelelwa . . . kafa bodiredi le kolobetso ya ga Johane e neng ya dira gore batho ba akanye ka Mesia ka teng, le go akanya ka ene a setse a le fa kgorong. . . . Jaanong dibeke tsa ga Daniele tse masome a supa di ne di fela.” Manuel Biblique ya Sefora ya ga Vigouroux Bacuez le Brassac e bolela jaana: “Batho ba ne ba itse gore dibeke tse masome a supa tsa dingwaga tse Daniele a neng a di tlhomile di ne di tloga di fela; go ne go se motho ope yo o gakgamalang fa a utlwa Johane Mokolobetsi a bolela gore bogosi jwa Modimo bo atametse.” Mokanoki wa Mojuda e bong Abba Hillel Silver o ile a bolela gore go ya ka “tatelano ya ditiragalo e e neng e dirisiwa thata” ka nako eo, “go ne go lebeletswe gore Mesia a bonale mo sephatlong sa bobedi sa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.”
Ditiragalo—E Seng go Fopholetsa Nako
18. Le fa boporofeti jwa ga Daniele bo ile jwa thusa Bajuda go lemoga nako e Mesia a neng a ka solofelwa go bonala ka yone, ke bosupi bofe jo bo tlhatswang pelo jo bo neng jwa supa fa Jesu e le Mesia?
18 Le mororo go bonala Bajuda ba ile ba thusiwa ke tatelano ya ditiragalo gore ba nne le kitsonyana ya gore Mesia o ne a tla bonala leng, ditiragalo tse di neng tsa latela di bontsha gore ga ya ka ya thusa bontsi jwa bone go tlhatswega pelo gore Jesu e ne e le Mesia. Mo lobakeng lo lo kafa tlase ga ngwaga pele ga loso lwa ga Jesu, o ne a botsa barutwa ba gagwe jaana: “Boidiidi jwa re ke mang?” Ba ne ba araba jaana: “Johane Mokolobetsi; mme ba bangwe ba re, Elija, mme gape ba bangwe, ba re mongwe wa baporofeti ba bogologolo tala o tsogile.” (Luke 9:18, 19) Ga go na gope mo go bolelwang gore Jesu o kile a nopola boporofeti jono jo bo malebana le dibeke tsa tshwantshetso go supa gore e ne e le Mesia. Le fa go ntse jalo, ka nako nngwe o ne a re: “Ke na le bosupi jo bogolo go feta jwa ga Johane, gonne tsone ditiro tse Rre a nkabetseng gore ke di diragatse, ditiro ka botsone tse ke di dirang, di naya bosupi kaga me gore Rara o nthomile.” (Johane 5:36) Tiro ya go rera ya ga Jesu, dikgakgamatso tsa gagwe le ditiragalo tse di amanang le loso lwa gagwe (go fifala ka kgakgamatso, go gagoga ga lesire la tempele le thoromo ya lefatshe) ke tsone tse di neng tsa supa gore e ne e le Mesia yo o romilweng ke Modimo, e seng tatelano ya ditiragalo e ba neng ba e senoletswe.—Mathaio 27:45, 51, 54; Johane 7:31; Ditiro 2:22.
19. (a) Bakeresete ba ne ba tla itse jang gore go senngwa ga Jerusalema go atametse? (b) Ke eng fa Bakeresete ba pele ba ba neng ba tshaba mo Jerusalema ba ne ba sa ntse ba tlhoka go nna le tumelo e kgolo?
19 Morago ga loso lwa ga Jesu, Bakeresete ba pele le bone ga ba ka ba newa sepe se ba neng ba ka fopholetsa ka sone gore bokhutlo jwa tsamaiso ya Sejuda bo ne bo tla tla leng. Ke boammaaruri gore, boporofeti jwa ga Daniele jo bo malebana le dibeke tsa tshwantshetso bo ne jwa umaka phediso ya tsamaiso eo. (Daniele 9:26b, 27b) Mme gone, seno se ne se tla direga kwa bofelong jwa “dibeke tse 70” (455 B.C.E.–36 C.E.). Ka mafoko a mangwe, morago ga Baditšhaba ba ntlha ba sena go nna balatedi ba ga Jesu ka 36 C.E., Daniele kgaolo 9 e ne ya se ka ya tlhola e thusa Bakeresete ka tatelano epe ya ditiragalo. Ditiragalo, e seng tatelano ya ditiragalo e ne e tla nna tsone di supang gore tsamaiso ya Sejuda e ne e tla tloga e fela. Ditiragalo tseo, tse Jesu a neng a di bolelela pele, di ne tsa fitlha mo setlhoeng sa tsone go simologa ka 66 C.E., fa masole a Roma a ne a tlhasela Jerusalema mme morago ga moo a bo a boela morago. Seno se ne sa naya Bakeresete ba ba ikanyegang le ba ba reetsang ditaelo ba Jerusalema le Judea tshono ya go ‘tshabela kwa dithabeng.’ (Luke 21:20-22) E re ka Bakeresete bano ba ne ba sa newa matshwao ape a tatelano ya ditiragalo, ba ne ba sa itse nako e Jerusalema e neng e tla senngwa ka yone. A bo go ile ga ba tlhoka tumelo jang ne go tlogela magae a bone, masimo le mathulelo a bone mme ba ya go nna kwa ntle ga Jerusalema ka dingwaga di ka nna nnè go fitlha masole a Roma a boa gape ka 70 C.E. mme a nyeletsa tsamaiso yotlhe ya Sejuda!—Luke 19:41-44.
20. (a) Sekao sa ga Noa, Moshe le sa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba Judea se ka re solegela molemo jang? (b) Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?
20 Fela jaaka Noa, Moshe le Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba Judea, le rona gompieno re ka tlogela kgang ya dinako le dipaka mo diatleng tsa ga Jehofa re sa belaele. Tsela e re dumelang re sa belaele ka yone gore re tshela mo metlheng ya bokhutlo le gore kgololo ya rona e atametse, e ikaegile ka ditiragalo tsa mmatota tse di diragatsang boporofeti jwa Baebele e seng mo go fopholetseng dilo ka tatelano ya ditiragalo. Mo godimo ga moo, le fa re tshela mo nakong ya go nna gone ga ga Keresete, re sa ntse re tlhoka go supa fa re na le tumelo le go nna re thantse. Re tshwanetse go tswelela pele re tshela re tlhoafaletse go bona ditiragalo tse di kgatlhang tse di boleletsweng pele mo Dikwalong di direga. Re tla tlotla ka kgang eno mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
Go Ikgopotsa
◻ Jesu o ile a bolelela baaposetoloi ba gagwe eng malebana le kgang ya dinako le dipaka tsa ga Jehofa?
◻ Noa o ne a bolelelwa nako e Morwalela o neng o tla simolola ka yone lobaka lo lokae pele ga o tla?
◻ Ke eng se se bontshang gore Moshe le Baiseraele ba ne ba sa itse nako e tota ba neng ba tlile go gololwa ka yone kwa Egepeto?
◻ Re ka solegelwa molemo jang ke dikai tsa Baebele tse di amanang le dinako le dipaka tsa ga Jehofa?
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Tumelo ya ga Noa e ne ya mo thusa gore a tlogele kgang ya nako mo diatleng tsa ga Jehofa